Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baengele—“Meya e e Direlang Botlhe”

Baengele—“Meya e e Direlang Botlhe”

Baengele—“Meya e e Direlang Botlhe”

“A botlhe ga se meya e e direlang botlhe, e e rometsweng go ya go direla ba ba tlileng go rua poloko?”—BAHEB. 1:14.

1. Mathaio 18:10 le Bahebera 1:14 di ka re gomotsa jang?

JESU KERESETE o ne a tlhagisa batho bape ba ba neng ba ka kgopisa balatedi ba gagwe a re: “Tlhokomelang gore lo se ka lwa nyatsa mongwe wa ba bannye bano; gonne ke a lo bolelela ka re baengele ba bone kwa legodimong ba bona sefatlhego sa ga Rre yo o kwa legodimong ka metlha.” (Math. 18:10) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana a bua ka baengele ba ba siameng: “A botlhe ga se meya e e direlang botlhe, e e rometsweng go ya go direla ba ba tlileng go rua poloko?” (Baheb. 1:14) Mafoko ao a a gomotsa e bile a re tlhomamisetsa gore Modimo o dirisa dibopiwa tseno tse di kwa legodimong go thusa batho. Baebele ya reng ka baengele? Ba re thusa jang? Re ka ithuta eng mo go bone?

2, 3. Dingwe tsa ditiro tsa dibopiwa tsa semoya tse di kwa legodimong ke dife?

2 Go na le baengele ba ba ikanyegang ba le dimilionemilione kwa legodimong. Botlhe ‘ba maatla, ba diragatsa lefoko la gagwe.’ (Pes. 103:20; bala Tshenolo 5:11.) Mongwe le mongwe wa barwa bano ba Modimo ba semoya o na le botho jwa gagwe, o na le dinonofo tse di tshwanang le tsa Modimo e bile o na le kgololesego ya go itlhophela. Ba rulagantswe ka manontlhotlho e bile ba na le maemo a a kwa godimo mo thulaganyong ya Modimo, mme moengele yo mogolo ke Mikaele (leina la ga Jesu la kwa legodimong). (Dan. 10:13; Jude 9) Moengele yono yo e leng “leitibolo la popo yotlhe” ke “Lefoko,” kgotsa Mmueledi, wa Modimo mme Jehofa o ne a mo dirisa go bopa dilo tse dingwe tsotlhe.—Bakol. 1:15-17; Joh. 1:1-3.

3 Moengele yo mogolo o latelwa ke boserafe, ba ba bolelang boitshepo jwa ga Jehofa e bile ba thusa go boloka batho ba gagwe ba le phepa semoyeng. Gape go na le ditšheruba, tse di emeng bolaodi jwa gagwe nokeng. (Gen. 3:24; Isa. 6:1-3, 6, 7) Baengele ba bangwe, kgotsa barongwa, ba na le ditiro tse di farologaneng fa ba ntse ba dira thato ya Modimo.—Baheb. 12:22, 23.

4. Baengele ba ne ba itshwara jang fa go bopiwa lefatshe, mme batho ba ka bo ba solegetswe molemo jang fa batho ba ntlha ba ka bo ba dirisitse sentle kgololesego ya bone ya go itlhophela?

4 Baengele botlhe ba ne ba itumela fa go ne go ‘thaiwa lefatshe’ mme ba ne ba itumelela go dira tiro e ba e abetsweng fa polanete eno e ntle e ntse e fetoga go nna legae la batho. (Jobe 38:4, 7) Jehofa o ne a bopa motho e le “yo o kwa tlase go le gonnye mo baengeleng” mme a le mo “setshwanong” sa Gagwe, ka jalo a dira gore batho ba kgone go nna le dinonofo tsa maemo a a kwa godimo tse di tshwanang le tsa Mmopi. (Baheb. 2:7; Gen. 1:26) Fa Adame le Efa ba ka bo ba ile ba dirisa sentle kgololesego ya bone ya go itlhophela, bone le ditlogolwana tsa bone ba ka bo ba ile ba tswelela ba tshela mo legaeng la paradaise e le mangwe a maloko a lelapa la ga Jehofa le le mo lobopong lotlhe.

5, 6. Go ne ga nna le botsuolodi bofe kwa legodimong, mme Modimo o ne a dirang?

