Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ipeetse Nako ya go Ithuta Baebele?

A o Ipeetse Nako ya go Ithuta Baebele?

A o Ipeetse Nako ya go Ithuta Baebele?

NGOGOLA, Setlhopha se se Laolang se ile sa itsise ka phetogo e e tla dirwang mo thulaganyong ya dipokano tsa phuthego e e tla dirang gore lelapa le nne le nako e e oketsegileng ya go ithuta Baebele le go tlotla ka yone. Fa e le gore o tlhogo ya lelapa, tlhomamisa gore ka metlha o tshwara thuto ya lelapa e e nang le bokao le mosadi wa gago le bana. Banyalani ba ba se nang bana ba ka dirisa nako eno go ithuta Baebele mmogo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba seng mo lenyalong ba ba se nang maikarabelo a lelapa ba tla kgona go dirisa nako eno go ithuta Baebele ba le bosi.

Batho ba bantsi ba ile ba tlhalosa gore ba anaanela go nna le thulaganyo eno ya maitseboa ya Kobamelo ya Lelapa. Ka sekai, Kevin, yo e leng mogolwane, o ne a kwala jaana: “Mafoko a a reng ‘re a leboga’ ga a lekana go bontsha kafa rona mo phuthegong re ikutlwang ka teng. Re le bagolwane, re ne ra tlotla kafa re dirisang ka teng maitseboa ano a re sa yeng dipokanong ka one go dira se Setlhopha se se Laolang se kopileng gore re se dire—gore re ithute le ba malapa a rona.”

Jodi, yo monna wa gagwe e leng mogolwane, o ne a kwala jaana: “Re na le bana ba basetsana ba le bararo, ba ba nang le dingwaga di le 15, 11 le 2. Bosheng jaana re fudugetse mo phuthegong ya puo ya diatla. Go tlhokega nako e ntsi le matsapa a magolo go baakanyetsa dipokano tsotlhe. Gone jaanong, ka ntlha ya phetogo eno, re na le maitseboa a re sa yeng dipokanong ka one mme re a dirisa go tlhoma mogopolo mo kobamelong ya lelapa!”

John le JoAnn, banyalani ba ba direlang e le babulatsela ba ka metlha, ba ne ba kwala jaana: “Gantsi re ne re sa tshware thuto ya rona ya lelapa ya Baebele ka metlha ka gonne re ne re tshwanelwa ke go e sukunyetsa mo thulaganyong ya rona ya ditiro tse di farologaneng tsa phuthego tse re neng re tshwaregile ka tsone. Thulaganyo eno e ntšha ke mpho e e tswang kwa go Jehofa e e re lapolosang semoyeng—fa fela re dirisa nako ka tsela e re tshwanetseng go e dirisa ka yone.”

Tony, mokaulengwe yo o sa nyalang yo o mo dingwageng tsa bo20, o beela maitseboa a Labobedi kwa thoko gore a ithute a le esi. O dirisa malatsi a mangwe mo bekeng go baakanyetsa dipokano tsa phuthego. Le fa go ntse jalo, Tony a re, “Ke nna ke lebile pele gore letsatsi la Labobedi le goroge.” Ka ntlha yang? “Maitseboa ao ke nako ya me e e kgethegileng le Jehofa.” Gape a re: “Ke dirisa mo e ka nnang diura tse pedi ke ithuta dithuto tse di nonotshang kamano ya me le Jehofa. Go nna le nako e e oketsegileng ya go ithuta go nnaya nako ya go tlhatlhanya ka ditemana tse ke di balang mo Baebeleng.” Matswela a teng ke afe? “Kgakololo ya ga Jehofa e nwelelela kwa teng mo pelong ya me go feta pele.” A a ka re naya sekai sa seo? “Ke ne ka bala ka botsala jwa ga Dafide le Jonathane mo bukeng ya Insight. Ke ne ka ithuta go le gontsi ka botho jwa ga Jonathane jwa go batla go thusa ba bangwe. Sekao sa gagwe se ne sa nthusa go bona sentle gore go nna tsala ya boammaaruri go kaya eng. Ruri ke nna ke lebile pele go bona dintlha tse dingwe tse di oketsegileng tsa botlhokwa mo maitseboeng a Labobedi mongwe le mongwe!”

Kwantle ga pelaelo, batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba tla solegelwa molemo fela thata ke go dirisa nako e e oketsegileng e jaanong ba nang le yone ya go ithuta Baebele le go nna le kobamelo ya lelapa.