Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Mafoko a ga Jesu a Tlisang Boitumelo Ka Teng

Kafa Mafoko a ga Jesu a Tlisang Boitumelo Ka Teng

Kafa Mafoko a ga Jesu a Tlisang Boitumelo Ka Teng

“[Jesu] a tlhatlogela kwa thabeng; mme . . . barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene; mme . . . a simolola go ba ruta.”—MATH. 5:1, 2.

1, 2. (a) Go ne go diragala eng fa Jesu a tla naya Thero ya gagwe ya kwa Thabeng? (b) Jesu o ne a simolola thero ya gagwe jang?

NGWAGA ke wa 31 C.E. Jesu o mo mosepeleng wa go rera kwa Galalea mme o o kgaosetsa ka nakwana gore a ye Tlolaganyong kwa Jerusalema. (Joh. 5:1) Fa a sena go boela mo Galalea, o rapela bosigo jotlhe gore Modimo a mo kaele fa a tlhopha baaposetoloi ba ba 12. Letsatsi le le latelang go phuthega boidiidi jwa batho fa Jesu a ntse a fodisa balwetse. A na le barutwa ba gagwe le batho ba bangwe, o nna fa fatshe fa mohapheng wa thaba a bo a simolola go ruta.—Math. 4:23–5:2; Luke 6:12-19.

2 Jesu o simolola polelo ya gagwe—Thero ya kwa Thabeng—ka go bontsha gore motho o itumela fa a na le kamano e e molemo le Modimo. (Bala Mathaio 5:1-12.) Go itumela ke go ikutlwa o kgotsofetse e bile o ipela thata. Mabaka a le robongwe a go itumela a Jesu a neng a a bolela a bontsha gore ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba itumetse, mme mafoko ano a mosola mo go rona gompieno fela jaaka a ne a ntse dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng. Jaanong a re sekasekeng lengwe le lengwe la mabaka ano.

“Ba ba Tshwenyegang Ka se Ba se Tlhokang Semoyeng”

3. Go tshwenyega ka se re se tlhokang semoyeng go kaya eng?

3 “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng, e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone.” (Math. 5:3) “Ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng” ba lemoga gore ba humanegile semoyeng mme ba tlhoka kutlwelobotlhoko ya Modimo.

4, 5. (a) Ke ka ntlha yang fa batho ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng ba itumela? (b) Re ka dira jang gore re bone se re se tlhokang semoyeng?

4 Ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng ba itumetse, “e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone.” Fa barutwa ba ntlha ba ga Jesu ba ne ba mo amogela e le Mesia, ba ne ba nna le tshono ya gore ba ka busa le ene mo Bogosing jwa Modimo jwa kwa legodimong. (Luke 22:28-30) Go sa kgathalesege gore a re tla busa mmogo le Keresete kwa legodimong kgotsa re lebile pele go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise le le tla bong le busiwa ke Bogosi, re ka itumela fa ruri re tshwenyega ka se re se tlhokang semoyeng e bile re lemoga sentle gore re tlhoka kaelo ya Modimo.

5 Ga se batho botlhe ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng, e re ka batho ba le bantsi ba se na tumelo e bile ba sa tseye dilo tse di boitshepo di le botlhokwa. (2 Bathes. 3:1, 2; Baheb. 12:16) Dingwe tsa ditsela tse re ka bonang se re se tlhokang semoyeng ka tsone ke go ithuta Baebele ka tlhoafalo, go dira ka matlhagatlhaga mo tirong ya go dira barutwa le go ya dipokanong tsa Bokeresete ka metlha.—Math. 28:19, 20; Baheb. 10:23-25.

