Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Fa losea lo tlhokafala lo ise lo tsholwe, a go na le tsholofelo epe ya gore losea loo lo tla tsosiwa?

Batho ba ba iseng ba ko ba utlwe botlhoko jwa go swelwa ke ngwana yo o iseng a tsholwe, ba ka fitlhela go le boima go tlhaloganya maikutlo a batho ba ba diragaletsweng ke sengwe se se ntseng jalo. Batsadi ba bangwe ba hutsafala fela thata fa ba swetswe ke ngwana ka tsela eno. Mmè mongwe o ne a swelwa ke bana ba le batlhano pele ba tsholwa. Moragonyana, o ne a bona masego a go godisa bana ba basimane ba le babedi ba ba nang le botsogo jo bontle. Le fa go ntse jalo, o ne a gopola lekgetlho lengwe le lengwe le a neng a swelwa ke ngwana ka lone. Mo botshelong jwa gagwe jotlhe, o ne a itse sentle gore bana ba gagwe ba a ileng a ba tshola ba setse ba tlhokafetse le ba ba ileng ba tlhokafala ba ise ba tsholwe, ba ka bo ba na le dingwaga di le kae fa ba ka bo ba tshedile. A Bakeresete ba ba mo maemong a a ntseng jalo ba na le lebaka la go solofela gore bana ba bone ba tla tsosiwa?

Karabo e e motlhofo ya potso eno ke gore ga re itse. Baebele ga e bue ka tlhamalalo ka kgang eno ya go tsosiwa ga masea a a tshotsweng a tlhokafatse kgotsa a bommè ba ba senyegetsweng. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le na le melaometheo e e tsamaisanang le potso eno le e e ka nayang kgomotso ka selekanyo se se rileng.

A re sekasekeng dipotso tse pedi tse di tsamaisanang le kgang eno. Ya ntlha, go ya ka tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone, botshelo jwa motho bo simolola leng—ka nako ya fa a imiwa kgotsa fa a belegwa? Ya bobedi, Jehofa o leba jang ngwana yo o iseng a tsholwe—a o mo tsaya e le motho kgotsa e le disele fela tse di ipopileng mo popelong ya mosadi? Melaometheo ya Baebele e na le dikarabo tse di utlwalang sentle tsa dipotso tseno tse pedi.

Molao wa ga Moshe o ne o bontsha sentle gore botshelo ga bo simolole ka nako ya fa motho a belegwa mme bo simolola nako e telele pele ga moo. O ne o bontsha seo jang? O ne o bontsha gore motho o ne a ka bolaelwa go bolaya losea lo lo iseng lo tsholwe. Ela tlhoko se molao ono o neng o se bua: “O ntshe moya mo boemong jwa moya.” * (Ekes. 21:22, 23) Ka jalo, ngwana yo o mo popelong o a tshela e bile ke moya o o tshelang. Go tlhaloganya gore ngwana yo o mo popelong ke botshelo jwa motho go ile ga thusa dimilione tsa Bakeresete go gana tlwaelo ya go ntsha mpa, ba lemoga gore go dira jalo ke go direla Modimo boleo jo bo masisi.

Gone ke boammaaruri gore ngwana yo o iseng a tsholwe o a tshela, mme Jehofa o tsaya botshelo joo bo le tlhwatlhwakgolo go le kana kang? Molao o o nopotsweng fa godimo o ne o laela gore mogolo a bolawe fa a bolaile ngwana yo o iseng a tsholwe. Ka jalo, go bonala sentle gore botshelo jwa ngwana yo o iseng a tsholwe bo tlhwatlhwakgolo mo matlhong a Modimo. Mo godimo ga moo, ditemana tse dintsi di bontsha gore Jehofa o leba bana ba ba iseng ba tsholwe e le batho. Ka sekai, Kgosi Dafide o ne a tlhotlhelediwa go bua jaana ka Jehofa: “O ne wa mpoloka ke bipilwe mo sebopelong sa ga mmè. . . . Matlho a gago a ne a mpona ke le losea lo lo mo popelong, mme dikarolo tsotlhe tsa lone di ne di kwadilwe mo bukeng ya gago, malebana le malatsi a di bopilweng ka one.”—Pes. 139:13-16; Jobe 31:14, 15.

Gape Jehofa o bona gore bana ba ba iseng ba tsholwe ba na le mekgwa e e sa tshwaneng e bile ba ka kgona go dira dilo tse dikgolo mo isagweng. Fa mosadi wa ga Isake e bong Rebeka a ne a ithwele mawelana, Jehofa o ne a bolela boporofeti ka ga basimane bano ba babedi ba ba neng ba lwa mo mpeng ya gagwe, a bontsha gore o setse a bone dinonofo dingwe tsa bone tse di neng di tlile go ama batho ba le bantsi mo isagweng.—Gen. 25:22, 23; Bar. 9:10-13.

Kgang ya ga Johane Mokolobetsi le yone ke nngwe ya tse di kgatlhang. Pego ya Efangele e bolela jaana: “Ya re Elisabetha a utlwa tumediso ya ga Marea, lesea le le mo sebopelong sa gagwe la tlola; mme Elisabetha a tlala moya o o boitshepo.” (Luke 1:41) Fa ngaka Luke a ne a tlhalosa tiragalo eo, o dirisa lefoko la Segerika le le ka tswang le kaya losea lo lo iseng lo tsholwe kgotsa ngwana yo o sa tswang go tsholwa. O ne a dirisa lone lefoko leo fa a ne a bua ka Jesu e le losea lo lo mo bojelong jwa diruiwa.—Luke 2:12, 16; 18:15.

