Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Anaanela Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba Gago Ba ba Sa Utlweng mo Ditsebeng!

Anaanela Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba Gago Ba ba Sa Utlweng mo Ditsebeng!

Anaanela Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba Gago Ba ba Sa Utlweng mo Ditsebeng!

GOMPIENO batho ba Modimo ke lelapa le legolo la bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya le le sa bolong go simologa ka nako ya banna le basadi ba motlha wa bogologolo. Bangwe ba bone ke Samuele, Dafide, Samesone, Rahabe, Moshe, Aborahame, Sara, Noa le Abele. Go na le batlhanka ba bantsi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ba sa utlweng mo ditsebeng. Ka sekai, batho ba ntlha go nna Basupi ba ga Jehofa kwa Mongolia e ne e le banyalani ba ba sa utlweng mo ditsebeng. Mme ka ntlha ya boikanyegi jwa badumedi ka rona ba ba sa utlweng mo ditsebeng kwa Russia, re ne ra fenya kgetsi kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho.

Mo metlheng ya gompieno, “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o re neile dikgatiso tsa puo ya diatla e bile o rulagantse gore go nne le diphuthego mmogo le dikopano tse dinnye le tse dikgolo tse di dirisang puo ya diatla. (Math. 24:45) Dilo tseno di thusitse batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng fela thata. * A mme o kile wa ipotsa gore go ne go ntse jang mo bathong ba ba sa utlweng mo ditsebeng go ithuta ka Modimo wa boammaaruri le go gatela pele mo boammaaruring dithulaganyo tseno di ise di nne teng? A o kile wa akanya gore o ka dirang go thusa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ba nnang mo lefelong la lona?

Pele ga Dithulaganyo Tse di Leng Teng Gompieno di Nna Gone

Go ne go ka nna jang fa o ne o ka botsa bangwe ba batho ba ba godileng ba ba sa utlweng mo ditsebeng gore go ne go ntse jang fa ba ne ba ithuta ka Modimo? Gongwe ba tla go bolelela kafa ba ileng ba ikutlwa ka teng fa ba sena go itse gore Modimo o na le leina—kafa go itse ntlha eo fela go neng ga fetola matshelo a bone ka teng le go dira gore ba nne ba le mo boammaaruring ka dingwagangwaga pele ga dibidio kgotsa di-DVD tsa puo ya diatla di nna gone go ba thusa go ithuta dintlha tse di boteng tsa boammaaruri jwa Dikwalo. Ba ka nna ba go tlhalosetsa gore go ne go ntse jang fa dipokano tsa Bokeresete di ne di sa tshwarwe ka puo ya diatla kgotsa di sa ranolelwe mo go yone. Go na le moo, mongwe o ne a nna fa thoko ga bone a bo a kwala dintlha mo pampiring go ba thusa gore ba tlhaloganye se se buiwang. Mokaulengwe mongwe yo o sa utlweng mo ditsebeng o ne a ithuta boammaaruri jwa Baebele ka tsela eno dingwaga di le supa pele ga go nna le mongwe yo o ranolelang mo puong ya diatla.

Basupi ba ba godileng ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba gakologelwa gore go ne go ntse jang go tsamaya tshimo ya batho ba ba utlwang mo ditsebeng. Mo seatleng se sengwe, ba ne ba tshwara karata e e nang le puisano e e motlhofo e e dirisiwang fa go rerwa ka ntlo le ntlo. Mme ba ne ba tshwara dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! mo seatleng se sengwe. Go ne go le thata gore motho yo o sa utlweng mo ditsebeng a tshwarele yo mongwe thuto ya Baebele a dirisa fela dikgatiso tsa mokwalo o o tlwaelegileng tse ba neng ba sa di tlhaloganye sentle ka bobedi jwa bone. Baboledi ba ba godileng ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ka tswa ba gakologelwa kafa ba neng ba kgobega marapo ka teng fa motho a ne a sa ba tlhaloganye mme ka jalo ba sa kgone go tswelela pele ba bua ka dithuto tsa boammaaruri. Gape ba itse gore go ntse jang go rata Jehofa ka lorato lo logolo mme o sa kgone go lo bontsha ka ditiro o tlhomamisegile. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ne ba sa tlhomamisege gore ba tlhaloganya dilo dingwe sentle.

