Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Kgona Jang go Itshoka mo Bodireding?

O ka Kgona Jang go Itshoka mo Bodireding?

O ka Kgona Jang go Itshoka mo Bodireding?

A O KILE wa ikutlwa o lapile thata e bile o kgobegile marapo mo o neng o batla go tlogela go dira tiro ya go rera? Boitshoko jwa rona bo ka lekwa ke kganetso e e maatla, ditlhobaelo, bolwetse, kgatelelo ya balekane kgotsa go sa arabele ga batho ba re ba rerelang. Le fa go ntse jalo, akanya ka sekao sa ga Jesu. O ne a itshokela diteko tse dikgolo “ka ntlha ya boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe.” (Baheb. 12:2) O ne a itse gore o ne a ipedisa pelo ya ga Jehofa ka go supa gore ditatofatso tse di dirilweng kgatlhanong le Modimo di ne di se boammaaruri gotlhelele.—Dia. 27:11.

Le wena o ka ipedisa pelo ya ga Jehofa ka go itshoka mo bodireding. Le fa go ntse jalo, go tweng fa dikgoreletsi dingwe di lebega di go nyemisa mooko mo tirong ya go rera? Krystyna, yo o godileng e bile a se na botsogo jo bontle, a re: “Gantsi ke ikutlwa ke lapile e bile ke kgobegile marapo. Mathata a me a a amanang le botsofe a a jaaka bolwetse le ditlhobaelo tsa letsatsi le letsatsi tsa botshelo, a na le go fokotsa tlhoafalo ya me ka nakwana.” O ka kgona jang go itshoka mo bodireding le fa o na le mathata a a ntseng jalo?

Etsa Baporofeti

Gore baboledi ba ba ikanyegang ba Bogosi ba itshoke mo tirong ya go rera, ba tshwanetse go lwela go leba dilo jaaka baporofeti ba bogologolo. A re tseye ka sekai, Jeremia. Fa a ne a bidiwa go tla go direla e le moporofeti, la ntlha o ne a okaoka. Le fa go ntse jalo, Jeremia o ne a kgona go itshokela kabelo e e boima ka dingwaga di feta 40 ka gonne o ne a ithuta go ikanya Modimo ka botlalo.—Jer. 1:6; 20:7-11.

Henryk o kgothadiwa ke sekao sa ga Jeremia. A re: “Mo dingwageng di feta 70 ke ntse ke le mo bodireding, ka dinako tse dingwe ke ne ke kgobiwa marapo ke tsela e batho ba itshwarang ka yone—e ba leng letlhoo ka yone kgotsa e ba sa bontsheng kgatlhego ka yone. Fa ke ikutlwa jalo, ke ikgopotsa sekao sa ga Jeremia. Lorato lo a neng a rata Jehofa ka lone le kamano e e nonofileng e a neng a na le yone le Jehofa di ne tsa mo thusa gore a tswelele pele a bolela boporofeti.” (Jer. 1:17) Rafał le ene o kgothaditswe ke sekao sa ga Jeremia. A re: “Jeremia o ne a ikaega ka Modimo go na le go akanya fela ka ga gagwe le ka tsela e ene a ikutlwang ka yone. O ne a tswelela ka bopelokgale le fa a ne a tlhoilwe ke batho ba bantsi. Ke leka go nna ke gopotse seo.”

Moporofeti yo mongwe yo sekao sa gagwe se thusang batho ba le bantsi go itshoka mo bodireding ke Isaia. Modimo o ne a mmolelela gore batho ba gabone ba ne ba ka se mo reetse. Jehofa o ne a re: “Dira gore pelo ya batho bano e se ka ya tlhola e amogela sepe, mme o dire gore ditsebe tsa bone di nne logwadi.” A seo se ne se raya gore Isaia o ne a tlile go retelelwa? E seng go ya ka tsela e Modimo a lebang dilo ka yone! Fa a ne a tlhomiwa go nna moporofeti, o ne a re: “Ke fano! Roma nna.” (Isa. 6:8-10) Isaia o ne a diragatsa thomo ya gagwe. A o arabela jalo malebana le taelo e re e neilweng ya go rera?

