Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kobamelo ya Lelapa—E Botlhokwa Gore re Falole!

Kobamelo ya Lelapa—E Botlhokwa Gore re Falole!

Kobamelo ya Lelapa—E Botlhokwa Gore re Falole!

AKANYA kafa ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ e yang go boitshega ka teng! (Tshen. 16:14) Moporofeti Mika o ne a kwala jaana a dirisa dikapuo tse di tlhalosang dilo sentle: “Dithaba di tla gakologa . . . , le mabala a a kwa tlase a tla fatoga, jaaka bonota ka ntlha ya molelo, jaaka metsi a a tshololwang mo lefelong le le fologelang.” (Mik. 1:4) Batho ba ba sa direleng Jehofa ba tla welwa ke masetlapelo afe? Lefoko la Modimo la re: “Mo letsatsing leo ba Jehofa a ba bolaileng ba tla bo ba le go tloga kwa ntlheng e nngwe ya lefatshe go fitlha ntlheng e nngwe ya lefatshe.”—Jer. 25:33.

Ka ntlha ya ditlhagiso tse di ntseng jalo, go tla bo go le molemo gore ditlhogo tsa malapa—ba bontsi jwa bone ba godisang bana ba le bosi—ba ipotse jaana ka bana ba bone ba ba setseng ba tlhalefile: ‘A ba tla falola tiragalo eno ya makgaolakgang?’ Baebele e re tlhomamisetsa gore ba tla falola fa e le gore ba na le kamano e e molemo le Jehofa go ya ka gore ba na le dingwaga tse kae.—Math. 24:21.

Botlhokwa Jwa go Nna le Nako ya Kobamelo ya Lelapa

Jaaka motsadi o tshwanetse go tlhomamisa gore o dira sotlhe se o ka se kgonang go godisetsa bana ba gago “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baef. 6:4) Go ithuta Baebele le bana ba gago go botlhokwa fela thata. Re batla gore bana ba rona ba tshwane le Bakeresete ba kwa Filipi, ba Paulo a neng a ba akgolela go bo ba ne ba iketleeditse go utlwa Jehofa. O ne a kwala jaana: “Baratwa ba me, ka tsela e lo nnileng lwa utlwa ka metlha ka yone, e seng fa ke le gone fela, mme jaanong ka go iketleetsa bogolo fa ke seyo, nnang lo direle poloko ya lona ka poifo le go roroma.”—Bafil. 2:12.

A bana ba gago ba ikobela melao ya ga Jehofa fa o seyo? Ba itshwara jang fa ba le kwa sekolong? O ka thusa bana ba gago jang gore ba tlhatswege pelo gore melao ya ga Jehofa e solegela molemo, e le gore ba tle ba kgone go e latela le fa o seyo?

Kobamelo ya lelapa e ka thusa thata mo go ageng tumelo ya ngwana wa gago gore a kgone go dira seo. Ka jalo, a re tlotleng ka dintlha di le tharo tsa botlhokwa tse di ka dirang gore thuto ya lona ya Baebele e atlege.

E Tshwareng ka Metlha

Baebele e bontsha gore bomorwa Modimo ba baengele ba lalediwa go tla kwa go ene ka dinako tse di tlhomilweng. (Jobe 1:6) Dira se se tshwanang le bana ba gago. Baya letsatsi le le tlhomameng le nako e lo tla tshwarang Kobamelo ya lona ya Lelapa ka yone mme lo e tshware ka metlha. Mo godimo ga moo, bayang nako e nngwe e lo ka e tshwarang ka yone fa go ka tlhaga maemo mangwe a a sa lebelelwang.

Fa dikgwedi di ntse di ya, o se ka wa nna le mokgwa wa go tshwara thuto ya lelapa ya Baebele ka sewelo fela. Gakologelwa, bana ba gago ke bone dithuto tsa gago tsa botlhokwa thata tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, Satane o batla go ba tlhasela. (1 Pet. 5:8) Fa e le gore ga o tshware Kobamelo ya Lelapa maitseboa mangwe e le fela gore o lebelele thelebishene kgotsa o tshwarege ka ditiro dingwe tse e seng tsa botlhokwa, Satane o tla bo a fentse.—Baef. 5:15, 16; 6:12; Bafil. 1:10.