Batho ba ba Hutsafetseng Mme ba “Itumela”

6. Ke bomang “ba ba hutsafetseng,” mme ke ka ntlha yang fa ba “itumela”?

6 “Go itumela ba ba hutsafetseng, e re ka ba tla gomodiwa.” (Math. 5:4) “Ba ba hutsafetseng” e ntse ke bone “ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” Go hutsafala ga bone ga go reye gore ba ngongoregela seemo sa bone sa botshelo. Go kaya gore ba utlwisiwa botlhoko ke go bo e le baleofi le ke maemo a a bakwang ke go bo batho ba sa itekanela. Ke ka ntlha yang fa batho bano ba ba hutsafetseng ba “itumela”? Ka gonne ba dumela mo Modimong le mo go Keresete e bile ba gomodiwa ke go nna le kamano e e molemo le Jehofa.—Joh. 3:36.

7. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka lefatshe la ga Satane?

7 A rona motho ka bongwe re hutsafadiwa ke bosula jo bo anameng mo lefatsheng la ga Satane? Tota re ikutlwa jang ka dilo tsa lefatshe leno? Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong—ga se tswe mo go Rara.” (1 Joh. 2:16) Mme go tweng fa re lemoga gore kobamelo ya rona e tshwaediwa ke “moya wa lefatshe,” maatla a a tlhotlheletsang batho ba ba ikgaogantseng le Modimo? Fa go ntse jalo, re tshwanetse go rapela ka tlhoafalo, go ithuta Lefoko la Modimo le go kopa thuso mo bagolwaneng. Fa re ntse re atamalana le Jehofa, re tla “iponela kgomotso,” go sa kgathalesege gore re lebane le matshwenyego afe.—1 Bakor. 2:12; Pes. 119:52; Jak. 5:14, 15.

A bo “Ba ba Bonolo” ba Itumela Jang Ne!

8, 9. Go nna bonolo go kaya eng, mme ke ka ntlha yang fa batho ba ba bonolo ba itumela?

8 “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Math. 5:5) Go nna “bonolo” kgotsa pelonolo, ga se go nna bokoa e bile ga se go itira e kete motho o bonolo. (1 Tim. 6:11) Fa re le bonolo, re tla bo bontsha ka go dira thato ya ga Jehofa le go amogela kaelo ya gagwe. Gape bonolo bo tla bonala mo tseleng e re dirisanang ka yone le badumedi ka rona le ba bangwe. Bonolo jo bo ntseng jalo bo dumalana le kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo.—Bala Baroma 12:17-19.

9 Ke ka ntlha yang fa ba ba bonolo ba itumela? Ka gonne “ba tla rua lefatshe,” jaaka go boletse Jesu, yo o bonolo. Ke ene Moruaboswa yo mogolo wa lefatshe. (Pes. 2:8; Math. 11:29; Baheb. 2:8, 9) Le fa go ntse jalo, “baruaboswammogo le Keresete” ba ba bonolo le bone ba rua lefatshe le ene. (Bar. 8:16, 17) Mo lefatsheng le le tla bong le busiwa ke Bogosi jwa ga Jesu, batho ba bangwe ba le bantsi ba ba bonolo ba tla tshelela ruri.—Pes. 37:10, 11.

10. Go se nne bonolo go ka ama jang ditshiamelo tsa rona mo phuthegong le kamano ya rona le ba bangwe?

10 Re tshwanetse go nna bonolo fela jaaka Jesu. Mme go tweng fa re itsege ka go rata ntwa? Moya oo wa go rata ntwa le go nna bogale o ka dira gore batho ba tsamaele kgakala le rona. Fa re le bakaulengwe mme re batla go nna le maikarabelo mo phuthegong, mokgwa ono o dira gore re se ka ra tshwanelega. (1 Tim. 3:1, 3) Paulo o ne a raya Tito a re a nne a gakolola Bakeresete kwa Kereta gore ‘ba se rate ntwa, ba nne tekatekano, ba bontshe bonolo jotlhe mo bathong botlhe.’ (Tito 3:1, 2) A bo go nna bonolo jalo go itumedisa ba bangwe jang ne!

Ba Tshwerwe ke Tlala ya “Tshiamo”

11-13. (a) Go tshwarwa ke tlala ya tshiamo le go e nyorelwa go kaya eng? (b) Ba ba tshwerweng ke tlala ya tshiamo e bile ba e nyoretswe ba “kgora” ka tsela efe?

