Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Malapa a Bakeresete—Etsang Sekao sa ga Jesu!

Malapa a Bakeresete—Etsang Sekao sa ga Jesu!

Malapa a Bakeresete—Etsang Sekao sa ga Jesu!

“Keresete . . . [o lo tlogeletse] sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.”—1 PET. 2:21.

1. (a) Morwa Modimo o nnile le seabe sefe mo popong? (b) Jesu o ikutlwa jang ka batho?

FA Modimo a ne a dira magodimo le lefatshe, Morwawe wa leitibolo o ne a na le ene e le “modiri yo o setswerere.” Morwa Modimo gape o ne a dira le Rraagwe e bong Jehofa fa A ne a tlhama le go bopa diphologolo le dimela tse dintsi tse di farologaneng mo lefatsheng, le fa A ne a dira Paradaise e e neng e tla nna legae la dibopiwa tse di dirilweng mo setshwanong sa ga Jehofa. Morwa Modimo, yo moragonyana a neng a bidiwa Jesu, o ne a rata batho fela thata. “Dilo tse [a] neng [a] di rata di ne di na le bomorwa batho.”—Dia. 8:27-31; Gen. 1:26, 27.

2. (a) Jehofa o neile batho ba ba sa itekanelang eng se se ka ba thusang? (b) Baebele e naya kaelo mo karolong efe ya botshelo?

2 Fa batho ba ntlha ba babedi ba sena go leofa, go rekolola batho ba ba leofileng e ne ya nna karolo ya botlhokwa ya boikaelelo jwa ga Jehofa. Jehofa o ne a ntsha Keresete e le setlhabelo sa thekololo gore batho ba tle ba kgone go rekololwa. (Bar. 5:8) Gape Jehofa o re neile Lefoko la gagwe, Baebele, le le nayang batho kaelo ya kafa ba ka kgonang go atlega ka teng mo botshelong le fa ba ruile bosaitekanelang. (Pes. 119:105) Jehofa mo Lefokong la gagwe o naya batho kaelo e e ka ba thusang go nna le malapa a a seoposengwe, a a itumetseng. Fa buka ya Genesise e bua ka lenyalo, ya re monna o tshwanetse go ‘ngaparela mosadi wa gagwe mme ba nne nama e le nngwe.’—Gen. 2:24.

3. (a) Jesu o ne a ruta eng ka lenyalo? (b) Re tlile go ithuta eng mo setlhogong seno?

3 Ka nako ya fa Jesu a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng o ne a gatelela gore lenyalo le tshwanetse go nnela ruri. O ne a ruta melaometheo e e leng gore fa maloko a lelapa a e dirisa e ka ba thusa go tila mekgwa le boitshwaro jo bo neng bo ka tsenya lenyalo la bone mo kotsing kana jwa dira gore lelapa la bone le se ka la itumela. (Math. 5:27-37; 7:12) Setlhogo seno se tla tlotla kafa dithuto tsa ga Jesu le sekao se a se tlhomileng fa a le mo lefatsheng se ka thusang banna, basadi, batsadi le bana ka teng go tshela matshelo a a itumetseng, a a kgotsofatsang.

Kafa Monna wa Mokeresete a Tlotlang Mosadi wa Gagwe ka Teng

4. Maikarabelo a ga Jesu a tshwana jang le a banna ba Bakeresete?

4 Modimo o tlhomile monna go nna tlhogo ya lelapa, fela jaaka Jesu e le Tlhogo ya phuthego. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Monna ke tlhogo ya mosadi wa gagwe jaaka Keresete le ene a le tlhogo ya phuthego, ka ene e le mmoloki wa mmele ono. Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone.” (Baef. 5:23, 25) Ee ruri, tsela e Jesu a neng a tshwara balatedi ba gagwe ka yone ke sekao sa kafa banna ba Bakeresete ba tshwanetseng go tshwara basadi ba bone ka teng. A re sekasekeng dingwe tsa ditsela tse ka tsone Jesu a neng a dirisa taolo e a neng a e neilwe ke Modimo.

