Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Lo Ditsala Tsa Me”

“Lo Ditsala Tsa Me”

“Lo Ditsala Tsa Me”

“Lo ditsala tsa me fa lo dira se ke se lo laolelang.” —JOH. 15:14.

1, 2. (a) Ditsala tsa ga Jesu e ne e le batho ba ba tswang mo maemong afe a a farologaneng? (b) Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne ditsala tsa ga Jesu?

BANNA ba ba neng ba ntse le Jesu kwa phaposing e e kwa godimo ba ne ba tswa mo maemong a a farologaneng. Petere le Anderea ba e neng e le bana ba motho ba ne ba kile ba dira tiro ya go tshwara ditlhapi. Mathaio o ne a kile a nna mokgethisi—tiro e Bajuda ba neng ba e nyatsa. Bangwe, jaaka Jakobe le Johane, ba ka tswa ba ne ba sa bolo go itse Jesu e sa le bana. Ba bangwe, jaaka Nathanaele, ba ka tswa ba ne ba na le dingwaga di se kae fela ba mo itse. (Joh. 1:43-50) Le fa go ntse jalo, botlhe ba ba neng ba le teng mo bosigong joo jwa botlhokwa jwa Tlolaganyo kwa Jerusalema ba ne ba dumela tota gore Jesu e ne e le Mesia yo o solofeditsweng, Morwa Modimo yo o tshelang. (Joh. 6:68, 69) Go tshwanetse ga bo go ile ga ba itumedisa fa ba utlwa a ba raya a re: “Ke lo biditse ditsala, ka gonne dilo tsotlhe tse ke di utlwileng mo go Rre ke lo di itsisitse.”—Joh. 15:15.

2 Mafoko ao a Jesu a neng a a raya baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang a ama Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng gompieno e bile a ama le ditsala tsa bone tsa ba “dinku tse dingwe.” (Joh. 10:16) Go sa kgathalesege gore re tswa mo maemong afe, re ka nna le tshiamelo ya go nna ditsala tsa ga Jesu. Go botlhokwa thata gore re nne ditsala tsa gagwe ka gonne seo se tla dira gore re nne ditsala tsa ga Jehofa. Tota e bile, ga go kgonege gore re atamalane le Jehofa fa re sa atamalana le Keresete pele. (Bala Johane 14:6, 21.) Ka jalo, re tshwanetse go dira eng gore re nne ditsala tsa ga Jesu mme re tswelele re le tsone? Pele ga re tlotla ka kgang eo ya botlhokwa, a re sekasekeng sekao sa ga Jesu ka boene sa go nna tsala e e molemo mme re bone se re ka se ithutang mo tseleng e barutwa ba gagwe ba neng ba itshwara ka yone ka ntlha ya seo.

Sekao sa ga Jesu sa go Nna Tsala e e Molemo

3. Jesu o ne a itsege ka eng?

3 Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a re: “Ditsala tsa mohumi di dintsi.” (Dia. 14:20) Mafoko ao a tlhalosa se gantsi batho ba ba sa itekanelang ba se dirang ka go nna ditsala le batho, ba gabile se batho bao ba ka se ba fang e seng se bone ba ka se fang ditsala tsa bone. Jesu o ne a se na bokoa joo. O ne a sa tlhotlhelediwe ke itsholelo ya motho kana maemo a gagwe mo setšhabeng. Ke boammaaruri gore Jesu o ne a rata mmusi yo mmotlana wa mohumi mme a mo laletsa gore a nne molatedi wa gagwe. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a laela monna yoo gore a rekise se a nang le sone mme a neye bahumanegi. (Mar. 10:17-22; Luke 18:18, 23) Jesu o ne a itsege ka go itsalanya le batho ba maemo a a kwa tlase le ba ba nyadiwang, e seng ka go itsalanya le batho ba ba humileng le ba ba itsegeng.—Math. 11:19.

