Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha—Dirang Gore Botswelelopele Jwa Lona bo Bonatshege

Basha—Dirang Gore Botswelelopele Jwa Lona bo Bonatshege

Basha—Dirang Gore Botswelelopele Jwa Lona bo Bonatshege

“Tlhatlhanya ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone, gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe.”—1 TIM. 4:15.

1. Modimo o batla gore basha ba dire eng?

“WENA mosha, ijese monate o sa le mmotlana! A pelo ya gago e go itumedise mo malatsing a bosha jwa gago.” (Mor. 11:9, Tanakh—The Holy Scriptures) Mafoko ao a ne a kwalwa ke Kgosi Solomone yo o botlhale wa Iseraele wa bogologolo. Mong wa molaetsa oo, Jehofa Modimo, ruri o batla gore lona basha lo itumele. Mo godimo ga moo, Jehofa o batla gore lo itumele le fa lo setse lo godile. Le fa go ntse jalo, gantsi fa motho e sale mosha o dira diphoso tse dikgolo tse di ka amang boitumelo jwa gagwe jwa mo isagweng. Tota le Jobe yo o ikanyegang o ne a hutsafadiwa ke go tshwanelwa ke go lebana le “matswela a ditlolo tsa bosha jwa [gagwe].” (Jobe 13:26) Gantsi Mokeresete yo mmotlana o tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse di masisi ka nako ya bosha le mo dingwageng tsa fa a ise a nne mogolo. Fa a sa dire ditshwetso tse di siameng seo se ka felela ka gore a utlwe botlhoko ka tsela e e tseneletseng mo maikutlong e bile se ka mmakela mathata a a ka amang botshelo jotlhe jwa gagwe.—Mor. 11:10.

2. Basha ba ka dirisa kgakololo efe ya Baebele gore ba tile go dira diphoso tse di masisi?

2 Le fa go ntse jalo, basha ba tshwanetse go dira ditshwetso tse di molemo. Akanya ka kgakololo e moaposetoloi Paulo a neng a e naya Bakorintha. O ne a re: “Lo se ka lwa nna bana ba babotlana mo maatleng a go tlhaloganya . . . Lo nneng ba ba godileng ka botlalo mo maatleng a go tlhaloganya.” (1 Bakor. 14:20) Go tlhwaela tsebe kgakololo ya go nna le bokgoni jwa go akanya le go baya mabaka jaaka motho yo o godileng sentle go tla thusa basha go tila go dira diphoso tse di masisi.

3. O ka dira eng gore o gole sentle semoyeng le mo tlhaloganyong?

3 Fa o le mosha, gakologelwa gore go gola sentle semoyeng le mo tlhaloganyong go tlhoka gore o tseye matsapa. Paulo o ne a raya Timotheo a re: “A motho ope a se ka a lebela bosha jwa gago kwa tlase le ka motlha. Go na le moo, nna sekao sa ba ba ikanyegang, mo go bueng, mo boitshwarong, mo loratong, mo tumelong, mo boitshekong. . . . Tswelela o dira ka bojotlhe mo go baleng phatlalatsa, mo go rotloetseng, mo go ruteng. . . . Tlhatlhanya ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone, gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe.” (1 Tim. 4:12-15) Basha ba Bakeresete ba tshwanetse go gatela pele le go dira gore botswelelopele jwa bone bo bonatshege mo go ba bangwe.

Botswelelopele ke Eng?

4. Go dira botswelelopele jwa semoya go akaretsa eng?

4 Go tswelela pele ke “go gatela pele, go fetoga go nna motho yo o botoka.” Paulo o ne a rotloetsa Timotheo gore a tswelele a dira bojotlhe gore a tle a gatele pele mo go bueng, mo boitshwarong, mo loratong, mo tumelong le mo boitshekong, mmogo le mo tseleng e a neng a dira bodiredi jwa gagwe ka yone. O ne a tshwanetse go leka ka natla gore a tlhome sekao ka tsela e a neng a tshela ka yone. Ka jalo Timotheo o ne a tshwanetse go tswelela a dira botswelelopele jwa semoya.

