“Tukang Mo Moyeng”
“Tukang Mo Moyeng”
“Lo se ka lwa nyahala mo tirong ya lona. Tukang mo moyeng. Nnang batlhanka ba ga Jehofa.”—BAR. 12:11.
1. Ke ka ntlha yang fa Baiseraele ba ne ba dira ditlhabelo tsa diphologolo le ditshupelo tse dingwe?
JEHOFA o a anaanela fa batlhanka ba gagwe ba dira ditiro tsa go intsha setlhabelo ka go rata ba bontsha kafa ba mo ratang ka teng le gore ba ikobela thato ya gagwe. Mo metlheng ya bogologolo, o ne a amogela ditlhabelo tse di farologaneng tsa diphologolo le ditshupelo tse dingwe. Baiseraele ba ba neng ba batla go itshwarelwa maleo le go leboga ba ne ba ntsha ditlhabelo jaaka Molao wa ga Moshe o ne o laela. Mo phuthegong ya Bokeresete, Jehofa ga a lebelela gore re ntshe ditlhabelo tse di ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, mo go kgaolo 12 ya lekwalo le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela Bakeresete ba kwa Roma, o bontsha gore go sa ntse go lebeletswe gore re ntshe ditlhabelo. A re boneng gore re tshwanetse go di ntsha jang.
Setlhabelo se se Tshelang
2. Rona Bakeresete re tshela botshelo jo bo ntseng jang, mme seo se akaretsa eng?
2 Bala Baroma 12:1, 2. Kwa tshimologong ya lekwalo la gagwe, Paulo o ne a bontsha sentle gore Bakeresete ba ba tloditsweng, le fa e ka tswa e le Bajuda kgotsa e le Baditšhaba, ba ne ba bolelwa ba siame fa pele ga Modimo ka tumelo, e seng ka ditiro. (Bar. 1:16; 3:20-24) Mo go kgaolo 12, Paulo o tlhalosa gore Bakeresete ba tshwanetse go bontsha tebogo ka go tshela botshelo jwa go intsha setlhabelo. Gore re kgone go dira jalo, re tshwanetse go fetola megopolo ya rona. E re ka re ruile bosaitekanelang, re laolwa ke ‘molao wa boleo le wa loso.’ (Bar. 8:2) Ka jalo, re tshwanetse go fetolwa, “gore [re] dirwe basha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa [rona],” ka go fetola mekgwa ya rona gotlhelele. (Baef. 4:23) Re ka dira phetogo eno e e feletseng ka thuso ya Modimo le moya wa gagwe fela. Gape re tshwanetse go ititaya sehuba tota, go dirisa ‘maatla a rona a go akanya.’ Re tshwanetse go dira bojotlhe gore re se ka ra “bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo,” e e nang le maitsholo a a maswe, boitlosobodutu jo bo makgapha le dikakanyo tse di sokameng.—Baef. 2:1-3.
3. Ke ka ntlha yang fa re dira ditiro tsa Bokeresete?
3 Gape Paulo o re kgothaletsa gore re dirise ‘maatla a rona a go akanya’ gore re iponele se “thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng” e leng sone. Ke ka ntlha yang fa re bala Baebele letsatsi le letsatsi, re tlhatlhanya ka se re se balang, re rapela, re ya dipokanong tsa Bokeresete e bile re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi? A ke ka gonne bagolwane ba phuthego ba re rotloetsa go dira jalo? Gone ke boammaaruri gore re anaanela dikgakololo tse di molemo tsa bagolwane. Mme re dira ditiro tsa Bokeresete ka gonne re tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo gore re bontshe kafa re ratang Jehofa go tswa pelong ka teng. Mo godimo ga moo, re tlhatswegile pelo ka borona gore Modimo o batla re dira ditiro tse di ntseng jalo. (Seka. 4:6; Baef. 5:10) Re itumedisiwa thata le go kgotsofadiwa ke go lemoga gore fa re tshela botshelo jwa Bokeresete tota, re ka amogelwa ke Modimo.
Dimpho Tse di Farologaneng
4, 5. Bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go dirisa dimpho tsa bone jang?
