Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O se Ka wa Lebala Jehofa

O se Ka wa Lebala Jehofa

O se Ka wa Lebala Jehofa

BANGWE ba bone ba ne ba kile ba dira sengwe sa go tshwana le seo. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa bone e ne e le la ntlha e bile e le la bofelo ba kgabaganya noka mme ba sa kolobe. Jehofa o ne a sa tswa go dira gore metsi a Noka ya Joredane a kgaotse go elela. Jaanong Baiseraele ba le bantsintsi ba le mo mokolokong o moleele, o mogolo, ba ne ba kgabaganya boalo jwa noka ba ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Fela jaaka bagologolwane ba bone dingwaga di le 40 pele ga moo kwa Lewatleng le Lehibidu, ba le bantsi ba ba neng ba kgabaganya Joredane ba tshwanetse ba bo ba ile ba akanya jaana: ‘Le ka motlha nka se lebale se Jehofa a se dirileng fano.’—Josh. 3:13-17.

Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a itse gore bangwe ba Baiseraele ba ne ba tla ‘lebala ditiro tsa gagwe ka bonako.’ (Pes. 106:13) Ka jalo o ne a laela moeteledipele wa Iseraele e bong Joshua gore a tseye maje a le 12 kwa tlase ga noka mme a a beye kwa lefelong la ntlha le ba tla thibelelang kwa go lone. Joshua o ne a tlhalosa jaana: “Maje ano a tshwanetse go nna segopotso mo go bomorwa Iseraele.” (Josh. 4:1-8) Segopotso seno sa maje se ne se tla gopotsa setšhaba seo ditiro tse di maatla tsa ga Jehofa le go gatelela mo go bone lebaka la go bo ba tshwanetse go mo direla ka boikanyegi ka metlha.

A tiragalo eo e botlhokwa ka tsela nngwe mo bathong ba Modimo gompieno? Ee. Le rona ga re a tshwanela go lebala Jehofa le ka motlha; re tshwanetse go tswelela re mo direla ka boikanyegi. Ditlhagiso tse dingwe tse di neng di neilwe setšhaba sa Iseraele di ka solegela batlhanka ba ga Jehofa molemo gompieno. Sekaseka mafoko ano a ga Moshe: “Itise gore o se ka wa lebala Jehofa Modimo wa gago gore o [tle o se ka wa tlhoka go] boloka ditaelo tsa gagwe le ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi le melao ya gagwe.” (Dute. 8:11) Temana eno e amanya go lebala Jehofa le go se mo ikobele ka boomo. Seo se ka direga le mo motlheng wa rona. Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakeresete, o ne a tlhagisa kgatlhanong le “one mokgwa oo wa botlhokakutlo” o Baiseraele ba ileng ba o bontsha fa ba ne ba le mo nageng.—Baheb. 4:8-11.

A re sekasekeng dingwe tsa dilo tse di diragaletseng Baiseraele tse di tla gatelelang gore ga re a tshwanela go lebala Modimo. Mo godimo ga moo, se re tla ithutang sone ka matshelo a banna ba babedi ba ba ikanyegang ba Baiseraele se tla re thusa go direla Jehofa ka boitshoko e bile re na le tebogo.

Mabaka a go Gakologelwa Jehofa

Jehofa ga a ise a ko a lebale Baiseraele mo dingwageng tsotlhe tsa fa ba ne ba le kwa Egepeto. O ne a “gakologelwa kgolagano ya gagwe le Aborahame, Isake le Jakobe.” (Ekes. 2:23, 24) Mme se a neng a se dira go ba golola mo bokgobeng ke sengwe se ba neng ba tshwanetse go nna ba se gopola.

