Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tshelela Ruri mo Lefatsheng—Tsholofelo E re E Newang ke Modimo

Go Tshelela Ruri mo Lefatsheng—Tsholofelo E re E Newang ke Modimo

Go Tshelela Ruri mo Lefatsheng—Tsholofelo E re E Newang ke Modimo

“Popo e ne ya bewa mo taolong e e se nang mosola . . . mo motheong wa tsholofelo.”—BAR. 8:20.

1, 2. (a) Ke eng fa tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng e le botlhokwa mo go rona? (b) Ke eng fa batho ba bantsi ba sa dumele kgang ya gore batho ba ka tshelela ruri mo lefatsheng?

GONGWE o gakologelwa kafa o neng o itumetse ka teng fa o ne o simolola go utlwa gore mo bogautshwaneng batho ba ka se tlhole ba tsofala le go swa mme ba tla tshelela ruri mo lefatsheng. (Joh. 17:3; Tshen. 21:3, 4) Gongwe o itumeletse go bolelela ba bangwe ka tsholofelo eo e e tswang mo Baebeleng. Mme gone tsholofelo ya go tshelela ruri ke karolo ya botlhokwa thata ya dikgang tse di molemo tse re di rerang. Tsholofelo eo e ama tsela e re lebang botshelo ka yone.

2 Gantsi madumedi a a ipitsang a Bokeresete ga a rute ka tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Baebele e ruta gore moya o a swa, mme bontsi jwa dikereke di ruta thuto e e seng ya Dikwalo ya gore motho o na le moya o o sa sweng o o tswelelang o tshela mo lefelong la meya morago ga loso. (Esek. 18:20) Ke sone se batho ba bantsi ba sa dumeleng kgang ya gore batho ba ka tshelela ruri mo lefatsheng. Ka jalo, re ka botsa jaana: A ruri Baebele e ruta ka tsholofelo eno? Fa go ntse jalo, Modimo o ne a e senolela batho leng lekgetlho la ntlha?

“E ne Ya Bewa mo Taolong E e Se Nang Mosola . . . mo Motheong wa Tsholofelo”

3. Maikaelelo a Modimo ka batho a ne a bonala jang fa batho ba ntlha ba sena go bopiwa?

3 Maikaelelo a ga Jehofa ka batho a ne a senolwa fela fa batho ba ntlha ba sena go bopiwa. Modimo o ne a bontsha sentle gore Adame o ne a tla tshelela ruri fa a le kutlo. (Gen. 2:9, 17; 3:22) Kwantle ga pelaelo ditlogolwana tsa ntlha tsa ga Adame di ne tsa utlwa gore go ne go diregile jang gore motho a se ka a tlhola a itekanela, mme le tsone di ne tsa iponela bosupi jwa seo. Kgoro e e tsenang kwa tshimong ya Edene e ne e thibilwe, mme batho ba ne ba simolola go tsofala le go swa. (Gen. 3:23, 24) Fa nako e ntse e tsamaya, lobaka lo batho ba lo tshelang lo ne lwa nna lwa fokotsega. Adame o ne a tshela dingwaga di le 930. Sheme yo o neng a falotse Morwalela o ne a tshela dingwaga di le 600 fela mme morwawe e bong Arepakeshade o ne a tshela dingwaga di le 438. Rraagwe Aborahame, Tera, o ne a tshela dingwaga di le 205. Aborahame o ne a tshela dingwaga di le 175, Isake morwawe a tshela di le 180, mme Jakobe ene a tshela di le 147. (Gen. 5:5; 11:10-13, 32; 25:7; 35:28; 47:28) Batho ba bantsi ba tshwanetse ba bo ba ne ba lemoga gore go fokotsega ga lobaka lo batho ba lo tshelang go kaya eng—ba ne ba sa tlhole ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri! A ba ne ba na le lebaka la go dumela gore batho ba ka kgona go boa ba tshelela ruri gape?

4. Ke ka ntlha yang fa batho ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ne ba dumela gore Modimo o tla boa a naya batho masego a a latlhilweng ke Adame?