Dira Gore e Nne e e Rutang

Mo maitseboeng a lo tshwarang Kobamelo ya Lelapa ka one ga lo a tshwanela go ithuta dintlha tsa botlhokwa fela. Leka ka natla go dira gore e nne e e rutang. Jang? Ka dinako tse dingwe o ka tlhopha ditlhogo tse di amanang le maemo a ngwana wa gago a tla lebanang le one mo malatsing kgotsa mo dibekeng tse di tla tlang. Ka sekai, go ne go ka nna jang fa o ne o ka akaretsa go ikatisetsa go ya bodireding? Bana ba itumelela go dira dilo tse ba kgonang go di dira sentle. Go ikatisetsa ditsela tsa go buisana le batho kwa tshimong le go akanya ka ditsela tse ba tla arabang batho ba ba ganetsang ka tsone go tla ba thusa go itshepa fa ba ntse ba nna le seabe mo dikarolong tse di farologaneng tsa tiro ya go rera ka Bogosi.—2 Tim. 2:15.

Gape lo ka nna le nako ya go ikatisa e e tla thusang bana ba gago go lebana le kgatelelo ya balekane. Kgaolo 15 ya buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, Bolumo 2, e ka dirisiwa mo thutong ya lelapa. “Thulaganyo ya go Fenya Kgatelelo ya Balekane” e e mo tsebe 132 le 133 e na le dikakantsho mme gape e naya ngwana wa gago tshono ya go kwala dikarabo tse ene a neng a ka rata go di naya. Mafoko a a kwa tlase mo tsebe 133 a kgothatsa basha jaana: “Kopa motsadi kgotsa tsala nngwe e e godileng gore e reetse fa o ntse o ikatisa gore o tla araba jang balekane ba gago.” Ke eng fa gangwe le gape o sa dire gore ikatiso e e ntseng jalo e nne karolo ya Kobamelo ya lona ya Lelapa?

Kobamelo ya lelapa e naya batsadi sebaka sa go gatelela melemo ya go nna le mekgele ya semoya. Buka ya Basha ba Botsa Jaana, Bolumo 2, e na le tshedimosetso e e molemo tota malebana le kgang eno mo kgaolo 38, e e nang le setlhogo se se reng, “Ke Ikaeletse Eng mo Botshelong?” Fa lo ntse lo tlotla ka kgaolo eno, thusa ngwana wa gago go lemoga gore go tlhoma mogopolo mo kobamelong ya ga Jehofa ke tsela e e molemolemo ya botshelo. Mo thuse go nna le keletso ya go nna mmulatsela, go direla kwa Bethele, go ya Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi kgotsa go tsenela mefuta e mengwe ya tirelo ya nako e e tletseng.

Ela tlhoko: Batsadi bangwe ba ba nang le maitlhomo a a siameng ba tlhoma mogopolo thata mo go se ba batlang gore ngwana wa bone a nne sone mme ba bo ba sa mo akgolele se a setseng a se dira gone jaanong. Gone ke boammaaruri gore go molemo go kgothaletsa bana ba gago go ipeela mekgele e e molemo e e jaaka go direla kwa Bethele le go nna barongwa. Mme gone, fa o dira jalo o nne kelotlhoko gore o se ka wa galefisa ngwana wa gago ka se wena o batlang gore a nne sone mme wa dira gore a ngomoge pelo. (Bakol. 3:21) O se ka wa lebala gore morwao kgotsa morwadio o tshwanetse go rata Jehofa ka pelo ya gagwe—e seng ya gago. (Math. 22:37) Ka jalo, batla ditsela tsa go akgola ngwana wa gago mo dilong tse a dirang sentle mo go tsone, mme o leke ka natla gore o se ka wa bua thata ka dilo tse a sa di direng. Mo thuse go anaanela dilo tsotlhe tse Jehofa a di dirileng. Mme o letle ngwana wa gago go rata bomolemo jwa ga Jehofa.

Dira Gore e Nne Monate

Ntlha ya boraro ya konokono e e ka dirang gore Kobamelo ya Lelapa e atlege, ke go dira gore e nne monate. O ka dira seo jang? Gongwe ka dinako tse dingwe lo ka reetsa nngwe ya diterama kgotsa lwa lebelela le go tlotla ka nngwe ya dibidio tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Kgotsa lo ka bala karolo nngwe ya Baebele mmogo, mme leloko lengwe le lengwe la lelapa le ka abelwa go bala karolo e e rileng.

