Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Anaanela Seabe sa Gago mo Phuthegong

Anaanela Seabe sa Gago mo Phuthegong

Anaanela Seabe sa Gago mo Phuthegong

“Modimo o tlhomile ditokololo mo mmeleng, nngwe le nngwe ya tsone, kafa a neng a rata ka gone.”—1 BAKOR. 12:18.

1, 2. (a) Ke eng se se bontshang gore mongwe le mongwe mo phuthegong a ka nna le seabe se a ka se anaanelang? (b) Re tla sekaseka dipotso dife mo setlhogong seno?

FA E sale mo metlheng ya Iseraele wa bogologolo, phuthego e ntse e le yone thulaganyo e Jehofa a e dirisang go fepa batho ba gagwe semoyeng le go ba kaela. Ka sekai, morago ga gore Baiseraele ba fenye motse wa Ai, Joshua o ne a “balela mafoko otlhe a molao kwa godimo, tshegofatso le phutso, kafa go sotlhe se se kwadilweng mo bukeng ya molao . . . fa pele ga phuthego yotlhe ya Iseraele.”—Josh. 8:34, 35.

2 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., moaposetoloi Paulo o ne a bolelela mogolwane wa Mokeresete e bong Timotheo gore phuthego ya Bokeresete e ne e le “ba ntlo ya Modimo” e bile e le “pilara le setshegetso sa boammaaruri.” (1 Tim. 3:15) “Ba ntlo” ya Modimo gompieno ke bakaulengwe ba ba mo lefatsheng lotlhe ba e leng Bakeresete ba boammaaruri. Paulo, mo kgaolo 12 ya lekwalo la gagwe la ntlha le le tlhotlheleditsweng le le yang go Bakorintha, o tshwantsha phuthego le mmele wa motho. A re le fa karolo nngwe le nngwe ya mmele e dira tiro e e farologaneng, tsotlhe di botlhokwa. Paulo a re: “Modimo o tlhomile ditokololo mo mmeleng, nngwe le nngwe ya tsone, kafa a neng a rata ka gone.” E bile o bontsha gore “dikarolo tsa mmele tse re akanyang gore ke tse di sa tlotlegeng thata, tseno re di dikanyetsa ka tlotlo e kgolo thata.” (1 Bakor. 12:18, 23) Ka jalo, seabe sa motho a le mongwe yo o thokgameng mo go ba ntlo ya Modimo ga se botoka e bile ga se maswe go feta sa Mokeresete yo mongwe yo o ikanyegang. Ke fela gore se farologane. Ka jalo, re ka itse jang seabe sa rona mo thulaganyong ya Modimo mme ra se anaanela? Ke dilo dife tse di ka amang seabe sa rona mo phuthegong? Mme re ka dira jang gore ‘botswelelopele jwa rona bo bonatshege mo bathong botlhe’?—1 Tim. 4:15.

Re ka Anaanela Seabe sa Rona Jang?

3. Ke tsela efe e re ka itseng seabe sa rona mo phuthegong ka yone?

3 Tsela e nngwe ya go itse seabe se re nang le sone mo phuthegong le go bontsha gore re a se anaanela ke ka go dirisana ka botlalo le “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” le moemedi wa gagwe e leng Setlhopha se se Laolang. (Bala Mathaio 24:45-47.) Re tlhoka go sekaseka gore re ikobela go le kana kang kaelo e re e newang ke setlhopha sa motlhanka. Ka sekai, fa dingwaga di ntse di feta, re ile ra newa kaelo e e tlhamaletseng malebana le moaparo le tsela e re ipaakanyang ka yone, boitlosobodutu le tiriso e e sa siamang ya Internet. A re tsaya tlhagiso eno e e molemo tsia gore re sireletsege semoyeng? Go tweng ka kgakololo e re e neilweng ya gore re tshware kobamelo ya lelapa ka metlha? A re tlhwaetse kgakololo eno tsebe mme ra tlhopha maitseboa mangwe a re tla tshwarang thuto eo ka one? Fa e le gore ga re a nyalwa kgotsa ga re a nyala, a re ipha nako ya go ithuta Baebele re le rosi? Jehofa o tla re segofatsa motho ka bongwe le jaaka malapa fa re latela kaelo ya setlhopha sa motlhanka.