4 Bala Baroma 12:6-8, 11. Paulo o tlhalosa gore “re na le dimpho tse di sa tshwaneng go ya ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo re bo neilweng.” Dingwe tsa dimpho tse Paulo a di umakang—go rotloetsa, go okamela—di ama thata bagolwane ba Bakeresete, ba ba gakololwang gore ba okamele “ka tlhoafalo ya mmatota.”
5 Paulo a re tlhoafalo eno e tshwanetse ya bonala le mo tseleng e balebedi ba rutang ka yone, le e ba dirang “bodiredi” ka yone. Ditemana tse di dikologileng temana eo di lebega di kaya gore fano Paulo o bua ka “bodiredi” jo bo dirwang mo Bar. 12:4, 5) Bodiredi joo bo tshwana le jo bo umakwang mo go Ditiro 6:4, kwa baaposetoloi ba reng: “Re tla ineela mo thapelong le mo bodireding jwa lefoko.” Bodiredi jono bo akaretsang? Bagolwane ba Bakeresete ba dirisa dimpho tsa bone go kgothatsa maloko a phuthego. Ba bontsha gore ba ‘nna mo bodireding jono’ fa ba naya phuthego kaelo le tao go tswa mo Lefokong la Modimo. Ba dira seno ka go rapela ka metlha fa ba ntse ba ithuta, ba dira dipatlisiso, ba ruta le go dira tiro ya bodisa. Balebedi ba tshwanetse go dirisa dimpho tsa bone ka kelotlhoko le go tlhokomela dinku “ka boitumelo.”—Bar. 12:7, 8; 1 Pet. 5:1-3.
phuthegong, kgotsa mo “mmeleng o le mongwe.” (6. Re ka latela jang kgakololo e e mo go Baroma 12:11, e e leng temana ya setlhogo seno?
6 Go tswa foo Paulo a re: “Lo se ka lwa nyahala mo tirong ya lona. Tukang mo moyeng. Nnang batlhanka ba ga Jehofa.” Fa re lemoga gore e kete re goga dinao mo bodireding jwa rona, re ka nna ra tlhoka go tokafatsa mekgwa ya rona ya go ithuta le go rapelela moya wa ga Jehofa ka tlhoafalo go feta pele e bile e le ka metlha go feta pele, mme moya oo o ka re thusa go fenya go koafala mo go ka tswang go nnile gone mme wa ntšhafatsa tlhoafalo ya rona. (Luke 11:9, 13; Tshen. 2:4; 3:14, 15, 19) Moya o o boitshepo o ne wa naya Bakeresete ba bogologolo maatla a go bua ka “dilo tse dikgolo tsa Modimo.” (Dit. 2:4, 11) Le rona o ka re thusa gore re tlhoafale mo bodireding, re ‘tuke mo moyeng.’
Boikokobetso le Boingotlo
7. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go direla ka boikokobetso le ka boingotlo?
7 Bala Baroma 12:3, 16. Dimpho tse re ka tswang re na le tsone re di bone ka ntlha ya “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang” jwa ga Jehofa. Mo temaneng e nngwe Paulo a re: “Go tshwanelega sentle ga rona go tswa mo Modimong.” (2 Bakor. 3:5) Ka jalo ga re a tshwanela go ikgalaletsa. Re tshwanetse go nna boikokobetso mme re lemoge gore matswela ape a a molemo a re ka a bonang mo bodireding jwa rona, re a bona ka gonne re segofadiwa ke Modimo, e seng ka bokgoni jwa rona. (1 Bakor. 3:6, 7) Go dumalana le seo, Paulo a re: “Ke bolelela mongwe le mongwe mo go lona gore a se ka a ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone.” Go botlhokwa gore re itlotle mme re bone boipelo le kgotsofalo fa re ntse re direla Jehofa. Le fa go ntse jalo, go nna boingotlo, kgotsa go lemoga mo re tlhaelang teng, go tla re thibela gore re se ka ra nna tlhogoethata. Go na le moo, re batla go ‘akanya gore re nne le mogopolo o o itekanetseng sentle.’