4 Lefoko la Modimo la re: “Popo [ya batho] e ne ya bewa mo taolong e e se nang mosola . . . mo motheong wa tsholofelo.” (Bar. 8:20) Tsholofelo efe? Boporofeti jwa ntlhantlha jwa Baebele bo ne jwa bua ka “losika” lo lo neng lo tla ‘gobatsa noga mo tlhogong.’ (Bala Genesise 3:1-5, 15.) Tsholofetso eo ya gore go tla nna le Losika e ne e naya batho ba ba ikanyegang tsholofelo ya gore Modimo a ka se tlhanogele maikaelelo a a nang le one ka batho. E ne ya naya batho ba ba tshwanang le Abele le Noa lebaka la go dumela gore Modimo o tla boa a naya batho masego a a latlhilweng ke Adame. Batho bano ba ka tswa ba ne ba tlhaloganya gore ‘go gobadiwa ga losika mo seretheng’ go ne go tla akaretsa tshololo ya madi.—Gen. 4:4; 8:20; Baheb. 11:4.

5. Ke eng se se bontshang gore Aborahame o ne a na le tumelo mo tsogong?

5 Akanya ka Aborahame. Fa Aborahame a ne a lekwa, go ne ga “tshwana le fa a ne a isitse Isake tshupelo, . . . morwawe yo o tsetsweng a le esi.” (Baheb. 11:17) Ke eng fa a ne a iketleeditse go dira seno? (Bala Bahebera 11:19.) O ne a dumela mo tsogong ya baswi! Aborahame o ne a na le lebaka la go dumela mo tsogong. Aitsane, Jehofa o ne a tsosolositse maatla a ga Aborahame a tsalo mme a dirile gore ene le mosadi wa gagwe Sara ba kgone go nna le ngwana mo botsofeng. (Gen. 18:10-14; 21:1-3; Bar. 4:19-21) Gape Jehofa o ne a ikanetse Aborahame. O ne a mo reile a re: “Se se tla bidiwang losika lwa gago se tla nna gone ka Isake.” (Gen. 21:12) Ka jalo, Aborahame o ne a na le mabaka a a utlwalang a go solofela gore Modimo o tla tsosa Isake.

6, 7. (a) Jehofa o ne a dira kgolagano efe le Aborahame? (b) Tsholofetso e Jehofa a e neileng Aborahame e dirile jang gore batho ba nne le tsholofelo?

6 E re ka Aborahame a ne a na le tumelo e e tlhomologileng, Jehofa o ne a dira kgolagano le ene malebana le lotsalo, kana “losika” lwa gagwe. (Bala Genesise 22:18.) Karolo ya konokono ya “losika” loo e ne e le Jesu Keresete. (Bagal. 3:16) Jehofa o ne a boleletse Aborahame gore “losika” lwa gagwe lo ne lo tla ntsifala “jaaka dinaledi tsa magodimo le jaaka moshawa o o fa losing lwa lewatle”—palo e Aborahame a neng a sa itse gore e kana kang. (Gen. 22:17) Le fa go ntse jalo, moragonyana palo eo e ne ya senolwa. Jesu Keresete le ba ba 144 000 ba ba tla busang le ene mo Bogosing jwa gagwe, ke bone “losika” loo. (Bagal. 3:29; Tshen. 7:4; 14:1) Bogosi jwa ga Mesia ke jone jo “ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla itshegofatsa[ng]” ka jone.

7 Aborahame o ne a ka se tlhaloganye ka botlalo bokao jwa kgolagano e Jehofa a neng a e dirile le ene. Le fa go ntse jalo, Baebele ya re “o ne a letetse motse o o nang le metheo ya mmatota.” (Baheb. 11:10) Motse oo ke Bogosi jwa Modimo. Aborahame o tla tshwanelwa ke go tshela gape gore a bone masego mo Bogosing joo. O tla kgona go tshelela ruri mo lefatsheng fa a tsosiwa. Mme batho ba ba tla bonang botshelo jo bo sa khutleng ke ba ba tla falolang Haramagedona kana ba ba tla tsosiwang mo baswing.—Tshen. 7:9, 14; 20:12-14.

