Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bodumedi—A ke A bo Itlhophela Kgotsa ke bo Tlhophelwa ke Batsadi ba Me?

Bodumedi—A ke A bo Itlhophela Kgotsa ke bo Tlhophelwa ke Batsadi ba Me?

Bodumedi—A ke A bo Itlhophela Kgotsa ke bo Tlhophelwa ke Batsadi ba Me?

BATHO ba le bantsi kwa Poland ba raya Basupi ba ga Jehofa ba re, “Ke tsholetswe mo bodumeding jono, e bile ke tla swela mo go jone.” Seno se raya gore, go ya ka bone, bodumedi bo fetisediwa go tswa mo kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe. A batho ba ikutlwa jalo ka bodumedi mo lefelong la lona? Go nna le boikutlo jo bo ntseng jalo go felela ka eng? Gantsi bodumedi e nna seomodiro le tlwaelo fela ya lelapa. A seno se ka diragalela Basupi ba ga Jehofa ba ba ileng ba rutiwa boammaaruri ke batsadi kgotsa ke bonkokoabone le borraabonemogolo?

Seo ga se a ka sa diragalela Timotheo, yo o neng a kaelwa ke mmaagwe le nkokoagwe ba ba ratang Modimo gore a dumele mo Modimong wa boammaaruri a bo a mo rate. Timotheo o itsile mekwalo e e boitshepo “go tswa boseeng.” Fa nako e ntse e ya, Timotheo o ne a tlhatswega pelo fela jaaka mmaagwe le nkokoagwe gore Bokeresete e ne e le boammaaruri. O ne a ‘tlhotlhelediwa go dumela’ se a neng a se utlwa go tswa mo Dikwalong ka ga Jesu Keresete. (2 Tim. 1:5; 3:14, 15) Ka jalo, le fa batsadi ba Bakeresete gompieno ba leka ka natla go thusa bana ba bone gore e nne batlhanka ba ga Jehofa, bana ka bobone ba tshwanetse go nna le keletso eo ya go direla Jehofa.—Mar. 8:34.

Mongwe le mongwe o tshwanetse go tlhotlhelediwa go dumela ka go newa mabaka a a tlhatswang pelo gore a tle a direle Jehofa ka go rata le gore a tle a boloke bothokgami le fa go ka diregang. Fa go ntse jalo, o tla nna le tumelo e e nonofileng e e sa reketleng.—Baef. 3:17; Bakol. 2:6, 7.

Maikarabelo a Bana

Albert, * yo o godiseditsweng mo lelapeng la Basupi a re: “Ga ke bolo go dumela gore bodumedi jwa Basupi ba ga Jehofa ke jwa boammaaruri mme ke ne ke sa dumalane le tsela e ba neng ba re ke tshwanetse go tshela ka yone.” Fa o le mosha, le wena o ka tswa o akanya jaaka ene. Ke eng o sa tseye matsapa a go bona gore re tshwanetse go dira eng gore re tshele ka tsela e Modimo a batlang re tshela ka yone mme o itumelele go dira thato ya gagwe? (Pes. 40:8) Albert a re: “Ke ne ka simolola fela ka go rapela. Mme la ntlha, go ne go le thata. Ke ne ka tshwanelwa ke go ipateletsa go rapela. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, ke ne ka kgona go bona gore nka nna botlhokwa mo matlhong a Modimo fa ke leka go dira se se siameng. Seno se ne sa nnonotsha gore ke dire diphetogo tse di tlhokegang.” Fa o nna le kamano e e gaufi le Jehofa, o ka simolola go batla go dira se Modimo a lebeletseng gore re se dire.—Pes. 25:14; Jak. 4:8.

Akanya ka motshameko o o kileng wa o tshameka, jaaka morabaraba kgotsa motshameko o mongwe. Fa o sa itse melao ya motshameko oo kgotsa o sa itse go o tshameka sentle, o ka nna wa go lapisa. Le fa go ntse jalo, fa e le gore o ithutile melao ya motshameko oo wa bo wa simolola go itse go o tshameka, ruri o ka nna o lebile pele go o tshameka, e bile o tla ipha nako ya go dira jalo. Go ntse fela jalo le ka ditiro tsa Bokeresete. Ka jalo, tsaya matsapa a go baakanyetsa dipokano tsa Bokeresete. Nna le seabe. Le fa o ka tswa o na le dingwaga tse kae, sekao sa gago se ka nna sa kgothatsa ba bangwe!—Baheb. 10:24, 25.

