Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Jesu—Rera ka Bopelokgale

Etsa Jesu—Rera ka Bopelokgale

Etsa Jesu—Rera ka Bopelokgale

‘Re ne ra nna pelokgale gore re bue le lona dikgang tse di molemo.’—1 BATHES. 2:2.

1. Ke eng fa dikgang tse di molemo tsa Bogosi di itumedisa thata jaana?

A BO go itumedisa jang ne go utlwa dikgang tse di molemo! Mme dikgang tse di di gaisang tsotlhe ke dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Dikgang tseno tse di molemo di re tlhomamisetsa gore go boga, bolwetse, botlhoko, bohutsana le loso di tlile go fela. Di re bulela tsela ya go bona botshelo jo bo sa khutleng, di senola boikaelelo jwa Modimo, e bile di re bontsha kafa re ka nnang le kamano e e lorato le ene ka teng. O ne o ka akanya gore mongwe le mongwe o ne a tla itumelela go utlwa dikgang tseno tse Jesu a neng a di bolelela batho. Mme ka maswabi ga go a nna jalo.

2. Tlhalosa gore mafoko ano a ga Jesu a kayang: “Ke tlile go baka kgaogano.”

2 Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo se ka lwa akanya gore ke tlile go tlisa kagiso mo lefatsheng; ke tlile go tlisa, e seng kagiso, mme tšhaka. Gonne ke tlile go baka kgaogano, monna kgatlhanong le rraagwe, le morwadi kgatlhanong le mmaagwe, le mosadi yo mmotlana kgatlhanong le matsalaagwe. Eleruri, baba ba motho e tla nna batho ba ntlo ya gagabo.” (Math. 10:34-36) Go na le gore batho ba bantsi ba itumelele dikgang tse di molemo, ga ba di amogele. Bangwe ba itira baba ba batho ba ba di bolelang, le fa batho bao e ka tswa e le batho ba ba gaufi le bone ka losika.

3. Ke eng se re se tlhokang fa re dira tiro ya rona ya go rera?

3 Re bolela dithuto tsa boammaaruri tse di tshwanang le tse Jesu a neng a di bolela, mme fa batho ba di utlwa ba itshwara fela jaaka batho ba bantsi ba ne ba itshwara ka nako ya gagwe. Seno ga se gakgamatse. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Motlhanka ga a mogolo go feta mong wa gagwe. Fa ba mpogisitse, ba tla lo bogisa le lona.” (Joh. 15:20) Mo dinageng tse dintsi ga re bogisiwe ka tlhamalalo mme re kopana le batho ba ba lonyatso le ba ba sa kgatlhegeleng molaetsa. Ka jalo, re tlhoka tumelo le bopelokgale gore re tswelele re dira tiro ya go rera dikgang tse di molemo re nitame.—Bala 2 Petere 1:5-8.

4. Ke eng fa Paulo a ne a tshwanetse go “nna pelokgale” gore a kgone go rera?

4 Gongwe ka dinako tse dingwe o fitlhela go le thata gore o ye tirelong ya tshimo, kana go ka tswa go na le dikarolo dingwe tsa bodiredi tse e reng fa o tshwanelwa ke go nna le seabe mo go tsone o bo o tshoga. Fa go ntse jalo, ga se wena fela o ikutlwang jalo. Moaposetoloi Paulo e ne e le moreri yo o pelokgale, yo o sa boifeng yo o neng a tlhaloganya boammaaruri sentle, le fa go ntse jalo, le ene o ne a tle a fitlhele go le thata go rera. Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Thesalonika jaana: “[Fa] re sena go boga pele le go tshwarwa ka go tlhoka maitseo (fela jaaka lo itse) kwa Filipi, re [ne] ra nna pelokgale ka Modimo wa rona . . . gore re bue le lona dikgang tse di molemo tsa Modimo ka go kgaratlha mo gogolo thata.” (1 Bathes. 2:2) Kwa Filipi balaodi ba ne ba iteile Paulo le Silase yo a neng a tsamaya le ene ka dithobane, ba ba tsenya mo kgolegelong, mme ba ba bofelela mo disaneng. (Dit. 16:16-24) Le fa go ntse jalo, Paulo le Silase ba ne ba “nna pelokgale” gore ba kgone go tswelela ba rera. Rona re ka dira seo jang? Go araba potso eo, a re sekasekeng se se neng se dira gore batlhanka ba Modimo ba mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele ba kgone go bua boammaaruri kaga Jehofa ka bopelokgale, mme re ithute kafa re ka etsang sekao sa bone ka teng.