Gore re itshoke mo bodireding jaaka Isaia a ile a itshoka le fa batho ba sa arabele, re tshwanetse go tila go tlhoma mogopolo mo bathong ba ba sa amogeleng molaetsa wa rona. Rafał o fenya go kgobega marapo jaana: “Ke leka gore ke se ka ka tlhoma mogopolo mo dilong tse di sa siamang tse batho ba di buang. Batho ba ba mo tshimong e ke e berekang ba na le tshwanelo ya go bua sengwe le sengwe fela se ba batlang go se bua.” Anna o oketsa jaana: “Ga ke itetle go tlhoma mogopolo mo go sepe se sa itumediseng kgotsa se se kgobang marapo. Ke thusiwa ke go rapela le go sekaseka temana ya letsatsi pele ga ke ya bodireding jwa tshimo. Fa ke sena go dira jalo, dikakanyo dipe fela tse di kgobang marapo di a nyelela.”

Moporofeti Esekiele o ne a direla kwa Babelona mo gare ga Bajuda ba ba tlhogoethata ba ba neng ba ile botshwarwa koo. (Esek. 2:6) Fa moporofeti Esekiele a ka bo a sa bolelela batho mafoko a Modimo, mme mongwe yo o boikepo a swa a sa newa tlhagiso, Esekiele o ne a tla ikarabelela ka loso lwa motho yoo. Jehofa o ne a raya Esekiele a re: “Madi a gagwe ke tla a lopa mo seatleng sa gago.”—Esek. 3:17, 18.

Henryk o leka go nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Esekiele: “Ga ke batle go nna le molato wa madi a ga ope. Matshelo a a tlhwatlhwakgolo a batho a mo kotsing.” (Dit. 20:26, 27) Zbigniew le ene o ikutlwa ka tsela e e tshwanang: “Esekiele o ne a tswelela pele le bodiredi jwa gagwe go sa kgathalesege gore batho ba reng. Seno se nthusa go leba tiro ya go rera ka tsela e Mmopi a e lebang ka yone.”

Ga o Nosi

Fa o le mo tirong ya go rera ga o nosi. Fela jaaka moaposetoloi Paulo, re ka re: “Re badirimmogo le Modimo.” (1 Bakor. 3:9) Krystyna, yo o dumelang gore o a tle a kgobege marapo, a re: “Seo ke sone se dirang gore ke nne ke kopa Jehofa gore a nneye maatla. Ga a ke a ntshwabisa.” Ee, re tlhoka moya wa Modimo gore o re thuse mo bodireding jwa rona!—Seka. 4:6.

Gape moya o o boitshepo o re thusa go bontsha “maungo a moya” fa re le mo tirelong ya tshimo. (Bagal. 5:22, 23) Seo se re thusa go itshoka fa re dira tiro ya go rera, go sa kgathalesege gore go diragalang. Henryk a re: “Go nna le seabe mo tirong ya go rera go nthusa go tokafatsa botho jwa me. Ke ithuta go nna pelotelele le go akanyetsa ba bangwe le gore ke se ka ka itlhoboga motlhofo.” Go itshoka mo bodireding go sa kgathalesege dikgoreletsi tse di farologaneng tse o kopanang le tsone go ka go thusa go tlhagolela maungo a moya ka selekanyo se segolo.

Jehofa o dirisa baengele ba gagwe go kaela tiro eno e e tlhomologileng. (Tshen. 14:6) Baebele ya re go na le “dimiriate tsa dimiriate le dikete tsa dikete” tsa dibopiwa tseno tsa moya. (Tshen. 5:11) Baengele ba kaelwa ke Jesu go thusa batlhanka ba Modimo mo lefatsheng. A o nna o gopotse seo fa o le mo tshimong?

Anna a re: “Go tlhatlhanya ka ntlha ya gore baengele ba na le rona mo bodireding go a nkgothatsa. Ke anaanela thuso e baengele ba re nayang yone ba okametswe ke Jehofa le Jesu.” Eleruri ke tshiamelo e e seng kana ka sepe go dira le baengele ba ba ikanyegang!

Go tweng ka baboledi mmogo le rona ba Bogosi? Re segofaditswe ka go tsalana le boidiidi jo bogolo jwa Basupi ba ba ikanyegang. Kwantle ga pelaelo o iponetse gore seane seno sa Baebele se boammaaruri: “Tshipi e loodiwa ke tshipi. Fela jalo motho o lootsa sefatlhego sa yo mongwe.”—Dia. 27:17.