11 “Go itumela ba ba tshwerweng ke tlala e bile ba nyoretswe tshiamo, e re ka ba tla kgora.” (Math. 5:6) “Tshiamo” e Jesu a neng a bua ka yone ke go dira se se siameng ka go dira go dumalana le thato ya Modimo le melao ya gagwe. Mopesalema o ne a re o “gateletswe ke go tlhologelelwa” ditshwetso tsa Modimo tsa boatlhodi tsa tshiamo. (Pes. 119:20) A re tsaya tshiamo e le botlhokwa mo re e tshwarelwang ke tlala e bile re e nyorelwa?

12 Jesu o ne a bolela gore ba ba tshwerweng ke tlala ya tshiamo e bile ba e nyoretswe ba ne ba tla itumela ka gonne ba tla “kgora.” Seno se ne sa simolola go direga morago ga Pentekosete ya 33 C.E., ka gonne ka nako eo moya wa ga Jehofa o o boitshepo o ne wa simolola go “naya lefatshe bosupi jo bo tlhatswang pelo ka ga . . . tshiamo.” (Joh. 16:8) Modimo o ne a dirisa moya o o boitshepo go tlhotlheletsa banna bangwe gore ba kwale Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, tse di solegelang molemo thata “mo go otlhayeng ka tshiamo.” (2 Tim. 3:16) Gape moya wa Modimo o re thusa gore re “apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri.” (Baef. 4:24) A ga go gomotse go itse gore batho ba ba ikwatlhayang ba bo ba kopa gore ba itshwarelwe maleo mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo, ba ka nna le boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo?—Bala Baroma 3:23, 24.

13 Fa e le gore re na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng re ka se tlhole re tshwarwa ke tlala ya tshiamo le go e nyorelwa fa re setse re tshelela ruri mo maemong a tshiamo mo lefatsheng. Pele ga seo se direga, a re ititeyeng sehuba gore re tshele go dumalana le melao ya ga Jehofa. Jesu o ne a re: “Nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya [Modimo].” (Math. 6:33) Fa re dira jalo re tla nna re tshwaregile ka tiro e e amanang le kobamelo ya Modimo mme re tla itumela ka tsela ya mmatota.—1 Bakor. 15:58.

Lebaka La go Bo “Ba ba Kutlwelobotlhoko” ba Itumela

14, 15. Re ka bontsha kutlwelobotlhoko jang, mme ke ka ntlha yang fa “ba ba kutlwelobotlhoko” ba itumela?

14 “Go itumela ba ba kutlwelobotlhoko, e re ka ba tla bontshiwa kutlwelobotlhoko.” (Math. 5:7) Batho “ba ba kutlwelobotlhoko” ba tlhomogela ba bangwe pelo. Jesu o ne a dira dikgakgamatso go namola batho ba bantsi ba ba bogang ka gonne o ne a ba utlwela botlhoko. (Math. 14:14) Batho ba bontsha kutlwelobotlhoko ka go itshwarela ba ba ba diretseng diphoso fela jaaka Jehofa ka kutlwelobotlhoko a itshwarela batho ba ba ikwatlhayang. (Ekes. 34:6, 7; Pes. 103:10) Re ka bontsha kutlwelobotlhoko jalo ka go bua ka bopelonomi le go dira ditiro tsa bopelontle tse di tla thusang batho ba ba bogang. Tsela e e molemo ya go bontsha kutlwelobotlhoko ke go ruta ba bangwe dithuto tsa boammaaruri jwa Baebele. E re ka Jesu a ne a tlhomogela boidiidi pelo, o ne a “simolola go ba ruta dilo di le dintsi.”—Mar. 6:34.

15 Re na le lebaka le le utlwalang la go dumalana le mafoko ano a ga Jesu: “Go itumela ba ba kutlwelobotlhoko, e re ka ba tla bontshiwa kutlwelobotlhoko.” Fa re utlwela ba bangwe botlhoko, le bone ba tla re utlwela botlhoko. Go ka direga gore fa Modimo a re atlhola, a fokotse katlholo e a neng a ka re atlhola ka yone ka gonne re ile ra utlwela ba bangwe botlhoko. (Jak. 2:13) Ba ba kutlwelobotlhoko ke bone fela ba itshwarelwang maleo e bile ke bone fela ba ba tla bonang botshelo jo bo sa khutleng.—Math. 6:15.