Le fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ne ba na le dikgoreletsi tseno, ba ne ba nna ba bolokile bothokgami jwa bone. (Jobe 2:3) Ba ne ba letela Jehofa ka tlhologelelo. (Pes. 37:7) Mme gone jaanong o ba segofatsa ka tsela e bontsi jwa bone bo neng bo sa e lebelela.

Akanya ka maiteko a a ileng a dirwa ke mokaulengwe mongwe yo o sa utlweng mo ditsebeng yo e leng monna yo o nyetseng e bile a na le bana. Pele ga go nna le dibidio tsa puo ya diatla, o ne a tshwara thuto ya lelapa ka metlha. Morwawe o gopola jaana: “Go ne go le boima ka metlha gore rre a tshware thuto ya lelapa, ka gonne dikgatiso tsa mokwalo o o tlwaelegileng e ne e le tsone fela tse a ka di dirisang go re ruta. Gantsi o ne a sa tlhaloganye se se kwadilweng. Le rona bana re ne re mo thatafaletsa dilo le go feta. Re ne re nna bonako go mmolelela fa a sa tlhalose dilo sentle. Le fa go ntse jalo, o ne a tshwara thuto ya lelapa ka metlha. O ne a dumela gore le fa a ne a tle a tlhabiwe ke ditlhong ka ntlha ya go sa tlhaloganye Seesemane sentle, go ne go le botlhokwa thata gore a re rute sengwe ka ga Jehofa.”

Gape go na le sekai sa ga Richard, mokaulengwe yo o mo dingwageng tsa bo70 yo o sa utlweng mo ditsebeng e bile a sa bone, yo o nnang kwa Brooklyn, New York, U.S.A. Richard o itsege ka go nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete. Fa a ya dipokanong o tsamaya a le esi ka terena e e tsamayang kafa tlase ga lefatshe, a ntse a bala makgetlo a e emang ka one gore a kgone go itse fa a fologang teng. Letsatsi lengwe go le mariga go ne ga wa kapoko e ntsi thata mo dipokano di neng tsa se ka tsa tshwarwa. Botlhe mo phuthegong ba ne ba itsisiwe, mme ka tsela nngwe Richard a se ka a itsisiwe. Fa bakaulengwe ba lemoga gore go diragetseng ba bo ba mmatla, ba ne ba fitlhela Richard a eme kwa ntle ga Holo ya Bogosi, a letile ka bopelotelele gore dikgoro di bulwe. Fa a bodiwa gore ke ka ntlha yang a ile a tsamaya mo kapokong e kana kana, o ne a re, “Ke rata Jehofa.”

O ka Dirang?

A go na le batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ba nnang mo lefelong la lona? A o ka ithuta puo ya diatla gore o kgone go bua le bone? Gantsi batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba pelontle tota e bile ba pelotelele fa ba ruta ba bangwe puo ya bone. O ka nna wa kopana le motho yo o sa utlweng mo ditsebeng o se mo bodireding kgotsa o le mo bodireding. O ka dirang? Leka go bua le ene. Dirisa boitshikinyo jwa mmele, o mo kwalele, o dirise ditshwantsho, kgotsa o dirise dingwe tsa ditsela tseno tsotlhe go bua le ene. Le fa motho yoo a bontsha gore ga a kgatlhegele boammaaruri, bolelela Mosupi mongwe yo o sa utlweng mo ditsebeng kgotsa yo o itseng puo ya diatla ka ga gagwe. Molaetsa ono o ka nna wa ngoka motho yo o sa utlweng mo ditsebeng fa a o bolelelwa ka puo ya diatla.

Gongwe o ithuta puo ya diatla mme o kopanela mo phuthegong e e dirisang puo eo. O ka dira jang gore o nne le botswerere jwa go dirisa puo ya diatla le go e tlhaloganya? Le fa go na le baboledi ba bangwe ba ba utlwang mo phuthegong ya lona, ke eng o sa dirise puo ya diatla fela le fa o bua le bone? Seno se tla go thusa go akanya ka tsela e batho ba puo ya diatla ba akanyang ka yone. Ka dinako tse dingwe, o ka nna wa raelesega go bua o sa dirise puo ya diatla ka gonne go le motlhofo. Le fa go ntse jalo, fa o ithuta puo le fa e le efe, o tshwanetse go tswelela pele o e ithuta gore o kgone go e bua sentle.