“Moya o Mpateletse”

8, 9. Ke eng fa buka ya Jobe e se kgang fela ya diteko tse di neng tsa wela motho a le mongwe fela?

8 Monna mongwe yo o bidiwang Jobe o ne a tshela nako nngwe morago ga setlogotlogolwana sa ga Aborahame e bong Josefa le pele ga moporofeti Moshe. Buka ya Baebele ya Jobe, e e ka tswang e kwadilwe ke Moshe, e tlhalosa lebaka la go bo Jehofa a ile a letla Jobe go boga le kafa dilo di ileng tsa mo tsamaela ka teng. Le fa go ntse jalo, buka ya Jobe ga se pego fela ya diteko tse di neng tsa wela motho a le mongwe fela; e remeletse mo dikgannyeng tse di amang batho botlhe ka kakaretso. Buka eo e bontsha gore Jehofa o busa ka tsela e e siameng, mme e senola gore bothokgami le tsholofelo ya go tshela mo isagweng ya batlhanka botlhe ba Modimo ba ba mo lefatsheng di a amega mo kgangkgolong e e simologileng kwa Edene. Le fa Jobe a ne a sa tlhaloganye kgang eno, ga a ka a letla gore ditsala tsa gagwe tse tharo di mo tlhotlheletse go akanya gore o ne a paletswe ke go boloka bothokgami. (Jobe 27:5) Seno se tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona le go re thusa go lemoga gore re ka kgona go boloka bothokgami le go ema bolaodi jwa ga Jehofa nokeng.

9 Fa bagomotsi ba bararo ba maaka ba ga Jobe ba sena go bua, “Elihu morwa Barakele wa Mobuse [o ne] a araba.” Ke eng se se neng se mo tlhotlheletsa go bua? O ne a re: “Ke tletse ka mafoko. Moya o mpateletse mo mpeng.” (Jobe 32:5, 6, 18) Le fa se Elihu a neng a tlhotlhelediwa go se bua se ile sa diragadiwa fa diteko tsa ga Jobe di fela, mafoko a gagwe a na le bokao le mo bathong ba bangwe. A naya batho botlhe ba ba bolokang bothokgami tsholofelo.

10. Ke eng se se bontshang gore ka dinako tse dingwe molaetsa o Jehofa a o nayang motho a le mongwe fela o ka ama batho botlhe ka kakaretso?

10 Ka dinako tse dingwe Jehofa o naya motho a le mongwe fela molaetsa o gape o amang batho botlhe ka kakaretso. Re bona seno mo boporofeting jwa ga Daniele jo bo malebana le toro ya ga Kgosi Nebukadenesare wa Babelona e e neng e bua ka go rengwa ga setlhare se segolo. (Dan. 4:10-27) Le fa go diragadiwa ga toro eo go ne go amana le Nebukadenesare, e ne e na le bokao jo bogolo thata. E ne e kaya gore bolaodi jwa Modimo mo lefatsheng, jo bo neng bo emelwa ke bogosi jwa losika lwa ga Kgosi Dafide, bo ne bo tla simolola gape morago ga dingwaga tse 2 520, go simolola ka 607 B.C.E. * Bolaodi jwa Modimo mo lefatsheng bo simolotse go bonala gape fa Jesu Keresete a ne a tlhomiwa go nna Kgosi kwa legodimong ka ngwaga wa 1914. Akanya fela kafa puso ya Bogosi e tla tlogang e naya batho ba ba kutlo se ba se solofetseng ka teng!

“Mo Golole Gore a se Fologele mo Kgatamping!”

11. Mafoko a ga Elihu a ne a kaya eng ka Modimo?

11 Fa Elihu a araba Jobe, o bua ka “morongwa, mmueledi, a le mongwe mo go ba ba sekete, go bolelela motho bothokgami jwa gagwe.” Go tweng fa e le gore morongwa yono o “rapela Modimo gore a tle a mo ipelele”? Elihu a re: “[Modimo] o mo utlwela botlhoko mme a re, ‘Mo golole gore a se fologele mo kgatamping! Ke bone thekololo! A nama ya gagwe e shafale go gaisa le nako ya bosha, a a boele mo malatsing a matlhagatlhaga a bosha jwa gagwe.’” (Jobe 33:23-26) Mafoko ao a ne a kaya gore Modimo o iketleeleditse go amogela “thekololo” mo boemong jwa batho ba ba ikwatlhayang.—Jobe 33:24.