Go Lebana le Bobaba go Tlhoka Bopelokgale

5. Ke eng fa batho ba ba ikanyegang mo go Jehofa ba sa bolo go tshwanelwa ke go nna pelokgale?

5 Kwantle ga pelaelo, Jesu Keresete e ne e le sekao se se molemolemo sa go nna pelokgale le go nna sebete. Mme gone, go simolola fela kwa tshimologong, batho botlhe ba ba ikanyegang mo go Jehofa ga ba bolo go tshwanelwa ke go nna pelokgale. Ka ntlha yang? Morago ga botsuolodi jwa kwa Edene, Jehofa o ne a bolelela pele gore go ne go tla nna le bobaba fa gare ga batho ba ba direlang Modimo le ba ba direlang Satane. (Gen. 3:15) Go ise go ye kae bobaba jono bo ne jwa bonala fa Abele, monna yo o siameng, a ne a bolawa ke mogolowe. Moragonyana, bobaba joo bo ne jwa bontshiwa Enoke, monna yo mongwe yo o ikanyegang yo o neng a tshela pele ga Morwalela. O ne a porofeta gore Modimo o ne a tla tla le dimiriate tsa Gagwe tse di boitshepo go tla go atlhola baikepi. (Jude 14, 15) Batho ba bantsi ba ne ba sa rate molaetsa ono. Ba ne ba tlhoile Enoke e bile ba ka bo ba mmolaile fa Jehofa a ka bo a sa kgaosetsa botshelo jwa gagwe. Enoke o ne a bontsha bopelokgale jo bo seng kana ka sepe!—Gen. 5:21-24.

6. Ke eng fa Moshe a ne a tshwanetse go nna pelokgale fa a bua le Faro?

6 Gape akanya ka bopelokgale jo Moshe a neng a bo bontsha fa a ne a bua le Faro, mmusi yo o neng a sa tsewe fela a emela medimo, mme a tsewa e le modimo ka boene, morwa modimo wa letsatsi, Ra. E ka tswa e le gore ene, jaaka Bofaro ba bangwe, o ne a obamela setshwantsho sa gagwe. Se Faro a se buang e ne e le molao; o ne a busa ka molao wa tshipi. Faro yo o maatla, yo o boikgogomoso, yo o tlhogoethata o ne a sa tlwaela gore batho ba bangwe ba mmolelele gore a direng. Moshe, modisa yo o boikokobetso, o ne a tla makgetlho a mantsi kwa monneng yono—a sa lalediwa e bile a sa batliwe. Mme ke eng se Moshe a neng a bolela gore se ne se tlile go direga? Dipetso tse di botlhoko. Mme o ne a batla gore go dirwe eng? O ne a batla gore boidiidi jwa batlhanka ba ga Faro ba letlelelwe go tswa mo nageng eo! A Moshe o ne a tshwanetse go nna pelokgale? Ee ruri!—Dipa. 12:3; Baheb. 11:27.

7, 8. (a) Batho ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ne ba welwa ke diteko dife? (b) Ke eng se se neng sa thusa batho ba metlha ya pele ga Bokeresete go nna pelokgale fa ba ne ba tshegetsa kobamelo e e itshekileng le go e ema nokeng?

7 Mo makgolong a dingwaga a a neng a latela, baporofeti le batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba Modimo ba ne ba tswelela ba emela kobamelo e e itshekileng ka bopelokgale. Lefatshe la ga Satane le ne le ba tlhoile. Paulo a re: “Ba ne ba kgobotlediwa, ba lekwa, ba fatoganngwa, ba swa ba bolawa ka tšhaka, ba kgarakgatshega ba apere matlalo a dinku, matlalo a dipodi, ba le mo letlhokong, mo pitlaganong, ba tshwerwe setlhogo.” (Baheb. 11:37) Ke eng se se neng sa thusa batlhanka bao ba ba ikanyegang ba Modimo go nna ba nitame? Mo ditemaneng di le mmalwa pele ga eo, Paulo o ne a bua ka se se neng sa naya Abele, Aborahame, Sara le ba bangwe nonofo ya go itshoka. O ne a re: “Ba ne ba se ka ba bona go diragadiwa ga ditsholofetso, mme [ka tumelo] ba ne ba di bona di le kgakala thata ba bo ba di amogela.” (Baheb. 11:13) Kwantle ga pelaelo, baporofeti ba ba tshwanang le Elija, Jeremia le batho ba bangwe ba ba ikanyegang ba metlha ya pele ga Bokeresete, ba ba neng ba emela kobamelo ya boammaaruri ka bopelokgale, le bone ba ne ba thusiwa gore ba itshoke ka go nna ba tlhomile mogopolo mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa.—Tito 1:2.