O ka dira fela jalo le fa o bolelela ba bangwe ka tumelo ya gago. Seno le sone o tshwanetse go se dira ka lorato, e seng ka go patelediwa. Ipotse jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa ke batla go bolelela ba bangwe ka Jehofa? Ke ka ntlha yang fa ke mo rata?’ O tshwanetse go itse Jehofa e le Rre yo o lorato. Jehofa o ne a bua jaana a dirisa Jeremia: “Lo tla mpatla mme lo tla mpona, gonne lo tla mpatla ka pelo yotlhe ya lona.” (Jer. 29:13, 14) Seno se tla tlhoka gore o dire eng? Jakub a re: “Ke ne ka tshwanelwa ke go fetola tsela e ke neng ke akanya ka yone. Ke sa le ke simolola go ya dipokanong le go ya tshimong ke sa le monnye, mme ka tsela nngwe dilo tseno tsotlhe e ne ya nna seomodiro fela. Ke ne ka simolola go rata boammaaruri fa ke sena go itse Jehofa botoka le go nna le kamano e gaufi le ene.”

Ditsala tse di molemo le tse di kgothatsang di ka go thusa thata gore o itumelele bodiredi. Seane sengwe se se tlhotlheleditsweng sa re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.” (Dia. 13:20) Ka jalo batla ditsala tse di latelelang mekgele ya semoya le tse di itumelelang go direla Jehofa. Jola a re: “Ke ile ka kgothadiwa ke go tsalana le basha ba bantsi ba ba neng ba tlhomile mogopolo mo tirelong ya ga Jehofa. Ke ne ka simolola go itumelela go nna le seabe ka metlha mo bodireding.”

Maikarabelo a Batsadi

Jola a re: “Ke leboga batsadi ba me fela thata go bo ba nthutile ka Jehofa.” Batsadi ba ka nna le tlhotlheletso e kgolo mo go se bana ba bone ba se tlhophang. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lona, borre, . . . tswelelang lo . . . godisetsa [bana ba lona] mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baef. 6:4) Kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng e bontsha ka tlhamalalo gore maikarabelo a batsadi ke go ruta bana ba bone ditsela tsa ga Jehofa, e seng tsa bone. Go na le go nnela go bolelela bana ba gago dilo tse wena o batlang gore ba di fitlhelele, a bo go tla nna molemo jang ne fa o ka ba thusa go dira gore mokgele wa bone mo botshelong e nne go tshela tumalanong le maikaelelo a ga Jehofa!

O ka jalela mafoko a ga Jehofa kwa teng mo baneng ba gago mme “o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.” (Dute. 6:6, 7) Ewa le Ryszard ba ba nang le bana ba bararo ba basimane ba gopola jaana: “Re ne re tlhola re bua ka mefuta e e farologaneng ya tirelo ya nako e e tletseng.” Matswela e ne ya nna afe? “Basimane ba ne ba batla go ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ba sa ntse ba le bannye, ba nna baboledi, mme kgabagare ba itirela tshwetso ya go kolobediwa. Moragonyana, botlhe ba ne ba tsenela tirelo ya nako e e tletseng.”

Go botlhokwa gore batsadi ba tlhome sekao se se molemo. Ryszard a re: “Re ne re ikemiseditse gore ga re na go tshela botshelo jwa boitimokanyo, re itshwara ka tsela e nngwe kwa lapeng mme re bo re itshwara ka e sele kwa dipokanong.” Ka jalo, ipotse jaana: ‘Banake ba bona ke tshela botshelo jo bo ntseng jang? A ba bona ke rata Jehofa tota? A ba bona lorato lono mo dithapelong tsa me le mo tseleng e ke latelang thulaganyo ya go ithuta ke le esi ka yone? A ba bona lorato loo mo tseleng e ke ikutlwang ka yone ka tshimo, boitlosobodutu, dikhumo le mo go se ke se buang ka maloko a mangwe a phuthego?’ (Luke 6:40) Bana ba tla ela tlhoko tsela e o tshelang ka yone letsatsi le letsatsi mme ba tla lemoga fa o sa dire se o se buang.

Kotlhao e botlhokwa thata fa o godisa bana. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng la re: “Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng.” (Dia. 22:6) Ewa le Ryszard ba re: “Re ne re ipha nako ya go tshwarela ngwana mongwe le mongwe thuto ya gagwe ya Baebele.” Boammaaruri ke gore, batsadi ke bone ba ka dirang tshwetso ya gore a go a tlhokega gore ngwana mongwe le mongwe a tshwarelwe thuto a le esi. Le fa lo ka dira tshwetso efe, ngwana mongwe le mongwe o tshwanetse go tshwarwa go ya kafa a leng ka teng. Seno se tlhoka go fetofetoga le maemo le go akanyetsa. Ka sekai, go na le gore o bolelele bana ba gago fela gore mmino o o rileng ga o a siama, ke eng o sa ba bontshe kafa ba ka dirang ditshwetso tse di botlhale ka teng le kafa melaometheo ya Baebele e amegang ka teng?