Jehofa o ne a itaya Baegepeto ka dipetso di le robongwe. Baperesiti ba ga Faro ba ba dirang maselamose ba ne ba sa kgone go dira sepe go emisa dipetso tseo. Le fa go ntse jalo, Faro o ne a nyatsa Jehofa, a gana go letla Baiseraele gore ba tsamaye. (Ekes. 7:14–10:29) Mme petso ya bolesome e ne ya pateletsa mmusi yo o boikgogomoso yoo gore a ikobele Modimo. (Ekes. 11:1-10; 12:12) Setšhaba sa Iseraele, mmogo le batho ba bangwe ba bantsi ba ba kopakopaneng, ba gongwe ba neng ba le 3 000 000 botlhe, ba ne ba tswa kwa Egepeto ba eteletswe pele ke Moshe. (Ekes. 12:37, 38) Ba ne ba ise ba tsamaele kgakala fa Faro a fetola mogopolo. O ne a laela batlhabani ba gagwe ba dikara tse di tlhometseng le ba ba tsamayang ka dipitse—mongwe wa mephato ya masole e e neng e le maatla go gaisa yotlhe ka nako eo—go tshwara batho ba e neng e kile ya nna makgoba a gagwe. Go sa ntse go le jalo, Jehofa o ne a laela Moshe gore a ise Baiseraele kwa lefelong le lennye le le neng le le fa gare ga Lewatle le Lehibidu le mogolagang wa dithaba, le go neng go bonala ba ka se kgone go tswa mo go lone, le le bidiwang Pihahirothe.—Ekes. 14:1-9.

Faro o ne a akanya gore Baiseraele ba ne ba tsene mo seraing, mme masole a gagwe a ne a tla tloga a ba tlhasela. Mme Jehofa o ne a thibela Baegepeto ka go baya pilara ya leru le pilara ya molelo fa gare ga bone le Baiseraele. Go tswa foo Modimo o ne a kgaoganya Lewatle le Lehibidu ka bogare, a bula tsela mo boalong jwa lewatle mme metsi a ema jaaka dipota tse gongwe di neng di le bogodimo jwa dimetara di le 15 kafa matlhakoreng oomabedi. Baiseraele ba ne ba simolola go kgabaganya lewatle mo mmung o o omileng. Go ise go ye kae Baegepeto ba ne ba le fa lotshitshing, ba lebile jaaka Baiseraele ba tsamaela kafa ntlheng e nngwe ya noka.—Ekes. 13:21; 14:10-22.

Fa Faro e ne e le moeteledipele yo o botlhale, a ka bo a ne a tlogela go ba lelekisa mme ga a ka a dira jalo. Ka gonne o ne a itshepile thata, o ne a laela gore dikara tsa gagwe tsa ntwa le bapalami ba dipitse ba tsene mo lewatleng le le se nang metsi ba lelekise Baiseraele. Baegepeto ba ne ba nna ba ba lelekisa. Mme lobelo lwa bone lo ne lwa kgaupediwa pele ga ba tshwara Baiseraele. Dikara tsa Baegepeto tsa ntwa di ne di sa tlhole di kgona go tsamaya ka gonne Jehofa o ne a di somotse maotwana.—Ekes. 14:23-25; 15:9.

Fa Baegepeto ba ntse ba mekamekana le dikara tsa bone tsa ntwa tse di senyegileng, Baiseraele botlhe ba ne ba fitlha kwa losing lwa lewatle lo lo kwa botlhaba. Go tswa foo Moshe o ne a otlololela seatla sa gagwe mo Lewatleng le Lehibidu. Ka yone nako eo, Jehofa o ne a dira gore dipota tsa metsi tse di neng di butse tsela fa gare ga lewatle di gosomane. Faro le batlhabani ba gagwe ba ne ba khurumediwa ke metsi a se kana ka sepe mme ba nwela. Ga go ope wa baba bano yo o ileng a falola. Baiseraele ba ne ba falotse!—Ekes. 14:26-28; Pes. 136:13-15.

Fa ditšhaba tse di mabapi di utlwalela ka tiragalo eno, di ne tsa nna mo poifong ka lobaka lo loleele. (Ekes. 15:14-16) Dingwaga di le 40 moragonyana, Rahabe wa kwa Jeriko o ne a raya banna ba Baiseraele ba babedi a re: “Re wetswe ke poifo ka ntlha ya lona, . . . gonne re utlwile kafa Jehofa a neng a kgadisa metsi a Lewatle le Lehibidu ka gone fa pele ga lona fa lo ne lo tswa kwa Egepeto.” (Josh. 2:9, 10) Tota le ditšhaba tseo tsa baheitane di ne di sa lebala kafa Jehofa a neng a golotse batho ba gagwe ka teng. Eleruri Baiseraele ba ne ba na le mabaka a mangwe a mantsi a go mo gakologelwa.