8 Batho bao ba ba ikanyegang ba metlha ya pele ga Bokeresete ba ne ba lebile pele kwa isagweng e e molemo, e e itumedisang. Fa ba sena go tsosiwa, kgabagare ba tla itekanela, ba tla ‘gololwa mo go nneng batlhanka ba go bola’ mme seo se tla dirwa ke moperesiti Keresete Jesu mmogo le baperesiti ba gagwe ba babotlana ba ba 144 000. (Bar. 8:21) Gape, Jeremia le batlhanka ba bangwe ba Modimo ba ba pelokgale ba bogologolo ba ne ba nna pelokgale ka gonne Jehofa o ne a ba tlhomamiseditse jaaka re bona mo tsholofetsong e a neng a e neile Jeremia: “Ruri ba tla tlhabana le wena, mme ga ba na go go fenya, gonne ‘Ke na le wena,’ go bua Jehofa, ‘go go golola.’” (Jer. 1:19) Gompieno, fa re akanya ka ditsholofetso tsa Modimo malebana le isagwe ya rona le ka tsholofetso ya gagwe ya gore o tla sireletsa kamano ya rona le ene, le rona re a kgothala.—Dia. 2:7; bala 2 Bakorintha 4:17, 18.

Lorato lo ne Lwa Tlhotlheletsa Jesu go Rera ka Bopelokgale

9, 10. Jesu o ne a bontsha bopelokgale ka ditsela dife fa pele ga (a) baeteledipele ba bodumedi, (b) setlhopha sa masole, (c) moperesiti yo mogolo, (d) Pilato?

9 Motlhomasekao wa rona Jesu, o ne a bontsha bopelokgale ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, le fa Jesu a ne a tlhoilwe ke batho ba ba nang le maatla le taolo, ga a ka a tswapola molaetsa o Modimo a neng a batla gore batho ba o utlwe. O ne a senola baeteledipele ba bodumedi gore ke baitimokanyi a bo a senola dithuto tsa bone tsa maaka ka bopelokgale. Jesu o ne a kgala banna bao, mme o ne a ba bolelela seo ka tlhamalalo. Nako nngwe, o ne a re: “A bo go latlhega lona, bakwadi le Bafarasai, baitimokanyi! ka gonne lo tshwana le diphupu tse di tshasitsweng kalaka, tse kafa ntle eleruri di bonalang di le dintle mme mo teng di tletse marapo a batho ba ba suleng le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe. Ka tsela eo le lona, eleruri ka fa ntle, lo bonala lo siame mo bathong, mme mo teng lo tletse boitimokanyo le go tlhoka molao.”—Math. 23:27, 28.

10 Fa Jesu a ne a kopana le setlhopha sa masole kwa tshimong ya Gethesemane, o ne a ba ikitsise ka bopelokgale gore ke mang. (Joh. 18:3-8) Moragonyana o ne a isiwa fa pele ga Sanehederine mme a tlhongwa dipotso ke moperesiti yo mogolo. Le fa Jesu a ne a itse gore moperesiti yo mogolo o ne a batla seipato sa go mmolaya, O ne a mmolelela ka bopelokgale gore ke Keresete e bile ke Morwa Modimo. Gape o ne a re ba ne ba tla mmona “a ntse kafa seatleng sa moja se se maatla mme a tla ka maru a legodimo.” (Mar. 14:53, 57-65) Go ise go ye kae fela morago ga foo, Jesu o ne a eme a bofilwe fa pele ga ga Pilato yo a ka bong a ne a mo golola. Mme Jesu ga a ka a araba fa a ne a latofadiwa. (Mar. 15:1-5) Seno sotlhe se ne se tlhoka bopelokgale tota.

11. Go nna pelokgale go amana jang le lorato?

11 Jesu o ne a raya Pilato a re: “Ke tsaletswe sone seo, e bile ke tletse sone seo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri.” (Joh. 18:37) Jehofa o ne a laetse Jesu go rera dikgang tse di molemo mme Jesu o ne a itumelela go dira jalo ka gonne o ne a rata Rraagwe yo o kwa legodimong. (Luke 4:18, 19) Gape Jesu o ne a rata batho. O ne a itse gore ba ne ba tshela bokete. Ka tsela e e tshwanang, le rona re rera ka bopelokgale re se na poifo ka gonne re rata Modimo le moagelani wa rona thata.—Math. 22:36-40.