4. Ke eng fa go ka twe ditsala tsa ga Jesu e ne e le batho ba ba dirang diphoso?

4 Ee, ditsala tsa ga Jesu e ne e le batho ba ba dirang diphoso. Ka dinako tse dingwe Petere o ne a sa lebe dilo ka tsela ya semoya. (Math. 16:21-23) Jakobe le Johane ba ne ba bontsha moya wa go rata maemo fa ba ne ba kopa Jesu gore a ba neye maemo a a kwa godimo mo Bogosing. Se ba neng ba se dira se ne sa galefisa baaposetoloi ba bangwe, mme gantsi kgang ya go rata maemo e ne e tsosa dikgotlhang. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a leka ka bopelotelele go baakanya tsela e ditsala tsa gagwe di akanyang ka yone mme o ne a sa di galefele motlhofo fela.—Math. 20:20-28.

5, 6. (a) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tswelela a tsalana le bontsi jwa baaposetoloi ba gagwe? (b) Ke eng fa Jesu a ne a fedisa botsala jwa gagwe le Judase?

5 Lebaka la go bo Jesu a ne a tswelela a tsalana le banna bano ba ba sa itekanelang e ne e se ka gonne o ne a mpampetsa kana a iphoufaletsa diphoso tsa bone. Go na le moo, o ne a tlhopha go tlhoma mogopolo mo maitlhomong a bone a a siameng le mo dinonofong tsa bone tse di molemo. Ka sekai, Petere, Jakobe le Johane ba ne ba thulamela go na le gore ba eme Jesu nokeng ka nako e e thata. Go a utlwala go bo seo se ne sa swabisa Jesu. Le fa go ntse jalo, o ne a bona gore ba ne ba na le maitlhomo a a siameng, mme a re: “Gone, moya o tlhaga, mme nama yone e bokoa.”—Math. 26:41.

6 Kafa letlhakoreng le lengwe, Jesu o ne a fedisa botsala jwa gagwe le Judase Isekariota. Le fa Judase a ne a tswelela a itira e kete ke tsala ya ga Jesu, Jesu o ne a lemoga gore motho yono yo o kileng a bo a atamalane thata le ene o ne a letleletse pelo ya gagwe go nna bosula. Ka gonne Judase e ne e le tsala ya lefatshe, o ne a itirile mmaba wa Modimo. (Jak. 4:4) Ka jalo, Jesu o ne a setse a lelekile Judase fa A ne a bolelela baaposetoloi ba ba 11 ba ba ikanyegang ba ba setseng gore ke ditsala tsa Gagwe.—Joh. 13:21-35.

7, 8. Jesu o ne a bontsha jang gore o rata ditsala tsa gagwe?

7 Jesu o ne a sa tlhome mogopolo mo diphosong tsa ditsala tsa gagwe tse di ikanyegang mme o ne a di direla dilo tse di molemo. Ka sekai, o ne a rapela Rraagwe gore a ba sireletse fa ba lebana le diteko. (Bala Johane 17:11.) O ne a ba akanyetsa fa ba lapile. (Mar. 6:30-32) Gape o ne a sa rate fela go ba bolelela se ene a neng a se akanya mme o ne a rata go ba reetsa le go tlhaloganya se bone ba se akanyang le kafa ba ikutlwang ka teng.—Math. 16:13-16; 17:24-26.

8 Jesu o ne a tshelela ditsala tsa gagwe e bile o ne a di swela. Ke boammaaruri gore o ne a itse gore o tshwanetse go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo jaaka go tlhokega kafa molaong gore tshiamiso ya ga Rraagwe e diragadiwe. (Math. 26:27, 28; Baheb. 9:22, 28) Mme gape Jesu o ne a bontsha lorato ka go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo. O ne a re: “Ga go na ope yo o nang le lorato lo logo-lo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.”—Joh. 15:13.

Barutwa Ba ne Ba Itshwara Jang fa Jesu a Nna Tsala ya Bone?

9, 10. Batho ba ne ba itshwara jang fa Jesu a ba bontsha bopelotshweu?