Lebaka La go Bo “Ba ba Itshekileng mo Pelong” ba Itumela

16. Go ‘itsheka mo pelong’ go kaya eng, mme ba ba ntseng jalo ba “bona Modimo” ka tsela efe?

16 “Go itumela ba ba itshekileng mo pelong, e re ka ba tla bona Modimo.” (Math. 5:8) Fa re ‘itshekile mo pelong,’ boitsheko jwa rona bo tla bonala mo dilong tse re di ratang, tse re di eletsang le mo maitlhomong a rona. Re tla bontsha “lorato lo lo tswang mo pelong e e phepa.” (1 Tim. 1:5) E re ka re tla bo re le phepa mo teng, re tla “bona Modimo.” Fano ga go buiwe ka go bona Jehofa ka tlhamalalo, ka gonne “ga go na motho yo o ka [bonang Modimo] a bo a sala a tshela.” (Ekes. 33:20) Mme e re ka Jesu a ne a na le botho jo bo tshwanang kgo le jwa Modimo, o ne a ka re: “Yo o mponeng o bone le Rara.” (Joh. 14:7-9) Jaaka re le baobamedi ba ga Jehofa mo lefatsheng, re ka “bona Modimo” fa re bona ditiro tse a re di direlang. (Jobe 42:5) Bakeresete ba ba tloditsweng ba bona Modimo ka tsela e e feletseng fa ba tsosediwa mo botshelong jwa semoya ba bo ba bona Rraabone yo o kwa legodimong ka tsela ya mmatota.—1 Joh. 3:2.

17. Go itsheka mo pelong go tla re ama jang?

17 E re ka motho wa pelo e e itshekileng a le phepa mo boitsholong le semoyeng, ga a nnele go akanya ka dilo tse di seng phepa mo matlhong a ga Jehofa. (1 Ditir. 28:9; Isa. 52:11) Fa re itshekile mo pelong, se re se buang le se re se dirang se tla bo se itshekile mme re tla direla Jehofa re sa itimokanye.

“Ba ba Kagiso” ba Nna Bomorwa Modimo

18, 19. Batho “ba ba kagiso” ba itshwara jang?

18 “Go itumela ba ba kagiso, e re ka ba tla bidiwa ‘bomorwa Modimo.’” (Math. 5:9) “Ba ba kagiso” ba bonwa ka se ba se dirang le se ba sa se direng. Fa re le mofuta wa batho ba Jesu a neng a bua ka bone, re rata kagiso e bile ga re ‘busolose go utlwisiwa botlhoko ka go utlwisa ba bangwe botlhoko.’ Mo boemong jwa moo, ‘ka metlha re lwela go direla ba bangwe se se molemo.’—1 Bathes. 5:15.

19 Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “ba ba kagiso” mo go Mathaio 5:9 tota le kaya “ba ba dirang kagiso.” E le gore re nne bangwe ba batho ba ba kagiso, re tshwanetse go tsaya matsapa go dira kagiso. Batho ba ba dirang kagiso ga ba dire sepe se se ‘kgaoganyang ba ba tlwaelaneng.’ (Dia. 16:28) E re ka re le batho ba ba kagiso, re tsaya kgato gore re ‘latelele go nna le kagiso le batho botlhe.’—Baheb. 12:14.

