Ke ne Ka Bona Bokao Jwa Botshelo
Ke ne Ka Bona Bokao Jwa Botshelo
JAAKA GO BOLETSE GASPAR MARTÍNEZ
Ya me ke kgang fela ya mosimane yo o humanegileng wa kwa magaeng yo o neng a huma fa a tsena kwa toropong. Mme o tla bona gore khumo e ke neng ka nna le yone e ne e se e tota ke neng ke e lebeletse.
KE GOLETSE mo lefelong la selegae le le omileng ka bo1930 mo kgaolong ya Rioja kwa bokone jwa Spain. Ke ne ka tshwanelwa ke go tlogela sekolo ke na le dingwaga di le lesome, mme ka nako eo ke ne ke setse ke ithutile go bala le go kwala. Ke feditse nako e ntsi ke le kwa masimong ke disitse dinku kgotsa ke lema mo masimong a rona a mannye ke na le bonkgonne le bokgaitsadiake ba le barataro.
Khumanego e ne ya dira gore re akanye gore madi le dithoto di botlhokwa. Re ne ra simolola go tswa pelo fa re bona batho ba ba nang le dilo tse dintsi go re feta. Le fa go ntse jalo, bishopo o ne a kile a re motse wa rona e ne e le one “motse wa batho ba ba nang le tumelo go gaisa e mengwe e e mo kgaolong ya gagwe.” O ne a sa lemoge gore fa nako e ntse e ya, batho ba bantsi ba ne ba tla tlogela Bokatoliki.
Go Batla Sengwe se se Botoka
Ke ne ka nyala Mercedes yo e neng e le wa motse o ke neng ke tswa mo go one. Go ise go ye kae morago ga moo, re ne ra nna le ngwana wa mosimane yo re neng re tshwanetse go mo tlhokomela. Ka 1957 re ne ra fudugela mo toropong ya Logroño e e gaufi le motse wa rona, mme kgabagare botlhe ba lelapa la gaetsho ba ne ba dira se se tshwanang. Ke ne ka lemoga ka bonako gore e re ka ke ne ke sa ithutela tiro epe, go ne go ka se nne motlhofo go bona tiro e e duelang sentle. Ke ne ke ipotsa gore nka bona kae kgakololo. Ke ne ka tswa letsholo la go batla dikarabo mo laeboraring ya lefelo leo, le fa tota ke ne ke sa itse se ke se batlang.
Moragonyana, ke ne ka utlwalela thulaganyo ya radio e e neng e naya batho khoso ya go ithuta Baebele ka tlhaeletsano. Fela fa ke sena go e wetsa, bangwe ba bodumedi jwa Baporotesetanta ba Baefangedi ba ne ba buisana le nna. Fa ke sena go etela lefelo la bone la kobamelo ka makgetlho a le mmalwa, ke ne ka kgona go bona gore batho ba ba nang le maemo mo bodumeding joo ba ne ba sa utlwane. Ga ke ise ke tlhole ke boela teng, ka gonne ke ne ke feditse ka gore madumedi otlhe a a tshwana.
Ke Bulega Matlho
Lekawana lengwe le le bidiwang Eugenio le ne la etela legae la rona ka 1964. E ne e le mongwe wa Basupi wa ga Jehofa, bodumedi jo ke neng ke ise ke tsamaye ke utlwe ka jone. Mme ke ne ke rata go tlotla ka Baebele tota. Ke ne ke ntse ke ithaya ke re ke itse Baebele. Fa ke ne ke bua le ene ke ne ka dirisa ditemana di se kae tsa Baebele tse ke neng ke di ithutile mo khosong ya tlhaeletsano. Le fa ke ne ke leka go buelela dithuto dingwe tsa Porotesetanta, tota ke ne ke sa di dumele.
Pes. 37:11, 29; Isa. 9:6, 7; Math. 6:9, 10.
Morago ga metlotlo e mebedi e meleele, ke ne ka tshwanelwa ke go dumela gore Eugenio o ne a dirisa Lefoko la Modimo jaaka motho yo o nang le bokgoni. Go ne go gakgamatsa go bona kafa a neng a kgona go bona ditemana ka teng a bo a tlhalosa se di se kayang, le fa ke ne ke tsene sekolo go mo feta. Eugenio o ne a mpontsha go tswa mo Baebeleng gore re tshela mo metlheng ya bofelo le gore Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo dira gore lefatshe e nne paradaise. Ke ne ke jele kgakge.—Ke ne ka amogela thuto ya Baebele ka boitumelo. Mo e ka nnang sengwe le sengwe se ke neng ke se ithuta se ne se le sesha, mme se ile sa nkama fela thata. Ke ne ka simolola go nna le tsholofelo mme seo se ne sa dira gore botshelo jwa me bo nne le bokao. Ke ne ke weditse letsholo la me la go batla. Jaanong go ne go lebega go sa tlhole go tlhokega gore ke tokafatse boemo jwa me mo setšhabeng, mme bothata jwa me jwa go bona tiro e e siameng bo ne bo sa tlhole bo ntshwenya thata. Mathata a a ntseng jalo a ne a sa ntshwenye ka gore tota le bolwetse le loso ka bolone di tla fedisiwa.—Isa. 33:24; 35:5, 6; Tshen. 21:4.