Moya o o Boitshepo o re Naya Maatla a go Rera ka Bopelokgale

12. Ke eng se se neng se itumedisa barutwa ba bogologolo?

12 Mo dibekeng tse di neng tsa latela morago ga loso lwa ga Jesu, barutwa ba gagwe ba ne ba itumelela gore Jehofa o ne a ba tlisetsa barutwa ba basha. Mo letsatsing le le lengwe fela, go ne ga kolobediwa Bajuda le basokologi ba ka nna 3 000 ba ba tswang mo dinageng tse dintsi, ba ba neng ba ile kwa Jerusalema go ya go keteka Pentekosete! Kgang eno e tshwanetse ya bo e ne ya tsosa modumo o o boitshegang mo motseng oo wa Bajuda. Baebele ya re: “Poifo e ne ya simolola go wela moya mongwe le mongwe, mme baaposetoloi ba simolola go dira dikgakgamatso di le dintsi le ditshupo.”—Dit. 2:41, 43.

13. Ke eng fa bakaulengwe ba ne ba rapelela bopelokgale, mme go ne ga felela jang?

13 Baeteledipele ba ba galefileng ba bodumedi ba ne ba tshwara Petere le Johane, ba ba latsa bosigo bo le bongwe mo kgolegelong, mme ba ba laela gore ba se ka ba bua ka Jesu. Fa ba gololwa, boobabedi ba ne ba bolelela bakaulengwe se se neng se diregile, mme botlhe ba rapela ka kganetso e ba neng ba lebane le yone, ba kopa jaana: “Jehofa, . . . o dire gore batlhanka ba gago ba nne ba bue lefoko la gago ka bopelokgale jotlhe.” Go ne ga felela jang? “Botlhe fela ba tladiwa moya o o boitshepo e bile ba bua lefoko la Modimo ka bopelokgale.”—Dit. 4:24-31.

14. Moya o o boitshepo o re thusa jang mo tirong ya rona ya go rera?

14 Ela tlhoko gore moya wa ga Jehofa o o maatla o o boitshepo ke one o neng wa thusa barutwa gore ba bue lefoko la Modimo ka bopelokgale. Bopelokgale jwa go bolelela ba bangwe boammaaruri, tota le ba ba ganetsang molaetsa wa rona, ga bo tswe mo go rona. Jehofa a ka re naya moya wa gagwe o o boitshepo e bile o tla o re naya fa re mo kopa. Ka thuso ya ga Jehofa, le rona re ka nna le bopelokgale jo re bo tlhokang gore re kgone go itshokela kganetso le fa e le efe.—Bala Pesalema 138:3.

Bakeresete Gompieno ba Rera ka Bopelokgale

15. Boammaaruri bo kgaoganya batho jang gompieno?

15 Mo motlheng wa rona, fela jaaka mo nakong e e fetileng, boammaaruri bo ntse bo kgaoganya batho. Bangwe ba a bo amogela, mme ba bangwe ga ba tlhaloganye kobamelo ya rona kana ga ba e tseye tsia. Bangwe ba re tshwaya diphoso, ba a re sotla, kana ba a re tlhoa, fela jaaka Jesu a ne a boleletse pele. (Math. 10:22) Ka dinako tse dingwe ba metswedi ya dikgang ba anamisa tshedimosetso ya maaka ka rona e bile ba re senya leina. (Pes. 109:1-3) Le fa go ntse jalo, batho ba ga Jehofa ba bolela dikgang tse di molemo ka bopelokgale mo lefatsheng lotlhe.