Fa re sekaseka mabaka ano otlhe, a Baebele e dira pharologanyo fa gare ga losea lo lo mo popelong le lo lo setseng lo tshotswe? Ga go lebege jalo. Mme seo se dumalana le se saense ya segompieno e se lemogileng. Ka sekai, babatlisisi ba ile ba lemoga gore ngwana yo o mo popelong ya ga mmaagwe o kgona go utlwa le go tsibogela se se diragalang kafa ntle. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo mmè yo o imileng a nna le kamano e e gaufi thata jaana le ngwana yo o golang mo go ene.

Kgabagare fa go tla nako ya gore ngwana a tsholwe, nako e a tla tsholwang ka yone ga e a tlhomama. Akanya ka sekai seno: Mmè mongwe o tshola ngwana yo o tshelang pele ga nako e a neng a tshwanetse go tsholwa ka yone mme ngwana yoo a bo a tlhokafala morago ga malatsi a se kae. Mmè yo mongwe ene o ima ngwana wa gagwe ka lobaka lo lo lekaneng lwa boimana mme ngwana a bo a tlhokafala pele fela a belegwa. A motsadi wa ntlha o na le tsholofelo ya gore ngwana wa gagwe o tla tsosiwa fela ka gonne go diragetse gore ngwana wa gagwe a tsholwe pele ga nako fa motsadi wa bobedi ene a se na tsholofelo eo?

Fa re sobokanya, re ka re tota Baebele e ruta gore botshelo bo simolola ka nako ya fa ngwana a imiwa le gore Jehofa o leba ngwana yo o iseng a tsholwe a kgethegile e bile e le motho wa botlhokwa. Bangwe ba ka nna ba tsaya gore go ya ka dintlha tseo tse di mo Baebeleng, e tla bo e se boammaaruri go bolela gore ngwana yo o tlhokafetseng a ise a tsholwe a ka se tsosiwe. Eleruri, ba ka nna ba akanya gore go bolela jalo go tsosa dipelaelo malebana le se re se dumelang go tswa mo Dikwalong gore go ntsha mpa ga go a tshwanela, e leng kgang e e remeletseng thata mo dintlheng tseo.

Mo nakong e e fetileng makasine ono o ile wa tsosa dipotso dingwe tse di malebana le go tsosiwa ga bana ba ba tlhokafatseng ba ise ba tsholwe, mme go lebega dipotso tseo di ile tsa dira gore go nne le dipelaelo tsa gore a tota ba tla tsosiwa. Ka sekai, a kwa Paradaiseng Modimo a ka tsenya disele tse di iseng di nne losea lo lo feletseng mo popelong ya mosadi? Le fa go ntse jalo, go ithuta go ya pele, go rapela le go tlhatlhanya go ile ga dira gore Setlhopha se se Laolang se swetse ka gore dipotso tsa mofuta oo tota ga di amane ka gope le tsholofelo ya tsogo. Jesu o ne a re: “Dilo tsotlhe di a kgonega mo Modimong.” (Mar. 10:27) Se se diragaletseng Jesu se bontsha gore kgang eno e boammaaruri; botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetisediwa mo popelong ya lekgarebane go tswa kwa legodimong—selo se batho ba ka tsayang gore se ka se direge.

A jaanong seno sotlhe se kaya gore Baebele e ruta gore bana ba ba tlhokafetseng pele ba tsholwa ba tla tsosiwa? Re tshwanetse go gatelela gore Baebele ga e arabe potso eo ka tlhamalalo, ka jalo ga go na lebaka le le utlwalang la gore re gagamalele gore ba tla tsosiwa. Kgang eno e ka dira gore go nne le dipotso tse di sa feleng. Mme tota go ka nna botoka gore re tile go fopholetsa. Se re se itseng ke gore, kgang yotlhe e mo diatleng tsa ga Jehofa Modimo, yo o tletseng bopelonomi jwa lorato le kutlwelobotlhoko. (Pes. 86:15) Kwantle ga pelaelo o eletsa go dirolola tshenyo e e dirilweng ke loso ka go tlisa tsogo. (Jobe 14:14, 15) Re ka tlhomamisega gore Jehofa o dira se se siameng ka metlha. O tla fodisa matsadi a mantsi a re a baketsweng ke botshelo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo fa ka lorato a tla bo a kaela Morwawe go “senya ditiro tsa ga Diabolo.”—1 Joh. 3:8.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Ka dinako tse dingwe temana eno e ranolwa ka tsela e e nayang kgopolo ya gore motho o ne a ka atlholelwa loso fela fa mmè e le ene a tlhokafetseng. Le fa go ntse jalo, mafoko a temana ya Sehebera sa ntlhantlha a bontsha gore molao oo o ne o dira fa go tlhokafetse mmè kgotsa ngwana yo o iseng a tsholwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Jehofa o tla fodisa kutlobotlhoko yotlhe e batho ba nnileng le yone