4. Ke eng se re tshwanetseng go se akanyetsa fa re dira ditshwetso mo dikgannyeng tsa botho?

4 Bangwe ba ka nna ba re dilo tse di tshwanang le boitlosobodutu le moaparo le go ipaakanya ke dikgang tsa botho. Le fa go ntse jalo, Mokeresete yo o ineetseng yo o anaanelang seabe sa gagwe mo phuthegong ga a tshwanela go dira ditshwetso a ikaegile fela ka se ene a se ratang. O tshwanetse go akanyetsa thata tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone jaaka e senotswe mo Lefokong la gagwe, Baebele. Molaetsa wa lone o tshwanetse go nna ‘lobone lwa dinao tsa rona, le lesedi la tsela ya rona.’ (Pes. 119:105) Gape go molemo go akanyetsa kafa ditshwetso tse re di dirang mo dikgannyeng tsa botho di amang bodiredi jwa rona le batho ba bangwe ka teng, mo teng le kwa ntle ga phuthego.—Bala 2 Bakorintha 6:3, 4.

5. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra nna le moya wa boitaolo?

5 “Moya o jaanong o dirang mo baneng ba botlhokakutlo,” o gongwe le gongwe fela jaaka moya o re o hemang. (Baef. 2:2) Moya oo o ka dira gore re akanye gore ga re tlhoke kaelo ya phuthego ya ga Jehofa. Ruri ga re batle go tshwana le Dioterefese, yo o neng a se ka a ‘amogela sepe mo go moaposetoloi Johane ka tlotlo.’ (3 Joh. 9, 10) Re tshwanetse go tlhokomela gore re se ka ra nna le moya wa boitaolo. A le ka motlha re se ka ra bua kgotsa ra dira sepe se se bontshang gore re nyatsa thulaganyo e Jehofa a e dirisang gompieno go bua le rona. (Dipa. 16:1-3) Go na le moo, re tshwanetse go anaanela tshiamelo ya rona ya go dirisana sentle le setlhopha sa motlhanka. A mme ga re a tshwanela go lwela go nna kutlo le go ikobela batho ba ba eteletseng pele mo phuthegong e re leng mo go yone?—Bala Bahebera 13:7, 17.

6. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhatlhoba maemo a rona?

6 Tsela e nngwe e re ka bontshang ka yone gore re anaanela seabe sa rona mo phuthegong ke ka go sekaseka maemo a rona ka kelotlhoko le go dira sotlhe se re ka se kgonang go ‘galaletsa bodiredi jwa rona’ le go tlotla Jehofa. (Bar. 11:13) Ba bangwe ba kgona go nna babulatsela ba ka metlha. Ba bangwe ba mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng e le barongwa, balebedi ba ba etang le maloko a lelapa la Bethele mo lefatsheng lotlhe. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba thusa mo go ageng Diholo Tsa Bogosi. Bontsi jwa batho ba ga Jehofa ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go tlhokomela ba malapa a bone semoyeng le go nna le seabe ka botlalo mo bodireding beke le beke. (Bala Bakolosa 3:23, 24.) Re ka tlhomamisega gore fa re ithaopa ka go rata mo tirelong ya Modimo le go dira sotlhe se re ka se kgonang go mo direla ka moya otlhe, re tla nna re ntse re na le seabe mo thulaganyong ya gagwe.

