Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Boikanyegi Jwa ga Itai

Etsa Boikanyegi Jwa ga Itai

Etsa Boikanyegi Jwa ga Itai

“DITIRO tsa gago di dikgolo e bile di a gakgamatsa, Jehofa Modimo, Mothatayotlhe. Ditsela tsa gago di siame e bile di boammaaruri, Kgosi ya bosakhutleng. Ke mang yo tota a ka se kang a go boifa, Jehofa, a ba a galaletsa leina la gago, ka gonne ke wena o le nosi yo o ikanyegang?” Pina eno, e e neng e opelwa kwa legodimong ke “ba ba tswang ba fentse mo sebataneng le mo setshwantshong sa sone,” e bua ka boikanyegi jwa Modimo. (Tshen. 15:2-4) Jehofa o batla gore baobamedi ba gagwe ba mo etse ka go bontsha nonofo eno e e molemo.—Baef. 4:24.

Kafa letlhakoreng le lengwe, Satane Diabolo o dira sotlhe se a ka se kgonang go kgaoganya batlhanka ba Modimo ba ba mo lefatsheng le lorato lwa Modimo o ba o obamelang. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ile ba tswelela ba ikanyega mo Modimong le fa ba lebane le maemo a a thata. A bo go itumedisa jang ne go itse gore Jehofa o tseela boineelo jo bo ntseng jalo kwa godimo! Ee ruri, re tlhomamisediwa jaana: “Jehofa ke morati wa tshiamiso, mme ga a na go tlogela batho ba gagwe ba ba ikanyegang.” (Pes. 37:28) Mo Lefokong la gagwe o tsentse dipego tsa ditiro tsa batho ba bantsi ba ba ikanyegang tse di ka re thusang go tswelela re ikanyega. Nngwe ya tsone ke pego ya ga Itai wa Mogathe.

‘Motswakwa e Bile e le Motshwarwa’

Go ka direga gore Itai o ne a tswa kwa motseng wa Gathe o o neng o itsege wa kwa Filisitia, kwa Goliathe wa mokaloba le baba ba bangwe ba ba boitshegang ba Iseraele ba neng ba tswa teng. Re simolola go utlwa ka Itai wa motlhabani mo pegong ya Baebele ka nako ya fa Abesalome a ne a tsuologela Kgosi Dafide. Ka nako eo Itai le banna ba Bafilisitia ba le 600 ba ba neng ba mo setse morago e ne e le bafaladi gaufi le Jerusalema.

Boemo jwa ga Itai le balatedi ba gagwe bo ka tswa bo ile jwa dira gore Dafide a gopole nako ya fa e ne e le mofaladi, fa ene le batlhabani ba Iseraele ba le 600 ba ne ba fudugela mo kgaolong ya Filisitia ba bo ba tsena mo nageng e e laolwang ke Akishe, kgosi ya Gathe. (1 Sam. 27:2, 3) Ke eng se Itai le banna ba gagwe ba neng ba tla se dira fa Dafide a tsuologelwa ke morwawe e bong Abesalome? A ba ne ba tla ema le Abesalome kgotsa ba ne ba ka se tseye letlhakore, kgotsa ba ne ba tla ema kafa letlhakoreng la ga Dafide le banna ba gagwe?

Bona Dafide ka leitlho la mogopolo, a tshaba kwa Jerusalema mme a bo a ema mo lefelong le le bidiwang Bethe-merehake, le le kayang “Ntlo e e Kgakala.” Gongwe eno ke ntlo ya bofelo mo Jerusalema go ela ntlheng ya Thaba ya Lotlhware pele o kgabaganya Mokgatšha wa Kiderona. (2 Sam. 15:17) Fano Dafide o tlhatlhoba masole a gagwe fa a ntse a feta. Bona! O na le Baiseraele ba ba ikanyegang mme gape o na le Bakeretha botlhe le Bapelethe botlhe. Mo godimo ga moo, go na le Bagathe botlhe—Itai le batlhabani ba gagwe ba ba 600.—2 Sam. 15:18.

Ka kutlwelobotlhoko e kgolo, Dafide o raya Itai a re: “Ke ka ntlha yang fa le wena o tsamaya le rona? Boa o ye go nna le kgosi [e go lebegang e ne e le Abesalome]; gonne o motswakwa, mme kwantle ga moo, o motshwarwa go tswa kwa lefelong la gaeno. O tlile maabane fela, a mme gompieno ke tla dira gore o kgarakgatshege le rona, gore o tsamaye fa ke tsamaya o ya gongwe le gongwe kwa ke yang teng? Boa o buse bomorwarrago le wena, mme e kete Jehofa a ka go direla bopelonomi jwa lorato le boikanyegi!”—2 Sam. 15:19, 20.