8. Re ka tila jang go “nna botlhale mo matlhong a [rona]”?
8 E tla bo e le boeleele gore re ikgantshe ka dilo tse re di fitlheletseng. ‘Modimo ke ene yo o godisang.’ (1 Bakor. 3:7) Paulo a re Modimo o neile leloko lengwe le lengwe la phuthego “selekanyo sa tumelo.” Ga re a tshwanela go itseela kwa godimo, mme re tshwanetse go lemoga gore ba bangwe ba dira go ya ka selekanyo se ba nang le sone sa tumelo. Gape Paulo a re: “Nnang le mogopolo o o tshwanang ka ba bangwe jaaka o lo nang le one ka lona.” Mo lekwalong le lengwe le moaposetoloi yono a le kwadileng, o re bolelela gore re se ka ra “[dira] sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng [re tseye] ba bangwe ba le kwa godimo ga [rona].” (Bafil. 2:3) Go tlhokega boikokobetso jwa mmatota le boiteko gore re kgone go lemoga gore mongwe le mongwe wa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona o kwa godimo ga rona ka tsela nngwe. Boikokobetso bo tla re thusa gore re se ka ra “nna botlhale mo matlhong a [rona].” Le fa maikarabelo a a kgethegileng mo phuthegong a ka dira gore batho ba bangwe ba tlhomologe, rotlhe re tla itumedisiwa thata ke go dira “dilo tse di kwa tlase,” ditiro tse di sa tlhomologang tse gantsi batho ba sa di lemogeng.—1 Pet. 5:5.
Kutlwano ya Rona ya Bokeresete
9. Ke ka ntlha yang fa Paulo a tshwantsha Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya le ditokololo tsa mmele?
9 Bala Baroma 12:4, 5, 9, 10. Paulo o tshwantsha Bakeresete ba ba tloditsweng le ditokololo tsa mmele o o direlang o le seoposengwe o eteletswe pele ke Tlhogo ya one, Keresete. (Bakol. 1:18) O gakolola Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya gore mmele o na le ditokololo di le dintsi tse di nang le ditiro tse di farologaneng le gore bone, ‘le mororo ba le bantsi, ke mmele o le mongwe o o seoposengwe le Keresete.’ Ka tsela e e tshwanang, Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba kwa Efeso ba ba tloditsweng a re: “A ka lorato re goleng mo dilong tsotlhe mo go ene yo e leng tlhogo, e bong Keresete. Go tswa mo go ene mmele otlhe, ka go kopanngwa mmogo ka kutlwano e bile o dirwa gore o dirisane ka lelokololo lengwe le lengwe le le nayang se se tlhokwang, go ya ka go dira ga tokololo nngwe le nngwe ka go farologana ga tsone ka selekanyo se se tshwanetseng, o direla kgolo ya mmele gore o ikage mo loratong.”—Baef. 4:15, 16.
10. Ba “dinku tse dingwe” ba tshwanetse go ikobela bolaodi jwa bomang?
10 Le fa ba “dinku tse dingwe” ba se karolo ya mmele wa ga Keresete o o nang le ditokololo tse dintsi, ba ka ithuta dilo tse dintsi mo setshwantshong seno. (Joh. 10:16) Paulo a re Jehofa “o ne a baya dilo tsotlhe mo taolong kafa tlase ga dinao tsa [ga Keresete], a ba a mo dira tlhogo ya dilo tsotlhe mo phuthegong.” (Baef. 1:22) Gompieno, ba dinku tse dingwe ke karolo ya “dilo tsotlhe” tse Jehofa a tlhomileng Morwawe e le tlhogo gore a di okamele. Gape bano ke dingwe tsa “dilo tsa” ga Keresete tse a di beileng mo tlhokomelong ya “motlhanka [wa gagwe] yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45-47) Ka jalo batho ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba tshwanetse go tsaya Keresete e le Tlhogo ya bone mme ba ikobele motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale le Setlhopha sa gagwe se se Laolang, ba bo ba ikobele le banna ba ba tlhomilweng go nna balebedi mo phuthegong. (Baheb. 13:7, 17) Seno se thusa gore Bakeresete ba nne ka kutlwano.