5, 6. (a) Botswelelopele jwa ga Timotheo bo ne jwa simolola go bonala leng? (b) Gompieno basha ba ka etsa Timotheo jang malebana le go dira botswelelopele?

5 Fa Paulo a ne a kwala kgakololo eno nako nngwe fa gare ga 61 le 64 C.E., Timotheo o ne a setse a na le nako e telele e le mogolwane. E ne e se gone a simololang go dira botswelelopele jwa semoya. Ka 49 kana ka 50 C.E. fa Timotheo a ne a na le dingwaga di ka nna 20, o ne a “bolelwa ka molemo ke bakaulengwe” ba ba neng ba bone kgatelopele ya gagwe ya semoya “kwa Lisetera le Ikonio.” (Dit. 16:1-5) Ka nako eo, Paulo o ne a tsamaya le Timotheo mo loetong lwa gagwe lwa borongwa. Fa Paulo a sena go ela botswelelopele jwa ga Timotheo tlhoko ka dikgwedi tse dintsi, o ne a mo romela kwa Thesalonika gore a ye go gomotsa le go nitamisa Bakeresete kwa motseng oo. (Bala 1 Bathesalonika 3:1-3, 6.) Go bonala sentle gore Timotheo o ne a simolola go dira gore botswelelopele jwa gagwe bo bonatshege mo go ba bangwe a sa le mmotlana.

6 Lona basha ba ba mo phuthegong, dirang ka natla gone jaanong go nna le dinonofo tsa semoya tse di tlhokegang, gore botswelelopele jwa lona mo botshelong jwa Bokeresete le bokgoni jwa lona jwa go ruta boammaaruri jwa Baebele bo bonale sentle. Fa Jesu a ne a na le dingwaga di le 12 o ne “a tswelela a gatela pele mo botlhaleng.” (Luke 2:52) Ka jalo, a re sekasekeng kafa o ka dirang ka teng gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo dikarolong tse tharo tsa botshelo jwa gago: (1) fa o lebane le mathata, (2) fa o baakanyetsa lenyalo, le (3) fa o ntse o leka ka natla go nna “modiredi yo o molemo.”—1 Tim. 4:6.

Lebana le Mathata ka “go Itekanela Sentle ga Mogopolo”

7. Mathata a ka ama basha jang?

7 Mokeresete yo o nang le dingwaga tse 17 yo o bidiwang Carol o ne a re: “Ka dinako tse dingwe ke ne ke ikutlwa ke gateletswe thata mo maikutlong, mo mmeleng le mo tlhaloganyong mo e leng gore ke ne ke sa batle go tsoga mo mosong.” * Ke eng se se neng se mo tshwenya thata jaana? Fa Carol a na le dingwaga di le lesome, lelapa la gabone le ne la thubega fa batsadi ba gagwe ba ne ba tlhalana, mme a felela a nna le mmaagwe, yo o neng a sa batle go tshela go ya ka melao ya boitsholo ya Baebele. Jaaka Carol, le wena o ka tswa o lebane le maemo a a ngomolang pelo a go sa lebegeng a tla fetoga.

8. Timotheo o ne a lebana le mathata afe?

8 Fa Timotheo a ne a ntse a dira kgatelopele ya semoya, le ene o ne a lebana le maemo a a thata. Ka sekai, o ne a na le “go bobola . . . gangwe le gape” a tshwarwa ke mala. (1 Tim. 5:23) Fa Paulo a ne a romela Timotheo kwa Korintha go ya go rarabolola mathata mangwe a a neng a bakilwe ke batho ba ba neng ba sa ikobele bolaodi jwa moaposetoloi yono, Paulo o ne a kopa phuthego gore e dirisane sentle le ene gore “a se ka a nna le poifo” mo gare ga bone. (1 Bakor. 4:17; 16:10, 11) Go lebega Timotheo a ne a le ditlhong, kana a le boi.

