Molebedi yo o Boikanyego le Setlhopha sa Gagwe se se Laolang
Molebedi yo o Boikanyego le Setlhopha sa Gagwe se se Laolang
“Tota ke mang yo e leng molebedi yo o boikanyego, yo o botlhale, yo mong wa gagwe o tla mo tlhomang gore a okamele setlhopha sa gagwe sa batlhokomedi go nna a ba naya selekanyo sa bone sa dijo ka nako e e tshwanetseng?”—LUKE 12:42.
1, 2. Jesu o ne a botsa potso efe ya botlhokwa fa a ne a tlhalosa sesupo se se dikarolo dintsi sa metlha ya bofelo?
FA Jesu a ne a tlhalosa sesupo se se dikarolo dintsi sa metlha ya bofelo, o ne a botsa potso eno: “Tota motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang yo mong wa gagwe a neng a mo tlhoma gore a okamele ba ntlo ya gagwe, go ba naya dijo tsa bone ka nako e e tshwanetseng?” Go tswa foo Jesu o ne a re ka gonne motlhanka yono a ikanyega o ne a tla duelwa ka go tlhongwa gore a okamele dilo tsotlhe tsa Mong wa gagwe.—Math. 24:45-47.
2 Jesu o ne a boditse potso e e tshwanang le eo Luke 12:42-44.) O ne a bitsa motlhanka a re “molebedi” mme a bitsa “ba ntlo” a re “setlhopha sa gagwe sa batlhokomedi.” Molebedi ke motlhokomedi wa ntlo kana motho yo o tlhomilweng go okamela batlhanka. Mme gape molebedi ke motlhanka. Motlhanka, kana molebedi yono ke mang, mme o aba jang ‘dijo ka nako e e tshwanetseng’? Go botlhokwa gore rotlhe re tlotle thulaganyo e e dirisiwang go aba dijo tsa semoya.
dikgwedi di le mmalwa pele ga foo. (Bala3. (a) Batho ba ba kwalang dipego tsa madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba lekile jang go tlhalosa se Jesu a se buileng ka “motlhanka”? (b) “Molebedi,” kana “motlhanka,” ke mang mme “batlhokomedi,” kana “ba ntlo” ke bomang?
3 Gantsi batho ba ba kwalang dipego tsa madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba tsaya gore mafoko ao a ga Jesu a lebisitse mo go ba ba okametseng batho ba ba ipitsang Bakeresete. Mme Jesu, yo e leng “mong” mo setshwantshong seo, ga a ka a re go tla nna le batlhanka ba bantsintsi mo makokong a a farologaneng a madumedi a a ipitsang a Bokeresete. Go na le moo, o ne a tlhalosa sentle gore go ne go tla nna le “molebedi,” kana “motlhanka,” a le mongwe fela yo a neng a tla mo tlhoma gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe. Ka jalo, jaaka makasine ono o tlhalosa gangwe le gape, molebedi o tshwanetse a bo a emela “letsomanyane” la barutwa ba ba tloditsweng, e le setlhopha. Mo Efangeleng ya ga Luke, Jesu o ne a sa tswa go bua ka lone letsomanyane leno. (Luke 12:32) Polelwana e e reng ‘setlhopha sa batlhokomedi’ kana “ba ntlo,” e kaya sone setlhopha seno mme e gatelela seabe sa mongwe le mongwe yo o mo go sone. Go tsoga potso eno, A mongwe le mongwe yo o mo setlhopheng seno sa motlhanka o na le seabe mo go abeng dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng? Re bona karabo fa re sekaseka ka kelotlhoko se Dikwalo di se buang.
Motlhanka wa ga Jehofa Bogologolo
4. Jehofa o ne a bitsa setšhaba sa bogologolo sa Iseraele a reng, mme ke eng sa botlhokwa se re tshwanetseng go se itse ka setšhaba seo?