12. Mafoko a ga Elihu a naya batho ka kakaretso tsholofelo efe?

12 Elihu a ka tswa a ne a sa tlhaloganye bokao jwa thekololo ka botlalo, fela jaaka baporofeti ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo sengwe le sengwe se ba neng ba se kwala. (Dan. 12:8; 1 Pet. 1:10-12) Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Elihu a bontsha gore o ne a na le tsholofelo ya gore letsatsi lengwe Modimo o tla amogela thekololo mme a golole batho mo botsofeng le mo losong. Mafoko a ga Elihu a ne a naya tsholofelo e e molemolemo ya botshelo jo bo sa khutleng. Gape buka ya Jobe e bontsha gore go tla nna le tsogo.—Jobe 14:14, 15.

13. Mafoko a ga Elihu a na le bokao bofe mo Bakereseteng?

13 Gompieno, mafoko a ga Elihu a ntse a na le bokao mo Bakereseteng ba bantsintsi ba ba nang le tsholofelo ya go falola tshenyego ya tsamaiso ya gone jaanong ya dilo. Batsofe ba ba tla falolang ba tla boela mo malatsing a matlhagatlhaga a bosha jwa bone. (Tshen. 7:9, 10, 14-17) Gape, tsholofelo ya go bona batho ba ba tsositsweng ba boela mo malatsing a bosha jwa bone e ntse e itumedisa batho ba ba ikanyegang le gompieno. Ee, botshelo jwa bosasweng kwa legodimong jo bo tla bonwang ke Bakeresete ba ba tloditsweng le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng jo bo tla bonwang ke “dinku tse dingwe” tsa ga Jesu, e tla nna fela jwa batho ba ba bontshang tumelo mo setlhabelong sa ga Keresete sa thekololo.—Joh. 10:16; Bar. 6:23.

Loso lo Tla Komediwa mo Lefatsheng

14. Ke eng se se bontshang gore go ne go tlhokega sengwe se se fetang Molao wa ga Moshe gore Baiseraele ba tle ba kgone go nna le tsholofelo ya go tshelela ruri?

14 Batho ba e leng ditlogolwana tsa ga Aborahame ba ne ba nna setšhaba se se ikemetseng fa ba ne ba tsena mo kgolaganong le Modimo. Fa Jehofa a ne a ba naya Molao, o ne a re: “Lo boloke melao ya me le ditshwetso tsa me tsa boatlhodi, tse fa motho a di dira, gape a tshwanetseng go tshela ka tsone.” (Lefi. 18:5) Le fa go ntse jalo, e re ka Baiseraele ba ne ba sa kgone go tshela ka ditekanyetso tse di kwa godimo tsa Molao oo, Molao o ne o ba atlhotse mme ba ne ba tlhoka go gololwa mo katlholong eo.—Bagal. 3:13.

15. Dafide o ne a tlhotlhelediwa go kwala ka masego afe a mo isagweng?

15 Fa Moshe a sena go swa, Jehofa o ne a tlhotlheletsa bakwadi ba bangwe ba Baebele gore ba umake tsholofelo ya go tshelela ruri. (Pes. 21:4; 37:29) Ka sekai, mopesalema Dafide o ne a konela pesalema nngwe e e malebana le kutlwano ya baobamedi ba boammaaruri kwa Siona ka go re: “Jehofa o ne a laola gore tshegofatso e nne koo, le eleng botshelo ka bosakhutleng.”—Pes. 133:3.

