Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Diphitlho Tsa Bakeresete—Di na Le Seriti, Di Tshwarwa ka Tsela e e Tekatekano, E Bile di Itumedisa Modimo

Diphitlho Tsa Bakeresete—Di na Le Seriti, Di Tshwarwa ka Tsela e e Tekatekano, E Bile di Itumedisa Modimo

Diphitlho Tsa Bakeresete—Di na Le Seriti, Di Tshwarwa ka Tsela e e Tekatekano, E Bile di Itumedisa Modimo

MEDUMO ya batho ba ba utlwileng botlhoko e utlwala gongwe le gongwe. Batho ba ba hutsafetseng, ba ba apereng diaparo tse dintsho tse di kgethegileng ba lelela kwa godimo mo go feteletseng, ba itatlhela fa fatshe ka ntlha ya bohutsana. Go na le ba ba binang fa mmino o ntse o lela. Mme ba bangwe ba a ja e bile ba itumetse, ba tshegela kwa godimo, ba mo moketeng. Ba bangwe ba rapaletse fa fatshe, ba tagilwe ka gonne bojalwa ke ntletsentletse. Go diragetse eng? Mo mafelong mangwe mo lefatsheng dilo tseno di direga ka metlha fa batho ba bantsi ba kokoane mo diphitlhong go tla go laela baswi.

Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba nna mo mafelong a mo go one ba losika le baagelani ba dumelang thata mo botlhoding e bile ba boifa baswi thata. Batho ba bantsi ba dumela gore fa motho a swa, o nna moya wa badimo o o ka kgonang go thusa kana go gobatsa batho ba ba tshelang. Tumelo eno e amanngwa thata le meetlo e mentsi e e dirwang kwa diphitlhong. Ee gone ke boammaaruri gore go hutsafala fa motho a tlhokafetse ke selo sa tlholego. Go na le dinako tse Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba lela fa go tlhokafetse batho ba ba ba ratang. (Joh. 11:33-35, 38; Dit. 8:2; 9:39) Le fa go ntse jalo, ga go na nako epe e ba kileng ba lela ka tsela e e feteletseng jaaka batho ba mo motlheng wa bone ba ne ba dira. (Luke 23:27, 28; 1 Bathes. 4:13) Ka ntlha yang? Lengwe la mabaka ke gore ba ne ba itse gore go direga eng fa motho a swa.

Baebele e bua jaana ka tlhamalalo: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele . . . Lorato lwa bone le letlhoo la bone le lefufa la bone di setse di nyeletse . . . Ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa Sheole [lebitla le le tlwaelegileng la batho], lefelo le o yang kwa go lone.” (Mor. 9:5, 6, 10) Ditemana tseno tse di tlhotlheleditsweng tsa Baebele di tlhalosa sentle gore fa motho a swa, ga a tlhole a utlwa sepe. A ka se kgone go akanya, go nna le maikutlo ape, go bua kana go tlhaloganya sepe. Go tlhaloganya thuto eno ya botlhokwa ya Baebele go tshwanetse ga ama jang tsela e diphitlho tsa Bakeresete di tshwarwang ka yone?

“Lo Tlogele go Ama Selo se se Seng Phepa”

Basupi ba ga Jehofa, go sa kgathalesege gore ke ba setso sefe, ba tila ditlwaelo dipe tse di amanang le tumelo ya gore baswi ba a utlwa e bile ba ka nna le tlhotlheletso mo bathong ba ba tshelang. Dingwao tse di tshwanang le tebelelo, mekete e e dirwang ka nako ya phitlho, go keteka segopotso sa phitlho, mekete ya go bula matlapa, go direla baswi ditlhabelo, le meetlo ya baswagadi kana batlholagadi, di makgapha mme ga di itumedise Modimo ka gonne di amana le thuto e e seng ya Dikwalo, ya bodimona ya gore moya ga o swe. (Esek. 18:4) Bakeresete ba boammaaruri ga ba ka ke ba “ja mo ‘tafoleng ya ga Jehofa’ le mo tafoleng ya madimona,” ka jalo ga ba latele dingwao tseno. (1 Bakor. 10:21) Ba ikobela taelo eno: “Lo itomolole, . . . mme lo tlogele go ama selo se se seng phepa.” (2 Bakor. 6:17) Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha go leng motlhofo go dira jalo.