Dilo Tse di Amang Seabe sa Rona

7. Tlhalosa kafa maemo a rona a ka amang seabe sa rona mo phuthegong ka teng.

7 Go botlhokwa gore re tlhatlhobe maemo a rona ka kelotlhoko ka gonne ka tsela nngwe a ama se re se dirang kgotsa se re ka kgonang go se dira mo phuthegong. Ka sekai, seabe se mokaulengwe a nang le sone mo phuthegong se farologana le se kgaitsadi a nang le sone ka ditsela dingwe. Dingwaga, botsogo mmogo le dilo tse dingwe di ama se re ka kgonang go se dira mo tirelong ya ga Jehofa. Diane 20:29 ya re: “Bontle jwa makau ke maatla a bone, mme bontlentle jwa bannabagolo ke botlhogoputswa jwa bone.” Basha ba ba mo phuthegong ba ka nna ba kgona go dira dilo tse dintsi ka maatla a bone a bosha, fa ba ba godileng ba solegela phuthego molemo thata ka botlhale jwa bone le maitemogelo. Gape re tlhoka go nna re gopotse gore sengwe le sengwe se re kgonang go se dira mo phuthegong ya ga Jehofa, re se dira ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.—Dit. 14:26; Bar. 12:6-8.

8. Keletso e ka ama se re se dirang mo phuthegong go le kana kang?

8 Setshwantsho sa bokgaitsadi ba babedi ba basha ba e leng bana ba motho se gatelela selo se sengwe se se ka amang seabe se re tla nnang le sone mo phuthegong. Boobabedi ba aloga kwa sekolong se segolwane. Maemo a bone a a tshwana. Batsadi ba bone ba dirile sotlhe se ba ka se kgonang go ba kgothaletsa gore ba nne babulatsela ba ka metlha fa ba fetsa sekolo. Fa ba sena go fetsa sekolo, yo mongwe o tsenela tirelo ya bobulatsela mme yo mongwe o simolola go bereka. Ke eng se se dirileng gore ba dire ditshwetso tse di sa tshwaneng? E ne e le keletso. Kwa bokhutlong, mongwe le mongwe o ne a dira se a neng a batla go se dira. A ga go a nna jalo ka bontsi jwa rona? Re tshwanetse go akanya thata ka se re ka ratang go se dira mo tirelong ya Modimo. A re ka oketsa seabe se re nang le sone mo tirelong, le fa re tshwanelwa ke go fetola maemo a rona?—2 Bakor. 9:7.

9, 10. Re tshwanetse go dira eng fa e le gore ga re ikutlwe go dira mo go oketsegileng mo tirelong ya ga Jehofa?

9 Go tweng fa e le gore tota ga re ikutlwe go oketsa tirelo e re e direlang Jehofa mme re batla go goga dinao fela mo phuthegong? Paulo o kwadile jaana mo lekwalong le a neng a le kwalela Bafilipi: “Modimo ke ene yo o dirang mo teng ga lona, ka ntlha ya boipelo jwa gagwe jo bo molemo, gore lo rate lo bo lo dire.” Ee, Jehofa a ka dira mo go rona mme a ama se re ratang go se dira kgotsa dikeletso tsa rona.—Bafil. 2:13; 4:13.

10 Ka jalo, a ga re a tshwanela go kopa Jehofa gore a re thuse go batla go dira thato ya gagwe? Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo o ne a dira fela jalo. O ne a rapela jaana: “Nkitsise ditsela tsa gago, wena Jehofa; nthute ditselana tsa gago. Ntsamaise mo boammaaruring jwa gago mme o nthute, gonne o Modimo wa me wa poloko. Ke solofetse mo go wena letsatsi lotlhe.” (Pes. 25:4, 5) Le rona re ka dira jalo ka go rapela Jehofa gore a dire gore re batle go dira se se mo itumedisang. Fa re akanya kafa Jehofa Modimo le Morwawe ba ikutlwang ka teng ka se re se dirang fa re ntse re ba direla, re ba anaanela fela thata. (Math. 26:6-10; Luke 21:1-4) Maikutlo ao a tebogo a ka re tlhotlheletsa go kopa Jehofa gore a dire gore re batle go dira mo go oketsegileng mo tirelong ya gagwe. Moporofeti Isaia o ne a naya sekai sa boikutlo jo re tshwanetseng go nna le jone. Fa moporofeti yono a ne a utlwa lentswe la ga Jehofa le botsa le re: “Ke tla roma mang, mme ke mang yo o tla re elang?” o ne a araba jaana: “Ke fano! Roma nna.”—Isa. 6:8.

O ka Dira Botswelelopele Jang?