Go na le dikarolo dingwe mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!, tse di nang le ditlhogo tse di molemo tse lo ka tlotlang ka tsone mo thutong ya lelapa. Ka sekai, o ka nna wa dirisa setlhogo se se mo tsebe 31 ya makasine mongwe le mongwe wa Tsogang! se se reng, “O ne O ka Reng?” Mo dikgatisong dingwe tsa makasine wa batho botlhe wa Tora ya Tebelo go na le setlhogo se basha ba ka se dirisetsang go ithuta, se se reng “Tsa Basha.” Ditlhogo tseno di refosana le motseletsele wa ditlhogo tsa bana ba bannye tse di reng, “Ruta Bana ba Gago.”

Ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di mo makasineng wa Tsogang! mmogo le buka ya Basha ba Botsa Jaana, Bolumo 2 ke tsone tse segolobogolo di tla ngokang kgatlhego ya batsadi ba ba nang le bana ba ba mo dingwageng tsa bosha. Fa o dirisa buka eo, o se ka wa tlodisa matlho lebokose la setlhogo se se reng “O Akanyang?” le le kwa bokhutlong jwa kgaolo nngwe le nngwe. Lebokose leo ga se poeletso fela. Dipotso tse di mo lebokoseng leo di ka dirisiwa mo thutong ya lelapa.

Le fa go ntse jalo, o nne kelotlhoko gore o se ka wa fetola thuto ya lelapa go nna nako ya go botsa dipotso tse di sa feleng. Ka sekai, o se ka wa pateletsa ngwana wa gago go balela kwa godimo se a se kwadileng mo ditsebeng tse di nang le setlhogo se se reng “Dintlha ka ga Me” kgotsa se a se kwadileng mo dikarolong tse dingwe tsa buka tse di batlang gore bana ba kwale dilo tsa bone tsa botho mo go tsone. Mo setlhogong se se reng “Molaetsa o o Kwaletsweng Batsadi,” se se mo tsebe 3, buka eno ya re: “Gore ngwana wa gago a gololesege go kwala a sa fitlhe sepe, o se ka wa bala buka ya gagwe. Gongwe moragonyana a ka nna a bua le wena ka se a se kwadileng.”

Fa o tshwara thuto ya lelapa ka metlha, ka tsela e e rutang e bile e le monate, Jehofa o tla segofatsa maiteko a gago fela thata. Nako eno e e kgethegileng ya lelapa e tla thusa thata gore ba o ba ratang ba nne ba nonofile semoyeng.

[Lebokoso mo go tsebe 31]

Dira Dilo Tse di Farologaneng

“Fa re ne re ithuta le bana ba rona ba basetsanyana, nna le monna wa me re ne re tlotla ka se se tlileng go ithutiwa kwa dipokanong tsa phuthego mme re bo re ba kopa gore ba tshwantshe setshwantsho se se sobokanyang thuto eo. Ka dinako tse dingwe, re ne re tshameka metshameko ya ditiragalo tsa Baebele kgotsa re ikatisetsa go bua le batho kwa bodireding jwa tshimo. Re ne re dira gore thuto e tshwanele dingwaga tsa bone, e kgatlhe, e age mme e nne monate.”—J.M., United States.

“Gore re thuse ngwana wa moithuti wa me wa Baebele go tlhaloganya gore go ne go ntse jang go dirisa momeno mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, re ne ra gatisa buka ya Isaia morago ga go ntsha dinomoro tsa dikgaolo le ditemana. Re ne ra golaganya ditsebe tseno mme re bo re gokelela dikota kwa ntlheng le kwa bofelong jwa mogolagang oo. Go tswa foo mosimane o ne a leka go dira se Jesu a neng a se dira fa a ne a le kwa sinagogeng kwa Nasaretha. Pego e e mo go Luke 4:16-21 ya re Jesu a “bula lokwalo lwa momeno [lwa ga Isaia] a bona” karolo e a neng a e batla. (Isa. 61:1, 2) Le fa go ntse jalo, fa mosimane a ne a leka go dira se se tshwanang, o ne a palelwa ke go bona fa Isaia 61 e neng e le gone a dirisa momeno oo o moleele o o neng o se na dinomoro tsa dikgaolo le ditemana. E re ka a ne a kgatlhilwe ke tsela e Jesu a neng a kgona go dirisa momeno ka yone, o ne a re: ‘Jesu e ne e le kgeleke!’”—Y.T., Japane.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Dinako tsa go ikatisa di ka thusa bana ba gago go lebana le kgatelelo ya balekane

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Leka ka natla go dira gore Kobamelo ya Lelapa e nne monate