Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Moengele wa ga Jehofa o Thibelela go Dikologa ba ba Mmoifang”

“Moengele wa ga Jehofa o Thibelela go Dikologa ba ba Mmoifang”

“Moengele wa ga Jehofa o Thibelela go Dikologa ba ba Mmoifang”

Jaaka go Boletse Christabel Connell

Re ne ra tlhoma mogopolo thata mo go arabeng dipotso tsa Baebele tse Christopher a neng a di botsa mo e leng gore go ne go se na ope wa rona yo o neng a lemoga gore nako e ne e setse e ile; e bile re ne re sa lemoge gore Christopher o ne a ntse a okomela kwa ntle ka fensetere. La bofelo o ne a re leba mme a re, “Go siame jaanong gore lo ka tsamaya.” Fa a sena go bua jalo o ne a re buledisa go ya kwa dibaesekeleng tsa rona mme a re laela. O ne a bone eng se se neng se le kotsi thata jaana?

KE TSHOLETSWE kwa Sheffield kwa Engelane ka 1927 ke le Christabel Earl. Legae la rona le ne la thuntshiwa ka bomo ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, ka jalo, ke ne ka isiwa kwa go nkoko go ya go nna le ene go fitlha ke fetsa sekolo. Mo sekolong sengwe sa kereke se ke neng ke se tsena, ke ne ke tlhola ke botsa baitlami koo gore ke eng fa go na le bosula le thubakanyo e e kana kana. Bone mmogo le batho ba bangwe ba bodumedi ba ke neng ke ba botsa ba ne ba sa kgone go nnaya karabo e e kgotsofatsang.

Fa Ntwa ya Lefatshe II e sena go fela, ke ne ka ithutela booki. Ke ne ka fudugela kwa London go ya go dira kwa bookelong jwa Paddington General Hospital, mme ke ne ka bona thubakanyo e se kana ka sepe mo toropong. Morago fela ga gore nkgonne a ye Ntweng kwa Korea, ke ne ka bona ntwa e e matlho mahibidu fela ka fa ntle ga bookelo. Ga go na ope yo o neng a thusa motho yo o neng a itewa, yo o neng a feleletsa a foufaditswe ke go itewa. Mo e ka nnang ka yone nako eo, mmè o ne a tsamaya le nna go ya kwa dikokoanong tsa batho ba ba buisanang le meya mme ke ne ke ntse ke sa tlhaloganye gore ke eng fa go na le bosula jo bo kana kana.

Ke Kgothalediwa go Ithuta Baebele

Letsatsi lengwe ke ne ka etelwa ke mongwe wa bonkgonne e bong John, yo e neng e setse e le Mosupi wa ga Jehofa. O ne a mpotsa jaana: “A o itse gore ke ka ntlha yang fa dilo tseno tsotlhe tse di bosula di direga?” Ke ne ka re: “Nnyaa ga ke itse.” O ne a bula Baebele ya gagwe mme a bala Tshenolo 12:7-12. Jaanong ke ne ke kgona go bona gore tota Satane le madimona a gagwe ke bone ba bakang bosula jo bo mo lefatsheng. Ka jalo ke ne ka reetsa kgakololo ya ga John mme go ise go ye kae ka simolola go ithuta Baebele. Le fa go ntse jalo, ga ke a ka ka kolobediwa ka nako eo ka gonne ke tshaba batho.—Dia 29:25.

Nkgonne yo mongwe e bong Dorothy le ene e ne e setse e le Mosupi. Fa a tswa kwa kopanong ya ditšhabatšhaba kwa New York (1953) le monna yo o neng a mmeeleditse e bong Bill Roberts, ke ne ka ba bolelela gore nkile ka ithuta Baebele le mongwe. Bill o ne a mpotsa jaana: “A o badile ditemana tsotlhe tse di umakilweng? A o thaletse dikarabo mo bukeng?” Fa ke re nnyaa, o ne a re: “Mme ga o ise o ithute! Ikgolaganye le kgaitsadi yoo mme lo simolole gape!” Ka nako eo, ke ne ka simolola go tshwenngwa ke madimona. Ke gopola ke kopa Jehofa gore a ntshireletse le go nkgolola mo tlhotlheletsong ya one.

