Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dirisana Mmogo go Tlisa Kgatelopele ya Semoya

Go Dirisana Mmogo go Tlisa Kgatelopele ya Semoya

Go Dirisana Mmogo go Tlisa Kgatelopele ya Semoya

GO NNA le moya wa tirisanommogo go botlhokwa mo bathong ba ba batlang go aga lelapa le le ratang dilo tsa semoya. Fa Jehofa a ne a bopa banyalani ba ntlha, o ne a gatelela botlhokwa jwa go dirisana mmogo. Efa o ne a tshwanetse go dirisana le Adame e le “motlatsi” wa gagwe. (Gen. 2:18) Mo lenyalong monna le mosadi ba tshwanetse go dirisana mmogo le go thusana. (Mor. 4:9-12) Go diragatsa boikarabelo jo Jehofa a bo neileng batsadi le bana le gone go tlhoka tirisanommogo.

Kobamelo ya Lelapa

Barry le Heidi ba na le bana ba le batlhano. Ba lemoga gore fa ba dirisana mmogo gore ba nne le thuto ya lelapa ya Baebele seo se ba thusa gore ba gatele pele semoyeng. Barry a re: “Pele ga re tshwara thuto ya lelapa ke a tle ke neye bana dikabelo tse dinnye. Ka dinako tse dingwe ke ba abela go batla dintlha mo ditlhogong tsa makasine wa Tsogang! mme ke bo ke ba kopa gore ba tlotlele lelapa ka se ba se badileng. Gape re ikatisetsa se re yang go se bua kwa tirelong ya tshimo gore ngwana mongwe le mongwe a itse se a tla se buang.” Heidi ene a re: “Mongwe le mongwe wa rona o na le lenaane la mekgele e a batlang go e fitlhelela mo tirelong ya ga Jehofa, mme re nna re e tlhola gangwe le gape fa re tshwere thuto ya lelapa go bona gore re gatetse pele go le kana kang.” Gape banyalani bano ba lemogile gore fa ka metlha go nna le maitseboa mangwe a go sa lebelelweng thelebishene ka one, botlhe mo lelapeng ba nna le tshono ya go ipalela ka tidimalo.

Dipokano Tsa Phuthego

Mike le Denise ba godisitse bana ba le banè. Lelapa la bone le solegetswe molemo jang ke go dirisana mmogo? Mike a re: “Ka dinako tse dingwe, le fa re ne re ka rulaganya dilo sentle, re ne re fitlha thari kwa dipokanong, mme re ne ra lemoga gore go dirisana mmogo go re thusa go tsena ka nako.” Denise a re: “Fa bana ba ne ba gola, mongwe le mongwe wa bone o ne a na le tiro e a e dirang mo lapeng. Morwadiarona Kim o ne a thusa ka go apaya le go baakanya tafole e go jelwang mo go yone.” Morwa wa bone Michael a re: “Ka Labobedi maitseboa go ne go tshwarelwa pokano ya phuthego mo legaeng la rona. Ka jalo re ne re phepafatsa phaposi re bo re ntsha ditulo re di baya sentle.” Morwa yo mongwe e bong Matthew, a re: “Rre o ne a tlhomamisa gore o goroga go sa le gale mo lapeng go tswa tirong ka malatsi a dipokano gore a re thuse go ipaakanyetsa go ya dipokanong.” Matswela e ne ya nna afe?

Ga se Matsapa a Lefela

Mike o anela jaana: “Nna le Denise re ne ra simolola go bula tsela ka 1987. Ka nako eo, bana ba rona ba le bararo ba ne ba sa ntse ba nna mo gae. Ba le babedi e ne ya nna babulatsela, mme ba bangwe ba direla mo ditirong tsa go aga kwa magaeng a Bethele. Se se itumedisang lelapa la rona le go feta ke gore re ne ra kgona go thusa batho ba le 40 go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa. Gape re ile ra nna le tshiamelo ya go dira re le lelapa mo ditirong tsa go aga, le e leng kwa dinageng di sele.”

Eleruri, go dirisana mmogo lo le lelapa ga se matsapa a lefela. A o ka batla ditsela tse dingwe tse o ka dirisanang ka tsone le maloko a mangwe a lelapa la gago? O ka tlhomamisega gore go nna le moya wa tirisanommogo go tla thusa lelapa la gaeno go gatela pele semoyeng.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Go ikatisetsa go ya tshimong go thusa gore lelapa le dire kgatelopele mo bodireding