9 Jesu o ne a le pelotshweu ka go ipha nako le batho, ka go ba bontsha lorato le ka go ba naya dilo tse dingwe. Ka ntlha ya seo, batho ba ne ba mo rata e bile le bone ba ne ba itumelela go mo abela dilo. (Luke 8:1-3) Jesu o ne a ka bua jaana ka ntlha ya se se mo diragaletseng: “Itlwaetseng go aba, mme batho ba tla lo abela. Ba tla tshela mo diropeng tsa lona selekanyo se se molemo, se papietswe, se tsikitleditswe e bile se penologa. Gonne ka selekanyo se lo lekanyang ka sone, le bone ba tla lo lekanyetsa ka sone.”—Luke 6:38.

10 Ee gone, go na le batho ba ba neng ba itsalanya le Jesu ba gabile fela se a ka se ba nayang. Ditsala tseno tse e seng tsone di ne tsa latlha Jesu fa di ne di sa tlhaloganye sengwe se a neng a se buile. Go na le gore ba ikanye Jesu fa ba ne ba sa tlhaloganye se a neng a se buile, ba ne ba itirela tshwetso e e seng yone ka kgang eo ba bo ba mo tlhanogela. Mme baaposetoloi bone ga ba a ka ba mo tlogela. Botsala jwa bone le Keresete bo ne bo lekwa gantsi, mme ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go mo ema nokeng fa dilo di tsamaya sentle le fa di sa tsamaye sentle. (Bala Johane 6:26, 56, 60, 66-68.) Mo bosigong jwa ga Jesu jwa bofelo e le motho mo lefatsheng, o ne a bontsha gore o anaanela ditsala tsa gagwe fa a ne a re: “Ke lona ba lo ileng lwa ngaparagana le nna mo ditekong tsa me.”—Luke 22:28.

11, 12. Jesu o ne a tlhomamisetsa barutwa ba gagwe eng, mme ba ne ba itshwara jang?

11 Fela fa Jesu a sena go akgola barutwa ba gagwe ka gonne ba ikanyega, ba ne ba mo latlha. Ka nakwana, ba ne ba letla gore go boifa batho go fekeetse lorato lo ba ratang Keresete ka lone. Le mo lekgetlhong leno, Jesu o ne a ba itshwarela. Fa a sena go swa le go tsosiwa, o ne a bonala kwa go bone mme a ba tlhomamisetsa gore ke ditsala tsa gagwe. Gape o ne a ba naya thomo e e boitshepo—go dira “batho ba ditšhaba tsotlhe” barutwa le gore ba nne basupi ba gagwe “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Math. 28:19; Dit. 1:8) Barutwa ba ne ba itshwara jang?

12 Barutwa ba ne ba anamisa molaetsa wa Bogosi ka pelo yotlhe. Moya wa ga Jehofa o o boitshepo o ne o ba thusa mme go ise go ye kae ba ne ba tladitse Jerusalema ka thuto ya bone. (Dit. 5:27-29) Tota le matshosetsi a go bolawa ga a ka a ba thibela go ikobela taelo ya ga Jesu ya gore ba dire barutwa. Mo masomeng a le mmalwa fela a dingwaga Jesu a sena go ba naya taelo eo, moaposetoloi Paulo o ne a ka kwala a re dikgang tse di molemo di ne di rerilwe “mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.” (Bakol. 1:23) Ruri, barutwa bano ba ne ba bontsha gore ba anaanela botsala jwa bone le Jesu!

13. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba letla gore dithuto tsa gagwe di ba ame ka ditsela dife?

13 Gape batho ba ba neng ba nna barutwa ba ne ba letla dithuto tsa ga Jesu gore di ame matshelo a bone. Bontsi jwa bone ba ne ba tshwanetse go dira diphetogo tse dikgolo mo boitshwarong jwa bone le mo bothong jwa bone. Bangwe ba barutwa ba basha ba ne ba kile ba nna basodoma, baakafadi, matagwa kana magodu. (1 Bakor. 6:9-11) Ba bangwe ba ile ba tshwanelwa ke go fetola tsela e ba neng ba leba batho ba ditso tse dingwe ka yone. (Dit. 10:25-28) Mme le fa go ntse jalo, ba ne ba ikobela Jesu. Ba ne ba latlha botho jo bogologolo mme ba apara jo bosha. (Baef. 4:20-24) Ba ne ba simolola go itse “mogopolo wa ga Keresete,” ba tlhaloganya tsela ya gagwe ya go akanya le ya go dira dilo ba bo ba e etsa.—1 Bakor. 2:16.

