Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o ‘Namile Medi e Bile o Tlhomilwe mo Motheong’?

A o ‘Namile Medi e Bile o Tlhomilwe mo Motheong’?

A o ‘Namile Medi e Bile o Tlhomilwe mo Motheong’?

A O KILE wa bona setlhare se segolo se itaakwa ke diphefo tsa matsubutsubu? Setlhare seno se phepheulwa ke diphefo tse di maatla, le fa go ntse jalo se tswelela se ntse se eme. Ka ntlha yang? Ka gonne se na le medi e e nonofileng e e nweleletseng mo mmung. Re ka tshwana le setlhare seo. Fa re lebane le diteko tse di boima mo botshelong, le rona re ka kgona go itshoka fa re nna re ‘namile medi e bile re tlhomilwe mo motheong.’ (Baef. 3:14-17) Motheo oo ke ofe?

Lefoko la Modimo la re “Keresete Jesu [ke] ene . . . leje la sekhutlo la motheo” la phuthego ya Bokeresete. (Baef. 2:20; 1 Bakor. 3:11) Rona Bakeresete re kgothalediwa gore re ‘tswelele re tsamaya re le seoposengwe le ene, re namile medi e bile re agiwa mo go ene gape re tsepamisiwa mo tumelong.’ Fa re dira jalo, re tla kgona go itshoka fa tumelo ya rona e lekwa—go akaretsa go itshokela diteko tse di tlang e le “dikgang tse di tlhotlheletsang” tse di theilweng mo ‘tsietsong e e lolea’ ya batho.—Bakol. 2:4-8.

“Bophara le Boleele le Bogodimo le Boteng”

Mme gone, re ka ‘nama medi’ le go “tsepamisiwa mo tumelong” jang? Tsela e nngwe e e botlhokwa e re ka dirang ka yone gore medi ya rona e nwelelele kwa teng mo mmung ka tsela ya tshwantshetso, ke ka go ithuta ka tlhoafalo Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Jehofa o batla gore re ‘tshware ka botlalo ka mogopolo se e leng bophara le boleele le bogodimo le boteng’ jwa boammaaruri. (Baef. 3:18) Ka jalo, ga go na Mokeresete ope yo o tshwanetseng go itumelela go nna le kitso e nnye fela, a kgotsofalela go itse fela “dilo tsa tshimologo” tse di fitlhelwang mo Lefokong la Modimo. (Baheb. 5:12; 6:1) Go na le moo, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go tlhoafalela go oketsa tsela e a tlhaloganyang dithuto tsa Baebele ka yone.—Dia. 2:1-5.

Gone ke boammaaruri gore seo ga se reye gore re tlhoka fela kitso e ntsi gore re kgone go ‘nama medi le go tlhomiwa’ mo boammaaruring. Aitsane, Satane ka boene o itse se se mo Baebeleng. Re tlhoka sengwe se se fetang go nna le kitso. Re tshwanetse “go itse lorato lwa ga Keresete lo lo gaisang kitso.” (Baef. 3:19) Le fa go ntse jalo, fa re ithuta ka gonne re rata Jehofa le boammaaruri, kitso ya rona ya boammaaruri ya Lefoko la Modimo e tla oketsega mme seo se tla felela ka gore tumelo ya rona e nonofe.—Bakol. 2:2.

Tlhatlhoba Tsela e o Tlhaloganyang Dilo ka Yone

Gone jaanong, a ko o tlhatlhobe tsela e o tlhaloganyang ka yone dithuto di le mmalwa tsa botlhokwa tsa boammaaruri tse di fitlhelwang mo Baebeleng. Go dira jalo go ka nna ga go kgothaletsa gore fa o ithuta Baebele o le esi o dire jalo ka tlhoafalo. Ka sekai, bala ditemana tsa ntlha tse di simololang tsa lekwalo la ga Paulo le le yang go Baefeso. (Bona lebokose la setlhogo se se reng  “Go Baefeso.”) Fa o sena go bala ditemana tseno, ipotse jaana, ‘A ke tlhaloganya bokao jwa mafoko a a kwadilweng ka mokwalo o o sekameng mo ditemaneng tse di mo lebokoseng?’ A re di sekasekeng, ka go latelana.

