Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ne Ka Simolola go ‘Gakologelwa Mmopi Wa me Yo Mogolo’ Dingwaga di le 90 Tse di Fetileng

Ke ne Ka Simolola go ‘Gakologelwa Mmopi Wa me Yo Mogolo’ Dingwaga di le 90 Tse di Fetileng

Ke ne Ka Simolola go ‘Gakologelwa Mmopi Wa me Yo Mogolo’ Dingwaga di le 90 Tse di Fetileng

Jaaka go boletse Edwin RIdgwell

KA Letsatsi la Peomarumofatshe [Armistice Day], November 11, 1918, bana ba sekolo sa rona ba ne ba phuthiwa go sa lebelelwa go tla go keteka bokhutlo jwa Ntwa e Kgolo, e moragonyana e neng ya bidiwa Ntwa ya Lefatshe I. Ke ne ke na le dingwaga di le tlhano fela mme ke ne ke sa tlhaloganye gore tota go ketekwa eng. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya se batsadi ba me ba neng ba se nthutile ka Modimo, ke ne ke sa batle go nna le seabe mo moketeng oo. Ke ne ka rapela Modimo, mme le fa go ntse jalo, ke ne ka tlalelana ke bo ke simolola go lela. Mme ga ke a ka ka nna le seabe mo moketeng oo. Ke ne ka simolola go ‘gakologelwa Mmopi wa me yo Mogolo’ ka nako eo.—Mor. 12:1.

Dikgwedi di se kae pele ga tiragalo eno kwa sekolong, lelapa la rona le ne le fudugetse gaufi le Glasgow kwa Scotland. Mo e ka nnang ka nako eo, Rre o ne a ya go reetsa puo ya phatlalatsa e e nang le setlhogo se se reng “Dimilione Tse di Tshelang Jaanong ga di Kitla di Swa.” E ile ya fetola botshelo jwa gagwe. Rre le Mmè ba ne ba simolola go ithuta Baebele mme gantsi ba ne ba tlotla ka Bogosi jwa Modimo le masego a a tlang. Ke leboga Modimo gore go simolola ka yone nako eo batsadi ba me ba ile ba nthuta go rata Modimo le go mo tshepa.—Dia. 22:6.

Ke Simolola Tirelo Ya me Ya Nako e e Tletseng

Fa ke na le dingwaga di le 15, ke ne ke tshwanelega go simolola sekolo se segolwane, mme tota ke ne ke batla go nna modiredi wa nako e e tletseng. Rre o ne a tsaya gore ke sa ntse ke le monnye thata, ka jalo ke ne ka bereka mo ofising ka nakwana. Le fa go ntse jalo, keletso ya me ya go direla Jehofa ka nako e e tletseng e ne e le maatla mo e leng gore letsatsi lengwe ke ne ka kwalela J. F. Rutherford lekwalo, yo o neng a okametse tiro ya lefatshe lotlhe ya go rera ka nako eo. Ke ne ka mmotsa gore o akanyang ka se ke neng ke batla go se dira. Mokaulengwe Rutherford o ne a nkaraba a re: “Fa o godile mo o lekaneng go bereka, o ka kgona go dira tiro ya Morena. . . . Ke dumela gore Morena o tla go segofatsa fa o tsaya matsapa a go mo direla ka boikanyegi.” Lekwalo leno, le le neng le kwadilwe ka March 10, 1928, le ne la tlhotlheletsa lelapa la rona. Go ise go ye kae, nna, Rre, Mmè le nkgonne re ne ra nna badiredi ba nako e e tletseng.

Ka 1931 kwa kopanong ya kgaolo kwa London, Mokaulengwe Rutherford o ne a kgothaletsa batho gore ba ithaopele go ya go rera dikgang tse di molemo kwa dinageng di sele. Ke ne ka ithaopa, mme nna le Andrew Jack, re ne ra abelwa go ya go direla kwa Kaunas, e ka nako eo e neng e le motsemogolo wa Lithuania. Ke ne ke na le dingwaga di le 18.