11. Kutlwano ya rona e theilwe mo go eng, mme Paulo o ne a naya kgakololo efe e nngwe?
11 Kutlwano e e ntseng jalo e theilwe mo loratong, “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.” (Bakol. 3:14) Mo go Baroma kgaolo 12, Paulo o gatelela seno, a bolela gore lorato lwa rona e tshwanetse go nna “lo lo se nang boitimokanyo” le gore “mo loratong lwa bokaulengwe” re tshwanetse go ‘bontshana lorato lwa bopelonomi.’ Seno se felela ka gore re tlotlane. Moaposetoloi yoo a re: “Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” Gone ke boammaaruri gore ga re a tshwanela go akanya gore go bontsha lorato go raya go mpampetsa bosula. Re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore phuthego e nne e le phepa. Fa Paulo a naya kgakololo ka lorato, o oketsa jaana: “Tlhoang se se boikepo, ngaparelang se se molemo.”
Mokgwa wa go Tshola Baeng
12. Re ka ithuta eng ka go tshola baeng mo Bakereseteng ba kwa Makedonia wa bogologolo?
12 Bala Baroma 12:13. Fa re rata bakaulengwe ba rona, seo se tla re tlhotlheletsa go ‘abalana le baitshepi go ya ka dilo tse ba di tlhokang’ le go ya ka bokgoni jwa rona. Tota le fa re humanegile, re ka abalana se re nang le sone le ba bangwe. Paulo o ne a kwala jaana ka Bakeresete ba kwa Makedonia: “Mo nakong ya teko e kgolo fa ba ne ba bogisega boipelo jo bogolo jwa bone le lehuma le legolo la bone di ne tsa dira gore dikhumo tsa bone tsa go aba ka bopelotshweu di tote. Gonne go ya ka se tota ba se kgonang, ee, ke a supa, seno se ne se feta seo tota ba neng ba se kgona, fa bone ka go rata ga bone ba ne ba nna ba re kopa tshiamelo ya go aba ka bopelonomi ba rapela thata le gore ba nne le seabe mo bodireding jo bo laoletsweng baitshepi [kwa Judea].” (2 Bakor. 8:2-4) Le fa Bakeresete ba kwa Makedonia ba ne ba humanegile, ba ne ba le pelotshweu tota. Ba ne ba bona e le tshiamelo go abalana le bakaulengwe ba bone ba ba tlhokang ba kwa Judea.
13. Go ‘latela mokgwa wa go tshola baeng’ go kaya eng?
13 Polelwana e e reng “latelang mokgwa wa go tshola baeng” e ranola polelwana ya Segerika e e kayang go tsaya kgato pele. Thanolo ya The New Jerusalem Bible e ranola polelwana eo e re go “senka ditshono tsa go tshola baeng.” Go tshola baeng go a tle go bontshiwe ka go laletsa mongwe go tla dijong, mme fa seno se dirwa ka lorato, se molemo eleruri. Mme fa re tsaya matsapa, re tla bona ditsela tse dingwe tse dintsi tsa go tshola baeng. Ka sekai, fa re sa kgone go laletsa ba bangwe go tla dijong ka ntlha ya seemo sa itsholelo kgotsa ka gonne re se na maatla a go apaya dijo, re ka bontsha go tshola baeng le ka go ba laletsa go tla go nwa kofi, tee, kgotsa dino tse dingwe.
14. (a) Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “go tshola baeng” le bopilwe ka mafoko afe? (b) Fa re le mo bodireding, re ka bontsha jang gore re amega ka batho ba dinaga di sele?