5. Jesu o ne a tshwara barutwa ba gagwe jang?

5 Jesu o ne a le “bonolo e bile [a le] boikokobetso mo pelong.” (Math. 11:29) Gape o ne a tsaya kgato fa go tlhokega. O ne a se ke a tlhoka go diragatsa maikarabelo a gagwe. (Mar. 6:34; Joh. 2:14-17) O ne a naya barutwa ba gagwe kgakololo ka bopelonomi, e bile o ne a dira jalo gangwe le gape fa go tlhokega. (Math. 20:21-28; Mar. 9:33-37; Luke 22:24-27) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a sa ba omanye e bile a sa ba nyenyefatse, gape o ne a sa dire gore ba ikutlwe ba sa ratiwe kana ba ka se kgone go dira se a neng a ba ruta gore ba se dire. Go na le moo, o ne a akgola barutwa ba gagwe e bile a ba kgothatsa. (Luke 10:17-21) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba mo tlotla ka gonne o ne a ba tshwara ka tsela e e lorato le ka kutlwelobotlhoko!

6. (a) Monna a ka ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a tshwara barutwa ba gagwe ka yone? (b) Petere o naya banna kgothatso efe?

6 Sekao sa ga Jesu se ruta banna gore fa ba batla go etsa botlhogo jwa gagwe ba se ka ba gatelela basadi ba bone setlhogo. Go na le moo, ba ba bontshe tlotlo le lorato lwa go intsha setlhabelo. Moaposetoloi Petere o ne a kgothatsa banna gore ba etse tsela e Jesu a neng a bontsha lorato ka yone ka go ‘nna ka mokgwa o o tshwanang’ le basadi ba bone, ba “ba naya tlotlo.” (Bala 1 Petere 3:7.) Ka jalo, monna a ka etelela lelapa la gagwe pele jang mme gape a tshwara mosadi wa gagwe jaaka motho yo o tshwanelwang ke tlotlo?

7. Monna a ka tlotla mosadi wa gagwe jang? Naya dikai.

7 Tsela e nngwe e monna a ka tlotlang mosadi wa gagwe ka yone ke ka go akanyetsa maikutlo a gagwe le tsela e a lebang dilo ka yone pele ga a dira ditshwetso tse di amang lelapa. Gongwe ba tshwanetse go dira tshwetso malebana le go fudugela go sele kana go tlhopha tiro e sele kgotsa ka dikgang tsa letsatsi le letsatsi, tse di jaaka gore lelapa le ye go jela malatsi a boitapoloso kae kana gore go ka dirwa jang go fokotsa ditshenyegelo tsa lelapa ka gonne ditlhwatlhwa tsa dilo di ile kwa godimo. Ka gonne lelapa le tla amega, go tla bo go le molemo e bile e le bopelontle gore monna a akanyetse maikutlo a mosadi wa gagwe, ka gonne seno se ka mo thusa go dira tshwetso e e siameng, e e bontshang gore o a mo akanyetsa, mme go tla nna motlhofo gore mosadi wa gagwe a mo eme nokeng. (Dia. 15:22) Fa banna ba Bakeresete ba tlotla basadi ba bone, basadi ba bone ba tla ba rata le go ba tlotla, mme sa botlhokwa le go feta, banna bano ba tla amogelwa ke Jehofa.—Baef. 5:28, 29.