Go Rera Molaetsa wa Bogosi Kwa Nageng e Sele

Ka nako eo, Lithuania e ne e le setšhaba sa temothuo se se humanegileng, mme go rera mo metseselegaeng go ne go se motlhofo. Go ne go le thata go bona lefelo la bonno, mme re ka se tsoge re lebetse mangwe a mafelo a re kileng ra nna kwa go one. Ka sekai, bosigo bongwe nna le Andrew re ne ra tsoga ka gonne re utlwa re kokonelwa. Fa re sena go tshuba lobone lwa lookwane, re ne ra bona bolao bo nyeuma ditsitsiri. Di ne di re lomile mmele otlhe! Ke ne ka fetsa beke ke tsoga moso le moso, ke ya fa nokeng e e fa gaufi ke bo ke ema mo go yone gore metsi a yone a a tsididi a nkeme go fitlha fa thamong go okobatsa botlhoko. Le fa go ntse jalo, re ne re ikemiseditse go tswelela ka bodiredi. Ka bonako morago ga moo, bothata jwa marobalo bo ne jwa rarabologa fa re kopana le banyalani ba ba neng ba amogetse boammaaruri. Ba ne ba re amogela mo legaeng la bone le lennye mme le le phepa. Re ne ra itumelela go robala fa fatshe. Go ne go le botoka thata go na le go longwa ke ditsitsiri!

Ka nako eo Lithuania e ne e laolwa ke baruti ba Katoliki ya Roma le ba kereke ya Orthodox ya kwa Russia. Batho ba ba humileng ke bone fela ba neng ba ka kgona go reka Baebele. Boikaelelo jwa rona jo bogolo e ne e le go bereka tshimo e kgolo kafa go ka kgonegang ka teng le go tlogela dikgatiso tse dintsi tsa Baebele mo bathong ba ba kgatlhegang. Re ne re simolola ka go batla marobalo mo toropong. Go tswa foo re ne re dira ka kelotlhoko mo mafelong a a kwa thoko, mme re bo re dira mo toropong yotlhe ka bonako. Ka tsela eo, re ne re kgona go fetsa tiro ya rona pele re ka tshwenngwa ke baruti ba lefelo leo.

Go Tsoga Modumo Mme Batho ba Simolola go Itse ka Tiro ya Rona

Ka 1934, Andrew o ne a abelwa go ya go direla kwa ofising ya lekala kwa Kaunas, mme John Sempey o ne a bereka le nna. Re ne ra diragalelwa ke dilo dingwe tse re sa di lebaleng. Letsatsi lengwe ke ne ka etela ofisi ya ramolao mongwe mo torotswaneng nngwe. Monna yono o ne a galefa tota, a ntsha tlhobolo mo llaeng, mme a nthaya a re ke tswe ke tsamaye. Ke ne ka rapelela mo pelong mme ka gopola kgakololo eno ya Baebele: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale.” (Dia. 15:1) Ka jalo, ke ne ka re, “Ke tlile ke le botsalano ka molaetsa wa dikgang tse di molemo, mme ke leboga fa o sa nthuntsha.” Monna yono o ne a repisa monwana wa gagwe o o neng o setse o ipaakanyeditse go thuntsha, mme ke ne ka kata ka morago ka kelotlhoko ka tswa mo ofising ya gagwe.

Fa ke boa ke kopana le John, o ne a mpolelela gore le ene o ne a wetswe ke seru. O ne a isitswe kwa seteisheneng sa mapodise ka gonne a latofaditswe ka gore o utswile madi a pampiri a boleng jo bo kwa godimo mo mosading yo o neng a kopane le ene. Kwa seteisheneng, mapodise a ne a apola John mme a mo phuruphutsha. Mme o ne a sa tshola madi ao. Moragonyana ba ne ba tshwara yo tota a a utswileng.

Ditiragalo tseno tsoopedi di ile tsa tsosa modumo tota mo torotswaneng eno e e didimetseng mme ga felela ka gore tiro ya rona e itsiwe re sa dira sepe se se kalo!

Go Direla mo Sephiring

Tiro e e kotsi e ne e le go isa dikgatiso tsa Baebele kwa nageng e e gaufi ya Latvia, kwa tiro ya rona ya go rera e neng e thibetswe gone. Mo e ka nnang gangwe mo kgweding, re ne re tsaya mosepele go ya kwa Latvia ka terena ya bosigo. Ka dinako tse dingwe, morago ga go folosa dibuka, re ne re fetela kwa Estonia go ya go tsaya dibuka tse di oketsegileng, tse re neng re di tlogela kwa Latvia fa re boa.