4 Jehofa o ne a bitsa batho ba gagwe, setšhaba sa bogologolo sa Iseraele, a re ke motlhanka. “‘Lo [bontsi] basupi ba me,’ go bua Jehofa, ‘le motlhanka [bongwe] wa me yo ke mo tlhophileng.’” (Isa. 43:10) Maloko otlhe a setšhaba seo a ne a akarediwa mo setlhopheng seo se sengwe fela sa motlhanka. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa go itse gore baperesiti mmogo le Balefi ba e seng baperesiti ke bone fela ba neng ba tshwanetse go ruta setšhaba.—2 Ditir. 35:3; Mal. 2:7.
5. Go ya ka se Jesu a se buileng, go ne go tlile go nna le phetogo efe e kgolo?
5 A setšhaba sa Iseraele e ne e le sone motlhanka yo Jesu a neng a bua ka ene? Nnyaa. Re itse seo ka ntlha ya se Jesu a neng a se raya Bajuda ba motlha wa gagwe: “Bogosi jwa Modimo bo tla tsewa mo go lona bo bo bo newa setšhaba se se ungwang maungo a jone.” (Math. 21:43) Go ne go bonala sentle gore go ne go tlile go nna le phetogo. Jehofa o ne a tlile go dirisa setšhaba se sesha. Le fa go ntse jalo, fa go tliwa mo kgannyeng ya go ruta dilo tsa semoya, tiro ya motlhanka yo go buiwang ka ene mo setshwantshong sa ga Jesu e tshwana le e e neng e dirwa ke “motlhanka” wa Modimo kwa Iseraele wa bogologolo.
Motlhanka yo o Boikanyego o a Tlhaga
6. Go ne ga nna le setšhaba sefe se sesha ka Pentekosete ya 33 C.E., mme ke bomang ba ba neng ba nna karolo ya sone?
6 Setšhaba se sesha, “Iseraele wa Modimo” se dirilwe ka Baiseraele ba semoya. (Bagal. 6:16; Bar. 2:28, 29; 9:6) Setšhaba seno se simolotse go nna teng fa moya wa Modimo o sena go tshololwa ka Pentekosete ya 33 C.E. Morago ga moo, Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba ne ba nna karolo ya setšhaba se jaanong se neng se direla e le setlhopha sa motlhanka se se tlhomilweng ke Mong, Jesu Keresete. Leloko lengwe le lengwe la setšhaba seo le ne le neilwe taelo ya go rera dikgang tse di molemo le go dira barutwa. (Math. 28:19, 20) A mme leloko lengwe le lengwe la setlhopha seo le ne le tlile go nna le seabe mo tirong ya go aba dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng? A re boneng kafa Dikwalo di arabang potso eno ka teng.
7. Kwa tshimologong, tiro ya konokono ya baaposetoloi e ne e le efe, mme moragonyana ba ne ba tshwanelwa ke go dira tiro efe e nngwe?
7 Fa Jesu a ne a tlhoma baaposetoloi ba gagwe Mareko 3:13-15.) Tiro eno e ne e tsamaisana le bokao jwa lefoko la Segerika apostolos, le le tswang mo lediring le le rayang “go romela.” Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, mme phuthego ya Bokeresete e tloga e tlhongwa, tiro ya moaposetoloi e ne ya nna ‘tiro ya bolebedi.’—Dit. 1:20-26.
ba ba 12, tiro ya bone ya konokono e ne e akaretsa go romelwa gore ba ye go rerela ba bangwe dikgang tse di molemo. (Bala8, 9. (a) Baaposetoloi ba ba 12 ba ne ba tshwenyegile thata ka eng? (b) Ke bomang ba bangwe ba ba neng ba newa maikarabelo a a oketsegileng mme seo sa tlhomamisiwa ke setlhopha se se laolang?
8 Baaposetoloi ba ba 12 ba ne ba tshwenyegile thata ka eng? Karabo e ka bonwa mo ditiragalong tse di diregileng morago ga letsatsi la Pentekosete. Fa go ne go tsoga kganetsano ka kabo ya letsatsi le letsatsi ya dijo tse di neng di newa batlholagadi, baaposetoloi ba ba 12 ba ne ba phutha barutwa mme ba re: “Ga go itumedise gore re tlogele lefoko la Modimo gore re abe dijo mo ditafoleng.” (Bala Ditiro 6:1-6.) Foo baaposetoloi ba ne ba tlhoma bakaulengwe ba bangwe ba ba tshwanelegang semoyeng gore ba dire “tiro e e botlhokwa” eno gore baaposetoloi ba tle ba kgone go dirisa nako e ntsi “mo bodireding jwa lefoko.” Thulaganyo eno e ne ya tlisa masego a ga Jehofa ka gonne “lefoko la Modimo [le ne] la tswelela le gola, le palo ya barutwa ya nna ya ntsifala fela thata mo Jerusalema.” (Dit. 6:7) Ka jalo, boikarabelo jwa konokono jwa go fepa batho ka tsela ya semoya e ne e le jwa baaposetoloi.—Dit. 2:42.
