Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Aba Tiro—Ke ka Ntlha Yang Fa go Le Botlhokwa Mme go ka Dirwa Jang?

Go Aba Tiro—Ke ka Ntlha Yang Fa go Le Botlhokwa Mme go ka Dirwa Jang?

Go Aba Tiro—Ke ka Ntlha Yang Fa go Le Botlhokwa Mme go ka Dirwa Jang?

GO ABA tiro ga go bolo go dirwa le pele Lefatshe le bopiwa. Jehofa o ne a bopa Morwawe yo o tsetsweng a le esi a bo a mo dirisa e le “modiri yo o setswerere,” go dira lobopo. (Dia. 8:22, 23, 30; Joh. 1:3) Fa Modimo a ne a bopa banyalani ba ntlha, o ne a ba raya a re ba ‘tlatse lefatshe ba bo ba le fenye.’ (Gen. 1:28) Mmopi o ne a naya batho tiro ya go atolosetsa Paradaise ya Edene mo lefatsheng lotlhe. Ee, go tswa fela kwa tshimologong, Jehofa le ba ba mo direlang ba ntse ba aba tiro.

Go aba tiro go akaretsa eng? Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go ithuta go abela ba bangwe ditiro dingwe tsa phuthego, mme ba ka dira seo jang?

Go Aba Tiro go Kaya Eng?

Go aba tiro go kaya go naya mongwe tiro; go tlhoma mongwe go nna moemedi wa gago; go aba maikarabelo kgotsa taolo. Ka jalo, go aba tiro go akaretsa go batla thuso ya batho ba bangwe gore o fitlhelele dilo dingwe. Seo se felela ka gore o neye ba bangwe taolo.

Go lebeletswe gore ba ba neilweng tiro nngwe mo phuthegong ya Bokeresete ba e dire ka botlalo, ba bege gore e ntse e tsamaya jang, mme gantsi go lebeletswe gore ba kope kgakololo mo go yo o ba neileng tiro eo. Le fa go ntse jalo, maikarabelo a magolo a mo maruding a mokaulengwe yo o abileng tiro. O tshwanetse go nna a beile leitlho go tlhomamisa gore tiro e tswelela pele sentle le go naya kgakololo fa go tlhokega. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba botsa gore, ‘Ke eng fa o tshwanetse go naya motho yo mongwe tiro fa e le gore o ka e dira ka bowena?’

Ke Eng fa o Tshwanetse go Aba Tiro?

Akanya ka nako ya fa Jehofa a ne a bopa Morwawe yo o tsetsweng a le esi a bo a mo abela maikarabelo a go nna le seabe mo tirong yotlhe e e neng e setse ya go bopa. Ee, “dilo tsotlhe tse dingwe di ne tsa bopiwa ka ene kwa magodimong le mo lefatsheng, dilo tse di bonalang le dilo tse di sa bonaleng.” (Bakol. 1:16) Mmopi a ka bo a dirile dilo tsotlhe ka boene, le fa go ntse jalo o ne a batla gore Morwawe le ene a itumelele go dira tiro e e nang le matswela. (Dia. 8:31) Seno se ile sa thusa Morwa go ithuta dilo tse dintsi ka dinonofo tsa Modimo. Ka tsela nngwe, Rara o dirisitse nako eo go thapisa Morwawe yo o tsetsweng a le esi.

Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ne a etsa Rraagwe ka go abela ba bangwe tiro. O ne a thapisa barutwa ba gagwe kgato ka kgato. O ne a romela baaposetoloi ba le 12 mme morago a romela barutwa ba bangwe ba le 70 go mo eta pele gore ba ye go di goga kwa pele mo tirong ya go rera. (Luke 9:1-6; 10:1-7) Moragonyana fa Jesu a goroga kwa mafelong ao, go ne go setse go theilwe motheo o o molemo o a neng a ka aga mo go one. Fa Jesu a tswa mo lefatsheng, o ne a abela barutwa ba gagwe ba a ba thapisitseng tiro e kgolo le go feta, go akaretsa tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe.—Math. 24:45-47; Dit. 1:8.

