Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bona Matlotlo a a ‘Subilweng ka Kelotlhoko mo go Ene’

Go Bona Matlotlo a a ‘Subilweng ka Kelotlhoko mo go Ene’

Go Bona Matlotlo a a ‘Subilweng ka Kelotlhoko mo go Ene’

“Mo go ene go subilwe matlotlo otlhe ka kelotlhoko a botlhale le a kitso.”—BAKOL. 2:3.

1, 2. (a) Go ne ga ribololwa dilo dife tsa bogologolo ka 1922, mme di kae gone jaanong? (b) Lefoko la Modimo le laletsa mongwe le mongwe gore a dire eng?

GANTSI fa go ribololwa matlotlo a a fitlhegileng, go buiwa thata ka gone mo dikgannyeng. Ka sekai, moithutamarope mongwe wa kwa Boritane e bong Howard Carter o ne a fetsa masomesome a dingwaga a dira ka natla mo maemong a a boima, mme ka 1922 o ne a ribolola dilo dingwe tse batho ba neng ba di kgatlhegela thata. O ne a ribolola lebitla la segosi la ga Faro Tutankhamen, le le neng le batla le ntse fela jaaka le ne le ntse kwa tshimologong, le na le dilo tse di farologaneng di ka nna 5 000.

2 Le fa batho ba ne ba kgatlhegela dilo tsa bogologolo tse Carter a neng a di ribolotse, bontsi jwa tsone jaanong di mo dimusiamong kgotsa di tserwe ke batho ba ba kokoanyang dilo tsa bogologolo. Di ka tswa di na le mosola mongwe mo hisitoring kgotsa di ka dirisiwa go kgabisa, mme ga di mosola go le kalo mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le re laletsa gore re batle matlotlo a a re amang tota. Go lalediwa mongwe le mongwe, mme tuelo ya go dira jalo e botlhokwa go feta letlotlo lepe fela la dithoto.—Bala Diane 2:1-6.

3. Matlotlo a Jehofa a rotloetsang baobamedi ba gagwe gore ba a batle a mosola ka ditsela dife?

3 Akanya kafa matlotlo a Jehofa a rotloetsang baobamedi ba gagwe gore ba a batle a leng botlhokwa ka teng. Lengwe la matlotlo ano ke “go boifa Jehofa,” mo go ka re sireletsang le go re dibela mo metlheng eno e e diphatsa. (Pes. 19:9) Go bona “e e leng kitso ya Modimo” go ka felela ka gore re bone tshiamelo e kgolo thata e motho ope a ka nnang le yone—go nna le kamano e e gaufi le Mogodimodimo. Mme fa re na le matlotlo a re a newang ke Modimo e leng botlhale, kitso le temogo, re tla kgona go fenya mathata le matshwenyego a botshelo jwa rona jwa letsatsi le letsatsi. (Dia. 9:10, 11) Re ka bona jang matlotlo a a tlhwatlhwakgolo jalo?

Go Bona Matlotlo a Semoya

4. Re neilwe kaelo efe ya go bona matlotlo a semoya?

4 E re ka rona re itse kwa tota re ka bonang matlotlo a semoya teng, ga re tshwane le baithutamarope le babatlisisi ba bangwe ba gantsi ba tshwanelwang ke go batla matlotlo a bone gongwe le gongwe fela. Fela jaaka mmapa o o kaelang kwa matlotlo a leng teng, Lefoko la Modimo le re bontsha ka tlhamalalo kwa re tla bonang teng matlotlo a Modimo a a solofeditseng. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana a bua ka ga Keresete: “Mo go ene go subilwe matlotlo otlhe ka kelotlhoko a botlhale le a kitso.” (Bakol. 2:3) Fa re ntse re bala mafoko ao, re ka botsa jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go batla matlotlo ao? A “subilwe” jang mo go Keresete? Mme re ka a bona jang?’ A re sekasekeng mafoko a moaposetoloi yono ka kelotlhoko gore re bone dikarabo tsa dipotso tseo.

5. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a kwala ka matlotlo a semoya?