9 Fa nako e ntse e ya ba bangwe ba ne ba newa maikarabelo a botlhokwa. Phuthego ya Antioka, e ne ya romela Paulo le Barenabase e le barongwa ka kaelo ya moya o o boitshepo. Go tswa foo le bone ba ne ba simolola go itsiwe e le baaposetoloi, le fa ba ne ba se mo palong ya ba ba 12 ba ba tlhophilweng kwa tshimologong. (Dit. 13:1-3; 14:14; Bagal. 1:19) Setlhopha se se laolang se se kwa Jerusalema se ne sa tlhomamisa go tlhomiwa ga bone. (Bagal. 2:7-10) Moragonyana fela ga foo, Paulo o ne a nna le seabe mo go abeng dijo tsa semoya. O ne a kwala lekwalo la gagwe la ntlha le le tlhotlheleditsweng.
10. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga a Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ka moya ba ne ba aba dijo tsa semoya? Tlhalosa.
10 Le fa go ntse jalo, a mongwe le mongwe wa Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya o ne a okametse tiro ya go rera le ya go baakanyetsa dijo tsa semoya? Nnyaa. Moaposetoloi Paulo a re: “Ga se botlhe ba e leng baaposetoloi, a ga go jalo? Ga se botlhe ba e leng baporofeti, a ga go jalo? Ga se botlhe ba e leng barutisi, a ga go jalo? Ga se botlhe ba ba dirang ditiro tse di maatla, a ga go jalo?” (1 Bakor. 12:29) Le fa Bakeresete botlhe ba ba tsetsweng ka moya ba ne ba dira tiro ya go rera, ke ba se kae fela—banna ba le robedi fela—ba ba neng ba dirisiwa go kwala dibuka tse 27 tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika.
Motlhanka yo o Boikanyego mo Metlheng ya Gompieno
11. Motlhanka o tlhomilwe gore a okamele “dilo” dife?
11 Mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Mathaio 24:45 a bontsha sentle gore setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale se ne se tla bo se sa ntse se tshela mo lefatsheng mo motlheng wa bokhutlo. Tshenolo 12:17 e bitsa setlhopha seno e re ke “ba ba setseng” ba losika lwa mosadi. Masalela ano, e le setlhopha, a tlhomilwe go okamela dilo tsotlhe tsa ga Keresete mono mo lefatsheng. “Dilo” tse molebedi yo o boikanyego a tlhomilweng gore a di tlhokomele ke dilo tsa Mong tse di mo lefatsheng, tse di akaretsang babusiwa ba Bogosi ba ba mo lefatsheng le dikago le didirisiwa tse di dirisiwang mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo.
12, 13. Mokeresete o itse jang gore a o neilwe pitso ya selegodimo?
12 Mokeresete o itse jang gore a o na le tsholofelo ya go ya go tshela kwa legodimong le gore ke mongwe wa masalela ano a Iseraele wa semoya? Karabo e fitlhelwa mo go se moaposetoloi Paulo a neng a se raya batho ba le bone ba neng ba na le tsholofelo e e tshwanang le ya gagwe ya go ya go tshela kwa legodimong: “Botlhe ba ba gogwang ke moya wa Modimo, bano ke bana ba Modimo. Gonne lo ne lwa se ka lwa amogela moya wa botlhanka o o bakang poifo gape, mme lo ne lwa amogela moya wa go tsholwa jaaka bana, moya o re goang ka one re re: ‘Aba, Rara!’ Moya ka boone Bar. 8:14-17.