9. Go itekanela sentle ga mogopolo ke eng, mme go farologana jang le moya wa bogatlapa?

9 Moragonyana Paulo o ne a thusa Timotheo ka go mo gakolola jaana: “Modimo ga a re naya moya wa bogatlapa, fa e se wa maatla le wa lorato le wa go itekanela sentle ga mogopolo.” (2 Tim. 1:7) “Go itekanela sentle ga mogopolo” go akaretsa go kgona go akanya le go dira ditshwetso tse di siameng. Go akaretsa bokgoni jwa go lebana le maemo jaaka a ntse—e seng kafa o eletsang a ka bo a ntse ka teng. Basha bangwe ba ba sa golang sentle semoyeng ba bontsha moya wa bogatlapa mme ba leka go itlhokomolosa mathata ka go robala thata kana ka go lebelela thelebishene thata, go dirisa diokobatsi le go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng, go tshelela diphathi, kana boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Bakeresete ba gakololwa gore ba “gane boikepo le dikeletso tsa selefatshe mme [ba] tshele ka go itekanela sentle ga mogopolo le tshiamo le boineelo jwa bomodimo mo gare ga tsamaiso eno ya jaanong ya dilo.”—Tito 2:12.

10, 11. Go itekanela sentle ga mogopolo go re nonotsha jang semoyeng?

10 Baebele e kgothatsa “makawana go nna a itekanetse sentle mo mogopolong.” (Tito 2:6) Go tlhwaela kgakololo eo tsebe go raya gore o tla rapela fa o lebane le mathata e bile o tla ikaega ka nonofo e o e newang ke Modimo. (Bala 1 Petere 4:7.) Ka jalo, o tla ikanya ka botlalo “nonofo e Modimo a e nayang.”—1 Pet. 4:11.

11 Carol o ne a thusiwa ke go itekanela sentle ga mogopolo le thapelo. O ne a re: “Sengwe sa dilo tse di boima go gaisa tsotlhe tse nkileng ka tshwanelwa ke go di dira e ne e le go bontsha gore ga ke dumalane le boitsholo jwa ga Mmè jo bo sa siamang. Mme thapelo e nthusitse tota. Ke a itse gore Jehofa o na le nna, ka jalo ga ke tlhole ke boifa.” Gakologelwa gore mathata a ka go dira motho yo o botoka e bile a ka go nonotsha. (Pes. 105:17-19; Dikhu. 3:27) Le fa o ka tswa o lebane le mathata a a ntseng jang, Modimo le ka motlha a ka se go latlhe. O tla “go thusa tota.”—Isa. 41:10.

Go Baakanyetsa Lenyalo le le Atlegileng

12. Ke eng fa Mokeresete yo o akanyetsang go nyala kana go nyalwa a tshwanetse go dirisa molaomotheo o o mo go Diane 20:25?

12 Basha bangwe ba ile ba itlhaganelela go nyala kana go nyalwa, ba dumela gore ke gone go tla dirang gore ba itumele, ba se ka ba jewa ke bodutu, le gore go tla ba thusa go tshaba mathata kwa gae. Le fa go ntse jalo, go dira maikano a lenyalo ke kgang e e masisi. Batho bangwe mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele ba ne ba potlakela go direla Modimo maikano, ba sa sekaseka sentle se ba itsenyang mo go sone. (Bala Diane 20:25.) Ka dinako tse dingwe, basha ga ba akanyetse kwa teng ka se se tla tlhokegang mo lenyalong. Morago ba lemoga gore go tlhokega dilo tse dintsi thata tse ba neng ba sa di ela tlhoko.

13. Batho ba ba akanyetsang go simolola go ratana ba tshwanetse go ipotsa dipotso dife, mme ba ka bona kae kgakololo e e molemo?