Mo phuthegong ya Bokeresete batho ba ne ba newa tiro e bile ba thapisiwa. Moaposetoloi Paulo o ne a raya Timotheo a re: “Dilo tseno di neye banna ba ba ikanyegang, ba le bone ba tla tshwanelegang sentle go ruta ba bangwe.” (2 Tim. 2:2) Ee, ba ba nang le maitemogelo ba tshwanetse go thapisa ba bangwe, ba le bone ba tla thapisang ba bangwe.

Fa mogolwane a abela ba bangwe dingwe tsa ditiro tse a di neilweng a ka dira gore ba bangwe le bone ba itumelele tiro ya go ruta le ya bodisa. Ka gonne bagolwane ba lemoga gore motho a ka se kgone go dira dilo tsotlhe a le nosi, ba na le mabaka a mantsi a go kopa ba bangwe gore ba ba thuse ka maikarabelo a phuthego. Baebele ya re: “Botlhale bo na le ba ba boingotlo.” (Dia. 11:2) Go nna boingotlo go akaretsa gore motho a itse gore go na le dilo tse a ka se kgoneng go di dira. Fa o leka go dira sengwe le sengwe ka bowena, o ka nna le letsapa le legolo mme wa amoga ba lelapa la gago nako e o ka bong o e dirisitse o na le bone. Ka jalo, eleruri ke kgato e e botlhale go abela ba bangwe maikarabelo. Ka sekai, akanya ka mokaulengwe yo o direlang e le morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane. A ka nna a kopa bagolwane ba bangwe go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego. Bagolwane bano ba ka kgona go itse seemo sa phuthego mo go tsa madi fa ba tlhatlhoba direkoto tseo.

Go aba tiro go naya ba bangwe tshono ya go nna le bokgoni le maitemogelo a a tlhokegang, mme gape go dira gore yo o abang tiro a kgone go bona bokgoni jwa batho ba a ba neileng tiro. Ka jalo, fa bagolwane ba aba ditiro ka tsela e e tshwanetseng mo phuthegong, ba ka leka go bona gore a batho ba e ka nnang batlhanka ba bodiredi mo isagweng “ba a tshwanela.”—1 Tim. 3:10.

La bofelo, fa bagolwane ba aba tiro, ba bontsha gore ba ikanya ba bangwe. Paulo o ne a thapisa Timotheo ka go dira le ene mo tirong ya borongwa. Banna bano ba babedi ba ne ba nna ditsala tse di atamalaneng thata. Paulo o ne a bitsa Timotheo a re ke “ngwana wa mmatota mo tumelong.” (1 Tim. 1:2) Ka tsela e e tshwanang, Jehofa le Jesu ba ne ba nna le kamano e e nonofileng fa ba ntse ba dira mmogo go bopa dilo tse dingwe tsotlhe. Fa bagolwane ba abela ba bangwe tiro, ba ka nna le kamano e e gaufi le bone.

Lebaka La go Bo Bangwe ba Okaoka

Le fa bagolwane ba itse melemo ya go aba tiro, bangwe ba bone ba fitlhela go le thata go dira jalo, gongwe e le ka gonne ba akanya gore ba tla latlhegelwa ke taolo. Ba ka nna ba akanya gore ka metlha e tshwanetse gore e nne bone ba ba tshwereng marapo. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore pele Jesu a tlhatlogela kwa legodimong o ne a naya barutwa ba gagwe tiro nngwe e e bokete gore ba e dire, a ntse a itse gore ba ne ba tla dira ditiro tse dikgolo go feta tse ene a di dirileng!—Math. 28:19, 20; Joh. 14:12.