o supela moya wa rona gore re bana ba Modimo. Jaanong, fa re le bana, gape re baruaboswa: baruaboswa eleruri ba Modimo, mme re baruaboswammogo le Keresete, fa fela re boga mmogo le ene gore gape re galalediwe mmogo le ene.”—13 Ka bokhutshwane fela, batho bano ba tloditswe ka moya o o boitshepo wa Modimo mme ba newa “pitso” kana taletso ya selegodimo. (Baheb. 3:1) Taletso eno e tswa kwa Modimong. Mme bone ba amogela taletso eno ya go nna bana ba Modimo ba sa belaele e bile ba sa boife. (Bala 1 Johane 2:20, 21.) Ka jalo ga se bone ba itlhophelang go nna le tsholofelo eno, mme Jehofa o baya letshwao la gagwe, kana moya wa gagwe o o boitshepo, mo go bone.—2 Bakor. 1:21, 22; 1 Pet. 1:3, 4.
Tsela e e Tshwanetseng ya go Leba Dilo
14. Batlodiwa ba leba jang pitso ya bone?
14 Batlodiwa bano ba tshwanetse go iteba jang fa ba ntse ba letetse tuelo ya bone ya kwa legodimong? Ba tlhaloganya gore le fa ba neilwe taletso e e molemolemo, ke taletso fela. Ba tshwanetse go ikanyega go ya losong gore ba tle ba bone tuelo eno. Ka boikokobetso, ba ikutlwa jaaka Paulo yo o neng a re: “Bakaulengwe, ga ke itseye gore ke setse ke se tshwere; mme go na le selo se le sengwe kaga sone: Ke lebala dilo tse di kwa morago mme ke gagamalela pele kwa dilong tse di kwa pele, ke latelela go ya fela kwa mokgeleng go tsaya tuelo ya pitso ya kwa godimo ya Modimo ka Keresete Jesu.” (Bafil. 3:13, 14) Ba e leng masalela a batlodiwa ba tshwanetse go dira bojotlhe gore ‘ba tsamaye kafa go tshwanetseng pitso e ba neng ba bidiwa ka yone, ka mogopolo o o ikokobeditseng fela thata,’ ba dira jalo “ka poifo le go roroma.”—Baef. 4:1, 2; Bafil. 2:12; 1 Bathes. 2:12.
15. Bakeresete ba bangwe ba tshwanetse go leba jang batho ba ba jang ditshwantshetso kwa Segopotsong, mme batlodiwa bone ba tshwanetse go iteba jang?
15 Mme Bakeresete ba bangwe bone ba tshwanetse go leba jang motho yo o reng ke motlodiwa a bo a simolola go ja ditshwantshetso kwa Segopotsong? Motho yoo ga a tshwanela go atlholwa. Ke kgang ya gagwe le Jehofa. (Bar. 14:12) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ruri e leng batlodiwa ga ba ipatlele tlotlo e e kgethegileng. Ga ba dumele gore go bo ba tloditswe go dira gore ba tlhaloganye dilo ka tsela e e kgethegileng go feta bangwe ba “boidiidi jo bogolo” ba ba sa bolong go direla ka lobaka lo loleele. (Tshen. 7:9) Ga ba dumele gore ba amogela moya o o boitshepo go feta ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe.” (Joh. 10:16) Ga ba lebelele gore ba tshwarwe ka tsela e e kgethegileng; e bile ga ba tseye gore go ja ga bone ditshwantshetso go dira gore ba nne kwa godimo ga bagolwane ba ba tlhomilweng mo phuthegong.
16-18. (a) A batlodiwa botlhe ba nna le seabe mo go senoleng dithuto tse disha tsa boammaaruri? Tshwantsha. (b) Ke eng fa go sa tlhokege gore Setlhopha se se Laolang se buisane le botlhe ba ba reng ke batlodiwa fa se dira ditshwetso?