Go dira mmogo le ba bangwe mo bodireding go re naya tshono e e molemo ya go bona mekgwa e e nang le matswela e ba bangwe ba e dirisang e re ka tswang re sa e tlwaela. Elżbieta a re: “Go dira le baboledi ba ba farologaneng go nnaya tshono ya go bontsha badumedi ka nna mo phuthegong le batho ba re kopanang le bone lorato.” Leka go tsamaya le baboledi ba ba farologaneng mo bodireding. Seo se tla dira gore o itumelele bodiredi jwa gago.

Itlhokomele Sentle

Gore re nne re ntse re le matlhagatlhaga mo bodireding, re tshwanetse go rulaganya dilo sentle, re nne le thulaganyo ya ka metlha ya thuto ya motho ka namana mme re ikhutse mo go lekaneng. Ka mafoko a mangwe re tshwanetse go tlhokomela bomoya jwa rona le botsogo jwa rona.

Baebele ya re: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo.” (Dia. 21:5) Zygmunt, yo o nang le dingwaga di le 88, a re: “Go nna le thulaganyo e e molemo mo bodireding jwa me go dira gore bo nne le matswela. Ke rulaganya nako ya me sentle gore ke nne le nako e e lekaneng ya bodiredi.”

Kitso e e tseneletseng ya Dikwalo e a re nonotsha e bile e re tlhomelela gore re dire bodiredi jwa rona sentle. Fela jaaka re tlhoka go ja dijo gore re tswelele re tshela, re tshwanetse gore re iphepe ka metlha ka dijo tsa semoya gore re tswelele re dira tiro ya go rera. Go iphepa ka Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi, ka go dira jalo re ja ‘dijo ka nako e e tshwanetseng’ go ka dira gore re nne matlhagatlhaga mo bodireding.—Math. 24:45-47.

Elżbieta o ne a dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe e le gore a tokafatse bodiredi jwa gagwe. A re: “Ke fokoditse nako e ke e senyang ke lebile thelebishene fela thata e le gore ke nne le nako e ntsi ya go baakanyetsa bodiredi. Fa ke bala Baebele maitseboa mangwe le mangwe, ke akanya ka batho ba ke kopaneng le bone mo tshimong. Ke batla ditemana le ditlhogo tse di ka ba thusang.”

Go ikhutsa mo go lekaneng go tla go thusa go nna le nonofo e e oketsegileng e bile go ka dira gore o nne le seabe ka botlalo mo bodireding. Kafa letlhakoreng le lengwe, go ineelela boitlosobodutu le gone go ka isa boleng jwa bodiredi jwa gago kwa tlase. Andrzej, mmoledi yo o tlhagafetseng, o akgela jaana: “Go tlhoka go ikhutsa go dira gore motho a nne le letsapa le le tseneletseng mme go ise go ye kae o kgobega marapo. Ke dira sotlhe se nka se kgonang go tila seo.”—Mor. 4:6.

Go sa kgathalesege matsapa a re a tsayang ka go iketleetsa, ke batho ba se kae fela ba ba amogelang dikgang tse di molemo. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a kitla a lebala tiro ya rona. (Baheb. 6:10) Le fa batho ba bantsi ba sa batle go bua le rona, go ka direga gore ba bue ka ketelo ya rona fa re sena go tsamaya. Seo se ka felela ka gore go direge sengwe se se tshwanang le se re se balang malebana le Esekiele: “Ruri [batho] ba tla itse gore moporofeti o ne a le mo gare ga bone.” (Esek. 2:5) Ke boammaaruri gore bodiredi jwa rona ga se kgetsi e potlana, mme bo re solegela molemo tota e bile bo tla solegela le batho ba ba re reetsang molemo.

Zygmunt a re: “Go nna le seabe mo bodireding go re thusa go apara botho jo bosha le go rata Modimo le baagisani.” Andrzej o oketsa jaana: “Ke tshiamelo go nna le seabe mo tirong eno e e bolokang matshelo. Ga e kitla e boelediwa ka selekanyo seno kgotsa mo maemong a a tshwanang le ano.” Le wena o ka bona masego a a seng kana ka sepe gompieno fa o itshoka mo bodireding.—2 Bakor. 4:1, 2.

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Go itlhokomela semoyeng le mo mmeleng go re thusa go itshoka mo bodireding