Kafa Mosadi a Bontshang ka Teng Gore o Tlotla Monna wa Gagwe ka Tlotlo e e Boteng

8. Ke eng fa sekao sa ga Efa se sa tshwanela go latelwa?

8 Jesu o tlhometse basadi ba ba nyetsweng ba Bakeresete sekao se se molemo thata sa go ikobela taolo. Tsela e a lebang taolo ka yone e farologane thata le ya mosadi wa ntlha. Efa ga a tlhomela basadi sekao se se molemo. Modimo o ne a tlhomile mongwe gore e nne tlhogo ya gagwe e Modimo a neng a fetisa ditaelo tsa gagwe ka yone. Le fa go ntse jalo, Efa ga a ka a tlotla botlhogo joo. Ga a ka a amogela ditaelo tse Adame a neng a di fetisetsa mo go ene. (Gen. 2:16, 17; 3:3; 1 Bakor. 11:3) Ke boammaaruri gore Efa o ne a tsiediwa; mme a ka bo a ile a botsa monna wa gagwe gore a go ne go tla bo go tshwanetse gore a dumele lentswe le le neng le re le mmolelela se ‘Modimo a se itseng.’ Go na le moo, o ne a ipagololela mogodu mme a etelela monna wa gagwe pele.—Gen. 3:5, 6; 1 Tim. 2:14.

9. Jesu o tlhoma sekao sefe sa go ikoba?

9 Go farologana le seo, Jesu ene o ne a tlhoma sekao se se molemolemo sa go ikobela Tlhogo ya gagwe. Boikutlo jwa gagwe le tsela e a neng a tshela ka yone di bontsha gore ga a “ka a akanyetsa go itseela, e leng, go lekana le Modimo.” Go na le moo, “o ne a iithontsha, a tsaya sebopego sa motlhanka.” (Bafil. 2:5-7) Gompieno, jaaka Jesu e le Kgosi e e busang, o ntse a na le boikutlo jo bo tshwanang. O ineela mo go Rraagwe ka boikokobetso mo dilong tsotlhe e bile o ema botlhogo jwa Gagwe nokeng.—Math. 20:23; Joh. 5:30; 1 Bakor. 15:28.

10. Mosadi a ka ema botlhogo jwa monna wa gagwe nokeng jang?

10 Mosadi wa Mokeresete o tshwanetse go etsa Jesu ka go ema botlhogo jwa monna wa gagwe nokeng. (Bala 1 Petere 2:21; 3:1, 2.) Akanya ka boemo jo a ka nnang le sebaka sa go dira jalo mo go jone. Morwawe o kopa go dira sengwe se se tlhokang tetla ya batsadi. Ka gonne batsadi ba ise ba buisane ka kgang eo, go tla bo go tshwanela gore mmaagwe a mmotse jaana, “A o buile le rrago?” Fa a sa dira jalo, go ka nna molemo gore mmaagwe a bue le rraagwe pele ga go dirwa tshwetso. Gape mosadi wa Mokeresete ga a tshwanela go ganetsa kgotsa go ngangisana le monna wa gagwe fa pele ga bana ba bone. Fa a sa dumalane le monna wa gagwe ka sengwe, o tla bua le ene kwa thoko.—Baef. 6:4.

Sekao se Jesu a se Tlhometseng Batsadi

11. Jesu o tlhometse batsadi sekao se se ntseng jang?

11 Le fa Jesu a ise a ko a nyale kana a nne le bana, o tlhometse batsadi ba Bakeresete sekao se se molemo thata. Jang? O ne a ruta barutwa ba gagwe ka lorato le ka bopelotelele ka mafoko le ka go ba tlhomela sekao. O ne a ba bontsha gore ba diragatse jang thomo e a neng a e ba neile. (Luke 8:1) Tsela e Jesu a neng a tshwara barutwa ba gagwe ka yone e ne ya ba ruta kafa ba tshwanetseng go tshwarana ka teng.—Bala Johane 13:14-17.

12, 13. Batsadi ba tshwanetse go dirang gore ba kgone go godisa bana ba ba boifang Modimo?

12 Bana ba na le mokgwa wa go etsa batsadi ba bone, e ka tswa e le ka tsela e e siameng kana e e sa siamang. Ka jalo, batsadi, ipotseng jaana: ‘Re ruta bana ba rona eng fa go tliwa mo nakong e re e senyang re lebile thelebishene le mo boitlosobodutung mmogo le e re e dirisang re ithuta Baebele kana re le mo tirelong ya tshimo? Tota ke eng se se tlang pele mo lelapeng la rona? A re tlhoma sekao se se molemo ka go baya kobamelo ya boammaaruri kwa pele mo botshelong jwa rona le fa re dira ditshwetso?’ Molao wa Modimo o tshwanetse go nna pele mo dipelong tsa batsadi gore ba kgone go godisa bana ba ba boifang Modimo.—Dute. 6:6.