Go Nna Ditsala Tsa ga Keresete Gompieno

14. Jesu o ne a solofetsa gore o tla dira eng ka nako ya “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo”?

14 Bontsi jwa Bakeresete bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba itse Jesu ka namana pele ga a swa kana ba ne ba mmone fa a sena go tsosiwa. Rona ga re a nna le tshiamelo eo. Ka jalo, re ka nna ditsala tsa ga Keresete jang? Tsela nngwe ke ka go ikobela kaelo e re e newang ke setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, se se bopiwang ke bomorwarraagwe Jesu ba ba tloditsweng ka moya ba ba sa ntseng ba tshela mo lefatsheng. Jesu o ne a solofetsa gore ka nako ya “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo,” o ne a tla tlhoma motlhanka yono “gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe.” (Math. 24:3, 45-47) Gompieno bontsi jwa batho ba ba batlang go nna ditsala tsa ga Keresete ga ba mo setlhopheng seno sa motlhanka. Tsela e ba arabelang ka yone fa ba newa kaelo ke setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego e ama jang botsala jwa bone le Keresete?

15. Ke eng se se bontshang gore a motho o tla tsewa e le nku kana podi?

15 Bala Mathaio 25:31-40. Jesu o ne a bitsa ba e neng e tla nna ba setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego a re ke bomorwarraagwe. Mo setshwantshong sa go kgaoganngwa ga dinku le dipodi, Jesu o bua ka tlhamalalo gore o tsaya tsela e re tshwarang bomorwarraagwe ka yone e le tsela e re tshwarang ene ka yone. Tota e bile, o ne a re selo se se neng se tla farologanya nku le podi e ne e tla nna tsela e motho yoo a tshwarang ka yone “mongwe wa ba babotlana thata wa [bomorwarraagwe] bano.” Ka jalo, tsela ya konokono e batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba bontshang keletso ya bone ya go nna ditsala tsa ga Keresete ka yone ke ka go ema setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego nokeng.

16, 17. Re ka bontsha jang gore re ditsala tsa bomorwarraagwe Keresete?

16 Fa e le gore o na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng mo Bogosing jwa Modimo, o ka bontsha jang gore o tsala ya bomorwarraagwe Keresete? A re tlotleng ka ditsela tse tharo fela. Sa ntlha, ke ka go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera. Keresete o ne a laela bomorwarraagwe gore ba rere dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe. (Math. 24:14) Le fa go ntse jalo, bomorwarraagwe Keresete ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng gompieno ba ne ba tla thatafalelwa ke go rwala maikarabelo ao fa ditsala tsa bone tsa dinku tse dingwe di ne di sa ba thuse. Tota e bile, nako le nako fa ba dinku tse dingwe ba dira tiro ya go rera ba a bo ba thusa bomorwarraagwe Keresete go diragatsa thomo ya bone e e boitshepo. Setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, fela jaaka Keresete, se anaanela tiro eno e e bontshang botsala fela thata.

17 Tsela ya bobedi e ba setlhopha sa dinku tse dingwe ba ka thusang bomorwarraagwe Keresete ka yone ke ka go ema tiro ya go rera nokeng ka meneelo ya madi. Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba itirele ditsala ka “dikhumo tse di sa siamang.” (Luke 16:9) Seno ga se reye gore re ka reka botsala mo go Jesu kana Jehofa. Go na le moo, fa re dirisa dithoto tsa rona go ema nokeng dilo tse di direlwang Bogosi, re bontsha gore re na le lorato e bile re ditsala tsa mmatota, e seng fela ka lefoko, mme “ka tiro le boammaaruri.” (1 Joh. 3:16-18) Re ema tiro eno nokeng ka madi fa re dira tiro ya go rera, fa re ntsha meneelo ya madi gore go dirwe tiro ya go aga le ya go tlhokomela mafelo a re kopanelang mo go one, le fa re ntsha madi gore a thuse mo tirong e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ya go rera. Le fa re ka tswa re ntsha madi a mannye kgotsa a mantsi, ruri Jehofa le Jesu ba anaanela go aba ga rona ka boitumelo.—2 Bakor. 9:7.