11. (a) Go tlhokega go le kana kang gore bakaulengwe ba kgaratlhele go nna le maikarabelo mo phuthegong? (b) Mokaulengwe a ka dira jang gore a nne le ditshiamelo mo phuthegong?

11 E re ka go ne ga kolobediwa batho ba le 289 678 mo lefatsheng lotlhe mo ngwageng wa tirelo wa 2008, go bonala sentle gore go tlhokega bakaulengwe ba bantsi ba ba tla etelelang pele. Mokaulengwe o tshwanetse go arabela jang malebana le seno? Ka go leka go fitlhelela ditshwanelego tsa batlhanka ba bodiredi le bagolwane tse di tlhalositsweng mo Dikwalong. (1 Tim. 3:1-10, 12, 13; Tito 1:5-9) Mokaulengwe a ka kgaratlhela jang go fitlhelela ditshwanelego tseo tse di mo Dikwalong? Ka go nna le seabe ka matlhagatlhaga mo bodireding, ka go dira dikabelo tsa gagwe ka botswerere mo phuthegong, ka go dira sotlhe se a ka se kgonang go tokafatsa boleng jwa dikarabo tsa gagwe kwa dipokanong tsa Bokeresete le ka go kgatlhegela badumedi ka ene ka namana. Fa a dira jalo o tla bo a bontsha gore o anaanela seabe sa gagwe mo phuthegong.

12. Basha ba ka bontsha jang tlhoafalo ya bone mo boammaaruring?

12 Ke eng se bakaulengwe ba basha ka dingwaga, segolobogolo ba ba mo dingwageng tsa bolesome, ba ka se dirang go dira botswelelopele mo phuthegong? Ba ka dira maiteko a go gola mo ‘botlhaleng le mo go tlhaloganyeng ga semoya’ ka go nna le kitso ya Dikwalo. (Bakol. 1:9) Go nna baithuti ba ba ditswerere ba Lefoko la Modimo le go nna le seabe ka matlhagatlhaga mo dipokanong tsa phuthego ruri go tla ba thusa go dira jalo. Gape makau a ka dira ka natla ka go kgaratlhela gore ba tshwanelegele go tsena ka “kgoro e kgolo e e isang kwa tirong” ka go tsenela mefuta e e farologaneng ya tirelo ya nako e e tletseng. (1 Bakor. 16:9) Go dirisa botshelo jwa gago o direla Jehofa ruri go a kgotsofatsa mme go felela ka masego a a seng kana ka sepe.—Bala Moreri 12:1.

13, 14. Bokgaitsadi ba ka bontsha jang gore ba anaanela seabe sa bone mo phuthegong?

13 Bokgaitsadi le bone ba ka bontsha gore ba anaanela tshiamelo ya bone ya go nna le seabe mo go diragadiweng ga Pesalema 68:11. E balega jaana: “Jehofa ka boene o ntsha lefoko; basadi ba ba bolelang dikgang tse di molemo ke lesomo le legolo.” Nngwe ya ditsela tse di tlhomologileng thata tse bokgaitsadi ba ka bontshang ka tsone gore ba anaanela seabe se ba nang le sone mo phuthegong ke ka go nna le seabe mo tirong ya go dira barutwa. (Math. 28:19, 20) Ka jalo, bokgaitsadi ba bontsha gore ba tsaya seabe sa bone mo phuthegong se le botlhokwa ka go dira ka natla mo bodireding le go iketleetsa go intsha setlhabelo mo tirong eno.

14 Paulo o ne a kwalela Tito jaana: “A basadi ba ba tsofetseng ba nne le poifo ya bomodimo mo boitshwarong, . . . ba ba rutang se se molemo; gore ba tsibose makgarebe go rata banna ba bone, go rata bana ba bone, go nna ba itekanetse sentle mo mogopolong, ba itshekile, e le badiri kwa gae, ba le molemo, ba ipaya mo taolong ya banna ba bone, gore lefoko la Modimo le se ka la buiwa ka go kgojwa.” (Tito 2:3-5) Bokgaitsadi ba ba godileng ba ka nna le tlhotlheletso e e molemo mo phuthegong! Fa ba tlotla bakaulengwe ba ba eteletseng pele le go dira ditshwetso tse di botlhale mo botshelong, mo dilong tse di jaaka go apara le go ipaakanya le boitlosobodutu, ba tlhomela ba bangwe sekao se se molemo e bile ba bontsha gore ba anaanela seabe sa bone mo phuthegong.