13 Ka jalo, pele ga o simolola go ratana le mongwe, ipotse jaana: ‘Ke eng fa ke batla go tsena mo lenyalong? Ke dilo dife tse ke di lebeletseng? A motho yono o ntshiametse? A ke tla kgona go diragatsa maikarabelo a me mo lenyalong?’ “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o gatisitse ditlhogo tse di buang thata ka kgang eno tse di ka go thusang go itlhatlhoba ka botlhale. * (Math. 24:45-47) Tsaya tshedimosetso eo e le kgakololo e o e newang ke Jehofa. Sekaseka ka kelotlhoko se se buiwang moo mme o se dirise. Le ka motlha o se ka wa itetla go nna “jaaka pitse kgotsa mmoulo o o se nang tlhaloganyo.” (Pes. 32:8, 9) Tlhaloganya maikarabelo a lenyalo jaaka motho yo o godileng sentle. Fa o akanya gore o setse o siametse go ratana, nna o gakologetswe go “nna sekao . . . mo boitshekong.”—1 Tim. 4:12.

14. Go gola semoyeng go ka go thusa jang fa o ka tsena mo lenyalong?

14 Gape go gola semoyeng go dira gore motho a atlege morago ga lenyalo. Mokeresete yo o godileng sentle o leka ka natla go fitlhelela ‘selekanyo sa bogolo jo e leng jwa botlalo jwa ga Keresete.’ (Baef. 4:11-14) O leka ka natla go nna le botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. Jaaka Keresete e le Motlhomasekao wa rona, “o ne a se ka a iitumedisa.” (Bar. 15:3) Fa banyalani boobabedi ba sa ipatlele molemo ba le bosi, mme ba batlela motho yo mongwe molemo, botshelo jwa lelapa bo tla nna le kagiso e bile bo tla nna monate. (1 Bakor. 10:24) Monna o tla bontsha lorato lwa go intsha setlhabelo mme mosadi o tla ikemisetsa go ikobela monna wa gagwe jaaka Jesu a ikobela Tlhogo ya gagwe.—1 Bakor. 11:3; Baef. 5:25.

“Wetsa Bodiredi Jwa Gago ka Botlalo”

15, 16. O ka dira jang gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bodireding?

15 Paulo o ne a kwala jaana fa a ne a bua ka kabelo e e botlhokwa ya ga Timotheo: “Ke go laya ka tlhoafalo fa pele ga Modimo le Keresete Jesu, . . . rera lefoko, dira jalo ka potlako.” O ne a boa a re: “Dira tiro ya moefangele, wetsa bodiredi jwa gago ka botlalo.” (2 Tim. 4:1, 2, 5) Gore Timotheo a kgone go dira kabelo eo, o ne a tshwanetse go ‘otliwa ka mafoko a tumelo.’—Bala 1 Timotheo 4:6.

16 O ka ‘otliwa jang ka mafoko a tumelo’? Paulo o ne a re: “Tswelela o dira ka bojotlhe mo go baleng phatlalatsa, mo go rotloetseng, mo go ruteng. Tlhatlhanya ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone.” (1 Tim. 4:13, 15) Motho o tshwanetse go ithuta ka tlhoafalo fa a ithuta a le esi gore a kgone go tokafatsa. Lefoko le le reng “nwelelela” le naya kgopolo ya go dira bojotlhe fa o dira sengwe. A o motho yo o ithutang ka tlhoafalo? A o nweleletse mo “dilo[ng] tse di boteng tsa Modimo”? (1 Bakor. 2:10) Kana o a itsemeletsa? Go tlhatlhanya ka se o se ithutang go tla tlhotlheletsa pelo ya gago.—Bala Diane 2:1-5.

17, 18. (a) O tshwanetse go leka go nna le bokgoni bofe? (b) Go nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Timotheo go tla go thusa jang mo bodireding?

17 Mmulatsela yo mmotlana yo o bidiwang Michelle o ne a re: “Gore ke kgone go atlega mo bodireding, ke na le thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta ke le esi e bile ke nna teng ka metlha kwa dipokanong. Ka ntlha ya seo, ke nna ke gola semoyeng.” Ruri go nna mmulatsela go tla go thusa go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go dirisa Baebele mo bodireding le go dira botswelelopele semoyeng. Leka go tokafatsa tsela e o balang ka yone le go naya dikarabo tse di utlwalang kwa dipokanong tsa Bokeresete. Jaaka mosha yo o godileng semoyeng, o tshwanetse go baakanyetsa le go baya dipuo tse di rutang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, o dirisa tshedimosetso e o e abetsweng.