‘O ba Sireletsa Jaaka Thaka ya Leitlho la Gagwe’

Morago ga gore Baiseraele ba ralale Lewatle le Lehibidu, ba ne ba tsena kwa Sekakeng sa Sinai, “naga e kgolo e e boitshegang.” Fa ba ntse ba tsamaya go ralala “mmu o o omeletseng o o se nang metsi”—mme go se na dijo tse di ka fepang boidiidi joo—Jehofa ga a ka a ba latlha. Moshe o ne a re: “[Jehofa] o ne a fitlhela [Iseraele] mo lefatsheng le e leng naga fela, le mo sekakeng se se lolea, se se bokolelang. A simolola go mo dikanyetsa, go mo tlhokomela, go mo sireletsa jaaka thaka ya leitlho la gagwe.” (Dute. 8:15; 32:10) Modimo o ile a ba tlhokomela jang?

Jehofa o ne a ba naya “senkgwe se se tswang kwa magodimong” se se bidiwang mana, se se neng sa tla ka kgakgamatso “mo nageng.” (Ekes. 16:4, 14, 15, 35) Gape Jehofa o ne a dira gore metsi a elele “mo lefikeng le le legweka.” Modimo o ile a ba segofatsa mme diaparo tsa bone ga di a ka tsa onala, le dinao tsa bone ga di a ka tsa ruruga mo dingwageng di le 40 tse ba di feditseng mo nageng. (Dute. 8:4) Ke eng se Jehofa a neng a se lebeletse mo go bone? Moshe o ne a raya Iseraele a re: “O itise o bo o tlhokomele moya wa gago, gore o se ka wa lebala dilo tse matlho a gago a di boneng le gore di se ka tsa tloga mo pelong ya gago malatsi otlhe a botshelo jwa gago.” (Dute. 4:9) Fa e le gore Baiseraele ba ne ba gakologelwa ditiro tsa ga Jehofa tsa poloko ka kanaanelo, ba ne ba tla mo direla ka metlha le go leka ka natla go ikobela melao ya gagwe. Baiseraele ba ne ba tla dira eng?

Go Lebala go Dira Gore Motho a Tlhoke Kanaanelo

Moshe o ne a bolela jaana: “Lefika yo o neng a nna rrago, o ne wa mo lebala, mme o ne wa simolola go ntsha Modimo mo mogopolong.” (Dute. 32:18) Go ise go ye kae setšhaba sa Iseraele se ne sa tlhokomologa kgotsa sa lebala ditiro tse Jehofa a neng a di dirile kwa Lewatleng le Lehibidu, dilo tse a neng a ba tlametse ka tsone gore ba nne ba ntse ba tshela kwa nageng, le dilo tsotlhe tse dingwe tse di molemo tse Jehofa a neng a di dirile. Baiseraele ba ne ba tsuologa.

Nako nngwe Baiseraele ba ne ba kgoba Moshe ka gonne ba akanya gore go ne go se na kwa ba ka bonang metsi teng. (Dipa. 20:2-5) Ba ne ba ngongorega ka mana a ba neng ba tshela ka one, ba re: “Moya wa rona o ila senkgwe seno se se nyatsegang.” (Dipa. 21:5) Ba ne ba sa dumalane le tshwetso ya Modimo e bile ba ne ba sa batle gore Moshe e nne moeteledipele wa bone mme ba re: “Re ka bo bogolo re ne ra swela kwa lefatsheng la Egepeto, kgotsa re ka bo bogolo re ne ra swela mo nageng eno! . . . A re tlhomeng moeteledipele, mme re boeleng Egepeto!”—Dipa. 14:2-4.

Jehofa o ne a ikutlwa jang fa Baiseraele ba ne ba simolola go tlhoka kutlo? Mopesalema o ne a kwala jaana moragonyana a akantse ka ditiragalo tseo: “A bo ba ne ba mo tsuologela gantsi jang kwa nageng, ba ne ba mo utlwisa botlhoko mo sekakeng! Mme gangwe le gape ba ne ba leka Modimo, ba ne ba utlwisa Moitshepi wa Iseraele botlhoko. Ga ba a ka ba gakologelwa seatla sa gagwe, letsatsi le a neng a ba golola mo mmabeng ka lone, kafa a neng a baya ditshupo tsa gagwe mo Egepeto ka teng.” (Pes. 78:40-43) Ee, go lebala ga Baiseraele go ne ga utlwisa Jehofa botlhoko tota.