5 Paulo o ne a kwalela Bakeresete ka ene ba ba neng ba le kwa Kolosa mafoko ao. O ne a ba bolelela gore o ne a kgaratlha thata mo boemong jwa bone, e le gore “dipelo tsa bone di gomotsege [le] gore ba kopanngwe mmogo ka kutlwano mo loratong.” (Bala Bakolosa 2:1, 2.) Ke ka ntlha yang fa a ne a amegile thata jaana? Go lebega Paulo a ne a itse gore bakaulengwe ba koo ba ka tswa ba ne ba tlhotlheleditswe ke bangwe mo gare ga bone ba ba neng ba buelela difilosofi dingwe tsa Segerika kgotsa ba kgothaletsa batho gore ba boe ba latele Molao wa ga Moshe. O ne a naya bakaulengwe tlhagiso eno e e masisi: “Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka ba a ba tsomileng a dirisa botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho, go ya ka dilo tsa tshimologo tsa lefatshe mme e seng go ya ka Keresete.”—Bakol. 2:8.

6. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tsaya kgakololo ya ga Paulo tsia?

6 Gompieno re tlhotlhelediwa ka tsela e e tshwanang ke Satane le tsamaiso ya gagwe e e boikepo. Tsela e batho ba akanyang ka yone, maitsholo a bone, mekgele ya bone le tsela ya bone ya go tshela e laolwa ke difilosofi tsa lefatshe, go akaretsa filosofi ya gore ga go na Modimo mmogo le kgopolo ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna se di leng sone jaanong. Bodumedi jwa maaka bo na le seabe se segolo mo meletlong e mentsi e e rategang ya malatsi a boikhutso. Dilo tse dintsi tsa boitlosobodutu di diretswe go kgotsofatsa dikeletso tse di maswe tsa senama, mme dilo tse dintsi tse di mo Internet di kotsi thata mo basheng mmogo le mo bagolong. Go nnela go itlosa bodutu ka dilo tseno le mekgwa e mengwe ya lefatshe go ka ama motlhofo tsela e re ikutlwang ka yone ka kaelo ya ga Jehofa, mme ga dira gore re tlogele go tshwara botshelo jwa mmatota ka thata. (Bala 1 Timotheo 6:17-19.) Go bonala sentle gore re tshwanetse go tlhaloganya bokao jwa mafoko a Paulo a neng a a kwalela Bakolosa mme re tseye kgakololo ya gagwe tsia gore re se ka ra wela mo diraing tse di boferefere tsa ga Satane.

7. Ke dilo dife tse pedi tse Paulo a neng a re di tla thusa Bakolosa?

7 Fa re boela mo mafokong a Paulo a a kwaletseng Bakolosa, re lemoga gore fa a sena go bontsha kafa a amegileng ka teng, o ne a umaka dilo tse pedi tse di neng di ka ba thusa gore ba gomotsege mme ba kopanngwe mo loratong. Sa ntlha, o ne a umaka “go tlhomamisega mo go tletseng ga go tlhaloganya ga bone.” Ba ne ba tshwanetse go tlhomamisega ka botlalo gore ba ne ba tlhaloganya Dikwalo sentle, gore tumelo ya bone e tle e theiwe mo motheong o o tlhomameng. (Baheb. 11:1) Go tswa foo o ne a umaka “kitso e e boammaaruri ya sephiri se se boitshepo sa Modimo.” Ba ne ba tshwanetse go nna le kitso e e fetang kitso ya motheo ya boammaaruri mme ba tlhaloganye dilo tse di boteng tsa Modimo sentle. (Baheb. 5:13, 14) Ruri e ne e le kgakololo e e molemo mo Bakoloseng, mme e molemo le mo go rona gompieno! Mme re ka dira jang gore re tlhomamisege jalo re bo re nne le kitso e e tlhomameng? Paulo o ne a bolela gore seo se ka dirwa jang fa a ne a bua mafoko ano a botlhokwa ka ga Jesu Keresete: “Mo go ene go subilwe matlotlo otlhe ka kelotlhoko a botlhale le a kitso.”