Fa ke Ne ke Bula Tsela Kwa Scotland le Kwa Ireland

Ke kolobeditswe ka January 16, 1954, ka wetsa nako e ke neng ke dumalane go e bereka mo bookelong ka May mme ka simolola go bula tsela ka June. Dikgwedi di le robedi moragonyana, ke ne ka romelwa kwa Grangemouth, kwa Scotland, ke le mmulatsela yo o kgethegileng. Fa ke le koo ke ne ka bona gore baengele ba ga Jehofa ba ne ba ‘thibeletse go ntikologa’ fa ke ntse ke bereka tshimo eo e e kwa thoko.—Pes. 34:7.

Ka 1956 ke ne ka kopiwa go ya go direla kwa Ireland. Ke ne ka abelwa go direla mo toropong ya Galway le bokgaitsadi ba bangwe ba babedi. Mo letsatsing la ntlha fela ke ne ka tsena mo legaeng la moruti mongwe. Go ise go ye kae lepodise le ne la tsena mme la ntsaya mmogo le kgaitsadi yo ke neng ke tsamaya le ene la re isa kwa seteisheneng sa mapodise. Fela fa a sena go tsaya maina a rona le diaterese o ne a ya go founa. Re ne ra mo utlwa a re: “Ee, Moruti, ke itse sentle gore ba nna kae.” O ne a rometswe ke moruti! Mong wa ntlo e re neng re nna mo go yone o ne a bolelelwa gore a re kobe, mme ofisi ya lekala e ne ya re kgothaletsa gore re tswe mo lefelong leo. Re ne ra goroga kwa seteisheneng sa diterena re le thari ka metsotso e le lesome. Le fa go ntse jalo, terena e ne e sa le gone mme go ne go na le monna yo o neng a letile go tlhomamisa gore re a e palama. Seno se diragatse morago ga dibeke di le tharo fela re le kwa Galway!

Re ne ra abelwa go ya go direla kwa Limerick, toropo e nngwe e Kereke ya Katoliki e neng e na le tlhotlheletso e kgolo mo go yone. Re ne re nna re goelediwa ke digopa. Batho ba le bantsi ba ne ba tshaba go re amogela mo magaeng a bone. Ngwaga pele ga moo mokaulengwe mongwe o ne a ketekilwe ke batho mo torotswaneng e e gaufi ya Cloonlara. Ka jalo re ne re itumeletse go kopana le Christopher yo go builweng ka ene kwa tshimologong, yo o neng a kopa gore re boe re tle go araba dipotso tsa gagwe tsa Baebele. Fa re ntse re le koo, moruti o ne a tsena mme a laela Christopher gore a re kobe. Christopher ga a ka a dumalana le moruti mme o ne a re: “Bommè bano ba ne ba laleditswe mo legaeng la me e bile ba kokotile pele ba tsena. Wena o ne o sa lalediwa e bile ga o a kokota.” Moruti o ne a tswa a galefile.

Re ne re sa itse gore moruti o ne a phuthile segopa se segolo sa banna, ba ba neng ba re letile kafa ntle ga ntlo ya ga Christopher. E re ka Christopher a ne a itse gore banna bao ba ne ba galefile, o ne a dira jaaka go tlhalositswe kwa tshimologong. O ne a dira gore re nne go fitlha ba phatlalala. Moragonyana re ne ra utlwa gore go ise go ye kae ene le lelapa la gagwe ba ne ba patelediwa go tswa mo lefelong leo mme ba fudugela kwa Engelane.