Mo Afrika, le kwa mafelong a mangwe, go dumelwa thata gore fa dingwao dingwe di sa latelwe, meya ya badimo e tla galefa. Go sa latele dingwao tseo go tsewa e le molato o mogolo o o ka felelang ka gore batho ba mo lefelong leo ba hutsege kana ba welwe ke bomadimabe bongwe. E re ka bontsi jwa batho ba ga Jehofa ba sa nne le seabe mo meetlong ya diphitlho e e sa thewang mo Dikwalong, ba ile ba kgalwa, ba tlhapadiwa, mme batho ba mo motseng o ba nnang mo go one kana ba masika a bone ba ba kgaphela kwa thoko. Bangwe ba ile ba latofadiwa ka gore ga ba na botho e bile ga ba tlotle baswi. Ka dinako tse dingwe, batho ba ba sa dumeleng ba ile ba tsaya marapo ka dikgoka mme ba rulaganya phitlho ya motho yo e leng Mokeresete. Ka jalo, re ka tila jang go ngangisana le batho ba ba gagamalelang go dira meetlo ya diphitlho e Modimo a sa e batleng? Sa botlhokwa le go feta, re ka dira eng gore re se ka ra amana ka gope le meetlo le mekgwa e e makgapha e e ka senyang kamano ya rona le Jehofa?

Tlhalosa Tshwetso ya Gago Sentle

Mo mafelong mangwe mo lefatsheng, go tlwaelegile gore bagolo ba lelapa le ba losika ba nne le seabe mo go direng ditshwetso tsa phitlho. Ka jalo, Mokeresete yo o ikanyegang o tshwanetse go tlhalosa sentle gore Basupi ba ga Jehofa ke bone ba tla rulaganyang le go tshwara phitlho go dumalana le melaometheo e e mo Baebeleng. (2 Bakor. 6:14-16) Se se dirwang kwa phitlhong ya Mokeresete ga se a tshwanela go kgopisa digakolodi tsa badumedimmogo kana sa kgopisa ba ba itseng se re se dumelang le se re se rutang ka baswi.

Fa mongwe yo o emelang phuthego ya Bokeresete a kopiwa gore a tshware phitlho, bagolwane ba ba tlhomilweng ba ka dira dikakantsho tse di ka thusang ba ba swetsweng le go ba ema nokeng gore dithulaganyo tsotlhe di tsamaisane le kaelo e e mo Baebeleng. Fa bangwe ba e seng Basupi ba batla go dira dilo dingwe tse di sa tsamaisaneng le Dikwalo, go botlhokwa gore re eme re nitame mme ka bopelokgale re tlhalose boemo jwa rona jwa Bokeresete ka bopelonomi le ka tlotlo. (1 Pet. 3:15) Mme go ka dirwa eng fa ba losika ba ba sa dumeleng ba ntse ba gagamalela go tsenya mekgwa e e seng ya Dikwalo mo dithulaganyong tsa phitlho? Fa go ntse jalo, ba lelapa ba ba dumelang ba ka swetsa ka gore ba ikgogele kwa morago mo dithulaganyong tsa phitlho eo. (1 Bakor. 10:20) Fa seno se direga, go ka nna ga bewa puo ya phitlho kwa Holong ya Bogosi kana kwa lefelong le lengwe le le tshwanelang, gore ba tota ba utlwisitsweng botlhoko ke loso lwa motho yo ba mo ratang ba newe “kgomotso ya Dikwalo.” (Bar. 15:4) Le fa setopo se seyo, thulaganyo eo e tla bo e na le seriti e bile e amogelesega. (Dute. 34:5, 6, 8) Go itshunya nko ga batho ba ba sa dumeleng go ka oketsa botlhoko le khutsafalo e re leng mo go yone ka nako ya phitlho, mme re ka gomodiwa ke go itse gore Jehofa o a bona fa re ikemiseditse go dira se se siameng, e bile a ka re naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.”—2 Bakor. 4:7.

Kwala se o Batlang se Direga

Fa motho a kwadile se a batlang se direga mabapi le dithulaganyo tsa phitlho ya gagwe, go ka nna motlhofo go tlhalosetsa ba lelapa ba e seng Basupi, ka gonne ba ka nna ba tlotla se moswi a neng a batla gore se direge. Go tshwanetse ga kwalwa dintlha tsa botlhokwa tsa gore phitlho e tshwanetse go tshwarwa jang, e tshwarelwe kae, le gore ke mang yo o tshwanetseng go rwala maikarabelo a go e rulaganya le go e tshwara. (Gen. 50:5) Go ka thusa thata gore motho a saene lekwalo leo a na le basupi. Batho ba ba rulaganyetsang isagwe ka temogo le botlhale tse di theilweng mo melaometheong ya Baebele ba itse gore ga go tlhokege gore ba eme go fitlha ba tsofetse thata kana ba lwala thata pele ga ba ka kwala lekwalo leno.—Dia. 22:3; Mor. 9:12.

