Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o itumeletse go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

• Ke eng fa go le botlhokwa jaana gore re boloke bothokgami jwa Bokeresete?

Go boloka bothokgami go re thusa go ema bolaodi jwa ga Jehofa nokeng ka gonne re mo rata le go supa gore Satane ke moaki. Gape Modimo o re atlhola a lebile gore a re boloka bothokgami, ka jalo bothokgami bo botlhokwa gore re nne le tsholofelo ka isagwe.—12/15, tsebe 4-6.

• Maina mangwe a a bontshang seabe sa ga Jesu mo boikaelelong jwa Modimo ke afe?

Morwa yo o tsetsweng a le esi. Lefoko. Amen. Motsereganyi wa kgolagano e ntšha. Moperesiti yo Mogolo. Losika lo lo solofeditsweng.—12/15, tsebe 15.

• Lebaka la go bo moporofeti Elija a ne a kopa motlhokomedi wa gagwe gore a lebe ntlheng ya lewatle fa moporofeti yono a ntse a rapelela pula le kaya eng? (1 Dikg. 18:43-45)

Elija o ne a bontsha gore o tlhaloganya modikologo wa metsi. Maru a a neng a ipopa mo godimo ga lewatle a ne a tla ela kwa godimo ga naga, a bo a nesa pula.—1/1, tsebe 15-16.

• Re ka dira jang gore re oketse tsela e re itumelelang bodiredi jwa rona ka yone?

Re ka baakanya dipelo tsa rona, re akantse thata ka gore re ka thusa ba bangwe jang. Re ka rerela batho ka boikaelelo jwa go simolola dithuto tsa Baebele. Fa batho ba ba mo tshimong ya rona ba sa kgatlhegele molaetsa, re ka bua le bone ka dilo tse ba ka di kgatlhegelang.—1/15, tsebe 8-10.

• A lepero le go buiwang ka lone mo Baebeleng le tshwana le bolwetse jo bo itsiweng e le lepero gompieno?

Bolwetse jwa lepero jo bo bakwang ke mogare bo ne bo le teng mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele. (Lefi. 13:4, 5) Gape Baebele e bua ka lepero le le neng le le mo diaparong le mo matlong. “Lepero” leo e ka tswa e ne e le mofuta mongwe wa mouta. (Lefi. 13:47-52)—2/1, tsebe 19.

• Dithuto tsa Baebele di tshwanetse tsa ama jang boikutlo jwa Mokeresete le mekgwa ya gagwe malebana le diphitlho?

Le fa Mokeresete a ka hutsafalela batho ba a ba ratang ba ba tlhokafetseng, o itse gore baswi ga ba itse sepe. Le fa batho ba ba sa dumeleng ba mo tshwaya phoso, ga a latele dingwao tse di amanang le tumelo ya gore baswi ba ka tlhotlheletsa batho ba ba tshelang. Bakeresete bangwe ba tila mathata ka go kwala gore ba batla phitlho e tsamaisiwa jang.—2/15, tsebe 29-31.

• Go ya ka Pesalema 1:1, ke dilo dife tse tharo tse re tshwanetseng go di tila gore re itumele?

Temana eno e umaka ‘kgakololo ya baikepi,’ ‘tsela ya baleofi,’ le ‘setulo sa basotli.’ Ee, gore re itumele re tshwanetse go tila batho ba ba sotlang le ba ba itlhokomolosang melao ya Modimo. Go na le moo, re tshwanetse go natefelelwa ke molao wa ga Jehofa.—3/1, tsebe 17.

• A ‘buka ya Jashara’ le ‘buka ya Dintwa tsa ga Jehofa’ ke dibuka tsa Baebele tse di neng tsa latlhega? (Josh. 10:13; Dipa. 21:14)

Nnyaa. Go lebega e ne e le mekwalo e e sa tlhotlhelediwang e e neng e le teng mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele mme bakwadi ba Baebele ba ne ba nopola mo go yone.—3/15, tsebe 32.

• Ke phetogo efe e kgolo e e neng ya dirwa mo thanolong ya bosheng ya Baebele ya Selatine?

Ka 1979, Mopapa John Paul II o ne a amogela thanolo e ntšha ya Selatine ya Nova Vulgata. Kgatiso ya ntlha ya thanolo eno e ne e na le leina la Modimo, Iahveh, mo mafelong mangwe. (Ekes. 3:15; 6:3) Le fa go ntse jalo, fa kgatiso ya bobedi e e dumeletsweng semolao e ne e gatisiwa ka 1986, lefoko Dominus [Morena] le ne la kwalwa mo boemong jwa Iahveh.—4/1, tsebe 22.