Matlotlo a a ‘Subilweng’ mo go Keresete

8. Tlhalosa bokao jwa lefoko le le reng “subilwe” mo go Keresete.

8 Fa go twe matlotlo otlhe a botlhale le a kitso a “subilwe” mo go Keresete seo ga se reye gore a lotleletswe, ga go na ope yo o ka a bonang. Go na le moo, go tewa fela gore fa re batla go bona matlotlo ao, re tshwanetse go tsaya matsapa a magolo, mme re lebisa tlhokomelo mo go Jesu Keresete. Seno se dumalana le se Jesu a neng a se bua fa a itlhalosa: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Joh. 14:6) Ee, fa re batla kitso ya Modimo, re tshwanetse go dirisa thuso le kaelo e re e newang ke Jesu.

9. Jesu o abetswe ditiro dife?

9 Jesu o ne a re ke ene “tsela,” e bile ke “boammaaruri le botshelo.” Seno se bontsha gore tiro ya gagwe ga se go nna tsela ya go ya kwa go Rara fela. Jesu o na le ditiro tse dingwe gape tse di ka re thusang go tlhaloganya boammaaruri jwa Baebele le go bona botshelo jo bo sa khutleng. Ee ruri, mo go Jesu go subilwe matlotlo a semoya a botlhokwatlhokwa, a a tlhokang go ribololwa ke baithuti ba ba kelotlhoko ba Baebele. A re sekasekeng mangwe a matlotlo a a amang isagwe ya rona ka tlhamalalo mmogo le kamano ya rona le Modimo.

10. Re ka ithuta eng ka ga Jesu mo go Bakolosa 1:19 le 2:9?

10 “Mo go ene ka namana go na le botlalo jotlhe jwa nonofo ya bomodimo.” (Bakol. 1:19; 2:9) E re ka Jesu a ile a nna le Rraagwe yo o kwa legodimong ka dingwaga tse dintsintsi, ke ene a itseng botho jwa Modimo le thato ya gagwe go feta motho ope o sele. Mo bodireding jotlhe jwa ga Jesu fa a ne a le mo lefatsheng, o ne a ruta ba bangwe se Rraagwe a neng a se mo rutile a ba a bontsha ka ditiro tsa gagwe gore Modimo o ne a mo rutile dinonofo dife. Ke sone se Jesu a neng a ka re: “Yo o mponeng o bone le Rara.” (Joh. 14:9) Botlhale le kitso yotlhe ya Modimo di subilwe kgotsa di nna mo go Keresete, mme ga go tsela epe e e botoka e re ka ithutang ka ga Jehofa ka yone fa e se ka go ithuta ka kelotlhoko sengwe le sengwe se re ka se ithutang ka ga Jesu.

11. Jesu o amana jang le boporofeti jwa Baebele?

11 “Go naya bosupi ka Jesu ke se se tlhotlheletsang go porofeta.” (Tshen. 19:10) Mafoko ao a bontsha gore Jesu ke ene motho wa konokono mo go diragadiweng ga boporofeti jo bontsi jo bo mo Baebeleng. Go simolola ka boporofeti jwa ntlha jwa ga Jehofa jo bo kwadilweng mo go Genesise 3:15 go fitlha ka diponatshegelo tse di galalelang tsa buka ya Tshenolo, boporofeti jwa Baebele bo ka tlhaloganngwa sentle, fela fa go akanngwa ka seabe sa ga Jesu mo Bogosing jwa ga Mesia. Ke gone ka moo batho ba ba sa amogeleng gore Jesu ke Mesia yo o solofeditsweng ba sa tlhaloganyeng boporofeti jo bontsi jo bo mo Dikwalong tsa Sehebera. E bile ke lone lebaka la go bo batho ba ba sa tseyeng Dikwalo tsa Sehebera di le botlhokwa, tse di nang le boporofeti jo bontsi ka ga Mesia, ba tsaya Jesu e le motho fela yo mogolo. Go itse Jesu go thusa batho ba Modimo gore ba tlhaloganye bokao jwa boporofeti jwa Baebele jo bo sa ntseng bo tla diragadiwa.—2 Bakor. 1:20.

12, 13. (a) Jesu ke “lesedi la lefatshe” ka tsela efe? (b) E re ka balatedi ba ga Keresete ba golotswe mo lefifing la semoya, ba tshwanetse go dira eng?