Gone fela foo ke ne ka simolola go bolelela masika a me ka se ke neng ke se ithuta, ke ba tlhalosetsa ka matlhagatlhaga gore Modimo o solofetsa go dira lefatshe paradaise e batho ba ba ikanyegang ba tla tshelelang ruri mo go yone.
Bagaetsho ba Amogela Boammaaruri Jwa Baebele
Go ise go ye kae, nna le ba bangwe re ne ra swetsa ka gore re kopane Sontaga mongwe le mongwe motshegare kwa ga rangwane gore re tlotle ka ditsholofetso tsa Baebele. Re ne re tshwara metlotlo eno ka diura di le pedi kgotsa di le tharo beke nngwe le nngwe. Fa Eugenio a bona gore go ne go na le setlhopha se segolo jaana sa masika a me a a neng a kgatlhegela Baebele, o ne a rulaganya go tshwarela lelapa lengwe le lengwe thuto.
Ke ne ke na le masika a mangwe kwa Durango, toropo e nnye e e bokgakala jwa dikilometara di le 120, kwa go neng go se na Basupi gone. Ka jalo dikgwedi di le tharo moragonyana, ke ne ka tsaya malatsi a se kae a boikhutso go ba etela gore ke ba tlhalosetse ka tumelo ya me e ntšha. Ka nako eo, re ne re kopana re ka nna lesome maitseboa mangwe le mangwe, mme ke ne ke bua le bone go fitlha masa a sa. Botlhe ba ne ba itumelela go reetsa. Fa loeto lwa me lo lokhutshwane lo fitlha kwa bofelong, ke ne ka ba tlogelela Dibaebele di se kae le dikgatiso tsa Baebele. Morago ga moo ke ne ka tswelela ke ikgolaganya le bone.
Fa Basupi ba goroga kwa Durango—kwa go neng go se na ope yo mongwe yo o kileng a rera gone—ba ne ba fitlhela batho ba le 18 ba letetse thuto ya Baebele ka tlhoafalo. Basupi ba ne ba itumelela go rulaganyetsa lelapa lengwe le lengwe gore le tshwarelwe thuto.
Go fitlha ka nako eo, Mercedes o ne a ntse a sa batle go ithuta boammaaruri ka gonne a tshaba batho, mme e se ka gonne a sa batle go amogela dithuto tsa Baebele. Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe kwa Spain ka nako eo, ka jalo o ne a akanya gore puso e ne e tla leleka bana ba rona ba babedi kwa sekolong mme rotlhe re bo re tlhoiwa mo setšhabeng. Mme e rile a lemoga gore lelapa lotlhe le ne le amogela boammaaruri jwa Baebele, le ene o ne a batla go ithuta.
Mo dingwageng tse pedi, ba masika a rona ba le 40 e ne ya nna Basupi mme ba ne ba kolobediwa go bontsha gore ba ineetse go direla Modimo. Ee, bagaetsho ba ne ba na le mokgele le maikaelelo a a tshwanang le a me mo botshelong. Ke ne ke bona ke fitlheletse sengwe sa botlhokwa tota. Ruri Modimo o ne a re segofaditse ka dikhumo tsa semoya.
Botshelo bo ne Jwa Kgotsofatsa le go Feta fa ke Ntse ke Gola
Dingwaga di le 20 tse di latelang, ke ne ka tlhoma mogopolo mo go godiseng basimane ba rona ba babedi le go thusa mo phuthegong ya kwa re neng re nna teng. Fa nna le Mercedes re ne re fudugela kwa Logroño, go ne go na le Basupi ba ka nna 20 fela mo toropong eo ya banni ba ka nna 100 000. Go ise go ye kae, ke ne ka newa maikarabelo a le mantsi mo phuthegong.
