Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Jesu o ne a setse a rerile mo nageng yotlhe ya Iseraele. Ka jalo, ke ka ntlha yang fa moaposetoloi Petere a ne a re Bajuda le babusi ba bone ba ne ba “dira ka go tlhoka kitso” fa ba ne ba re Jesu a bolawe?—Dit. 3:17.

Fa moaposetoloi Petere a ne a bua le setlhopha sa Bajuda ka seabe se ba nnileng le sone mo losong lwa ga Mesia o ne a re: “Ke a itse gore lo ne lo dira ka go tlhoka kitso, fela jaaka babusi ba lona le bone ba ne ba dira.” (Dit. 3:14-17) Bajuda bangwe ba ka tswa ba ne ba sa tlhaloganye Jesu le dithuto tsa gagwe. Ba bangwe bone ba ne ba dira ka go tlhoka kitso ka tsela ya semoya ka gonne ba sa batle go itumedisa Modimo, ba tlhaola batho, ba le lefufa e bile ba na le letlhoo.

Akanya kafa go sa batle go itumedisa Jehofa go ileng ga ama tsela e bontsi jwa bone ba neng ba leba dithuto tsa ga Jesu ka yone. Gantsi Jesu o ne a ruta ka ditshwantsho, tse a neng a di tlhalosetsa botlhe ba ba neng ba batla go itse mo go oketsegileng. Le fa go ntse jalo, bangwe ba batho bao ba ne ba itsamaela, ba sa tseye matsapa a gore ba tlhaloganye. Ka nako nngwe, le e leng bangwe ba barutwa ba ga Jesu ba ile ba kgopisiwa ke sekapuo se a neng a se dirisa. (Joh. 6:52-66) Batho bano ba ne ba sa lemoge gore ditshwantsho tsa ga Jesu e ne e le tsela ya go bona gore a ba ne ba iketleeditse go fetola tsela e ba akanyang ka yone le ditiro tsa bone. (Isa. 6:9, 10; 44:18; Math. 13:10-15) Gape ba ne ba itlhokomolosa boporofeti jo bo malebana le Mesia jwa gore o ne a tla dirisa ditshwantsho mo dithutong tsa gagwe.—Pes. 78:2.

Ba bangwe ba ne ba gana dithuto tsa ga Jesu ka ntlha ya go tlhaola batho. Fa a ne a ruta kwa sinagogeng ya kwa gagabo, kwa Nasaretha, batho ba ne ba “tshwarwa ke kgakge.” Mme mo boemong jwa go amogela Jesu e le Mesia, ba ne ba botsa dipotso malebana le tsela e a godisitsweng ka yone: “Monna yono o tsere kae dilo tseno? . . . Yono ke mmetli wa dikgong morwa Marea le morwarraagwe Jakobe le Josefa le Judase le Simone, ga ke re? Le bokgaitsadie ba fano le rona, ga ke re?” (Mar. 6:1-3) Batho ba Nasaretha ba ne ba tsaya dithuto tsa ga Jesu di se na mosola ka gonne a goletse mo lelapeng la maemo a a kwa tlase.

Go tweng ka baeteledipele ba bodumedi? Bontsi jwa bone ba ne ba sa reetse Jesu ka ntlha ya mabaka a a tshwanang. (Joh. 7:47-52) Gape ba ne ba gana dithuto tsa ga Jesu ka gonne ba mo fufegela, e re ka a ne a ratwa ke batho. (Mar. 15:10) E bile batho ba bantsi ba maemo ba ne ba galefa fa a ne a ba kgalela boitimokanyi jwa bone le boferefere. (Math. 23:13-36) Go ne go tshwanela gore Jesu a kgale botlhokakitso jwa bone jwa ka boomo, fa a re: “A bo go latlhega lona ba lo itseng Molao fela thata, ka gonne lo ne lwa tsaya selotlolo sa kitso; lona ka bolona lo ne lwa se ka lwa tsena [mo Bogosing], mme ba ba tsenang lo ne lwa ba kgoreletsa!”—Luke 11:37-52.

Jesu o ne a rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng dingwaga di le tharo le sephatlo. Gape o ile a thapisa ba bangwe ba le bantsi gore ba dire tiro eo. (Luke 9:1, 2; 10:1, 16, 17) Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba atlega tota mo Bafarasai ba neng ba ngongorega ba re: “Bonang! Lefatshe le mo setse morago.” (Joh. 12:19) Ka jalo, ga se gore bontsi jwa Bajuda ba ne ba sa itse sepe gotlhelele. Le fa go ntse jalo, ba ne ba nna fela jalo mo ‘go tlhokeng kitso’ malebana le gore Jesu ke Mesia. Ba ka bo ba ile ba oketsa kitso ya bone ka Mesia le lorato lo ba mo ratang ka lone, mme ga ba a ka ba dira jalo. Ba bangwe ba ile ba nna le seabe mo go bolaeng Jesu. Ka jalo, moaposetoloi Petere o ne a kgothatsa ba le bantsi ba bone jaana: “Jalo, ikwatlhayeng, lo bo lo sokologe gore maleo a lona a phimolwe, gore dipaka tse di lapolosang di tle di tswa mo go Jehofa le gore a tle a romele Keresete yo lo mo tlhometsweng, e bong Jesu.” (Dit. 3:19, 20) Go botlhokwa go ela tlhoko gore Bajuda ba le diketekete ba ne ba simolola go reetsa, go akaretsa le “boidiidi jo bogolo jwa baperesiti.” Ba ne ba sa tlhole ba dira ka go tlhoka kitso. Go na le moo, ba ne ba ikwatlhaya mme ba amogelwa ke Jehofa.—Dit. 2:41; 4:4; 5:14; 6:7.