Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Itumelelang Mpho ya go Nna o sa Nyalwa ka Teng

Kafa o ka Itumelelang Mpho ya go Nna o sa Nyalwa ka Teng

Kafa o ka Itumelelang Mpho ya go Nna o sa Nyalwa ka Teng

GANTSI bana ba gola ba itse gore fela fa batho ba sena go nyalana ba itumela go ya go ile. Difilimi le ditlhamane tsa marato gantsi di na le molaetsa o o tshwanang—gore o tshwanetse go nyalwa gore o bone boitumelo jwa mmatota! Mo godimo ga moo, ditso tse dintsi di gatelela basha ba ba setseng ba godile gore ba tsene mo lenyalong. Fa Debby a ne a le mo dingwageng tsa bo20 o ne a re: “Batho ba dira gore o dumele gore fela fa o le mosetsana o tshwanetse go nyalwa. Ba naya kgopolo ya gore botshelo bo nna monate fela morago ga lenyalo.”

Motho wa semoya ga a lebe dilo ka tsela eo. Le fa lenyalo e ne e le selo se se tlwaelegileng mo Baiseraeleng, Baebele e bua ka banna le basadi ba ba neng ba se mo lenyalong mme ba itumetse tota mo botshelong. Gompieno, Bakeresete bangwe ba itlhophetse gore ba se ka ba tsena mo lenyalong, mme ba bangwe ba le bantsi ga ba tsene mo lenyalong ka ntlha ya mabaka a a rileng. Le fa lebaka la go bo ba se mo lenyalong e ka tswa e le lefe, potso ya botlhokwa e e salang ke gore: Mokeresete yo o seng mo lenyalong a ka dira jang gore a itumelele botshelo jwa go nna a se mo lenyalong?

Jesu ka boene ga a ka a nyala mme seo se a utlwala ka ntlha ya tiro e a neng a e neilwe. O ne a raya barutwa ba gagwe a re bangwe ba balatedi ba gagwe le bone ba ne ba tla ‘tshola’ go nna ba sa nyala. (Math. 19:10-12) Ka jalo, Jesu o ne a bontsha gore fa re batla go itumelela botshelo jwa go se nne mo lenyalong, re tshwanetse go amogela, kgotsa go tshola tsela e e ntseng jalo ya botshelo mo megopolong le mo dipelong tsa rona.

A kgakololo ya ga Jesu e dira fela mo mothong yo o itlhophetseng go nna a sa tsena mo lenyalong botshelo jotlhe jwa gagwe e le gore a kgone go tlhoma mogopolo ka botlalo mo dilong tse di direlwang puso ya Modimo? (1 Bakor. 7:34, 35) Nnyaa. Akanya ka boemo jwa Mokeresete yo o ka tswang a batla go nyala kgotsa go nyalwa mme gone jaanong a sa bone molekane yo o tshwanetseng wa lenyalo. Kgaitsadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bo30 yo o sa nyalwang e bong Ana a re: “Bosheng jaana, modirikanna yo e seng Mosupi o ne a nkopa gore re nyalane ke sa lebelela. Ka tsela nngwe ke ne ke itumetse, mme ka bonako ke ne ka gatelela maikutlo ao ka gonne ke batla go nyalwa fela ke mongwe yo o ka nthusang gore ke atamalane thata le Jehofa.”

Go batla go nyalwa “mo Moreneng” go thusa bokgaitsadi ba le bantsi ba ba jaaka Ana gore ba tile go nyalana le motho yo o sa dumeleng. * (1 Bakor. 7:39; 2 Bakor. 6:14) Ka gonne ba tlotla kgakololo ya Modimo, ba ile ba swetsa ka gore ba name ba sa nyalwa. Ba ka kgona jang go tshwarelela mo tshwetsong eo e ba e dirileng?