15. Kgaitsadi yo o sa nyalwang a ka dirang go lepalepana le bodutu?

15 Ka dinako tse dingwe, go ka nna thata gore kgaitsadi yo o sa nyalwang a bone gore seabe sa gagwe ke sefe mo phuthegong. Kgaitsadi mongwe yo o kileng a ikutlwa jalo o ne a re: “Botshelo jwa go nna o sa nyalwa bo ka nna bodutu ka dinako tse dingwe.” Fa a bodiwa gore o lepalepana jang le seemo seo, o ne a re: “Go rapela le go ithuta go nthusa gore ke boe gape ke bone seabe sa me mo phuthegong.” Ke ithuta kafa Jehofa a ntebang ka teng. Go tswa foo ke dira maiteko a go thusa ba bangwe mo phuthegong. Seno se nthusa gore ke akanye ka ba bangwe mme ke se ka ka nnela go akanya ka dilo tse di amang nna fela.” Go ya ka Pesalema 32:8, Jehofa o ne a raya Dafide a re: “Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.” Ee, Jehofa o kgatlhegela mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe, go akaretsa le bokgaitsadi ba ba sa nyalwang, e bile o tla ba thusa botlhe go bona seabe sa bone mo phuthegong.

Nna o Diragatse Seabe sa Gago!

16, 17. (a) Ke ka ntlha yang fa go amogela taletso ya ga Jehofa ya go nna karolo ya phuthego ya gagwe e le tshwetso e e molemo go gaisa tsotlhe tse re ka di dirang? (b) Re ka dira jang gore re tswelele re diragatsa seabe sa rona mo phuthegong ya ga Jehofa?

16 Jehofa ka lorato o dirile gore motlhanka mongwe le mongwe wa gagwe a kgone go atamalana le ene. Jesu o ne a re: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” (Joh. 6:44) Mo gare ga dibilione tsa batho ba ba mo lefatsheng, Jehofa o laleditse mongwe le mongwe wa rona go nna karolo ya phuthego ya gagwe gompieno. Go amogela taletso eno ke tshwetso e e molemo go gaisa tsotlhe tse re kileng ra di dira. Seo se dirile gore botshelo jwa rona bo nne le bokao. A bo re itumetse e bile re kgotsofetse jang ne ka gonne re na le seabe mo phuthegong!

17 Mopesalema o ne a re: “Jehofa, ke ratile bonno jwa ntlo ya gago.” Gape o ne a opela jaana: “Lonao lwa me ruri lo tla ema mo lefelong le le sebatla; ke tla baka Jehofa fa gare ga boidiidi jo bo phuthegileng.” (Pes. 26:8, 12) Modimo wa boammaaruri o rata gore mongwe le mongwe wa rona a nne le seabe mo phuthegong ya gagwe. Fa re tswelela re latela kaelo ya puso ya Modimo le go tshwarega mo tirelong ya Modimo, re ka kgona go tswelela re diragatsa seabe sa rona se se botlhokwa mo thulaganyong ya ga Jehofa.

A o a Gakologelwa?

• Ke ka ntlha yang fa go tla bo go utlwala go konela ka gore Bakeresete botlhe ba na le seabe mo phuthegong?

• Re ka bontsha jang gore re anaanela seabe sa rona mo phuthegong ya Modimo?

• Ke dilo dife tse di ka amang seabe sa rona mo phuthegong?

• Bakeresete ba basha le ba ba godileng ba ka bontsha jang gore ba anaanela seabe sa bone mo thulaganyong ya Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Bakaulengwe ba ka dira jang gore ba tshwanelegele ditshiamelo mo phuthegong?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Bokgaitsadi ba ka bontsha jang gore ba anaanela seabe sa bone mo phuthegong?