Banna ba Babedi ba ba Neng Ba se Ka ba Lebala

Le fa go ntse jalo, Baiseraele bangwe ga ba a ka ba lebala Jehofa. Ba babedi mo go bone e ne e le Joshua le Kalebe. E ne e le bangwe ba ditlhola di le 12 tse di neng di rometswe go tswa kwa Kadeshe-barenea go ya go tlhola Lefatshe le le Solofeditsweng. Ba le lesome ba bone ba ne ba tla ka pego e e kgobang marapo, mme Joshua le Kalebe ba ne ba raya batho ba re: “Lefatshe le re neng ra le kgabaganya re ya go le tlhola ke lefatshe le le molemo thatathata. Fa Jehofa a re kgatlhegela, he ruri o tla re tsenya mo lefatsheng leno a bo a le re naya, lefatshe le le elang mashi le tswina ya dinotshe. Fela lo se ka lwa tsuologela Jehofa.” Fa batho ba utlwa mafoko ao, ba ne ba re Joshua le Kalebe ba kgobotlediwe ka maje. Mme bobedi jwa bone ba ne ba ema ba nitame ba ikantse Jehofa.—Dipa. 14:6-10.

Dingwaga moragonyana Kalebe o ne a raya Joshua a re: “Moshe motlhanka wa ga Jehofa [o] ne a nthoma go tswa kwa Kadeshe-barenea go ya go tlhola lefatshe, mme ke ne ka mmusetsa lefoko fela kafa le neng le ntse ka gone mo pelong ya me. Mme bomorwarre ba ba neng ba tlhatloga le nna ba ne ba dira gore pelo ya batho e nyere; mme nna, ke ne ka sala Jehofa Modimo wa me morago ka botlalo.” (Josh. 14:6-8) Ka gonne Kalebe le Joshua ba ne ba ikanya Modimo, ba ne ba itshokela diteko tse di farologaneng. Ba ne ba ititeile sehuba gore ba tla gakologelwa Jehofa malatsi otlhe a botshelo jwa bone.

Gape Kalebe le Joshua ba ne ba bontsha tebogo, ba lemoga gore Jehofa o ne a diragaditse tsholofetso ya gagwe ya go naya batho ba gagwe naga e e nonneng. Ee, Baiseraele ba ne ba tshwanetse go leboga Jehofa go bo a ile a ba tlamela gore ba tshele. Joshua o ne a kwala jaana: “Jehofa a naya Iseraele lefatshe lotlhe le a neng a ikanetse gore o tla le naya borraabonemogologolwane . . . Ga go na tsholofetso epe e e neng ya se ka ya diragadiwa mo tsholofetsong yotlhe e e molemo e Jehofa a neng a e solofeditse ntlo ya Iseraele; e ne ya diragadiwa yotlhe fela.” (Josh. 21:43, 45) Rona gompieno re ka bontsha jang tebogo jaaka Kalebe le Joshua?

Bontsha Tebogo

Monna mongwe yo o boifang Modimo o kile a botsa jaana: “Ke tla duela Jehofa ka eng ka ntlha ya melemo ya gagwe yotlhe mo go nna?” (Pes. 116:12) Dilo tse Modimo a re neileng tsone e leng dilo tsa senama tse a re segofaditseng ka tsone, kaelo ya gagwe, le se a se dirileng gore re bone poloko mo isagweng, di dintsi mo e leng gore le fa re ka tshelela ruri re ka se kgone go mo leboga ka mo go lekaneng. Tota re ka se tsoge re kgonne go duela Jehofa. Mme rotlhe re ka kgona go bontsha gore re na le tebogo.