Bana ba gago ba ka tswa ba itse sentle se o se lebeletseng mo go bone mme go ka nna ga lebega e kete ba dira se o se batlang. Le fa go ntse jalo, o tshwanetse go fitlhelela dipelo tsa bone. Gakologelwa, “kgakololo mo pelong ya motho ke metsi a a boteng, mme motho yo o nang le temogo ke yo o tla a gelelang.” (Dia. 20:5) Nna kelotlhoko, batla matshwao a bothata bope jo bo ka tswang bo fitlhegile mo pelong ya ngwana wa gago, mme o tseye kgato ka bonako. Mmontshe gore o tshwenyegile ka ene, o se ka wa mo latofatsa, mme o mmotse dipotso tse di tshwanetseng. Le fa go ntse jalo, o nne kelotlhoko gore o se ka wa mo tlhoma dipotso tse di sa feleng. Go amega jalo ka bopeloephepa go tla dira gore o fitlhelele dipelo tsa bone e bile go tla dira gore o kgone go ba thusa.

Maikarabelo a Phuthego

E re ka o le mongwe wa batlhanka ba Modimo, a o ka thusa basha mo phuthegong gore ba anaanele boswa jwa semoya jo ba nang le jone? Le fa go thapisa bana e le maikarabelo a batsadi ba bone, maloko a mangwe a phuthego, segolobogolo bagolwane, ba ka ba thusa. Go botlhokwa thata go thusa malapa a mo go one motsadi a le mongwe e leng Mosupi wa ga Jehofa.

Bagolwane ba ka dirang go thusa basha gore ba rate Jehofa le gore ba ikutlwe ba ratwa e bile ba anaanelwa? Mariusz, yo o direlang e le molebedi mo phuthegong kwa Poland, a re: “Bagolwane ba tshwanetse go buisana ka metlha le basha. Seno ga se a tshwanela go dirwa fela fa go na le mathata mme se tshwanetse go dirwa le ka dinako tse dingwe—mo bodireding, morago ga dipokano kgotsa fa go iketlilwe fela.” Gongwe o ka botsa basha gore ba ikutlwa jang ka phuthego. Metlotlo e e ntseng jalo e dira gore basha ba nne ba le mo phuthegong e bile e dira gore le bone ba ikutlwe e le karolo ya phuthego.

Fa e le gore o mogolwane, a o leka go itse basha ba phuthego ya lona? Le fa gone jaanong Albert, yo o umakilweng pelenyana, e setse e le mogolwane, fa a sa le mosha o ne a lebana le diteko tse di farologaneng. A re: “Fa ke ne ke le mosha, ke ne ke tlhoka go direlwa loeto lwa bodisa.” Gape bagolwane ba ka bontsha gore ba amega ka basha ka go ba rapelela gore ba nne le kamano e e gaufi le Modimo.—2 Tim. 1:3.

Go molemo gore basha le bone ba nne le seabe mo ditirong tsa phuthego. Go seng jalo ba ka gagamalela mekgele ya lefatshe. A lona ba bagolwane mo go bone lo ka dira le bone mo bodireding le go tsalana le bone? Iphe nako ya go iketla le basha, mme seo se tla dira gore ba go ikanye le gore ba go tseye o le tsala ya bone. Jola o gopola jaana: “Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela o ne a bontsha gore o amega ka nna. Ke ne ka simolola go ya tshimong ka go rata ke tsamaya le ene.”

O Tshwanetse go Itlhophela

Lona basha, ipotseng jaana: ‘Mekgele ya me ke efe? Fa e le gore ga ke ise ke kolobediwe, a ke ipeetse mokgele wa gore ke kolobediwe?’ Fa o dira tshwetso ya go kolobediwa, e tshwanetse ya nna ka gonne o rata Jehofa thata, e seng ka gonne o tlamega go dira se se tlholang se dirwa kwa lapeng.

E kete Jehofa a ka nna Tsala ya gago ya mmatota, mme boammaaruri e nne letlotlo la gago. Jehofa o ne a bolela jaana a dirisa moporofeti Isaia: “O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago.” Jehofa o tla nna le wena fa fela o sa ntse o le tsala ya gagwe. Ruri o tla go nonotsha mme o tla “go ngangatlela ka thata ka seatla sa [gagwe] sa moja sa tshiamo.”—Isa. 41:10.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Maina a mangwe a fetotswe.

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 4]

Leka go lemoga se se mo pelong ya ngwana wa gago

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 6]

Motho o dira tshwetso ya go kolobediwa ka gonne a rata Jehofa thata