Itai o bolela kafa a tla ikanyegang ka teng a sa kgaotse. O araba jaana: “Jaaka Jehofa a tshedile le jaaka morena wa me kgosi a tshedile, mo lefelong le morena wa me kgosi a tla nnang mo go lone, e ka tswa e le gore a swe kgotsa a tshele gone, ke gone kwa motlhanka wa gago a tla nnang teng!” (2 Sam. 15:21) Seno se ka tswa se ile sa gopotsa Dafide mafoko a a tshwanang le ao a a neng a builwe ke mmemogologolwane wa gagwe e bong Ruthe. (Ruthe 1:16, 17) Dafide o ne a amilwe ke mafoko a ga Itai mme a mo raya a re: “Tsamaya o ye go kgabaganya” Mokgatšha wa Kiderona. Ka nako eo, “Itai wa Mogathe a kgabaganya, le banna ba gagwe botlhe le ba bannye botlhe ba ba neng ba na le ene.”—2 Sam. 15:22.

“Go re Laya”

Baroma 15:4 ya re: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya.” Ka jalo re tla bo re dira sentle go ipotsa gore, Re ka ithuta dithuto dife mo sekaong sa ga Itai? Sekaseka se se ka tswang se dirile gore a ikanyege mo go Dafide. Le fa Itai e ne e le motswakwa le mofaladi go tswa Filisitia, o ne a leba Jehofa e le Modimo yo o tshelang mme Dafide e le motlodiwa wa ga Jehofa. Itai ga a ka a tlhotlhelediwa ke letlhoo le le neng le le teng fa gare ga Baiseraele le Bafilisitia. O ne a sa tseye Dafide e le mongwe fela yo o neng a bolaile mogaka wa Bafilisitia e bong Goliathe le banna ba bangwe ba bantsi ba ba tswang kwa nageng ya gagabo Itai. (1 Sam. 18:6, 7) Itai o ne a tsaya Dafide e le monna yo o neng a rata Jehofa e bile ga go pelaelo gore o ne a bone dinonofo tse di tlhomologileng tsa ga Dafide. Ka jalo, Dafide o ne a simolola go tlotla Itai fela thata. Dafide o ile a ba a tsenya nngwetharong ya masole a gagwe “mo seatleng sa ga Itai” mo ntweng ya botlhokwa kgatlhanong le masole a ga Abesalome!—2 Sam. 18:2.

Le rona re tshwanetse go lwela gore re se ka ra tlhotlhelediwa ke go farologana ga merafe kgotsa ditso—go tlhaola batho le letlhoo tse re ka tswang re sa ntse re na le tsone—mme re bone dinonofo tse di molemo mo bathong ba bangwe. Botsala jo bo ileng jwa nna teng fa gare ga ga Dafide le Itai bo bontsha gore go itse le go rata Jehofa go ka re thusa go fenya dikgoreletsi tse di ntseng jalo.

Fa re ntse re akanya ka sekao sa ga Itai, re ka ipotsa jaana: ‘A ke ikanyega ka tsela e e tshwanang mo go Dafide yo Mogolwane, Keresete Jesu? A ke bontsha boikanyegi ka go nna le seabe ka tlhoafalo mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa?’ (Math. 24:14; 28:19, 20) ‘Ke iketleeditse go itshoka go le kana kang go supa boikanyegi jwa me?’

Ditlhogo tsa malapa le tsone di solegelwa molemo ke go tlhatlhanya ka sekao sa boikanyegi sa ga Itai. Go ema Dafide nokeng le tshwetso ya gagwe ya go tsamaya le kgosi e e tloditsweng ya Modimo go ile ga ama banna ba ga Itai. Ka tsela e e tshwanang, ditshwetso tse ditlhogo tsa malapa di di dirang go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri di ama malapa a bone e bile di ka tlisa mathata a nakwana. Le fa go ntse jalo, re tlhomamisediwa jaana: “[Jehofa] o tla dira ka boikanyegi le motho yo o ikanyegang.”—Pes. 18:25.

Dikwalo ga di bue sepe se sengwe ka Itai morago ga ntwa ya ga Dafide le Abesalome. Le fa go ntse jalo, pego e khutshwane e e mo Lefokong la Modimo e e buang ka Itai e re naya kitso e e tlhomologileng ya gore e ne e le motho wa mofuta mang ka nako eo e e thata mo botshelong jwa ga Dafide. Go bo Itai a umakiwa mo Dikwalong ke bosupi jwa gore Jehofa o a bona fa batho ba ikanyega e bile o a ba duela.—Baheb. 6:10.