A kgakololo ya ga Jehofa e go thusitse go tila mathata? A lebaka la go bo a itshwarela le go thusitse gore o boe gape o nne le segakolodi se se phepa? Melemo e o e bonang mo ditirong tseo tsa Modimo e nnela ruri, ka jalo o tshwanetse go mo leboga ka bosakhutleng. Mosetsana mongwe wa dingwaga tse 14 yo o bidiwang Sandra o ne a lebana le mathata a a masisi mme a a fenya ka thuso ya ga Jehofa. A re: “Ke ne ka rapela Jehofa ke kopa thuso, mme tsela e a neng a nthusa ka yone e ne ya nkama. Jaanong ke a itse gore ke ka ntlha yang fa rre a ne a tlhola a bua le nna ka Diane 3:5, 6: ‘Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.’ Ke tlhomamisegile gore fela jaaka Jehofa a ile a nthusa go tla go fitlha jaanong, o tla tswelela a ntse a nthusa.”

Bontsha Gore o Gakologelwa Jehofa ka go Itshoka

Baebele e gatelela nonofo e nngwe e e amanang le go gakologelwa Jehofa fa e re: “Letlang boitshoko bo feleletse tiro ya jone, gore lo felele lo bo lo itekanele sentle ka ditsela tsotlhe, lo sa tlhaele mo go sepe.” (Jak. 1:4) Mafoko a a reng lo “felele lo bo lo itekanele sentle ka ditsela tsotlhe” a akaretsa eng? A akaretsa go nna le dinonofo tse di ka re thusang go lebana le diteko re ikantse Jehofa e bile re ikemiseditse go di fenya re sa ineele. Boitshoko jo bo ntseng jalo bo lere kgotsofalo e kgolo fa diteko tsa tumelo di sena go feta. Mme ka metlha di a feta.—1 Bakor. 10:13.

Mongwe yo o sa bolong go nna motlhanka wa ga Jehofa yo o neng a lebana le mathata a a masisi a botsogo o tlhalosa se se mo thusitseng go itshoka: “Ke leka go akanya ka se Jehofa a se dirang, e seng se nna ke batlang go se dira. Go ikanyega go kaya go tlhoma mogopolo mo boikaelelong jwa Modimo, e seng mo dikeletsong tsa me. Fa ke lebane le mathata, ga ke re, ‘Goreng nna, Jehofa?’ Go na le moo ke tswelela ke mo direla le go atamalana le ene le fa go tlhaga bothata jo ke sa bo lebelelang.”

Gompieno phuthego ya Bokeresete e obamela Jehofa “ka moya le ka boammaaruri.” (Joh. 4:23, 24) Jaaka setlhopha, Bakeresete ba boammaaruri le ka motlha ba ka se lebale Modimo jaaka setšhaba sa Iseraele se ile sa dira. Mme fa motho e le karolo ya phuthego, seo ka bosone ga se tlhomamise gore o tla nna a ikanyega mo Modimong. Fela jaaka Kalebe le Joshua, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go bontsha tebogo le go itshoka fa a ntse a direla Jehofa. Re na le mabaka a a utlwalang a go dira jalo, ka gonne Jehofa o tswelela a kaela le go tlhokomela mongwe le mongwe wa rona mo metlheng eno e e thata ya bokhutlo.

Fela jaaka segopotso sa maje se se neng sa tlhomiwa ke Joshua, ditiro tse Modimo a di dirileng go boloka batho di re tlhomamisetsa gore a ka se latlhe batho ba gagwe. E kete o ka ikutlwa jaaka mopesalema yo o neng a kwala jaana: “Ke tla gakologelwa ditiro tsa ga Jah; gonne ke tla gakologelwa tiro ya gago e e gakgamatsang ya bogologolo. Mme ruri ke tla tlhatlhanya ka tiro yotlhe ya gago, ke tla akanya ka ditiro tsa gago.”—Pes. 77:11, 12.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Setšhaba sotlhe se ne se tshwanetse go tsamaya ka maoto go ralala “mmu o o omeletseng”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Fa Baiseraele ba ntse ba thibeletse kwa Kadeshe-barenea, go ne ga romelwa ditlhola kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Morago ga dingwaga tse dintsi mo nageng, Baiseraele ba ka bo ba bontshitse tebogo fa ba ne ba newa Lefatshe le le Solofeditsweng le le nonneng

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Go nna re akantse ka maikaelelo a ga Jehofa go re thusa go itshokela mathata ape fela a re lebanang le one