18. Ke eng fa re tshwanetse go ikobela kaelo e e theilweng mo Baebeleng e re e newang ke bagolwane ba phuthego?

18 Tsela ya boraro e rotlhe re ka bontshang ka yone gore re ditsala tsa ga Keresete ke ka go amogela kaelo e re e newang ke bagolwane ba phuthego. Banna bano ba tlhomilwe ka moya o o boitshepo ka kaelo ya ga Keresete. (Baef. 5:23) Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Utlwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona mme lo ikobe.” (Baheb. 13:17) Ka dinako tse dingwe re ka fitlhela go le thata go ikobela kaelo e e theilweng mo Baebeleng e re e newang ke bagolwane ba phuthego ya rona. Re ka tswa re itse makoa a bone, mme seno se ka nna sa dira gore re se ka ra amogela kgakololo ya bone. Le fa go ntse jalo, Keresete, Tlhogo ya phuthego, o itumelela go dirisa banna bano ba ba sa itekanelang. Ka jalo, tsela e re lebang taolo ya bone ka yone e ama botsala jwa rona le Keresete ka tlhamalalo. Fa re tlodisa diphoso tsa bagolwane matlho mme re latela kaelo ya bone ka boitumelo, re bontsha gore re rata Keresete.

Kwa re ka Bonang Ditsala Tse di Molemo Teng

19, 20. Re ka fitlhela batho ba mofuta mang mo phuthegong, mme re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

19 Jesu o ntse a tsweletse a re tlhokometse e seng fela ka badisa ba ba lorato ba ba re okametseng, mme le ka bommè, bomorwarraarona le bokgaitsadiarona ba semoya mo phuthegong. (Bala Mareko 10:29, 30.) Fa o ne o simolola go kopanela le phuthego ya ga Jehofa, ba losika lwa gago ba ne ba itshwara jang? Re solofela gore ba ne ba go ema nokeng fa o ne o dira maiteko a go atamalana le Modimo le Keresete. Mme Jesu o ne a tlhagisa gore ka dinako tse dingwe “baba ba motho e tla nna batho ba ntlo ya gagabo.” (Math. 10:36) A bo go gomotsa jang ne go itse gore mo teng ga phuthego, re ka fitlhela batho ba ba tla re ngaparelang go gaisa bomorwarraarona!—Dia. 18:24.

20 Jaaka re bona mo ditumedisong tsa ga Paulo kwa bokhutlong jwa lekwalo le a neng a le kwaletse phuthego ya kwa Roma, o ne a na le ditsala tse dintsi tse a neng a atamalane le tsone. (Bar. 16:8-16) Moaposetoloi Johane o ne a konela lekwalo la gagwe la boraro ka mafoko ano: “Naya ditsala ka maina ditumediso tsa me.” (3 Joh. 14) Go bonala sentle gore le ene o ne a na le ditsala tse dintsi tsa mmatota. Re ka etsa jang sekao sa ga Jesu le sa barutwa ba bogologolo ka go nna ditsala tsa bakaulengwe le bokgaitsadi le go tswelela re le tsone? Setlhogo sa rona se se latelang se tla araba potso eo.

O ka Araba Jang?

• Jesu o tlhomile sekao se se ntseng jang sa go nna tsala e e molemo?

• Baaposetoloi ba ne ba amogela botsala jwa ga Jesu jang?

• Re ka bontsha jang gore re ditsala tsa ga Keresete?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Jesu o ne a rata go itse se ditsala tsa gagwe di se akanyang le kafa di ikutlwang ka teng

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Re ka bontsha jang gore re batla go nna ditsala tsa ga Keresete?