Ka nako nngwe, monna mongwe yo o dirang mo lephateng la lekgetho la dithoto o ne a longwa tsebe ka tiro ya rona mme a re laela gore re fologe mo tereneng mme re ise dibuka kwa mookameding wa gagwe. Nna le John re ne ra rapela Jehofa gore a re thuse. Se se gakgamatsang ke gore monna yono ga a ka a bolelela mookamedi wa gagwe gore re tshwere eng mme o ne fela a re, “Banna bano ba na le sengwe se ba tshwanetseng go se kwadisa.” Ke ne ka “kwadisa” se ke neng ka se tlhalosa e le dibuka tse di ka thusang batho ba ba mo dikolong le mo dikholetšheng go tlhaloganya bokao jwa se tota se diragalang mo lefatsheng la rona le le tletseng mathata. Mookamedi yono wa lekgetho la dithoto o ne a re letlelela go feta, mme re ne ra kgona go gorosa dithoto tsa rona ka pabalesego.

Fa maemo a sepolotiki a ntse a senyegela pele kwa Dinageng tsa Baltic, batho ba ne ba simolola go ganetsa Basupi thata mme tiro ya rona ya go rera e ne ya thibelwa le kwa Lithuania. Andrew le John ba ne ba busediwa gae, mme fa Ntwa ya Lefatshe II e gomagomela, batho botlhe ba ba tswang Boritane ba ne ba bolelelwa gore ba tsamaye. Le nna ke ne ka tsamaya mme ke ne ke utlwile botlhoko.

Ditshiamelo le Masego Kwa Ireland Bokone

Ka nako eo batsadi ba me ba ne ba fudugetse kwa Ireland Bokone, mme ka 1937, ke ne ka ya go nna le bone koo. Dibuka tsa rona di ne di thibetswe le kwa Ireland Bokone ka gonne batho ba ne ba tshwenyegile ka ntlha ya ntwa mme re ne ra tswelela re rera fa ntwa e ntse e tsweletse. Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, tiro ya rona e ne ya kgona go tswelela pele gape go se na thibelo. Harold King, mmulatsela yo o nang le maitemogelo yo moragonyana a ileng a direla e le morongwa kwa China, o ne a etelela pele mo go rulaganyeng dipuo tsa phatlalatsa tse di neng di neelwa kwa ntle mo lebaleng. O ne a re: “Ka Matlhatso ano, ke tla neela puo ya ntlha ya phatlalatsa e e neelwang kwa ntle.” O ne a nteba mme a re: “Mo Matlhatsong a a latelang, ke wena o tla neelang puo.” Ke ne ka gamarega.

Ke gopola puo ya me ya ntlha sentle. E ne e reeditswe ke makgolokgolo a batho. Ke ne ka neela puo eo ke eme mo godimo ga lebokose ke bua ntle le thuso ya sebuela godimo. Kwa bokhutlong jwa puo, monna mongwe o ne a tla fa go nna, a ntumedisa ka seatla, mme a mpolelela gore ke ene Bill Smith. O ne a re o ne a bone boidiidi jwa batho mme a ema go bona gore go diragalang. Bill o ne a kile a kopana le Rre mo nakong e e fetileng mme ba se tlhole ba bonana fa Rre le Mmè wa bobedi ba fudugela kwa Dublin go ya go bula tsela teng. Re ne ra simolola thuto ya Baebele. Fa nako e ntse e tsamaya, maloko a le robongwe mo lelapeng la ga Bill e ne ya nna batlhanka ba ga Jehofa.

Moragonyana ke ne ka rera mo lefelong le le tletseng matlo a magolo a maemo kwa dikarolong tse di kwa thoko tsa Belfast, kwa ke neng ka kopana le mosadi mongwe wa Russia teng yo o neng a kile a nna kwa Lithuania. Fa ke mmontsha dingwe tsa dibuka, o ne a supa buka nngwe a bo a re: “Eo ke na le yone. Ke e filwe ke rremogolo yo e leng porofesa kwa yunibesithing ya Kaunas.” O ne a mpontsha buka ya Creation, ka Se-Poland. Go ne go kwadilwe dintlha mo diphatlheng tse di kafa thoko tsa buka. A bo a ne a gakgamala jang ne fa a utlwa gore ke nna ke neng ke file rraagwemogolo buka eo fa ke ne ke kopana le ene kwa Kaunas!—Mor. 11:1.

Fa John Sempey a utlwa gore ke ne ke ya kwa Ireland Bokone, o ne a nkopa gore ke etele kgaitsadie yo mmotlana e bong Nellie, ka gonne a ne a bontshitse gore o rata boammaaruri jwa Baebele. Nna le kgaitsadiake e bong Connie re ne ra ithuta Baebele le ene. Nellie o ne a gatela pele ka bonako mme a ineela mo go Jehofa. Fa nako e ntse e ya, re ne ra ratana mme ra nyalana.