20. Ke bomang ba e leng “bomorwa Modimo” gone jaanong mme ke bomang ba le bone moragonyana ba tla nnang bana ba Modimo?

20 Batho ba ba kagiso ba a itumela ka gonne “ba tla bidiwa ‘bomorwa Modimo.’” Jehofa o tsaya Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang e le bana ba gagwe mme ba bidiwa “bomorwa Modimo.” Ba setse ba na le kamano e e gaufi thata le Jehofa jaaka e le bana ba gagwe ka gonne ba na le tumelo mo go Keresete e bile ba obamela “Modimo wa lorato le wa kagiso” ka pelo yotlhe. (2 Bakor. 13:11; Joh. 1:12) Go tweng ka ba “dinku tse dingwe” tsa ga Jesu ba ba kagiso? Jesu e tla bo e le “Rara [wa bone] wa Bosakhutleng” ka nako ya Puso ya gagwe ya Dingwaga Tse di Sekete, mme kwa bofelong jwa yone o tla ipaya kafa tlase ga ga Jehofa mme ba dinku tse dingwe ba tla nna bana ba Modimo ka tsela e e feletseng.—Joh. 10:16; Isa. 9:6; Bar. 8:21; 1 Bakor. 15:27, 28.

21. Re tla itshwara jang fa e le gore re “tshela ka moya”?

21 Fa e le gore re “tshela ka moya,” go nna kagiso e tla nna nngwe ya dinonofo tsa rona tse ba bangwe ba tla di bonang motlhofo fela. Ga re ne re “gaisana,” kgotsa re “rumolana.” (Bagal. 5:22-26; Baebele e e Boitshepo) Mo boemong jwa moo, re leka go ‘agisana le batho botlhe.’—Bar. 12:18.

Ba a Itumela Le fa Ba Bogisiwa!

22-24. (a) Ke ka ntlha yang fa ba ba bogisediwang tshiamo ba itumela? (b) Re tla tlotla ka eng mo ditlhogong tse pedi tse di latelang tsa thuto?

22 “Go itumela ba ba bogiseditsweng tshiamo, e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone.” (Math. 5:10) Jesu o ne a oketsa kgang eno a re: “Go itumela lona fa batho ba lo kgoba ba bo ba lo bogisa e bile ba bua ka lona selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo ka ntlha ya me, e bile ba aka. Ipeleng lo bo lo tlolake ka boipelo, e re ka maduo a lona a le magolo kwa magodimong; gonne ba ne ba bogisa baporofeti pele ga lona ka tsela eo.”Math. 5:11, 12.

23 Fela jaaka go ile ga direga ka baporofeti ba Modimo ba bogologolo, Bakeresete ba lebeletse gore ba tla kgobiwa, ba tla bogisiwa, e bile go tla buiwa maaka ka bone—mme seo sotlhe e le ka ntlha ya ‘tshiamo.’ Le fa go ntse jalo, fa re itshokela diteko tseo ka boikanyegi, re tla kgotsofadiwa ke go itse gore re itumedisa Jehofa le go mo tlotla. (1 Pet. 2:19-21) Go boga ga rona go ka se fokotse boitumelo jo re bo bonang fa re direla Jehofa gone jaanong kgotsa mo isagweng. Go ka se fokotse boitumelo jwa go busa le Keresete mo Bogosing jwa legodimo le fa e le boipelo jwa go newa botshelo jo bo sa khutleng re le bangwe ba babusiwa ba puso eo ba mo lefatsheng. Masego a a ntseng jalo a re naya bosupi jwa gore Modimo o a re amogela, o molemo e bile o pelotshweu.

24 Thero ya kwa Thabeng e ka re ruta dithuto tse dingwe tse dintsi. Mo ditlhogong tse pedi tsa thuto tse di latelang go tla tlotlwa ka dilo tse di farologaneng tse re ka di ithutang mo go yone. A re boneng gore re ka dirisa jang mafoko ao a ga Jesu Keresete.

O ka Araba Jang?

• Ke ka ntlha yang fa “ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng” ba itumela?

• Ke eng se se dirang gore “ba ba bonolo” ba itumele?

• Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba itumela le fa ba bogisiwa?

• Ke lebaka lefe la go itumela le Jesu a buileng ka lone le o le ratileng thata?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Mabaka a le robongwe a go itumela a Jesu a a umakileng a mosola gompieno fela jaaka a ne a le mosola mo nakong e e fetileng

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Tsela e e molemo ya go bontsha kutlwelo- botlhoko ke go ruta ba bangwe dithuto tsa boammaaruri jwa Baebele