18 Go “dira tiro ya moefangele” go raya go dira gore bodiredi jwa gago bo nne le matswela le go thusa ba bangwe go bona poloko. O tlhoka go nna le “botswerere jwa go ruta” gore o kgone go dira jalo. (2 Tim. 4:2) Fa o ya tshimong le batho ba ba nang le maitemogelo mo tirong eno, o tla kgona go ithuta sengwe mo tseleng e ba rutang ka yone, jaaka Timotheo a ne a ithuta mo go Paulo fa a ne a tsamaya le ene. (1 Bakor. 4:17) Fa Paulo a ne a bua ka batho ba a neng a ba thusitse, o ne a re o ne a sa ba rerela dikgang tse di molemo fela mme gape o ne a ba neile ‘moya wa gagwe,’ kana a dirisitse botshelo jwa gagwe go ba thusa, ka gonne a ne a ba rata. (1 Bathes. 2:8) Gore o kgone go latela sekao sa ga Paulo mo bodireding, o tshwanetse go nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Timotheo, yo o neng a amega ka ba bangwe tota mme a “nna motlhanka . . . mo go tsweledisetseng pele dikgang tse di molemo.” (Bala Bafilipi 2:19-23.) A o bontsha moya ono wa go direla ba bangwe mo bodireding jwa gago?

Go Dira Botswelelopele go Kgotsofatsa Tota

19, 20. Ke eng fa go dira botswelelopele jwa semoya go itumedisa?

19 O tshwanetse go tsaya matsapa gore o dire botswelelopele jwa semoya. Mme fa ka bopelotelele o tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go ruta, fa nako e ntse e ya o tla nna le tshiamelo ya go “humisa ba le bantsi” ka tsela ya semoya, mme batho bao e tla nna “boipelo kgotsa serwalo sa [gago sa] boitumelo.” (2 Bakor. 6:10; 1 Bathes. 2:19) Fred, yo e leng modiredi wa nako e e tletseng, o ne a re: “Ke dirisa nako ya me go feta le fa e le leng pele go thusa ba bangwe. Ruri go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”

20 Mmulatsela mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Daphne o ne a bua jaana mabapi le kafa go gola semoyeng go neng ga mo leretse boitumelo le kgotsofalo ka teng: “Ke ne ka nna le kamano e e gaufi thata le Jehofa fa ke simolola go tlhaloganya gore ke Motho wa mmatota. Fa o dira bojotlhe go itumedisa Jehofa, o itumela eleruri—o kgotsofala tota!” Le fa e se ka metlha batho ba kgonang go lemoga kgatelopele ya semoya mo go ba bangwe, Jehofa ka metlha o a e bona e bile o a e anaanela. (Baheb. 4:13) Eleruri, lona basha ba Bakeresete lo ka galaletsa le go baka Rraarona yo o kwa legodimong. Tswelelang lo ipedisa pelo ya gagwe fa lo ntse lo leka ka natla go dira gore botswelelopele jwa lona bo bonatshege.—Dia. 27:11.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 13 “A Motho Yono o Ntshiametse?” mo bukeng ya Dipotso Tse Basha ba di BotsangDikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2; “Kaelo ya Modimo mo go Tlhopheng Molekane wa Lenyalo,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 15, 2001; le “How Wise Is a Teenage Marriage [A go Botlhale Gore Basha ba Dingwaga Tsa Bolesome ba Tsene mo Lenyalong]?” mo makasineng wa Tsogang! wa September 22, 1983 (ka Seesemane).

O Ithutile Eng?

• Go tlhokegang gore motho a dire botswelelopele jwa semoya?

• O ka dirang gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege . . . .

fa o lebane le mathata?

fa o baakanyetsa lenyalo?

mo bodireding?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Thapelo e ka go thusa go itshokela mathata

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Baboledi ba babotlana ba ka dira jang gore ba kgone go ruta ka tsela e e nang le matswela?