Fa ke na le dingwaga di le 56, khampani e ke neng ke e berekela e ne ya tswala feketiri e ke neng ke dira mo go yone go sa lebelelwa, mme ka sala ke se na tiro. Ke ne ke sa bolo go eletsa go tsenela tirelo ya nako e e tletseng, ka jalo ke ne ka dirisa sebaka seno go nna mmulatsela. Madi a phenshene a ke neng ke a amogela a ne a le mannye tota, mme go ne go se motlhofo go itshedisa ka one. Mercedes o ne a thusa ka go dira ditiro tsa go phepafatsa. Re ne re kgona go tlhokomela lelapa la rona mme ga re
ise re tsamaye re tlhoke dilo tsa botlhokwa. Ke sa ntse ke le mmulatsela, mme gangwe le gape mosadi wa me o direla e le mmulatsela yo o thusang, mme o itumelela tiro ya go rera fela thata.Dingwaga di se kae tse di fetileng, Mercedes o ne a tle a tlogele dimakasine tsa rona le mosadi mongwe yo o bidiwang Merche, yo o kileng a ithuta Baebele a sa le ngwana. Merche o ne a kgatlhegela go bala dikgatiso tsa rona, mme Mercedes o ne a lemoga gore Merche o ne a sa ntse a anaanela boammaaruri jwa Baebele. Kgabagare, Merche o ne a amogela thuto ya Baebele mme a tswelela pele sentle. Mme monna wa gagwe, Vicente, o ne a nwa thata e bile o ne a nna a senyegelwa ke tiro. Ka ntlha ya seo, o ne a sa kgone go tlhokomela mosadi wa gagwe ka madi; bothata jwa gagwe jwa go lemalela bojalwa bo ne bo tsenya lenyalo la bone mo kotsing.
Mosadi wa me o ne a akantsha Merche gore Vicente a bue le nna, mme kgabagare Vicente o ne a dira jalo. Morago ga maeto a le mmalwa, o ne a dumela go ithuta Baebele. Vicente o ne a simolola go fetoga, mme gangwe le gape a kgona go fetsa malatsi a se kae a sa nwe. Go tswa foo o ne a kgona go fetsa beke kgotsa go feta foo a sa nwe. Kgabagare, o ne a tlogela go nwa bojalwa gotlhelele. Tebego ya gagwe e ne ya tokafala fela thata, mme lelapa la gagwe le ne la nna seoposengwe. Lelapa la gagwe lotlhe, go akaretsa mosadi wa gagwe le morwadie, ba thusa phuthego e nnye e e kwa Canary Islands, kwa ba nnang teng gone jaanong.
Fa ke Leba Botshelo jo bo Nang le Bokao Jo ke Bo Tshetseng
Le fa gone jaanong bangwe ba masika a me ba ba ithutileng dithuto tsa Baebele dingwaga tse di fetileng ba tlhokafetse, masika a rona a ntse a oketsega, mme Modimo o re segofaditse tota. (Dia. 10:22) A bo go kgotsofatsa jang ne go bona gore mo e batlang e nna botlhe ba ba neng ba simolola go ithuta Baebele dingwaga di le 40 tse di fetileng—mmogo le bana ba bone le ditlogolwana tsa bone—ba ntse ba direla Jehofa ka boikanyegi!
Gone jaanong ke na le masika a mantsi a e leng Basupi, ba bantsi ba bone ke bagolwane, batlhanka ba bodiredi le babulatsela. Morwaake yo mogolo o direla le mosadi wa gagwe kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Madrid, Spain. Fa ke ne ke nna Mosupi, go ne go na le Basupi ba ka nna 3 000 kwa Spain. Gone jaanong ba feta 100 000. Ke itumelela tirelo ya nako e e tletseng thata, mme ke leboga Modimo tota ka botshelo jo bo molemo jo ke nnileng le jone mo tirelong ya gagwe. Le fa ke sa tsena sekolo go le kalo, gangwe le gape ke kgona go direla ke le molebedi wa potologo wa nakwana.
Dingwaga di se kae tse di fetileng, ke ne ka lemoga gore mo e ka nnang batho botlhe ba ne ba fudugile kwa motseng o ke goletseng kwa go one. Kgabagare lehuma le ne le pateleditse banni botlhe ba motse oo gore ba tlogele masimo a bone le magae a bone ba ye go batla botshelo jo bo botoka. Se se itumedisang ke gore ba le bantsi ba bafaladi bano—go akaretsa le nna—ba bone matlotlo a semoya. Re ne ra ithuta gore botshelo bo na le bokao le gore go direla Jehofa go lere boitumelo jo bo seng kana ka sepe.
[Setshwantsho mo go tsebe 32]
Mo e batlang e le botlhe ba losika lwa ga Mokaulengwe Martínez ba ba mo boammaaruring