Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dikwalo di umaka ‘buka ya Jashara’ le ‘buka ya Dintwa tsa ga Jehofa.’ (Josh. 10:13; Dipa. 21:14) Dibuka tseno tse pedi ga di yo mo lenaaneng la dibuka tsa Baebele tse di amogelwang jaaka Dikwalo Tse di Boitshepo. A dibuka tseno ke mekwalo e e tlhotlheleditsweng e e neng ya latlhega?

Ga go na lebaka la go konela ka gore dibuka tseno tse pedi di kwadilwe ke batho ba ba tlhotlheleditsweng mme morago tsa latlhega. Bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ba Baebele ba ne ba umaka mekwalo e mengwe e mentsi. Mengwe ya mekwalo eo tota e ka tswa e le dikarolo tsa Baebele tse go ka diregang gore di ne di bidiwa ka maina a babadi ba gompieno ba sa a tlwaelang. Ka sekai, 1 Ditiragalo 29:29 e bua ka ‘mafoko a ga Samuele wa mmoni,’ ‘mafoko a ga moporofeti Nathane,’ le ‘mafoko a ga Gada e bong mmoni wa diponatshegelo.’ Dipolelwana tseno tse tharo di ka tswa di ne di lebisitse mo dibukeng tse re di itseng e le 1 Samuele le 2 Samuele, kgotsa buka ya Baatlhodi.

Kafa letlhakoreng le lengwe, ditshupiso tse dingwe e ka tswa e le tsa dibuka tse di nang le maina a a tshwanang le a dibuka tsa Baebele mme tota tsone e se karolo ya Baebele. Re ka dira sekai sa seno ka dibuka tse nnè tsa bogologolo: ‘buka ya ditiragalo tsa metlha ya dikgosi tsa Juda,’ ‘Buka ya Dikgosi tsa Juda le tsa Iseraele,’ ‘Buka ya Dikgosi tsa Iseraele,’ le ‘Buka ya Dikgosi tsa Iseraele le tsa Juda.’ Le fa maina ano a ka tswa a utlwala a tshwana le a dibuka tsa Baebele tse re di itseng e le 1 Dikgosi le 2 Dikgosi, dibuka tseno tse nnè di ne di sa tlhotlhelediwa, e bile ga di yo mo lenaaneng la dibuka tsa Baebele tse di amogelwang jaaka Dikwalo Tse di Boitshepo. (1 Dikg. 14:29; 2 Ditir. 16:11; 20:34; 27:7) Go ka direga gore e ne e le dibuka fela tsa hisitori tse di neng di le gone bogologolo ka nako ya fa moporofeti Jeremia le Esera ba ne ba kwala dipego tse re nang le tsone mo Baebeleng.

Ee, bakwadi bangwe ba Baebele ba ile ba umaka dibuka dingwe kgotsa ba batla tshedimosetso mo dibukeng dingwe tsa hisitori tse di neng di le teng ka nako eo mme di sa tlhotlhelediwa. Esethere 10:2 e bua ka ‘Buka ya ditiragalo tsa dinako tsa dikgosi tsa Media le Peresia.’ Ka tsela e e tshwanang, fa Luke a ne a kwala Efangele ya gagwe o ne a ‘latedisa dilo tsotlhe ka tlhomamo go tswa kwa tshimologong.’ O ka tswa a ne a raya gore o ne a batlisisa mo metsweding e e kwadilweng e e neng e le teng fa a ntse a kwala tatelano ya losika lwa ga Jesu e re e balang mo Efangeleng ya gagwe. (Luke 1:3; 3:23-38) Le fa metswedi ya tshedimosetso e Luke a neng a e dirisa e ne e sa tlhotlhelediwa, Efangele e a neng a e kwala yone e ne e tlhotlheleditswe. Mme Efangele eo e ntse e le botlhokwa mo go rona gompieno.

Fa e le dibuka tse pedi tse go builweng ka tsone mo potsong—‘buka ya Jashara’ le ‘buka ya Dintwa tsa ga Jehofa’—go lebega e ne e le mekwalo e e neng e le teng mme e sa tlhotlhelediwa. Ka ntlha ya seo, Jehofa ga a ka a dira gore di tswelele di le teng. Lebaka la go bo Baebele e umaka dibuka tseno tse pedi le ne la dira gore baithuti ba Baebele ba dire tshwetso ya gore tsoopedi e ne e le maboko kgotsa dipina tse di kokoantsweng tse di buang ka dintwa magareng ga Baiseraele le baba ba bone. (2 Sam. 1:17-27) Buka nngwe ya tshedimosetso ya Baebele ya re se se kwadilweng mo dibukeng tseo e ka tswa e ne e le “maboko le dipina tse dintsi tsa diopedi tsa ditswerere tsa kwa Iseraele wa bogologolo tse ba neng ba di opela go boloka setso sa Iseraele sa mmino le maboko.” Tota le banna bangwe ba ka dinako tse dingwe Modimo a neng a ba dirisa e le baporofeti kgotsa baboni ba diponatshegelo ba ne ba kwala mekwalo e Jehofa a neng a sa e tlhotlheletsa kgotsa a sa tlhopha gore e nne karolo ya Dikwalo tse di “tswelang mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, [le] mo go tlhamalatseng dilo” mo motlheng wa rona.—2 Tim. 3:16; 2 Ditir. 9:29; 12:15; 13:22.

Lebaka la go bo dibuka dingwe di umakilwe mo Baebeleng e bile e ne e le metswedi e e ka ikanngwang ya tshedimosetso ga le a tshwanela go dira gore re konele ka gore di ne di tlhotlheleditswe. Le fa go ntse jalo, Jehofa Modimo o bolokile mekwalo yotlhe e e nang le “lefoko la Modimo wa rona,” mme mekwalo eno e “tla nna ka bosakhutleng.” (Isa. 40:8) Ee, tshedimosetso e Jehofa a tlhophileng gore e nne teng mo dibukeng tse 66 tsa Baebele tse re nang le tsone ke yone fela e re e tlhokang gore re ‘tlhomelele ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.’—2 Tim. 3:16, 17.