16 A batlodiwa bano botlhe go ralala lefatshe ke setlhopha se se rerisanang ka metlha se ka tsela nngwe se nang le seabe mo go senoleng dithuto tse disha tsa boammaaruri? Nnyaa. Le fa setlhopha sa motlhanka sotlhe se ikarabelela go fepa ba ntlo ya ga Keresete, seno ga se reye gore mongwe le mongwe yo o mo setlhopheng sa motlhanka o na le maikarabelo le tiro e e tshwanang le ya ba bangwe. (Bala 1 Bakorintha 12:14-18.) Jaaka go builwe kwa tshimologong, mo lekgolong la ntlha la dingwaga botlhe ba ne ba dira tiro ya botlhokwa ya go rera. Mme ke ba se kae fela ba ba neng ba dirisiwa go kwala dibuka tsa Baebele le go okamela phuthego ya Bokeresete.
17 Re ka tshwantsha jaana: Ka dinako tse dingwe Baebele ya re “phuthego” e tsaya kgato e e rileng mo dikgannyeng tsa boatlhodi. (Math. 18:17) Mme tota, ke bagolwane fela ba ba tsayang kgato eo ka gonne e le bone baemedi ba phuthego. Bagolwane ga ba buisane le maloko otlhe a phuthego go utlwa maikutlo a bone a a farologaneng pele ga ba dira tshwetso. Ba diragatsa maikarabelo a ba a neilweng mo phuthegong; ba emela phuthego yotlhe.
18 Ka tsela e e tshwanang, gompieno banna ba ba tloditsweng ba palo e e lekanyeditsweng ba na le maikarabelo a go emela setlhopha sa motlhanka. Bano ke Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Banna bano ba ba tloditsweng ka moya ba okamela tiro ya Bogosi le thulaganyo ya go aba dijo tsa semoya. Mme fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Setlhopha se se Laolang ga se buisane le mongwe le mongwe wa setlhopha sa motlhanka pele ga se dira ditshwetso. (Bala Ditiro 16:4, 5.) Le fa go ntse jalo, Basupi botlhe ba ba tloditsweng ba tshwaregile thata mo tirong ya botlhokwa ya go roba e e dirwang gone jaanong. “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ke setlhopha se le sengwe, mme mongwe le mongwe yo o mo go sone o na le tiro e a e abetsweng.—1 Bakor. 12:19-26.
19, 20. Ke tsela efe e e tshwanetseng e ba boidiidi jo bogolo ba lebang “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” le Setlhopha sa gagwe se se Laolang ka yone?
19 Dintlha tse di fa godimo di tshwanetse go ama jang boidiidi jo bogolo jo bo ntseng bo oketsega jwa batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng? E re ka le bone e le dilo tsa Kgosi, ba itumelela go tsamaisana ka botlalo le dithulaganyo tse di dirwang ke Setlhopha se se Laolang, se se emelang “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” Ba boidiidi jo bogolo ba anaanela dijo tsa semoya tse di rulaganngwang ka kaelo ya Setlhopha se se Laolang. Mme le fa ba boidiidi jo bogolo ba tlotla setlhopha sotlhe sa motlhanka, ba nna kelotlhoko gore ba se ka ba tlotlomatsa motho ope yo o ipolelang gore ke wa setlhopha sa motlhanka yono. Ga go na Mokeresete ope yo o ka batlang kana yo o ka lebelelang go tshwarwa jalo fa tota a tloditswe ka moya wa Modimo.—Dit. 10:25, 26; 14:14, 15.
20 Le fa re ka tswa re le “ba ntlo,” ba e leng karolo ya masalela a batlodiwa, kana re le ba boidiidi jo bogolo, a re ititeyeng sehuba go dirisana ka botlalo le molebedi yo o boikanyego le Setlhopha sa gagwe se se Laolang. E kete mongwe le mongwe wa rona a ka ‘nna a disitse’ mme re ikanyege go ya bokhutlong.—Math. 24:13, 42.
A o A Gakologelwa?
• “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ke mang, mme ba ntlo ke bomang?
• Motho o itse jang gore a o neilwe pitso ya selegodimo?
• Ke bomang ba ba nang le maikarabelo a go baakanyetsa dithuto tse disha tsa semoya?
• Motho yo e leng motlodiwa o tshwanetse go iteba jang?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Gompieno, Setlhopha se se Laolang se emela setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. Go ne go na le thulaganyo e e tshwanang le mo lekgolong la ntlha la dingwaga