Bagolwane ba bangwe ba ka tswa ba ile ba abela ba bangwe tiro mo nakong e e fetileng mme ba se ka ba bona matswela a a kgotsofatsang. Ba ka nna ba akanya gore fa ba dira tiro ka bobone ba ka e dira botoka e bile ba ka e dira ka bonako. Le fa go ntse jalo, akanya ka sekai sa ga Paulo. O ne a itse botlhokwa jwa go aba tiro, mme gape o ne a lemogile gore ga se ka metlha batho ba a ba thapisang ba ka kgonang go dira tiro jaaka a lebeletse. Mo loetong lwa ga Paulo lwa ntlha lwa borongwa, o ne a thapisa mopati wa gagwe yo mmotlana e bong Mareko. Paulo o ne a kgobegile marapo tota fa Mareko a tlogela kabelo ya gagwe a bo a boela gae. (Dit. 13:13; 15:37, 38) Le fa go ntse jalo, seno ga se a ka sa dira gore Paulo a tlogele go thapisa ba bangwe. Jaaka go setse go umakilwe, o ne a laletsa Mokeresete yo mmotlana e bong Timotheo gore a tsamaye le ene. Fa Timotheo a ne a tshwanelega go sikara maikarabelo a a boima, Paulo o ne a mo tlogela kwa Efeso, a mo neile maikarabelo a go tlhoma balebedi ba phuthego le batlhanka ba bodiredi.—1 Tim. 1:3; 3:1-10, 12, 13; 5:22.

Ka tsela e e tshwanang, bagolwane gompieno ga ba a tshwanela go kgaotsa go thapisa bakaulengwe fela ka gonne mongwe wa bone a sa arabele sentle. Go botlhale e bile go botlhokwa go ithuta go ikanya ba bangwe le go ba thapisa. Mme gone, ke dilo dife tsa botlhokwa tse bagolwane ba tshwanetseng go nna ba di gopotse fa ba aba tiro?

Kafa Tiro e ka Abiwang ka Teng

Fa o aba tiro, sekaseka ditshwanelego tsa bakaulengwe ba o ba akantseng. Fa go ne go tlhokega gore mongwe a tlhokomele go abiwa ga dijo ga letsatsi le letsatsi kwa Jerusalema, baaposetoloi ba ne ba tlhopha ‘banna ba le supa ba ba tlhomamisitsweng, ba ba tletseng moya le botlhale.’ (Dit. 6:3) Fa o ka kopa motho yo o ka se ikanngweng go dira tiro nngwe, a ka nna a palelwa ke go e dira. Ka jalo simolola ka go aba ditiro tse dinnye. Fa motho a kgona go di dira, a ka nna a kgona go sikara maikarabelo a a oketsegileng.

Le fa go ntse jalo, go amega dilo tse dintsi. Batho ba na le botho le bokgoni jo bo sa tshwaneng. E bile maitemogelo a batho ga a tshwane. Mokaulengwe yo o botsalano yo o nang le botho jo bo molemo a ka dira sentle e le motlhokomedi, fa yo o dirang dilo ka manontlhotlho le ka thulaganyo a ka thusa thata fa a direla e le mothusi wa mokwaledi wa phuthego. Kgaitsadi yo o nang le bokgoni jwa go kgabisa a ka newa tiro ya go rulaganya dithunya ka nako ya Segopotso.

Fa o abela motho maikarabelo, mo tlhalosetse sentle gore o tshwanetse go dirang. Pele ga Johane Mokolobetsi a romela barongwa kwa go Jesu, o ne a ba tlhalosetsa gore ke eng se a neng a batla go se itse le mafoko a ba neng ba tshwanetse go a dirisa fa ba botsa. (Luke 7:18-20) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa Jesu a ne a laela barutwa ba gagwe gore ba ye go phutha dijo tse di neng di setse tse a neng a di dirile ka kgakgamatso, o ne a ba tlogelela gore ba bone gore ba dira seo jang. (Joh. 6:12, 13) Go ikaegile thata ka gore tiro ke ya mofuta ofe le gore motho yo o thusang o na le bokgoni bofe. Motho yo o abang tiro le yo o kopilweng go dira tiro boobabedi ba tshwanetse go tlhaloganya ka botlalo se se lebeletsweng le gore pego e e malebana le kgatelopele ya tiro e tshwanetse go dirwa ga kae. Boobabedi ba tshwanetse go itse gore motho yo o dirang tiro a ka itirela ditshwetso go ya bokgakaleng jo bo kae. Fa e le gore tiro e tshwanetse gore e bo e feditswe ka letlha le le rileng, go ka nna molemo gore ba tlotle mme ba dumalane ka letlha leo go na le gore yo o abileng tiro a dire tshwetso eo ka boene fela.