5 Ruri baengele ba ba boitshepo ba tshwanetse ba bo ba ile ba gamarega fa ba bona mongwe mo lelapeng la Modimo a simolola go tsuologa. Moengele yono o ne a sa tlhole a kgotsofalela go baka Jehofa mme o ne a batla go obamelwa. O ne a itira Satane (ke gore “Moganetsi”) ka go tsosa dipelaelo tsa gore a Jehofa o tshwanelwa ke go busa le ka go ipagololela mogodu ka go leka go itshimololela puso e e ganetsanang le ya Modimo. Ka boferefere Satane o ne a dirisa maaka a ntlha a go kwadilweng ka one go tlhotlheletsa banyalani ba ntlha gore ba kopanele le ene mo go tsuologeleng Mmopi wa bone yo o lorato.—Gen. 3:4, 5; Joh. 8:44.

6 Ka yone nako eo Jehofa o ne a atlhola Satane ka go bolela jaana mo boporofeting jwa ntlha jo bo mo Baebeleng: “Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. O tla go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.” (Gen. 3:15) Go ne go tla tswelela go na le bobaba fa gare ga ga Satane le “mosadi” wa Modimo. Ee, Jehofa o ne a tsaya phuthego e e kwa legodimong ya dibopiwa tse di ikanyegang tsa semoya e le mosadi wa gagwe yo o rategang yo o golaganeng le ene jaaka Monna wa gagwe. Boporofeti jono bo ne bo naya tsholofelo e e tlhomameng, le fa dintlha tsotlhe tse di amanang le jone e ne ya nna e le “sephiri se se boitshepo” se se neng se tla senolwa kgato ka kgato. Maikaelelo a Modimo e ne e le gore mongwe yo o mo karolong e e kwa legodimong ya phuthego ya gagwe a senye ditsuolodi tsotlhe a bo a dire gore “dilo tse di kwa magodimong le dilo tse di mo lefatsheng” di phuthiwe mmogo.—Baef. 1:8-10.

7. Baengele bangwe ba ne ba dira eng mo motlheng wa ga Noa, mme go ne ga diragalang ka bone?

7 Mo motlheng wa ga Noa, baengele bangwe ba ne ba tlogela “lefelo la bone le le tshwanetseng la bonno” mme ba iphetolela mo mebeleng ya senama gore ba kgone go kgotsofatsa dikeletso tsa bone tsa bopelotshetlha mo lefatsheng. (Jude 6; Gen. 6:1-4) Jehofa o ne a latlhela ditsuolodi tseo mo lefifing le le kwenneng, mme ka jalo tsa kopana le Satane go nna “mephato ya meya e e boikepo” le baba ba ba kotsi ba batlhanka ba Modimo.—Baef. 6:11-13; 2 Pet. 2:4.

Baengele ba re Thusa Jang?

8, 9. Jehofa o dirisitse baengele jang go thusa batho?

8 Aborahame, Jakobe, Moshe, Joshua, Isaia, Daniele, Jesu, Petere, Johane le Paulo ke bangwe ba batho ba ba neng ba thusiwa ke baengele. Baengele ba ba siameng ba ne ba diragatsa dikatlholo tsa Modimo le go bolela boporofeti le ditaelo tsa Modimo, go akaretsa le Molao wa ga Moshe. (2 Dikg. 19:35; Dan. 10:5, 11, 14; Dit. 7:53; Tshen. 1:1) E re ka jaanong re na le Lefoko la Modimo le le feletseng, baengele ba ka nna ba se ka ba tlhoka go re bolelela melaetsa ya Modimo. (2 Tim. 3:16, 17) Le fa go ntse jalo, baengele ba dira ka natla ba dira thato ya Modimo le go ema batlhanka ba gagwe nokeng, le fa ba dira jalo ba sa bonale.

9 Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Moengele wa ga Jehofa o thibelela go dikologa ba ba mmoifang, mme o a ba namola.” (Pes. 34:7; 91:11) Ka ntlha ya kgang e Satane a e tsositseng ya gore batho ba ka se ikanyege mo Modimong fa ba lekwa, Jehofa o letla Satane a re tlisetsa mefuta yotlhe ya diteko. (Luke 21:16-19) Le fa go ntse jalo, Modimo o itse fa re itshoketse teko lobaka lo lo lekaneng go supa gore a re tla nna re ikanyega mo go ene. (Bala 1 Bakorintha 10:13.) Baengele ba nna ba ntshitse matlho dinameng gore ba tseye kgato go dumalana le thato ya Modimo. Ba ne ba namola Shaderake, Meshake, Abedenego, Daniele le Petere mme ga ba a ka ba thibela gore Setefane le Jakobe ba se ka ba bolawa ke baba. (Dan. 3:17, 18, 28; 6:22; Dit. 7:59, 60; 12:1-3, 7, 11) Maemo le dikgang tse di neng di amega di ne di farologane. Ka tsela e e tshwanang, bangwe ba bakaulengwe ba rona ba ne ba bolawa kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Banasi, mme Jehofa o ne a tlhomamisa gore bontsi jwa bone ba a falola.