Ke Lalediwa go ya Sekolong sa Gileade

Ke ne ke setse ke rulagantse go ya Kopanong ya Ditšhabatšhaba ya Thato ya Bomodimo kwa New York fa ke amogela taletso ya go nna mo setlhopheng sa bo33 sa Sekolo sa Gileade. Go na le gore ke boele gae morago ga kopano, ke ne ka ya go direla kwa Collingwood, kwa Ontario, Canada go fitlha Sekolo sa Gileade se simolola ka 1959. Mme mo kopanong eo ke ne ka kopana le Eric Connell. O ne a ithutile boammaaruri ka 1957 mme a simolola go bula tsela ka 1958. Morago ga kopano o ne a nkwalela letsatsi le letsatsi fa ke sa ntse ke le kwa Canada le nako yotlhe fa ke ntse ke le kwa thapisong ya Sekolo sa Gileade. Ke ne ke ipotsa gore go tla diragalang ka rona fa ke sena go aloga.

Go ya Sekolong sa Gileade e ne e le tiragalo ya botlhokwa thata mo botshelong jwa me. Nkgonne e bong Dorothy le monna wa gagwe ba ne ba le mo setlhopheng se le sengwe le nna. Ba ne ba abelwa go ya go nna barongwa kwa Portugal. Ke ne ka gakgamala fa ke ne ke abelwa go ya kwa Ireland. Ke ne ke kgobegile marapo tota go bo ke sa tsamaye le nkgonne! Ke ne ka botsa mongwe wa batlhatlheledi gore a ke dirile sengwe se se phoso. O ne a re, “Nnyaa. Wena le morongwa ka wena, kgaitsadi Eileen Mahoney, lo dumetse gore lo tla ya gongwe le gongwe fela mo lefatsheng,” mme Ireland e ne e le lengwe la mafelo a re neng re ka nna ra romelwa kwa go one.

Ke Boela Kwa Ireland

Ke ne ka boela kwa Ireland ka August 1959 mme ke ne ka abelwa go ya go direla kwa Phuthegong ya Dun Laoghaire. Mo nakong eno, Eric o ne a boile go tswa Engelane e bile a itumetse thata gore ke ne ke le gaufi jaana. Le ene o ne a batla go nna morongwa. O ne a re ka gonne ka nako eo Ireland e ne e le tshimo e barongwa ba neng ba sa ntse ba romelwa kwa go yone, o ne a tla bula tsela gone. O ne a fudugela kwa Dun Laoghaire mme re ne ra nyalana ka 1961.

Dikgwedi di le thataro moragonyana, Eric o ne a nna mo kotsing e e maswe e e batlileng e mmolaya ya sekuta. Logata lwa gagwe lo ne lo thubegile mme dingaka di ne di sa tlhomamisege gore di ka boloka botshelo jwa gagwe. Fa a sena go fetsa dibeke di le tharo kwa bookelong, ke ne ka mo tlhokomela kwa legaeng la rona dikgwedi di le tlhano go fitlha a nna botoka. Ke ne ka tswelela ke rera kafa ke ka kgonang ka teng.

Ka 1965 re ne ra abelwa go ya kwa phuthegong e e nang le baboledi ba le robedi ya kwa Sligo, boemakepe jo bo kwa lotshitshing lo lo kafa bokonebophirima. Morago ga dingwaga di le tharo re ne ra ya kwa phuthegong e nngwe e nnye kwa Londonderry, e e tseneletseng kwa bokone. Letsatsi lengwe fa re tswa tshimong re ne ra fitlhela go na le terata e e tlhabang go ralala tsela ya kwa re neng re nna gone. Dikhuduego tsa kwa bokone jwa Ireland di ne di simolotse. Digopa tsa basha di ne di fisa dikoloi. Toropo e ne e setse e arogantswe ka mafelo a Baporotesetanta le Bakatoliki. Go ne go le kotsi go kgabaganya go tswa mo lefelong le lengwe la toropo go ya kwa go le lengwe.