Ithute go Anaanela Dilo Tse di Molemo

Tsela e re lebang dilo ka yone e ka re thusa thata go amogela boemo jo re ka tswang re sa bo itumelele. Kgaitsadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bo40 yo o sa nyalwang e bong Carmen a re: “Ke itumelela se ke nang le sone, mme ga ke ijese dijo tsa ditoro ka se ke se nang sone.” Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe re ka tswa re jewa ke bodutu kgotsa re kgobegile marapo. Mme go itse gore dilo tse di tshwanang le tseno di diragalela bakaulengwe ba bangwe ba bantsi mo lefatsheng go ka re kgothatsa go gatela pele ka tsholofelo. Jehofa o ile a thusa batho ba le bantsi gore ba itumele le fa ba se mo lenyalong mmogo le go fenya mathata a mangwe.—1 Pet. 5:9, 10.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba ile ba bona melemo ya go nna ba se mo lenyalong. Kgaitsadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bo30 yo o sa nyalwang e bong Ester a re: “Ke akanya gore se se tlisetsang motho boitumelo ke go kgona go itumelela dilo tse di molemo tsa boemo le fa e le bofe jo a ka tswang a le mo go jone.” Gape Carmen a re: “Ke dumela gore fa nka nyalwa le fa nka se nyalwe, fa fela ke baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele, Jehofa a ka se ka a ntima sepe se se molemo.” (Pes. 84:11) “Dilo di ka tswa di sa ntsamaela fela jaaka ke ne ke ratile mo botshelong, mme ke itumetse e bile ke tla tswelela ke itumetse.”

Dikao Tsa Baebele Tsa Batho ba ba Neng Ba se Mo Lenyalong

Morwadia Jefetha o ne a sa ikaelela go nna a sa nyalwa. Mme maikano a rraagwe a neng a a dirile a ne a mo pateletsa go ya go direla kwa lefelong le le boitshepo go tswa bosheng jwa gagwe go ya pele. Kwantle ga pelaelo kabelo eno e a neng a sa e lebelela e ile ya fetola tsela e a neng a ikaeletse go dira dilo ka yone mme a dira sengwe se se sa tsamaisaneng le maikutlo a gagwe a tlholego. O ne a hutsafala ka dikgwedi di le pedi fa a lemoga gore o ne a ka se nyalwe le go nna le lelapa. Le fa go ntse jalo, o ne a amogela boemo jwa gagwe jo bosha mme a direla ka go rata botshelo jotlhe jwa gagwe. Ngwaga le ngwaga basadi ba bangwe ba Baiseraele ba ne ba mo akgolela moya wa gagwe wa go intsha setlhabelo.—Baatlh. 11:36-40.

Bangwe ba e neng e le baopafadiwa ka nako ya ga Isaia ba ka tswa ba ile ba kgobiwa marapo ke maemo a ba neng ba le mo go one. Baebele ga e tlhalose gore ke eng se se dirileng gore batho bao e nne baopafadiwa. Ka ntlha ya seemo sa bone, ba ne ba sa kgone go nna maloko a a feletseng a phuthego ya Iseraele e bile ba ka se kgone go nyala le go nna le bana. (Dute. 23:1) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tlhaloganya tsela e ba ikutlwang ka yone, mme a ba akgolela go bo ba ikobela kgolagano ya gagwe ka pelo yotlhe. O ne a ba bolelela gore ba ne ba tla nna le “sefikantswe” le “leina ka bosakhutleng” mo ntlong ya gagwe. Ka mafoko a mangwe, baopafadiwa bano ba ba ikanyegang ba ne ba tla nna le tsholofelo e e tlhomameng ya go itumelela botshelo jo bo sa khutleng mo pusong ya ga Jesu, Mesia. Jehofa o ne a se kitla a ba lebala.—Isa. 56:3-5.

Maemo a ga Jeremia a ne a farologane thata le ao. Fa Modimo a sena go tlhoma Jeremia go nna moporofeti, o ne a mo laela gore a nne a sa nyala ka ntlha ya dinako tse di thata tse a neng a tshela mo go tsone le ka ntlha ya mofuta wa tiro e a neng a e mo neile. Jehofa o ne a re: “O se ka wa itseela mosadi, mme o se ka wa nna le bana ba basimane le bana ba basetsana mo lefelong leno.” (Jer. 16:1-4) Baebele ga e bolele gore Jeremia o ne a ikutlwa jang ka ditaelo tseno, mme gone e re tlhomamisetsa gore e ne e le monna yo o neng a rata lefoko la ga Jehofa. (Jer. 15:16) Dingwaga moragonyana, fa Jeremia a ne a itshoketse boemo jo bo tsitsibanyang jwa fa Jerusalema e ne e dikaganyeditswe dikgwedi di le 18, kwantle ga pelaelo o ne a bona botlhale jwa go ikobela taelo ya ga Jehofa ya gore a nne a sa nyala.—Dikhu. 4:4, 10.