Fa re leka ka tlhoafalo go dirisa puo ya diatla, re bontsha gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba sa utlweng mo ditsebeng e bile re a ba tlotla. Akanya kafa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba kgobegang marapo ka teng letsatsi le letsatsi ka gonne ba sa kgone go tlhaloganya batho kwa tirong kgotsa kwa sekolong. Mokaulengwe mongwe yo o sa utlweng mo ditsebeng o ne a re: “Letsatsi le letsatsi, ke a bo ke le mo gare ga batho ba ba buang. Gantsi go jewa ke bodutu le go ikutlwa ke kgaphetswe kwa thoko go dira gore ke tlalelane mme ke bo ke simolola go tenega, le e leng go galefa. Ga ke kgone go tlhalosa ka botlalo gore ka dinako tse dingwe ke ikutlwa jang.” Dipokano tsa rona e tshwanetse go nna lefelo le le lapolosang le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ka bonang dijo tsa semoya kwa go lone le go itumelela metlotlo e e monate le botsala.—Joh. 13:34, 35.

Ba bangwe ba re sa tshwanelang go ba tlodisa matlho ke ditlhopha tse dinnye tsa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ba kopanelang mmogo le diphuthego tsa batho ba ba utlwang. Ba a ranolelwa kwa dipokanong. E le gore batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ba mo phuthegong ba tlhaloganye sengwe le sengwe se se buiwang, ba nnela kwa pele kwa Holong ya Bogosi. Seno se dira gore ba kgone go bona motho yo o ranolang le sebui ka nako e le nngwe ba sa kgoreletsege. Go lemogilwe gore phuthego yotlhe e tlwaela tsela eno ya go dira dilo ka bonako mme ga e iteege tsebe. Gape dilo di dirwa jalo le kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo tse kwa go tsone go ranolelwang mo puong ya diatla. Maloko a phuthego a a dirang ka natla a tshwanetse go akgolelwa go ranola ka tsela e motho yo o sa utlweng mo ditsebeng le ene a ka nnang a tlhalosa tshedimosetso eo ka yone—ka tsela e e utlwalang sentle e bile e tlwaelegile.

Gongwe o mo phuthegong e e thusang setlhopha sa puo ya diatla kgotsa e e nang le batho ba se kae ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ba ranolelwang kwa dipokanong. Ke eng se o ka se dirang go bontsha bakaulengwe bano ba ba sa utlweng mo ditsebeng gore o a ba kgatlhegela? Ba laletse kwa legaeng la gago. Fa go kgonega, ithute go bua dilo dingwe o dirisa puo ya diatla. O se ka wa kgobega marapo fa lo sa kgone go buisana ka thelelo. O tla bona tsela ya go buisana le bone, mme go bontsha lorato jalo go tla felela ka gore lo nne le nako e e itumedisang le e e sa lebalesegeng. (1 Joh. 4:8) Go na le dilo tse dintsi tse bakaulengwe ba rona ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ka re rutang tsone. Ke batho ba ba nang le bokgoni jo bogolo jwa go tshwara metlotlo, ba na le bokgoni jo bo tlhomologileng jwa go lemoga dilo e bile ba kgona go dira metlae e e itumedisang. Mokaulengwe mongwe yo batsadi ba gagwe ka bobedi ba sa utlweng mo ditsebeng a re: “Ke ntse le batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng botshelo jwa me jotlhe, mme ba ntiretse dilo tse di fetang tse nka ba direlang tsone kgakala. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ka re ruta dilo tse dintsi.”

Jehofa o rata baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang, go akaretsa le ba ba sa utlweng mo ditsebeng. Sekao sa bone sa tumelo le boitshoko ruri se oketsa boitumelo jo bo leng teng mo phuthegong ya ga Jehofa. Ka jalo, a re anaaneleng bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba sa utlweng mo ditsebeng!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Bona setlhogo se se reng “Jehofa o Dirile Gore Sefatlhego sa Gagwe se ba Phatsimele,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa August 15, 2009.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Molaetsa wa Bogosi o ka nna wa ngoka motho yo o sa utlweng mo ditsebeng fa a o bolelelwa ka puo ya diatla

[Ditshwantsho mo go tsebe 32]

Dipokano tsa rona e tshwanetse go nna lefelo le le lapolosang le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ka kgothadiwang semoyeng kwa go lone