16. Jehofa o ne a solofetsa eng ka isagwe ya ‘lefatshe lotlhe’ a dirisa Isaia?

16 Jehofa o ne a tlhotlheletsa Isaia go bolelela pele gore batho ba tla tshelela ruri mo lefatsheng. (Bala Isaia 25:7, 8.) Boleo le loso di imetse batho thata jaaka “sebipo” se se fekeetsang, kgotsa kobo. Jehofa o tlhomamisetsa batho ba gagwe gore boleo le loso di tla komediwa, kana di tla tlosiwa, “mo lefatsheng lotlhe.”

17. Ke seabe sefe sa ga Mesia se go boleletsweng pele ka sone se se bulang tsela e e isang botshelo jo bo sa khutleng?

17 Akanya gape ka tsela e dilo di neng di tshwanetse go dirwa ka yone jaaka go ne go kwadilwe mo Molaong wa ga Moshe mabapi le podi ya Asasele. Gangwe fela ka ngwaga, ka Letsatsi la Tetlanyo, moperesiti yo mogolo ‘o ne a baya diatla tsa gagwe tsoopedi mo tlhogong ya podi e e tshelang a ba a bolela ditlolo tsotlhe tsa bomorwa Iseraele mo go yone, mme o ne a di baya mo tlhogong ya podi mme podi e ne e sikara ditlolo tsotlhe tsa bone e di isa kwa lefatsheng le le sekaka.’ (Lefi. 16:7-10, 21, 22) Isaia o ne a bolelela pele go tla ga ga Mesia, yo o neng a tla nna le seabe se se ntseng jalo, yo o neng a tla tshola “malwetse,” “ditlhabi,” le “boleo jwa batho ba le bantsi,” ka go dira jalo a bula tsela e e isang botshelong jo bo sa khutleng.—Bala Isaia 53:4-6, 12.

18, 19. Go buiwa ka tsholofelo efe mo go Isaia 26:19 le Daniele 12:13?

18 Jehofa o ne a bolelela setšhaba sa gagwe sa Iseraele jaana, a dirisa Isaia: “Baswi ba gago ba tla tshela. Ditopo tsa me—di tla tsoga. Tsogang lo goe ka boipelo, lona banni ba ba mo loroleng! Gonne monyo wa lona o tshwana le monyo wa morogo, mme lefatshe le tla letla le ba ba se nang maatla mo losong gore ba tsholwe.” (Isa. 26:19) Dikwalo tsa Sehebera di bontsha sentle gore go na le tsholofelo ya tsogo ya baswi le ya go tshela mo lefatsheng. Ka sekai, fa Daniele a ne a tloga a tshwara dingwaga di le 100, Jehofa o ne a mo tlhomamisetsa jaana: “O tla ikhutsa, mme o tla emela kabelo ya gago ka dinao kwa bokhutlong jwa metlha.”—Dan. 12:13.

19 E re ka Maratha a ne a na le tsholofelo ya tsogo, o ne a ka raya Jesu jaana mabapi le kgaitsadie yo o suleng: “Ke a itse gore o tla tsoga mo tsogong ya baswi ka letsatsi la bofelo.” (Joh. 11:24) A dithuto tsa ga Jesu le mekwalo e e tlhotlheleditsweng ya barutwa ba gagwe di ne tsa fetola tsholofelo eno? A Jehofa o sa ntse a naya batho tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng? Re tla tlotla ka dikarabo tsa dipotso tseno mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Bona kgaolo 6 ya buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!

A o Ka Tlhalosa?

• Popo ya motho e ne “ya bewa mo taolong e e se nang mosola” mo motheong wa tsholofelo efe?

• Ke eng se se bontshang gore Aborahame o ne a na le tumelo mo tsogong?

• Mafoko a Elihu a neng a a raya Jobe a naya batho tsholofelo efe?

• Dikwalo tsa Sehebera di gatelela jang tsholofelo ya tsogo le ya go tshelela ruri mo lefatsheng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Mafoko a Elihu a neng a a raya Jobe a naya tsholofelo ya gore batho ba tla gololwa mo botsofeng le mo losong

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Daniele o ne a tlhomamisediwa gore ‘o tla emela kabelo ya gagwe ka dinao kwa bokhutlong jwa metlha’