Bangwe ba ikutlwa ba sa phuthologe go kwala lekwalo le le nang le ditaelo tse di ntseng jalo. Mme go dira jalo go bontsha gore Mokeresete o godile semoyeng e bile o amega ka ba bangwe. (Bafil. 2:4) Go botoka thata gore motho a dire dithulaganyo tse di ntseng jalo ka boene go na le go tlogela maikarabelo a go dira dithulaganyo tseo mo magetleng a ba lelapa ba ba tla bong ba utlwile botlhoko, ba go ka nnang ga direga gore ba patelediwe go dira meetlo e e sa dumalaneng le Dikwalo e moswi a neng a sa e dumele e bile a sa e amogele.

Dira Gore Phitlho e Tshwarwe ka Tsela e e Tekatekano

Mo mafelong a mantsi mo Afrika, batho ba bantsi ba dumela gore phitlho e tshwanetse go nna kgolo e bile e le ya maratagolejwa gore meya ya badimo e se ka ya galefa. Ba bangwe ba dirisa diphitlho go “bontsha ka mabela” maemo a ba nang le one mo setšhabeng le kafa ba itsholetseng ka teng. (1 Joh. 2:16) Go dirisiwa nako e ntsi le madi a mantsi gore go tle go twe moswi o “fitlhegile.” Gore go ngokwe batho ba bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng gore ba tle phitlhong, phitlho eo e itsisiwe ka go manega ditshwantsho tse dikgolo tsa moswi mo mafelong a a farologaneng. Go dirwa dikipa tse di nang le setshwantsho sa moswi di bo di newa batho ba ba tlang losong gore ba di apare. Go rekwa makesi a a magasigasi, a a turang, go kgatlha batho ba ba tlileng phitlhong. Mo nageng nngwe mo Afrika, batho ba ya bokgakaleng jwa go dira makesi a a tshwanang le dikoloi, difofane, dikepe le dilo tse dingwe tse di direlwang go bontsha khumo, magasigasi le manobonobo. Setopo se kgona go ntshiwa mo lekesing se bo se bewa mo bolaong jo bo kgabisitsweng ka tsela e e kgethegileng gore batho ba se bone. Fa motho yo o tlhokafetseng e le mosadi, a ka nna a apesiwa mosese o mosweu wa lenyalo a bo a kgabisiwa ka dibenyane tse dintsi, dibaga le ditlolo tse di ntlafatsang. A tota go tla bo go tshwanela gore batho ba Modimo ba dire dilo tse di ntseng jalo?

Bakeresete ba ba godileng semoyeng ba lemoga gore go botlhale go tila go dira dilo tse di feteletseng tse di dirwang ke batho ba ba sa itseng melaometheo ya bomodimo kana ba ba se nang sepe le yone. Re itse gore meetlo e e seng tekatekano le e e seng ya Dikwalo ‘ga e tswe mo go Rara, mme e tswa mo lefatsheng le le fetang.’ (1 Joh. 2:15-17) Re tshwanetse go ikela tlhoko thata gore re se ka ra iphitlhela re na le moya o e seng wa Bokeresete wa kgaisano, re leka go gaisa ba bangwe. (Bagal. 5:26) Dilo tse di diragetseng mo nakong e e fetileng di bontsha gore mo ditsong tse mo go tsone baswi ba boifiwang thata, gantsi go tla batho ba bantsi thata kwa diphitlhong mme go nna thata go di laola, mme seo se ka dira gore di tswe mo taolong ka bonako. Go tlotla baswi go ka tlhotlheletsa batho ba ba sa dumeleng gore ba felele ba itshwara ka tsela e e sa tsamaisaneng le Dikwalo. Kwa diphitlhong tseo, batho ba ka nna ba lelela kwa godimo mo go feteletseng, ba tlamparela setopo, ba bua le sone jaaka e kete ke motho yo o tshelang, ba bo ba kgomaretsa madi le dilo tse dingwe mo go sone. Fa seno se ka direga kwa phitlhong ya Mokeresete, se ka tlisa kgobo mo leineng la ga Jehofa le mo bathong ba gagwe.—1 Pet. 1:14-16.