A ba Tlhomamisa “Pele Lefatshe le Thaiwa”

Paulo o ne a kwalela badumedi mmogo le ene jaana: “[Modimo] o ne a re tlhomamisa e sale pele gore re amogelwe jaaka bana ba gagwe ka Jesu Keresete.” Ruri Jehofa o ikaeletse go amogela batho bangwe mo lelapeng la gagwe le le itekanetseng la kwa legodimong. Bana bano ba ba amogetsweng ba Modimo ba ne ba tla busa le Keresete e le dikgosi le baperesiti. (Bar. 8:19-23; Tshen. 5:9, 10) Fa Satane a ne a simolola go nna kgatlhanong le bolaodi jwa ga Jehofa, o ne a fa kgopolo ya gore batho ba Modimo a ba bopileng ba ne ba tla mo leofela. A bo go tshwanela jang ne go bo Jehofa a ile a tlhopha maloko a lone lelapa leo la batho go thusa gore kgabagare go tlosiwe bosula jotlhe mo lobopong, go akaretsa le motswedi wa bosula, Satane Diabolo! Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a tlhopha e sa le pele gore ke bomang ba a tla ba amogelang e le bana ba gagwe. Go na le moo, maikaelelo a Modimo e ne e le gore go nne le setlhopha sa batho se se tla busang le Keresete kwa legodimong.—Tshen. 14:3, 4.

Paulo o ne a bua ka “lefatshe” lefe fa a ne a kwalela Bakeresete mmogo le ene a re, jaaka setlhopha, ba ne ba tlhophilwe “pele lefatshe le thaiwa”? O ne a sa bue ka nako ya pele Modimo a bopa lefatshe kgotsa batho. Seo se ne se tla bo se sa tsamaisane le molaomotheo wa konokono wa tshiamiso. Adame le Efa ba ne ba ka tsewa jang ba ikarabelela ka se ba se dirileng fa e le gore Modimo o ne a laotse e sa le pele gore ba tla palelwa le e leng pele a ba bopa? Ka jalo, Modimo o ne a swetsa leng gore o tla baakanya jang boemo jo bo neng jwa nna teng fa Adame le Efa ba ne ba kopanela le Satane mo go tsuologeleng bolaodi jwa Modimo? Jehofa o ne a dira jalo morago fela ga gore batsadi ba rona ba ntlha ba tsuologe, mme seo se diregile pele ga batho ba ba sa itekanelang, ba ba ka rekololwang, ba nna teng.

“Go ya Ka Dikhumo Tsa Bopelonomi Jwa Gagwe Jo bo Sa re Tshwanelang”

Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a re dithulaganyo tse go tlotlilweng ka tsone mo ditemaneng tsa ntlha tsa Baefeso di ne tsa nna teng “go ya ka dikhumo tsa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang [jwa Modimo]”? O ne a bua jalo go gatelela gore Jehofa o ne a sa patelesege go rekolola batho ba ba leofileng.

Tota ga go na sepe se ope wa rona a ka se dirang gore a tshwanelwe ke go rekololwa. Le fa go ntse jalo, lorato lo logolo lo Jehofa a ratang lelapa la batho ka lone lo ne lwa mo tlhotlheletsa gore a dire dithulaganyo tse di kgethegileng tsa go re golola. Fa re akanya gore ga re a itekanela e bile re baleofi, ruri go rekololwa ga rona ke bopelonomi jo bo sa re tshwanelang, jaaka Paulo a buile.

Sephiri se se Boitshepo sa Boikaelelo Jwa Modimo

Kwa tshimologong, Modimo ga a ka a senola kafa a tlileng go baakanya ka teng tshenyo e e dirilweng ke Satane. E ne e le “sephiri se se boitshepo.” (Baef. 3:4, 5) Moragonyana, fa phuthego ya Bokeresete e sena go tlhomiwa, Jehofa o ne a senola kafa a neng a tlile go diragatsa maikaelelo a gagwe a kwa tshimologong ka batho le lefatshe ka teng. Paulo o ne a re: “Fa tekanyo ya dinako tse di tlhomilweng e fela,” Modimo o ne a tlhoma “tsamaiso,” e leng thulaganyo ya go tsamaisa dilo e e neng e tla dira gore dibopiwa tsa gagwe tsotlhe tse di botlhale di nne seoposengwe.