14 Go tshola baeng go amana le tsela e re lebang batho ka yone. Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “go tshola baeng” le bopilwe ka mafoko a mabedi a a kayang “lorato” le “motho yo o sa mo itseng.” O ikutlwa jang ka batho ba o sa ba itseng kgotsa ba dinaga di sele? Bakeresete ba ba lekang go ithuta puo e sele gore ba rere dikgang tse di molemo, ba di rerela batho ba dinaga di sele ba ba fudugetseng mo tshimong ya phuthego ya bone, ruri ba ka balelwa le batho ba ba latelang mokgwa wa go tshola baeng. Gone ke boammaaruri gore bontsi jwa rona, maemo ga a re letle go ithuta puo e sele. Le fa go ntse jalo, rotlhe re ka nna le seabe ka botlalo mo go thuseng batho ba dinaga di sele re dirisa bukana ya rona ya Good News for People of All Nations, e e nang le molaetsa wa Baebele ka dipuo di le dintsi. A o ile wa nna le matswela a a molemo ka go dirisa bukana eno mo bodireding?
Go Nna Kutlwelobotlhoko
15. Jesu o ne a bontsha jang kafa kgakololo e e mo go Baroma 12:15 e ka dirisiwang ka teng?
15 Bala Baroma 12:15. Mafoko a ga Paulo a a mo temaneng eno a ka sobokanngwa ka mafoko ano a mabedi: Bontsha kutlwelobotlhoko. Re tshwanetse go ithuta go tlhaloganya maikutlo a motho yo mongwe le e leng go ikutlwa jaaka ene, le fa a ka tswa a itumetse kgotsa a hutsafetse. Fa re tuka mo moyeng, maikutlo a rona a go ipela le ba bangwe kgotsa go ba utlwela botlhoko a tla bonala. Fa barutwa ba ga Keresete ba le 70 ba boa ba itumetse kwa letsholong la go rera ba bo ba bolela matswela a a molemo a tiro ya bone, Jesu ka boene o ne a “ipela thata mo moyeng o o boitshepo.” (Luke 10:17-21) O ne a ipela le bone. Kafa letlhakoreng le lengwe, Jesu o ne a ‘lela le batho ba ba neng ba lela’ fa tsala ya gagwe e bong Lasaro a sena go swa.—Joh. 11:32-35.
16. Re ka bontsha kutlwelobotlhoko jang, mme ke bomang ba segolobogolo ba tshwanetseng go dira jalo?
16 Re tshwanetse go latela sekao sa ga Jesu sa go bontsha kutlwelobotlhoko. Fa Mokeresete ka rona a ipela, re tshwanetse go ipela le ene. Gape re tshwanetse go utlwela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona botlhoko fa ba na le matshwenyego le fa ba utlwile botlhoko. Gantsi re ka kgona go imolola badumedi ka rona ba ba utlwileng botlhoko fa re ipha nako ya go ba reetsa ka kutlwelobotlhoko tota. Ka dinako tse dingwe, re ka amega thata mo kutlwelobotlhoko ya rona ya mmatota e bonalang ka dikeledi. (1 Pet. 1:22) Bagolwane ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go latela kgakololo e Paulo a e nayang malebana le go bontsha kutlwelobotlhoko.
17. Go tla go fitlha jaanong, ke eng se re se ithutileng mo go Baroma kgaolo 12, mme re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?
17 Ditemana tse re setseng re tlotlile ka tsone tse di mo go Baroma kgaolo 12 di re neile kgakololo malebana le kafa re tshwanetseng go tshela ka teng jaaka Bakeresete le kafa re tshwanetseng go dirisana ka teng le bakaulengwe ba rona. Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka ditemana tse di setseng tsa kgaolo eno, tse di tlhalosang kafa re tshwanetseng go leba ka teng le go dirisana ka teng le batho ba ba kwa ntle ga phuthego ya Bokeresete, go akaretsa baganetsi le babogisi.
Poeletso
• Re bontsha jang gore re ‘tuka mo moyeng’?
• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go direla Modimo ka boikokobetso le boingotlo?
• Re ka bontsha badumedi ka rona kutlwelobotlhoko le bopelotlhomogi ka ditsela dife?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Ditshwantsho mo go tsebe 4]
Ke ka ntlha yang fa re dira ditiro tseno tsa Bokeresete?
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Mongwe le mongwe wa rona a ka thusa jang batho ba dinaga di sele go ithuta ka Bogosi?