Ditsela Tse o ka Tokafatsang Botshelo Jwa Gago ka Tsone

Batho ba go builweng ka bone fa godimo ba ne ba se mo lenyalong, mme Jehofa o ne a ba ema nokeng mme ba dira sotlhe se ba ka se kgonang mo tirelong ya gagwe. Ka tsela e e tshwanang le gompieno, ditiro tse di nang le bokao di ka tokafatsa matshelo a rona thata. Baebele e ne ya bolelela pele gore basadi ba ba rerang dikgang tse di molemo e ne e tla nna lesomo le legolo. (Pes. 68:11) Mo bontsintsing jono go na le diketekete tsa bokgaitsadi ba ba sa nyalwang. E re ka bodiredi jwa bone bo nnile le matswela a a molemo, ba le bantsi ba ile ba segofadiwa ka bana ba semoya.—Mar. 10:29, 30; 1 Bathes. 2:7, 8.

Morago ga gore Loli a fetse dingwaga di le 14 a ntse a le mo tirelong ya bobulatsela, o ne a tlhalosa jaana: “Go bula tsela go dira gore botshelo jwa me bo nne le bokao. E re ka ke le kgaitsadi yo o sa nyalwang, ke nna ke tshwaregile, ke le matlhagatlhaga mme seo se nthusa gore ke se ka ka jewa ke bodutu. Kwa bokhutlong jwa letsatsi lengwe le lengwe ke ikutlwa ke kgotsofetse ka gonne ke kgona go bona gore eleruri bodiredi jwa me bo thusa batho. Seno se intumedisa tota.”

Bokgaitsadi ba le bantsi ba ile ba ithuta puo e nngwe e bile ba atolositse bodiredi jwa bone ka go rerela batho ba ba buang puo e sele. Ana yo o umakilweng fa godimo a re: “Mo toropong e ke nnang mo go yone, go na le diketekete tsa batswakwa.” O itumelela go rerela batho ba ba buang Sefora. “Go ithuta puo e nka e dirisang go buisana le bontsi jwa bone go dirile gore ke nne le tiro e ntsi e bile go dirile gore tiro ya me ya go rera e nne monate thata.”

E re ka gantsi motho a se na maikarabelo a mantsi fa a sa nyalwa, ba bangwe ba ile ba sola seemo se ba leng mo go sone molemo ka go ya go direla kwa go tlhokegang baboledi thata gone. Kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang yo o mo dingwageng tsa bo30 e bong Lidiana yo o ileng a direla kwa go tlhokegang baboledi thata teng kwa dinageng tse dingwe a re: “Ke dumela tota gore fa o dira ka natla mo tirelong ya ga Jehofa, go nna motlhofo go nna le ditsala tse o atamalaneng thata le tsone le go ikutlwa o ratiwa. Ke ile ka kgona go nna le ditsala tse dintsi tsa tlhogo ya kgomo tse di godisitsweng ka ditsela tse di sa tshwaneng e bile di tswa kwa dinageng tse di farologaneng, mme ditsala tseno di tokafaditse botshelo jwa me fela thata.”

Baebele e bua ka Filipo wa moefangele yo o neng a na le bana ba basetsana ba ba sa nyalwang ba le banè ba ba neng ba porofeta. (Dit. 21:8, 9) Ba tshwanetse ba bo ba ne ba tlhoafetse fela jaaka rraabone. A ba ka tswa ba ile ba dirisa mpho ya bone ya go porofeta gore ba thuse Bakeresete ka bone kwa Kaesarea? (1 Bakor. 14:1, 3) Gompieno, bokgaitsadi ba bantsi ba ba sa nyalwang le bone ba kgothatsa ba bangwe ka go nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mo go tsone.

Kafa letlhakoreng le lengwe, Lidia e ne e le mongwe wa Bakeresete ba pele kwa Filipi yo Baebele e mo akgolelang moya o a neng a na le one wa go amogela baeng. (Dit. 16:14, 15, 40) Lidia—yo a ka tswang a ne a sa nyalwa kgotsa e le motlholagadi—e ne e le motho yo o pelotshweu, mme seo se ne sa dira gore a tsalane le balebedi ba ba etang, ba ba tshwanang le Paulo, Silase le Luke. Go nna le moya o o ntseng jalo go lere melemo e e tshwanang le gompieno.