16. Ke maitemogelo afe a a bontshang gore go nna pelokgale go ka fetola maikutlo a batho ba re ba rerelang?

16 Bopelokgale jwa rona bo ka dira gore batho ba fetole maikutlo a bone ka molaetsa wa Bogosi. Kgaitsadi mongwe wa kwa Kyrgyzstan a re: “Nako nngwe fa ke ne ke ile go rera, rre mongwe o ne a nthaya a re: ‘Ke dumela mo Modimong mme e seng mo Modimong wa Bakeresete. Fa o ka tla mo legaeng la me gape, ke tla go neelela ntša!’ Fa morago ga gagwe go ne go na le ntša e kgolo e bofilwe ka keetane. Mme ka nako ya letsholo la go tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 37, ya setlhogo se se reng, ‘Bokhutlo Jwa Bodumedi Jwa Maaka bo Atametse!,’ ke ne ka boela kwa ntlong eo gape ke solofetse go kopana le maloko a mangwe a lelapa la monna yoo. Le fa go ntse jalo, go ne ga bula ene monna yoo. Ke ne ka rapela Jehofa ka bonako mme ka re: ‘Dumela Rra, ke gakologelwa motlotlo o re nnileng le one malatsi a mararo a a fetileng, mme ke gakologelwa le ntša ya gago. Mme ke ne nka se go fete fela ka gonne le nna, fela jaaka wena, ke dumela mo Modimong o o esi wa boammaaruri. Modimo o tla tloga a otlhaya madumedi a a mo tlontlololang. Fa o bala pampitshana eno o tla utlwa dintlha tse dingwe mabapi le kgang eno.’ Ke ne ka gakgamala fa monna yono a ne a tsaya pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi. Go tswa foo ke ne ka fetela kwa ntlong e nngwe. Metsotso e sekae moragonyana, monna yono o ne a tla a ntabogetse a tshotse pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi ka seatla. O ne a re: ‘Ke e badile. Ke tshwanetse go dirang gore ke se ka ka galefelwa ke Modimo?’” Go ne ga simololwa thuto le monna yono mme a simolola go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete.

17. Bopelokgale jwa kgaitsadi mongwe bo ne jwa kgothatsa jang moithuti wa Baebele yo o neng a boifa batho?

17 Gape bopelokgale jwa rona bo ka kgothatsa ba bangwe gore ba nne pelokgale. Kwa Russia, kgaitsadi mongwe yo o neng a tsamaya ka bese o ne a bontsha mosadi mongwe yo o neng a le mo beseng makasine. Gone fela foo monna mongwe o ne a tsapoga mo setulong sa gagwe, a phamola makasine oo mo diatleng tsa kgaitsadi, a o sugakanya mme a o latlhela fa fatshe. O ne a buela kwa godimo a tlhapatsa kgaitsadi yono, mme a batla gore a mmolelele kwa a nnang teng a bo a mo raya a re a se ka a tlhola a rera mo motseng. Kgaitsadi yono o ne a rapela Jehofa gore a mo thuse mme a ikgopotsa mafoko ano a ga Jesu: “Lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele.” (Math. 10:28) O ne a ema a digile makgwafo mme a raya monna yoo a re: “Ga ke na go go bolelela gore ke nna kae, mme ke tla tswelela ke rera mo motseng.” Go tswa foo kgaitsadi yono o ne a fologa mo beseng. O ne a sa itse gore go ne go na le mosadi mongwe yo a ithutang Baebele le ene mo beseng. Mosadi yoo o ne a letlile go boifa batho gore go mo thibele go ya dipokanong tsa Bokeresete. Le fa go ntse  jalo, fa moithuti yono wa Baebele a sena go bona bopelokgale jwa kgaitsadi wa rona, o ne a swetsa ka gore a simolole go ya dipokanong.

18. Ke eng se se tla go thusang go rera ka bopelokgale jaaka Jesu?

18 Mo lefatsheng leno le le kgaoganeng le Modimo, go tlhokega bopelokgale go rera jaaka Jesu. Ke eng se se tla go thusang gore o dire jalo? Leba pele kwa isagweng. Dira gore lorato lo o ratang Modimo le moagelani ka lone lo nne lo nonofile. Rapela Jehofa gore a go neye bopelokgale. Nna o gakologetswe gore le ka motlha ga o esi, ka gonne Jesu o na le wena. (Math. 28:20) Moya o o boitshepo o tla go nonotsha. Mme Jehofa o tla go segofatsa e bile o tla go thusa. Ka jalo, e kete re ka nna pelokgale mme ra re: “Jehofa ke mothusi wa me; ga ke na ke boifa. Motho o ka ntirang?”—Baheb. 13:6.

O ka Araba Jang?

• Ke eng fa batlhanka ba Modimo ba tshwanetse go nna pelokgale?

• Re ithuta eng ka go nna pelokgale . . . 

mo bathong ba ba ikanyegang ba ba neng ba tshela pele ga ga Keresete?

mo go Jesu Keresete?

mo Bakereseteng ba bogologolo?

mo Bakereseteng mmogo le rona gompieno?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Jesu o ne a senola baeteledipele ba bodumedi a sa boife

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Jehofa o re naya bopelokgale gore re rere