Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Re ithuta eng mo go Diane 24:27?

Fa mokwadi wa Diane a ne a gakolola lekawana lengwe, o ne a re: “Baakanyetsa tiro ya gago kwa ntle, mme o e ipaakanyetse kwa tshimong. Morago ga moo gape o age ba ntlo ya gago.” Seane seno se se tlhotlheleditsweng se gatelela ntlha efe? Gore monna o tshwanetse go baakanya dilo sentle pele a nyala le go simolola lelapa ka gonne a lemoga maikarabelo a a tsamaisanang le maitlamo ano.

Mo nakong e e fetileng, temana eno e ile ya tlhalosiwa ka gore monna yo o nyetseng e bile a na le bana ga a tshwanela fela go dira tiro ya gagwe ya boitshediso mme gape o tshwanetse go aga, kgotsa go kgothatsa ba lelapa la gagwe, ka sekai, ka go ba ruta dilo tsa semoya. Le fa seno se le boammaaruri e bile se dumalana le Dikwalo, ga go lebege e le yone ntlha ya konokono e e gatelelwang ke temana eno. Ka ntlha yang? Sekaseka mabaka ano a mabedi.

Sa ntlha, temana eno ga e bue ka go aga ka kgopolo ya go kgothatsa, kgotsa go nonotsha lelapa le le setseng le le teng. Go na le moo, go buiwa ka go aga ntlo ya mmatota. Lefoko le le ranotsweng go twe “aga” gape le ka dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso, ka kgopolo ya go aga, kgotsa go simolola lelapa—e leng go nyala le go nna le bana.

Sa bobedi, temana eno e gatelela go dira dilo ka thulaganyo, jaaka e kete ya re, “Dira seno pele; mme go tswa foo o bo o dira sele.” Ka jalo, a seane seno se ka tswa se kaya gore maikarabelo a rona a botshelo a tshwanetse go tla pele ga a Modimo a re neileng one? Le e seng!

Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, fa monna a ne a batla go ‘aga ba ntlo ya gagwe,’ kgotsa a batla go simolola lelapa ka go nyala, o ne a tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A ke ipaakanyeditse go tlhokomela le go tlamela mosadi mmogo le bana ba re ka nnang le bone mo isagweng?’ Pele ga a simolola lelapa, o ne a na le tiro e a tshwanetseng go e dira, go tlhokomela masimo a gagwe kgotsa dijalo. Ke gone ka moo, Baebele ya Today’s English Version e ranolang temana eno ka tlhamalalo e re: “O se ka wa aga ntlo le go simolola lelapa go fitlha masimo a gago a siame, e bile o tlhomamisegile gore o tla nna le se o itshedisang ka sone.” A molaomotheo ono o a dira le gompieno?

Ee. Monna yo o batlang go nyala o tshwanetse go ipaakanyetsa maikarabelo ao sentle. Fa a itekanetse sentle mo mmeleng, o tla tshwanelwa ke go bereka. Gone ke boammaaruri gore monna ga a tshwanela go dira ka natla e le fela gore a tlamele lelapa la gagwe ka dilo tsa senama. Lefoko la Modimo le bontsha gore monna yo o sa tlameleng ba lelapa la gagwe ka dilo tse ba di tlhokang senameng, mo maikutlong le mo semoyeng o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo! (1 Tim. 5:8) Ka lebaka leo, fa lekawana le ipaakanyetsa go nyala le go nna le lelapa, le tshwanetse go ipotsa dipotso tse di tshwanang le tseno: ‘A ke ipaakanyeditse sentle go tlamela lelapa ka dilo tsa senama? A ke ipaakanyeditse go etelela lelapa la me pele mo dilong tsa semoya? A ke tla diragatsa maikarabelo a me a go tshwara thuto ya Baebele ka metlha le mosadi wa me le bana?’ Ruri Lefoko la Modimo le gatelela maikarabelo ano a botlhokwa.—Dute. 6:6-8; Baef. 6:4.

Ka jalo, lekawana le le batlang go nyala le tshwanetse go akanyetsa ka kelotlhoko molaomotheo o o mo go Diane 24:27. Ka tsela e e tshwanang, go tla bo go le molemo gore lekgarebe le lone le ipotse gore a le ipaakanyeditse go rwala maikarabelo a go nna mosadi yo o nyetsweng le mmè. Banyalani ba basha ka dingwaga le bone ba ka nna ba ipotsa dipotso tse di tshwanang fa ba akanyetsa go nna le bana. (Luke 14:28) Go latela kaelo eno e e tlhotlheleditsweng go ka thusa batho ba Modimo go tila mahutsana a se kana ka sepe mme go ka ba thusa go tshela botshelo jo bo itumedisang jwa lelapa.

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

Ke dipotso dife tse lekawana le tshwanetseng go ipotsa tsone ka lenyalo?