Go Kgotsofatsa Keletso ya go Batla go Ratiwa

Kwantle ga ditiro tse di nang le bokao tse di re itumedisang mo botshelong, rotlhe re tlhoka go bontshiwa lorato. Batho ba ba seng mo lenyalong ba ka dira jang gore ba bone lorato loo? Sa ntlha, ka metlha Jehofa o tla nna a ntse a re rata, a re nonotsha, le go re reetsa. Ka dinako tse dingwe Kgosi Dafide o ne a ikutlwa a le ‘nosi e bile a bogisitswe,’ mme o ne a itse gore a ka ya kwa go Jehofa nako nngwe le nngwe gore a mo nonotshe. (Pes. 25:16; 55:22) O ne a kwala jaana: “Fa rre le mme ba ne ba ka ntlogela, Jehofa o ne a tla ntshola.” (Pes. 27:10) Modimo o laletsa batlhanka ba gagwe botlhe gore ba atamalane thata le ene, gore e nne ditsala tsa gagwe tse di gaufiufi.—Pes. 25:14; Jak. 2:23; 4:8.

Mo godimo ga moo, mo gare ga bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe, re ka nna le borre, bommè, bomorwarraarona le bomorwadiarraarona ba semoya ba lorato lwa bone lo tla tokafatsang matshelo a rona. (Math. 19:29; 1 Pet. 2:17) Bakeresete ba bantsi ba ba sa nyalwang ba nna le kgotsofalo e kgolo fa ba latela sekao sa ga Dorekase, yo o neng a “tota mo ditirong tse di molemo le dimpho tsa kutlwelobotlhoko.” (Dit. 9:36, 39) Loli a re: “Gongwe le gongwe kwa ke yang teng, ke batla ditsala tsa mmatota mo phuthegong tse di tla nthatang le tse di tla nkgothatsang fa moya wa me o le kwa tlase. Ke leka go bontsha ba bangwe lorato le go ba kgatlhegela gore ke nonotshe botsala jo bo ntseng jalo. Ke ile ka direla mo diphuthegong tse robedi tse di farologaneng, mme ka metlha ke ne ke kgona go nna le ditsala tsa mmatota. Go le gantsi e a bo e se bokgaitsadi ba ba lekanang le nna ka dingwaga—ka dinako tse dingwe e a bo e le basadibagolo kgotsa basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome.” Mo phuthegong nngwe le nngwe, go na le batho ba ba tlhokang go bontshiwa lorato le botsala. Go kgatlhegela batho bano ka bopeloephepa go ka ba thusa thata e bile go ka kgotsofatsa keletso e re nang le yone ya go rata ba bangwe le go ratiwa.—Luke 6:38.

Modimo A ka Se Lebale

Baebele e bontsha gore Bakeresete botlhe ba tshwanetse gore ba itime dilo dingwe ka gonne re tshela mo metlheng e e thata. (1 Bakor. 7:29-31) Ba ba nnang ba sa nyalwa e le ka gonne ba ikemiseditse go ikobela taelo ya Modimo ya go nyalwa fela mo Moreneng, eleruri ba tshwanelwa ke tlotlo e e kgethegileng le go akanyediwa. (Math. 19:12) Le fa go ntse jalo, lebaka la go bo ba itima dilo ka tsela eno e e molemo, ga le reye gore ba ka se itumelele botshelo ka botlalo.

Lidiana a re: “Ke na le botshelo jo bo kgotsofatsang ka gonne ke na le kamano le Jehofa e bile ke a mo direla. Ke itse gore go na le batho ba ba itumetseng mo lenyalong le ba ba sa itumelang. Seno se ntlhomamisetsa gore boitumelo jwa me ga bo a ikaega ka gore a ke tla nyalwa kana ga ke na go nyalwa mo isagweng.” Jaaka Jesu a ile a bontsha, boitumelo bo ikaegile thata ka go aba le go direla ba bangwe, sengwe se Bakeresete botlhe ba ka se dirang.—Joh. 13:14-17; Dit. 20:35.

Kwantle ga pelaelo, selo se segolo se se ka re itumedisang ke go itse gore Jehofa o tla re segofatsa fa re itima dilo le fa e le dife fela gore re dire thato ya gagwe. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.”—Baheb. 6:10.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Le fa re bua ka bokgaitsadi ba Bakeresete fano, melaometheo eno e dira le mo bakaulengweng.

[Mafoko a a mo go tsebe 25]

“Ke itumelela se ke nang le sone, mme ga ke ijese dijo tsa ditoro ka se ke se nang sone.”—Carmen

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Loli le Lidiana ba itumelela go direla kwa go tlhokegang baboledi thata gone

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Modimo o laletsa batlhanka ba gagwe botlhe gore ba atamalane le ene