12 “Ke nna lesedi la lefatshe.” (Bala Johane 8:12; 9:5.) Lobaka lo loleele pele Jesu a tsholwa mo lefatsheng, moporofeti Isaia o ne a bolelela pele jaana: “Batho ba ba neng ba tsamaya mo lefifing ba bone lesedi le legolo. Mme ba ba nnang mo lefatsheng la moriti o montsho, lesedi le ba phatsimetse.” (Isa. 9:2) Moaposetoloi Mathaio o ne a tlhalosa gore Jesu o ne a diragatsa boporofeti joo fa A ne a simolola go rera a re: “Ikwatlhayeng, gonne bogosi jwa magodimo bo atametse.” (Math. 4:16, 17) Bodiredi jwa ga Jesu bo ne jwa tlisetsa batho lesedi la semoya mme jwa ba golola mo bokgobeng jwa dithuto tsa bodumedi jwa maaka. Jesu o ne a re: “Ke tlile jaaka lesedi mo lefatsheng, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go nna a se ka a nnela ruri mo lefifing.”—Joh. 1:3-5; 12:46.

13 Dingwaga di le dintsi moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a raya Bakeresete ka ene a re: “Lo kile lwa bo lo le lefifi, mme jaanong lo lesedi mo Moreneng. Tswelelang lo tsamaya jaaka bana ba lesedi.” (Baef. 5:8) E re ka Bakeresete ba golotswe mo bokgobeng jwa lefifi la semoya, ba tshwanetse go tsamaya jaaka bana ba lesedi. Seno se dumalana le se Jesu a neng a se raya balatedi ba gagwe mo Therong ya kwa Thabeng: “A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho, gore ba tle ba bone ditiro tsa lona tse di molemo mme ba neye Rraalona yo o kwa magodimong kgalalelo.” (Math. 5:16) A o anaanela matlotlo a semoya a o a boneng mo go Jesu thata mo o ka a buelelang mo bathong ba bangwe, ka go ba bolelela ka one mmogo le ka go nna le boitshwaro jo bo molemo jwa Bokeresete?

14, 15. (a) Dinku le diphologolo tse dingwe di ne di dirisiwa jang mo kobamelong ya boammaaruri mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele? (b) Ke ka ntlha yang fa Jesu e le letlotlo le le gaisang matlotlo otlhe a mangwe fa a dira tiro ya go nna “Kwana ya Modimo”?

14 Jesu ke “Kwana ya Modimo.” (Joh. 1:29, 36) Mo Baebeleng yotlhe, go bontshiwa gore batho ba ne ba dirisa dinku gore ba itshwarelwe maleo le gore ba atamelane le Modimo. Ka sekai, fa Aborahame a sena go bontsha gore o ne a iketleeditse go ntsha Isake morwawe setlhabelo, o ne a bolelelwa gore a se ka a utlwisa Isake botlhoko mme a newa phelehu, kgotsa nku e tonanyana gore a ntshe yone mo boemong jwa gagwe. (Gen. 22:12, 13) Fa Baiseraele ba ne ba gololwa kwa Egepeto, le bone ba ne ba dirisa dinku, jaanong e le karolo ya “tlolaganyo ya ga Jehofa.” (Ekes. 12:1-13) Mo godimo ga moo, Molao wa ga Moshe o ne o laela gore go ntshiwe ditlhabelo tsa diphologolo tse di farologaneng, go akaretsa dinku le dipodi.—Ekes. 29:38-42; Lefi. 5:6, 7.

15 Ga go sepe sa ditlhabelo tseno—e bile tota ga go setlhabelo sepe se se ntshiwang ke batho—se se neng se ka golola batho ka bosakhutleng mo boleong le mo losong. (Baheb. 10:1-4) Mme Jesu ene ke “Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe.” Seno ka bosone se dira gore Jesu e nne letlotlo le le botlhokwa go feta matlotlo otlhe a dithoto a a kileng a bonwa. Ka jalo, re tshwanetse go ipha nako ya go ithuta kgang ya thekololo ka kelotlhoko le go nna le tumelo mo thulaganyong eo e e molemolemo. Fa re dira jalo, re tla nna le tsholofelo ya go bona masego a magolo le tuelo e kgolo—“letsomanyane” le tla bona kgalalelo le tshiamelo ya go nna le Keresete kwa legodimong mme ba “dinku tse dingwe” ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng mo lefatsheng.—Luke 12:32; Joh. 6:40, 47; 10:16.