13 Fa batsadi ba leka ka natla go dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi, bana ba bone ba tla lemoga seo. Bana ba tla tlhotlhelediwa ke se batsadi ba bone ba se buang le se ba se rutang. Le fa go ntse jalo, fa bana ba lemoga gore batsadi ga ba dire se ba se buang, ba ka nna ba swetsa ka gore go raya gore melaometheo ya Baebele ga e botlhokwa thata kana ga e na mosola. Ka ntlha ya seo, bana ba ka nna ba ineela fa ba lebane le kgatelelo ya lefatshe.

14, 15. Batsadi ba tshwanetse go thusa bana ba bone go baya dilo dife kwa pele, mme nngwe ya ditsela tse ba ka dirang jalo ka tsone ke efe?

14 Batsadi ba Bakeresete ba tlhaloganya gore go godisa ngwana ga se fela go mo naya dilo tsa nama tse a di tlhokang. Ka jalo, go tla bo go se botlhale le e seng go ruta ngwana go latelela mekgele e e tla mo thusang fela go nna le dithoto. (Mor. 7:12) Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe gore ba beye dilo tsa semoya le mekgele ya semoya kwa pele mo matshelong a bone. (Math. 6:33) Ka jalo, batsadi ba Bakeresete le bone ba tshwanetse go etsa Jesu ka go leka go tsenya keletso ya go latelela mekgele ya semoya mo dipelong tsa bana ba bone.

15 Tsela e nngwe e batsadi ba ka dirang seno ka yone ke ka go bulela bana ba bone sebaka sa go tlwaelana le batho ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng. Akanya kafa go tlwaelana le babulatsela kana le molebedi wa potologo le mosadi wa gagwe go ka kgothatsang basha ka teng. Fa barongwa, maloko a lelapa la Bethele, kana ba ba dirang tiro ya go aga mo dinageng tse di farologaneng ba etile, ba ka bua ka matlhagatlhaga kafa go direla Jehofa go itumedisang ka teng. Kwantle ga pelaelo baeng ba ba ntseng jalo ba tla bo ba na le maitemogelo a a itumedisang a ba ka a tlotlang. Sekao sa bone sa go intsha setlhabelo mo tirelong se ka thusa bana ba gago thata gore ba dire ditshwetso tse di botlhale, ba ipeele mekgele e e molemo, le gore ba bone thuto e e tla ba thusang go itshedisa fa ba le mo tirelong ya nako e e tletseng.

Bana—Ke Eng se se Tla lo Thusang go Etsa Sekao sa ga Jesu?

16. Jesu o ne a bontsha jang gore o tlotla batsadi ba gagwe ba mo lefatsheng le Rraagwe yo o kwa legodimong?

16 Bana, le lona Jesu o lo tlhometse sekao se se molemo thata. Josefa le Marea ba ne ba neilwe Jesu gore ba mo tlhokomele, mme o ne a ba ikobela. (Bala Luke 2:51.) O ne a tlhaloganya gore, le fa ba sa itekanela, Modimo o ne a ba neile maikarabelo a go mo tlhokomela. Ka ntlha ya seo, o ne a tshwanetse go ba tlotla. (Dute. 5:16; Math. 15:4) Le fa Jesu a setse a godile, ka metlha o ne a dira dilo tse di neng di itumedisa Rraagwe yo o kwa legodimong. Se se neng sa mo thusa go dira jalo e ne e le go tila go wela mo thaelong. (Math. 4:1-10) Lona basha ka dinako tse dingwe lo ka nna lwa raelesega gore lo se ka lwa ikobela batsadi ba lona. Ka jalo, ke eng se se ka lo thusang go etsa sekao sa ga Jesu?