Kgato ya ntlha ya go dira dibopiwa tsotlhe seoposengwe e ne ya tsewa ka Pentekosete ya 33 C.E. fa Jehofa a ne a simolola go phutha batho ba ba neng ba tla busa le Keresete kwa legodimong. (Dit. 1:13-15; 2:1-4) Kgato ya bobedi e ne e tla nna go phuthiwa ga batho ba ba tla tshelang mo lefatsheng la paradaise ba busiwa ke Bogosi jwa ga Keresete Mesia. (Tshen. 7:14-17; 21:1-5) Lefoko “tsamaiso” ga le kaye Bogosi jwa ga Mesia, e re ka Bogosi joo bo tlhomilwe ka 1914. Go na le moo, le kaya thulaganyo, kgotsa tsela e Modimo a tsamaisang dilo ka yone go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa go tlisa kutlwano mo lefatsheng lotlhe.

Nnang “ba ba Godileng ka Botlalo mo Maatleng a go Tlhaloganya”

Kwantle ga pelaelo, go nna le thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta o le esi go tla go thusa go tlhaloganya ka botlalo “bophara le boleele le bogodimo le boteng” jwa boammaaruri. Le fa go ntse jalo, gape ga go na pelaelo gore botshelo jo batho ba bo tshelang gone jaanong jwa go nna ba tshwaregile, bo dira gore go nne motlhofo gore Satane a kgoreletse kgotsa a fedise mekgwa eo ya go ithuta. Wena o se ka wa mo letla go dira jalo. Dirisa “nonofo ya botlhale” e Modimo a go neileng yone gore o ‘gole ka botlalo mo maatleng a go tlhaloganya.’ (1 Joh. 5:20; 1 Bakor. 14:20) Tlhomamisa gore o tlhaloganya lebaka la go bo o dumela se o se dumelang le gore ka metlha o ka tlhalosa ‘lebaka la tsholofelo e e mo go wena.’—1 Pet. 3:15.

Akanya o ne o le kwa Efeso fa lekwalo la ga Paulo le balwa lekgetlho la ntlha. A mafoko a gagwe a ne a ka se go tlhotlheletse gore o batle go gola mo “kitsong e e boammaaruri ka ga Morwa Modimo”? (Baef. 4:13, 14) Ruri a ne a ka go tlhotlheletsa! Ka jalo, letla mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga Paulo gore a go rotloetse ka tsela e e tshwanang gompieno. Go rata Jehofa ka lorato lo logolo le go nna le kitso e e boammaaruri ya Lefoko la gagwe go tla go thusa gore o nne o tlhomame, o ‘namile medi e bile o tlhomilwe mo motheong’ wa ga Keresete. Seo se tla go thusa gore o kgone go itshokela diteko dipe fela tse Satane a ka di lebaganyang le wena pele ga bokhutlo jwa lefatshe leno le le boikepo bo goroga.—Pes. 1:1-3; Jer. 17:7, 8.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 27]

 “Go Baefeso”

“A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, gonne o re segofaditse ka tshegofatso nngwe le nngwe ya semoya mo mafelong a selegodimo seoposengweng le Keresete, fela jaaka a ne a re tlhopha re le seoposengwe le ene pele ga lefatshe le thaiwa, gore re tle re nne boitshepo e bile re se na molato fa pele ga gagwe mo loratong. Gonne o ne a re tlhomamisa e sale pele gore re amogelwe jaaka bana ba gagwe ka Jesu Keresete, kafa boipelong jo bo molemo jwa thato ya gagwe, pakong ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa gagwe jo bo galalelang jo a neng a bo re naya ka bopelonomi ka moratiwa wa gagwe. Ka ene, re gololwa ka thekololo ka madi a gagwe, ee, boitshwarelo jwa ditlolo tsa rona, go ya ka dikhumo tsa bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang. O ne a dira gore seno se re ntsifalele ka botlhale jotlhe le tlhaloganyo e e molemo, e leng gore o ne a re itsise sephiri se se boitshepo sa thato ya gagwe. Sone, se kafa boipelong jo bo molemo jwa gagwe jo a neng a bo ikaelela go dira tsamaiso fa tekanyo ya dinako tse di tlhomilweng e fela, e leng, go phuthela dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete, dilo tse di kwa magodimong le dilo tse di mo lefatsheng.”—Baef. 1:3-10.