Motho yo o neilweng tiro o tshwanetse gore a bo a na le madi, didirisiwa le thuso yotlhe e a e tlhokang. Go ka thusa fa o ka dira gore ba bangwe ba itse gore go na le mongwe yo o neilweng maikarabelo a go dira tiro eo. Fa Jesu a ne a naya Petere “dilotlolo tsa bogosi jwa magodimo,” o ne a dira jalo fa pele ga barutwa ba bangwe. (Math. 16:13-19) Ka tsela e e tshwanang, mo maemong mangwe go ka nna molemo go bolelela phuthego gore ke mang yo o neilweng maikarabelo a go dira tiro nngwe.

Gape go botlhokwa gore o nne kelotlhoko. Fa e le gore o ntse o leka go tsenya letsogo thata mo tirong e o e abetseng mongwe, go tla bo go tshwana le go mo raya o re: “Tota ga ke go tshepe.” Gone ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe dilo di ka se felele di ntse fela jaaka o ne o solofetse. Le fa go ntse jalo, fa mokaulengwe yo o neilweng tiro a sa salwe morago, o tla itshepa mo go se a se dirang e bile o tla nna le maitemogelo. Mme gone, seno ga se reye gore o se ka wa tshwenyega ka tsela e a dirang tiro ya gagwe ka yone. Le fa Jehofa a ne a neile Morwawe maikarabelo mangwe mo tirong ya popo, le ene o ne a ntse a dira tiro eo. O ne a raya Modiri yo o Setswerere a re: “A re dire motho mo setshwanong sa rona.” (Gen. 1:26) Ka jalo, ka se o se dirang le se o se buang, tshegetsa tiro e e ntseng e dirwa mme o akgolele motho yoo matsapa a gagwe. Go tlhatlhoba le ene se se fitlheletsweng go ka mo thusa. Fa e le gore tiro ga e dirwe sentle, o se ka wa okaoka go naya kgakololo e e oketsegileng kgotsa thuso. Gakologelwa, tota maikarabelo a magolo ke a gago wena yo o abileng tiro.—Luke 12:48

Ba le bantsi ba ile ba solegelwa molemo ke go abelwa ditiro tsa phuthego ke bagolwane ba ba neng ba ba kgatlhegela go tswa pelong. Eleruri, bagolwane botlhe ba tshwanetse go itse gore ke ka ntlha yang ba aba tiro le gore ba ka dira seo jang, ba etsa Jehofa.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

GO ABA TIRO

• ke tsela ya go dira gore ba bangwe le bone ba itumelele se se fitlheletsweng

• ke tsela ya go fitlhelela go le gontsi

• ke tsela ya go bontsha botlhale le boingotlo

• ke tsela ya go thapisa ba bangwe

• ke tsela ya go bontsha go ikanya ba bangwe

[Lebokoso mo go tsebe 30]

KAFA O KA ABANG TIRO KA TENG

• Tlhopha batho ba ba tshwanelegelang go dira tiro

• Tlhalosa dilo ka tsela e e utlwalang sentle/buisanang

• Tlhalosa sentle se se tshwanetseng go fitlhelelwa

• Neela motho yo o dirang tiro dilo tse a di tlhokang go dira tiro

• Bontsha gore o tshwenyega ka tiro le gore o a mo ikanya

• Iketleetse go sikara maikarabelo a se se tla diragalang

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Go aba tiro go akaretsa le go tlhokomela gore e tswelela pele jang