10. Kwantle ga go thusiwa ke baengele, re ka thusiwa ka tsela efe?

10 Dikwalo ga di rute gore mongwe le mongwe mo lefatsheng o na le moengele mongwe yo o mo tlhokometseng. Re rapela re tlhomamisegile gore “go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya [Modimo], o a re utlwa.” (1 Joh. 5:14) Gone ke boammaaruri gore Jehofa a ka romela moengele gore a re thuse, mme gape a ka re thusa ka tsela e sele. Bakeresete ba bangwe ba ka tlhotlheletsega go re thusa le go re gomotsa. Modimo a ka re naya botlhale le maatla a re a tlhokang go itshokela “mutlwa mo nameng” o o ka re tlhorontshang jaaka e kete re itewa ke “moengele wa ga Satane.”—2 Bakor. 12:7-10; 1 Bathes. 5:14.

Etsa Jesu

11. Baengele ba ne ba dirisiwa jang go thusa Jesu, mme o ne a naya bosupi jwa eng ka go nna a ikanyega mo Modimong?

11 Akanya kafa Jehofa a dirisitseng baengele ka teng mo kgannyeng ya ga Jesu. Ba ne ba itsise ka botsalo jwa gagwe le ka go tsosiwa ga gagwe mme ba mo thusa fa a ne a le mo lefatsheng. Baengele ba ne ba ka thibela gore a se ka a tshwarwa a bo a bolawa setlhogo. Le fa go ntse jalo, mo boemong jwa moo, go ne ga romelwa moengele gore a tle go mo nonotsha. (Math. 28:5, 6; Luke 2:8-11; 22:43) Go dumalana le boikaelelo jwa ga Jehofa, Jesu o ne a swa loso lwa go intsha setlhabelo mme a naya bosupi jwa gore motho yo o itekanetseng a ka tswelela a ikanyega mo Modimong le fa a lekwa ka tsela e e botlhoko. Ka jalo, Jehofa o ne a tsosa Jesu gore a ye go tshela botshelo jwa bosasweng kwa legodimong, a mo naya “taolo yotlhe” mme a dira gore baengele ba nne mo taolong ya gagwe. (Math. 28:18; Dit. 2:32; 1 Pet. 3:22) Ka jalo Jesu o ne a itshupa e le karolo ya konokono ya “losika” lwa “mosadi” wa Modimo.—Gen. 3:15; Bagal. 3:16.

12. Re ka etsa sekao sa ga Jesu sa go nna tekatekano jang?

12 Jesu o ne a itse gore go tla bo go le phoso gore a leke Jehofa ka go lebelela gore baengele ba mo namole fa a ka itsenya mo kotsing. (Bala Mathaio 4:5-7.) Ka jalo a re etseng sekao sa ga Jesu ka go tshela ka “go itekanela sentle ga mogopolo,” re sa itsenye mo kotsing go sa tlhokege, mme re nne le tsholofelo fa re bogisiwa.—Tito 2:12.

Se re Ka se Ithutang mo Baengeleng ba ba Ikanyegang

13. Re ka ithuta eng mo sekaong sa baengele ba ba siameng ba ba umakwang mo go 2 Petere 2:9-11?

13 Fa moaposetoloi Petere a kgalemela batho ba ba ‘buang ka tsela ya go kgoba’ batlhanka ba ga Jehofa ba ba tloditsweng, o umaka sekao se se molemo sa baengele ba ba siameng. Le fa baengele ba na le maatla a magolo, ba ikokobeditse mme ga ba bue mafoko a a latofatsang “ka go bo ba tlotla Jehofa.” (Bala 2 Petere 2:9-11.) Le rona a re tlogeleng go tshwayatshwaya diphoso mo go sa tshwanelang, mme re tlotle ba ba beilweng gore ba okamele phuthego, re tlogela sengwe le sengwe mo diatleng tsa ga Jehofa, Moatlhodi yo Mogolo.—Bar. 12:18, 19; Baheb. 13:17.