Nna le Nellie re feditse dingwaga di le 56 re direla Jehofa mmogo mme re ne ra nna le tshiamelo ya go thusa batho ba ba fetang lekgolo gore ba nne le kitso ya boammaaruri jwa Baebele. Re ne re solofetse go tshela mmogo go ralala Haramagedona re bo re tsena mo lefatsheng la ga Jehofa le lesha mmogo, mme ka maswabi o ne a tlhokafala ka 1998. Seno se ne sa nkutlwisa botlhoko thata—e ne e le nngwe ya diteko tse dikgolo go gaisa tsotlhe mo botshelong jwa me.

Fa ke Boela Kwa Dinageng Tsa Baltic

Morago ga ngwaga Nellie a tlhokafatse, ke ne ka bona masego a a itumedisang. Ke ne ka lalediwa go etela ofisi ya lekala kwa Tallinn, Estonia. Lekwalo le le tswang kwa bakaulengweng kwa Estonia le ne le re: “Mo bakaulengweng ba le lesome ba ba neng ba abetswe kwa Dinageng tsa Baltic mo dingwageng tsa bofelo tsa bo1920 le mo masimologong a bo1930, ke wena fela o sa ntseng o tshela.” Gape lekwalo leno le ne la bolela gore lekala le rulaganyetsa go kwala hisitori ya tiro e e neng ya dirwa kwa Estonia, Latvia le Lithuania, le bo le botsa jaana: “A o ka kgona go tla?”

A bo e ne e le tshiamelo jang ne go anela maitemogelo a nna le badirikanna re ileng ra nna le one mo dingwageng tseo tsa bogologolo! Kwa Latvia ke ne ka kgona go bontsha bakaulengwe kago ya ntlha e e neng e dirisiwa e le ofisi ya lekala le lefelo le le mo borulelong le re neng re fitlha dibuka tsa rona mo go lone, le mapodise a iseng a ke a le bone. Kwa Lithuania ke ne ka isiwa kwa torotswaneng e e bidiwang Šiauliai, kwa nkileng ka bula tsela teng. Fa re le mo kokoanong koo, mokaulengwe mongwe o ne a nthaya a re: “Dingwaga di le dintsi tse di fetileng nna le Mmè re ne ra reka ntlo kwa toropong. Re ne re ntsha matlakala kwa kamoreng e e kwa godimo, mme ka bona buka ya The Divine Plan of the Ages le ya The Harp of God. Fa ke di bala, ke ne ka lemoga gore ke ne ke bone boammaaruri. E tshwanetse ya bo e le wena o tlogetseng dibuka tseo kwa ntlong eo bogologolo joo!”

Gape ke ne ka ya kopanong ya potologo kwa toropong e nkileng ka bula tsela kwa go yone. Ke ne nkile ka ya kopanong koo dingwaga di le 65 pele ga foo. Ka nako eo, batho ba ba neng ba tlile kopanong ba ne ba le 35. Mme go ne go itumedisa tota go bona go tlile batho ba feta 1 500! A bo Jehofa a segofaditse tiro jang ne!

‘Jehofa Ga a Ka a Ntlogela’

Bosheng jaana ke ne ka bona masego a ke neng ke sa a lebelela gotlhelele fa kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo o molemo yo o bidiwang Bee a ne a dumela go nna mosadi wa me. Re ne ra nyalana ka November 2006.

Nka tlhomamisetsa mosha mongwe le mongwe yo o ipotsang gore a ka dirang ka botshelo jwa gagwe gore go botlhale tota go tlhwaela mafoko ano a a tlhotlheleditsweng tsebe: “Gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a bokau jwa gago.” Gone jaanong nka itumela, fela jaaka mopesalema wa Baebele: “Wena Modimo, o nthutile go tswa bosheng jwa me go ya pele, mme go fitlha jaanong ke ntse ke bolela ka ditiro tsa gago tse di gakgamatsang. Le e leng go fitlha botsofeng le botlhogoputsweng, tlhe Modimo, o se ka wa ntlogela, go fitlha ke bolelela kokomana ka lebogo la gago, ke bolelela botlhe ba ba tla tlang, ka thata ya gago”—Pes. 71:17, 18.

[Mmapa mo go tsebe 25]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Go isa dibuka kwa Latvia e ne e le tiro e e kotsi

ESTONIA

TALLINN

Kgogometso ya Riga

LATVIA

RIGA

LITHUANIA

VILNIUS

Kaunas

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke ne ka simolola go bula tsela ke na le dingwaga di le 15 kwa Scotland

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke na le Nellie kwa lenyalong la rona, 1942