Go itse boemo jwa mmatota jwa baswi ruri go tshwanetse ga dira gore re kgone go tshwara diphitlho tsa rona ka tsela e e se nang tlhotlheletso epe ya lefatshe. (Baef. 4:17-19) Le fa Jesu e ne e le monna yo mogolo e bile e le motho wa botlhokwa thata go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela, o ne a fitlhwa ka tsela e e tekatekano. (Joh. 19:40-42) Batho ba ba nang le “mogopolo wa ga Keresete” ga ba tseye phitlho e e ntseng jalo e tlhabisa ditlhong. (1 Bakor. 2:16) Go dira gore diphitlho tsa Bakeresete di nne tekatekano ke tsela e e molemo thata ya go tila mekgwa e e sa tsamaisaneng le Dikwalo le go dira gore batho ba ritibale, go nne le seriti, mme diphitlho tseo di tshwanele batho ba ba ratang Modimo.

A go Tshwanetse ga Dirwa Mokete?

E ka tswa e le mokgwa gore morago ga phitlho ba losika, baagelani le batho ba bangwe ba phuthege ka bontsi ba dire mokete mme ba binele mmino o o lelelang kwa godimo. Gantsi kwa meketeng eno ya phitlho go nowa bojalwa ka tsela e e feteletseng e bile go dirwa boitsholo jo bo sa siamang. Batho bangwe ba re go dira mekete e e ntseng jalo go ba thusa go iphimola dikeledi morago ga loso. Ba bangwe ba re ke setso sa bone. Le fa go ntse jalo, batho ba bantsi ba dumela gore mekete eo e botlhokwa mme e tshwanetse go dirwa go tlotla le go baka baswi le go golola moya wa motho yo o tlhokafetseng gore o ye kwa badimong ba gagwe.

Bakeresete ba boammaaruri ba lemoga gore kgakololo eno ya Dikwalo e botlhale: “Go botoka go tshwenyega go na le setshego, gonne pelo e nna botoka ka go tlhonya ga sefatlhego.” (Mor. 7:3) Gape ba itse melemo ya go akanya ka kgang ya gore botshelo bo bokhutshwane le ka tsholofelo ya tsogo. Ee, batho ba ba nang le kamano e e gaufi thata le Jehofa ba tsaya ‘letsatsi la loso le le botoka go feta letsatsi le ba tshotsweng ka lone.’ (Mor. 7:1) Ka jalo, go itse gore mekete ya phitlho e amana le ditumelo tsa bodimona le boitsholo jo bo sa siamang go dira gore go se ka ga tshwanela gotlhelele gore Bakeresete ba boammaaruri ba rulaganye kana ba nne teng mo meketeng eo. Go nna mo gare ga batho ba ba mo moketeng wa phitlho go tla bo go sa tlotle Modimo le digakolodi tsa batho ba ba obamelang Jehofa le rona.

Dira Gore ba Bangwe ba Bone Pharologanyo

Re lebogela go bo re sa boife baswi jaaka batho ba bantsi ba ba sa itseng boammaaruri ba ba boifa! (Joh. 8:32) E re ka re le “bana ba lesedi,” re bontsha kutlobotlhoko ya rona ka tsela e e bontshang gore re na le kitso e e tswang mo Dikwalong, re dira jalo ka tsela e e tekatekano, e e bontshang tlotlo e bile re na le tsholofelo e e tlhomameng ya tsogo. (Baef. 5:8; Joh. 5:28, 29) Tsholofelo e e ntseng jalo e tla dira gore re se ka ra bontsha khutsafalo ya rona ka ditsela tse di feteletseng jaaka batho “ba ba se nang tsholofelo” ba dira. (1 Bathes. 4:13) E tla dira gore re nne pelokgale ka tsela e e tla re thusang gore re emele kobamelo ya boammaaruri re nitame mme re sa ineele ka gonne re boifa batho.—1 Pet. 3:13, 14.

Go dira dilo tumalanong le melaometheo ya Baebele go tla dira gore batho ba kgone go ‘bona pharologanyo fa gare ga ba ba direlang Modimo le ba ba sa mo direleng.’ (Mal. 3:18) Nako nngwe loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng. (Tshen. 21:4) Fa re ntse re emetse gore tsholofetso eo e diragadiwe, e kete Jehofa a ka re fitlhela re se na selabe, re se na molato, mme re ikgaogantse gotlhelele le lefatshe leno le le boikepo le mekgwa ya lone e e sa tlotleng Modimo.—2 Pet. 3:14.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Go tla bo go le botlhale gore motho a kwale dilo tse a batlang di direga malebana le dithulaganyo tsa phitlho ya gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Diphitlho tsa Bakeresete di tshwanetse go nna tekatekano le go nna le seriti