14. Baengele ba re tlhomela sekao sefe sa go direla ka boikokobetso?

14 Baengele ba ga Jehofa ba re tlhomela sekao se se molemo sa go direla ka boikokobetso. Bangwe ba bone ba ne ba gana go bolelela batho maina a bone. (Gen. 32:29; Baatlh. 13:17, 18) Le fa go na le dibopiwa tsa semoya di le dimilionemilione kwa legodimong, Baebele e umaka leina la ga Mikaele le la ga Gabariele fela. Seno se ka re thusa gore re se ka ra naya baengele tlotlo e e sa ba tshwanelang. (Luke 1:26; Tshen. 12:7) Fa moaposetoloi Johane a ne a wela fa fatshe a obamela moengele mongwe, o ne a tlhagisiwa jaana: “O tlhokomele! O se ka wa dira jalo! Se ke leng sone fela ke motlhankammogo le wena le bakaulengwe ba gago.” (Tshen. 22:8, 9) Re tshwanetse go obamela le go rapela Modimo fela.—Bala Mathaio 4:8-10.

15. Baengele ba re tlhomela jang sekao sa go nna pelotelele?

15 Gape baengele ba tlhoma sekao sa go nna pelotelele. Le fa ba ka rata thata go itse diphiri tse di boitshepo tsa Modimo, ga ba di itse tsotlhe. Baebele ya re: “Baengele ba eletsa go tlhodumela mo go tsone dilo tseno.” (1 Pet. 1:12) Ba dira eng he? Ba leta ka bopelotelele go fitlha ka nako ya Modimo e e tshwanetseng gore ‘botlhale jwa gagwe jo bo methalethale bo itsisiwe ka phuthego.’—Baef. 3:10, 11.

16. Tsela e re itshwarang ka yone e ka ama baengele jang?

16 Bakeresete ba ba mo tekong ke ‘selo sa go bogelwa ke baengele.’ (1 Bakor. 4:9) Baengele ba kgotsofadiwa thata ke go bona ditiro tse re di dirang ka boikanyegi e bile ba a itumela fa ba bona moleofi a ikwatlhaya. (Luke 15:10) Baengele ba bona boitshwaro jo bo siameng jwa basadi ba Bakeresete. Baebele e bontsha gore “mosadi [o tshwanetse] go nna le sesupo sa taolo mo tlhogong ya gagwe ka ntlha ya baengele.” (1 Bakor. 11:3, 10) Ee, baengele ba itumelela go bona basadi ba Bakeresete le batlhanka ba bangwe botlhe ba Modimo ba ba mo lefatsheng ba ikobela thulaganyo ya puso ya Modimo le thulaganyo ya botlhogo. Go nna kutlo jalo ke segopotso se se molemo mo barweng bano ba Modimo ba ba kwa legodimong.

Baengele ba Dira ka Natla go Tshegetsa Tiro ya go Rera

17, 18. Ke ka ntlha yang fa re ka re baengele ba ema tiro ya rona ya go rera nokeng?

17 Baengele ba na le seabe mo dilong dingwe tse di tlhomologileng tse di diregang “mo letsatsing la Morena.” Dilo tseno di akaretsa go tlhongwa ga Bogosi ka 1914 le go piriganngwa ga ga Satane le madimona a gagwe go tswa kwa legodimong ke “Mikaele le baengele ba gagwe.” (Tshen. 1:10; 11:15; 12:5-9) Moaposetoloi Johane o ne a bona “moengele yo mongwe a fofa mo gare ga legodimo, . . . a tshotse dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng go di bolela e le mafoko a a itumedisang mo go ba ba nnang mo lefatsheng.” Moengele yoo o ne a re: “Boifang Modimo lo bo lo mo neye kgalalelo, ka gonne nako ya gagwe ya go atlhola e gorogile, mme jalo obamelang Ene yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le metswedi ya metsi.” (Tshen. 14:6, 7) Ka jalo batlhanka ba ga Jehofa ba tlhomamisediwa gore baengele ba tla ba ema nokeng fa ba ntse ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jo bo tlhomilweng, le fa Diabolo a ba ganetsa mo go botlhoko.—Tshen. 12:13, 17.