17, 18. (a) Basha ba lebana le kgwetlho efe kwa sekolong? (b) Basha ba ka kgona go itshokela diteko fa ba ka gakologelwa eng?

17 Gongwe bana ba bantsi ba o tsenang sekolo le bone ga ba tseye melao ya Baebele tsia. Ba ka nna ba leka go go tlhotlheletsa go dira dilo dingwe tse di phoso mme ba go je setshego fa o gana. A bana ba o tsenang sekolo le bone ba na le go go bitsa ka maina a a kgobang ka gonne o gana go dira dilo dingwe le bone? Fa ba dira jalo, o itshwara jang? O itse gore fa o ka ba letla gore ba go tshose mme o ye le mogoro, o tla swabisa batsadi ba gago le Jehofa. O tla felela kae fa o ka sala bana ba o tsenang sekolo le bone morago? Gongwe o ipeetse mekgele mengwe, e e tshwanang le go nna mmulatsela kana motlhanka wa bodiredi, go direla kwa go tlhokegang baboledi ba Bogosi thata teng, kana go nna leloko la lelapa la Bethele. A go tsalana le bana ba o tsenang sekolo le bone go tla go thusa go fitlhelela mekgele ya gago?

18 A lona basha ba ba mo phuthegong ya Bokeresete lo a tle lo iphitlhele lo le mo maemong a tumelo ya lona e lekwang mo go one? Lo itshwara jang mo maemong ao? Akanyang ka motlhomasekao wa lona, Jesu. O ne a gana go ineela fa a lekwa mme o ne a ema a nitame a emela se a itseng gore se siame. Go gakologelwa seno go tla lo thusa gore lo nne le maatla a go bolelela ba lo tsenang sekolo le bone ka tlhamalalo gore ga lo batle go kopanela le bone mo go direng sengwe se lo itseng gore se phoso. Jaaka Jesu, nnang lo tlhomile mogopolo mo tsholofelong ya go direla Jehofa le go mo ikobela botshelo jotlhe jwa lona.—Baheb. 12:2.

Se se Ka Dirang Gore Botshelo Jwa Lelapa bo Itumedise

19. Ke eng se se tlisang boitumelo jwa mmatota mo botshelong?

19 Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba batla gore batho ba tshele botshelo jo bo itumedisang tota. Le fa re sa itekanela, re ka kgona go itumela ka selekanyo se se rileng. (Isa. 48:17, 18; Math. 5:3) Jesu o ne a ruta dithuto tsa boammaaruri tse di ka dirang gore batho ba itumele, mme seo ga se sone fela se a neng a se ruta barutwa ba gagwe. Gape o ne a ba ruta tsela e e molemolemo ya go tshela. E bile o tlhomile sekao se se molemo sa go tshela botshelo jo bo tekatekano le go leba dilo ka tsela e e siameng. Rotlhe re ka solegelwa molemo ke go etsa sekao sa gagwe, le fa maikarabelo a rona mo lapeng e ka tswa e le afe. Ka jalo banna, basadi, batsadi le bana, etsang sekao sa ga Jesu! Go amogela dithuto tsa ga Jesu le go etsa sekao sa gagwe ruri go ka re thusa go tshela botshelo jo bo kgotsofatsang le jo bo itumedisang jwa lelapa.

O ka Araba Jang?

• Banna ba tshwanetse go dirisa jang taolo e ba e neilweng ke Modimo?

• Mosadi a ka etsa jang sekao sa ga Jesu?

• Batsadi ba ka ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a tshwara barutwa ba gagwe ka yone?

• Basha ba ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jesu?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Monna yo o lorato o tla dirang pele ga a dira tshwetso e e amang lelapa?

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Ke maemo afe a a nayang mosadi sebaka sa go ema botlhogo jwa monna wa gagwe nokeng?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Bana ba etsa mekgwa e e molemo ya batsadi ba bone