Go Tshela le go Rera mo Motlheng wa Dikhuduego

Gone mme bodiredi jwa rona bo ne bo re isa gongwe le gongwe. Le fano gape re ne ra utlwa e kete baengele ba ne ba thibeletse go re dikologa. Fa re ne re iphitlhela re le mo mafelong a go tsogileng dikhuduego mo go one, re ne re tswa mo go one ka bonako mme re bo re boa fa maemo a ritibetse. Nako nngwe fa go ne go na le dikhuduego gaufi le folete ya rona, dilo tse di shang tse di neng di tswa mo lebenkeleng le le fa gaufi la dipente di ne tsa wela mo serepoding sa fensetere ya rona. Re ne re sa robale re boifa gore difolete tse re neng re nna mo go tsone di ka nna tsa tshwara molelo. Fa re sena go fudugela kwa Belfast ka 1970, re ne ra utlwa gore bomo ya peterole e ile ya tlhosetsa molelo mo lebenkeleng la dipente le gore difolete tse re neng re kile ra nna mo go tsone di ile tsa sha ka yone nako eo.

Nako nngwe fa re le mo tshimong, nna le kgaitsadi mongwe re ne ra bona phaepe e e sa tlwaelegang e le mo serepoding sa fensetere. Re ne ra tswelela le mosepele wa rona. Phaepe eo e ile ya thunya metsotso e se kae moragonyana. Batho ba lefelo leo ba ba neng ba tswela kwa ntle ba ne ba akanya gore bomo eo ya phaepe e ne e thailwe ke rona! Gone fela foo kgaitsadi mongwe yo o neng a nna mo lefelong leo o ne a re biletsa mo ntlong ya gagwe. Baagisani ba gagwe ba ne ba tsaya seo e le bosupi jwa gore ga re na molato.

Ka 1971 re ne ra boela kwa Londonderry re etela kgaitsadi mongwe. Fa re ne re mo tlhalosetsa gore re tlile ka tsela efe le gore re fetile fa tsela e thibetsweng teng, o ne a botsa gore: “A go ne go se na ope foo?” O ne a gakgamala fa re re: “Ee, batho ba ne ba le teng mme ba ne ba re tlhokomologa fela.” O ne a gakgamadiwa ke eng? Ke gore mo malatsing a a fetileng ngaka nngwe le lepodise ba ne ba tseelwa dikoloi ka dikgoka mme tsa fisiwa.

Ka 1972 re ne ra fudugela kwa Cork. Moragonyana re ne ra ya go direla kwa Naas, mme go tswa foo kwa Arklow. La bofelo, ka 1987 re ne ra abelwa go ya go direla kwa Castlebar, mme re ntse re le koo le gompieno. Re ne ra nna le tshiamelo e kgolo ya go thusa go aga Holo ya Bogosi mono. Ka 1999 Eric o ne a simolola go lwala fela thata. Le fa go ntse jalo, ka thuso ya ga Jehofa le tshegetso e e lorato ya phuthego, le mo lekgetlhong leno ke ne ka kgona go itshokela maemo mme ka mo oka go fitlha a nna botoka.

Nna le Eric re ne ra ya Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela gabedi. Eric o sa ntse a direla e le mogolwane. Nna ke tshwerwe ke bolwetse jo bo maswe jwa ramatiki mme ke dirilwe dikaro tsa go baakanya malokololo a dinoka le mangole. Le fa ke ile ka lebana le go ganediwa setlhogo ke batho ba madumedi e bile ke tshedile ka dinako tse di thata tsa dikhuduego tsa bopolotiki, nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo tse ke ileng ka lebana le tsone e ne e le go tshwanelwa ke go tlogela go kgweetsa. Seo e ne e le teko ka gonne ke ne ke sa tlhole ke kgona go ya gongwe le gongwe kwa ke batlang go ya teng. Phuthego e ile ya thusa fela thata ka go ntshegetsa. Gone jaanong ke ikokotlela ka thobane mme ke dirisa baesekele ya maoto a mararo e e tsamayang ka malatlha fa ke tsaya maeto a maleele.

Nna le Eric re ile ra direla jaaka babulatsela ba ba kgethegileng ka dingwaga di feta 100 fa di kopane—98 ya tsone re le mo Ireland. Ga re a ikaelela go tlogela tiro eno fela ka gonne re godile. Ga re a lebelela dikgakgamatso, mme go na le moo re dumela gore baengele ba ga Jehofa ba ba maatla ba “thibelela go dikologa” ba ba mmoifang le go mo direla ka boikanyegi.