18 Gompieno baengele ga ba re ise kwa bathong ba ba dipelo di ikanyegang ka go bua le rona jaaka moengele a ne a bua le Filipo a mo kaela gore a ye go bua le moopafadiwa wa Moethiopia. (Dit. 8:26-29) Le fa go ntse jalo, dilo tse dintsi tse di diragetseng mo metlheng ya gompieno di supa gore le fa re sa bone baengele, ba ntse ba ema tiro ya rona ya go rera ka Bogosi nokeng e bile ba re kaela go ya kwa bathong ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.” * (Dit. 13:48) A bo go le botlhokwa jang gore re nne le seabe mo bodireding ka metlha gore re kgone go dira seabe sa rona mo tirong ya go batla batho ba ba eletsang go ‘obamela Rara ka moya le ka boammaaruri’!—Joh. 4:23, 24.

19, 20. Baengele ba na le seabe sefe mo dilong tse di diragalang mo “bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo”?

19 Fa Jesu a bua ka motlha wa rona o ne a bolela gore “mo bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo,” baengele ba ne ba tla “[ntsha] ba ba boikepo mo go ba ba siameng.” (Math. 13:37-43, 49) Baengele ba na le seabe mo go phuthiweng le mo go kanweng ga bofelo ga batlodiwa. (Bala Mathaio 24:31; Tshen. 7:1-3) Mo godimo ga moo, Jesu o tla bo a na le baengele fa a “kgaoganya dinku le dipodi.”—Math. 25:31-33, 46.

20 “Fa Morena Jesu a senolwa go tswa legodimong a na le baengele ba gagwe ba ba maatla,” botlhe “ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu” ba tla senngwa. (2 Bathes. 1:6-10) Fa Johane a ne a bona yone tiragalo eo mo ponatshegelong, o ne a tlhalosa Jesu le masole a baengele kwa legodimong a re ba tswa ka dipitse tse ditshweu gore ba ye go lwa ntwa ka tshiamo.—Tshen. 19:11-14.

21. Moengele ‘yo o tshotseng selotlolo sa molete o o se nang bolekanngo le keetane e kgolo mo seatleng sa gagwe’ o tla tseela Satane le madimona a gagwe kgato efe?

21 Gape Johane o ne a bona “moengele a fologa kwa legodimong a tshotse selotlolo sa molete o o se nang bolekanngo le keetane e kgolo mo seatleng sa gagwe.” Yono ke moengele yo mogolo, Mikaele, yo o tla bofang Diabolo le madimona a gagwe a bo a ba piriganyetsa mo moleteng. Ba tla gololwa ka nakwana kwa bokhutlong jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete fa batho ba ba itekanetseng ba tla bo ba lekwa la bofelo. Morago ga moo, Satane o tla senngwa mmogo le ditsuolodi tse dingwe tsotlhe. (Tshen. 20:1-3, 7-10; 1 Joh. 3:8) Go tla bo go sa tlhole go na le ope yo o tsuologelang Modimo.

22. Baengele ba tla nna le seabe sefe mo ditiragalong tse di larileng kwa pele, mme re tshwanetse go ikutlwa jang ka seabe sa bone?

22 Go setse go le gaufi thata gore re gololwe mo tsamaisong e e boikepo ya ga Satane. Baengele ba tla nna le seabe se segolo mo ditiragalong tseno tsa botlhokwa tse di tla tlotlomatsang bolaodi jwa ga Jehofa le go wetsa ka botlalo go diragadiwa ga boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe le batho. Ruri baengele ba ba siameng ke “meya e e direlang botlhe, e e rometsweng go ya go direla ba ba tlileng go rua poloko.” Ka jalo a re lebogeng Jehofa Modimo ka ntlha ya tsela e a dirisang baengele ka yone go re thusa go dira thato ya Modimo le go bona botshelo jo bo sa khutleng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 18 Bona Basupi ba ga JehofaBaboledi ba Bogosi jwa Modimo, tsebe 549-551.

O ka Araba Jang?

• Dibopiwa tsa semoya tse di kwa legodimong di rulagantswe jang?

• Baengele bangwe ba ne ba dira eng mo motlheng wa ga Noa?

• Modimo o dirisitse baengele jang go re thusa?

• Ke eng se baengele ba ba siameng ba se dirang mo motlheng wa rona?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Baengele ba ipelela go dira thato ya Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Fela jaaka mo kgannyeng ya ga Daniele, baengele ba nna ba ntshitse matlho dinameng gore ba tseye kgato go dumalana le thato ya Modimo

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Nna pelokgale ka gonne baengele ba ema tiro ya go rera ka Bogosi nokeng!

[Motswedi wa Setshwantsho]

Globe: NASA photo