16, 17. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re tlhaloganye seabe sa ga Jesu e le ‘Moemedi yo Mogolo le Moitekanedisi wa tumelo ya rona’?

16 Jesu ke ‘Moemedi yo Mogolo le Moitekanedisi wa tumelo ya rona.’ (Bala Bahebera 12:1, 2.) Mo go Bahebera kgaolo 11, Paulo o naya tlhaloso e e maatla ka tumelo, e mo go yone a tlhalosang ka botlalo gore tumelo e kaya eng a bo a kwala lenaane la banna le basadi ba tumelo ba ba tlhomang sekao ba ba jaaka Noa, Aborahame, Sara le Rahabe. Paulo o ne a akantse ka seno sotlhe fa a ne a kgothaletsa Bakeresete ka ene go “leba ka tlhomamo kwa Moemeding yo Mogolo le Moitekanedisi wa tumelo ya rona, e bong Jesu.” Ka ntlha yang?

17 Le fa banna le basadi bao ba ba ikanyegang ba go buiwang ka bone mo go Bahebera kgaolo 11 ba ne ba na le tumelo e e nonofileng mo tsholofetsong ya Modimo, ba ne ba sa itse sengwe le sengwe ka tsela e Modimo a neng a tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ka yone a dirisa Mesia le Bogosi. Ka tsela eo, tumelo ya bone e ne e sa felela. E bile, tota le batho ba Jehofa a neng a ba dirisa go kwala boporofeti jo bontsi ka ga Mesia ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo bokao jwa se ba neng ba se kwala. (1 Pet. 1:10-12) Tumelo e ka itekanedisiwa kgotsa ya dirwa gore e nne e e feletseng ka Jesu fela. A bo go le botlhokwa jang gore re tlhaloganye sentle re bo re amogele seabe sa ga Jesu e le ‘Moemedi yo Mogolo le Moitekanedisi wa tumelo ya rona’!

Nnang lo Senke

18, 19. (a) Umaka matlotlo a mangwe a semoya a a subilweng mo go Keresete. (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tswelela pele re batla matlotlo a semoya mo go Jesu?

18 Re tlotlile ka ditiro di se kae fela tsa botlhokwa tse Jesu a di dirang go diragatsa boikaelelo jwa Modimo jwa gore batho ba bolokwe. Go na le matlotlo a mangwe gape a semoya a a subilweng mo go Keresete. Fa re a bona re tla itumela re bo re solegelwe molemo. Ka sekai, moaposetoloi Petere o ne a bitsa Jesu a re ke “Moemedi yo Mogolo wa botshelo” le “mphatlalatsane” yo o tlhabang. (Dit. 3:15; 5:31; 2 Pet. 1:19) Mme Baebele e ne ya bitsa Jesu e re “Amen.” (Tshen. 3:14) A o itse bokao le botlhokwa jwa ditiro tseno? Fela jaaka Jesu a boletse, “nnang lo senke, mme lo tla bona.”—Math. 7:7.

19 Ga go na ope gotlhelele yo botshelo jwa gagwe bo nnileng le bokao thata jaaka jwa ga Jesu e bile bo amana thata jaana le go tshelela ruri ga rona. Go na le matlotlo a semoya mo go ene a a ka bonwang ke mongwe le mongwe yo o mmatlang ka pelo yotlhe. E kete o ka itumela mme wa segofala ka go bona matlotlo a a ‘subilweng ka kelotlhoko mo go ene.’

A o A Gakologelwa?

• Bakeresete ba rotloediwa gore ba senke matlotlo afe?

• Ke ka ntlha yang fa kgakololo e Paulo a e neileng Bakolosa le rona e re tshwanela gompieno?

• Umaka o bo o tlhalose mangwe a matlotlo a semoya a a ‘subilweng’ mo go Keresete.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Baebele e ntse jaaka mmapa o o re kaelang kwa matlotlong a a ‘subilweng ka kelotlhoko’ mo go Keresete