Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dithapelo Tsa Gago di Senola Eng ka Wena?

Dithapelo Tsa Gago di Senola Eng ka Wena?

Dithapelo Tsa Gago di Senola Eng ka Wena?

“Wena Moutlwi wa thapelo, batho ba nama yotlhe ba tla tla kwa go wena.”—PES. 65:2.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba ga Jehofa ba ka mo rapela ba tlhomamisegile gore o a ba utlwa?

KA METLHA Jehofa o tlhwaela dithapelo tsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang tsebe. Re ka tlhomamisega gore o a re utlwa. Le fa Basupi ba ga Jehofa ba le bantsintsi ba ne ba ka rapela Modimo ka nako e le nngwe, o ne a tla utlwa mongwe le mongwe wa bone.

2 Mopesalema Dafide o ne a opela jaana a tlhomamisegile gore Modimo o utlwa dikopo tsa gagwe: “Wena Moutlwi wa thapelo, batho ba nama yotlhe ba tla tla kwa go wena.” (Pes. 65:2) Dithapelo tsa ga Dafide di ne tsa arabiwa ka gonne e ne e le moobamedi yo o ikanyegang wa ga Jehofa. Re ka ipotsa jaana: ‘A dithapelo tsa me di bontsha gore ke ikanya Jehofa le gore ke tshwenyegile thata ka kobamelo e e itshekileng? Dithapelo tsa me di senola eng ka nna?’

Rapela Jehofa ka Boikokobetso

3, 4. (a) Re tshwanetse go rapela Modimo re na le boikutlo bofe? (b) Re tshwanetse go dira eng fa re tshwenngwa ke ‘dikakanyo tse di tlhobaetsang’ ka gonne re dirile boleo jo bo masisi?

3 Fa re batla gore dithapelo tsa rona di arabiwe, re tshwanetse go rapela Modimo ka boikokobetso. (Pes. 138:6) Re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re tlhatlhobe, jaaka Dafide a ne a dira fa a ne a re: “Mphukutse, tlhe Modimo, o itse pelo ya me. Ntlhatlhobe, o itse dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang, mme o bone gore a go na le tsela epe e e botlhoko mo go nna, mme o nkgoge mo tseleng ya bosakhutleng.” (Pes. 139:23, 24) A re se rapeleng fela mme gape re letle Modimo gore a re tlhatlhobe re bo re ikobele kgakololo ya Lefoko la gagwe. Jehofa a ka re goga mo “tseleng ya bosakhutleng,” a re thusa gore re tsamaye mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng.

4 Go tweng fa re tshwenngwa ke ‘dikakanyo tse di tlhobaetsang’ ka gonne re dirile boleo jo bo masisi? (Bala Pesalema 32:1-5.) Go leka go gatelela segakolodi se se molato go ka re feletsa nonofo fela jaaka setlhare se omelela ka ntlha ya mogote fa go le selemo. Ka gonne Dafide a ne a leofile, o ne a utlwa botlhoko e bile a ka tswa a ile a lwala. Mme go ipolela ditlolo mo Modimong go ne ga mo imolola tota! Akanya fela kafa Dafide a neng a itumela ka teng fa a ne a bona gore ‘go tlhanoga ga gagwe go ne go itshwaretswe’ mme Jehofa o ne a mo itshwaretse. Go ipolela boleo mo Modimong go ka imolola motho, gape thuso ya bagolwane ba Bakeresete le yone e tla thusa motho yo o dirileng phoso gore a fole semoyeng.—Dia. 28:13; Jak. 5:13-16.

Kokotlela Modimo Mme o mo Leboge

5. Go kokotlela Jehofa go kaya eng?

5 Fa re ka tlhobaela thata ka lebaka le fa e le lefe, re tshwanetse go dirisa kgakololo eno ya ga Paulo: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo.” (Bafil. 4:6) “Go kokotlela” ke “kopo e e dirwang ka boikokobetso.” Re tshwanetse go kokotlela Jehofa gore a re thuse le gore a re kaele segolobogolo fa re lebane le kotsi kana pogiso.

6, 7. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ntsha ditebogo fa re rapela?

6 Mme gone, fa re ne re ka rapela fela fa re tlhoka sengwe, seo se ne se tla senola eng ka maitlhomo a rona? Paulo o rile re tshwanetse go itsise Modimo dikopo tsa rona “mmogo le go ntshiwa ga ditebogo.” Ruri re na le mabaka a go bua jaana jaaka Dafide: “Bogolo le thata le bontle le tlotlomalo le seriti ke tsa gago wena Jehofa; gonne sengwe le sengwe se se kwa magodimong le mo lefatsheng ke sa gago. Bogosi ke jwa gago, wena Jehofa, Wena yo o itsholetsang jaaka tlhogo ya botlhe. . . . wena Modimo wa rona, re a go leboga e bile re baka leina la gago le lentle.”—1 Ditir. 29:11-13.

7 Jesu o ne a tlhola a leboga Modimo a lebogela dijo, mme gape o ne a lebogela senkgwe le beine tse di neng di dirisiwa ka nako ya Sejo sa Morena sa Maitseboa. (Math. 15:36; Mar. 14:22, 23) Mo godimo ga go leboga jalo, re tshwanetse go ‘ntshetsa Jehofa ditebogo’ ka ntlha ya “ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo go bomorwa batho,” “ditshwetso tsa [gagwe] tsa boatlhodi tse di siameng” le ka ntlha ya lefoko la gagwe, kana molaetsa, o jaanong o kwadilweng mo Baebeleng.—Pes. 107:15; 119:62, 105.

Rapelela ba Bangwe

8, 9. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go rapelela Bakeresete mmogo le rona?

8 Kwantle ga pelaelo re a ithapelela, mme gape re tshwanetse go rapelela ba bangwe—mmogo le Bakeresete ba re sa ba itseng ka maina tota. Le fa moaposetoloi Paulo a ka tswa a ne a sa itse badumedi botlhe ba kwa Kolosa, o ne a kwala a re: “Re leboga Modimo Rra Morena wa rona Jesu Keresete ka metlha fa re lo rapelela, e re ka re ne ra utlwalela ka tumelo ya lona ka ga Keresete Jesu le lorato lo lo ratang baitshepi botlhe ka lone.” (Bakol. 1:3, 4) Gape Paulo o ne a rapelela Bakeresete ba kwa Thesalonika. (2 Bathes. 1:11, 12) Dithapelo tsa mofuta oo di senola boikutlo jwa rona le kafa re ikutlwang ka teng ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona.

9 Fa re rapelela Bakeresete ba ba tloditsweng mmogo le ditsala tsa bone tsa ba “dinku tse dingwe” seo se bontsha gore re tshwenyegile ka phuthego ya Modimo. (Joh. 10:16) Paulo o ne a kopa baobamedi mmogo le ene gore ba rapelele gore a ‘newe bokgoni jwa go itsise sephiri se se boitshepo sa dikgang tse di molemo.’ (Baef. 6:17-20) A re rapelela Bakeresete ba bangwe jalo?

10. Go rapelela ba bangwe go ka re ama jang?

10 Go rapelela ba bangwe go ka fetola tsela e re ba lebang ka yone. Fa re sa rate motho mme re bo re mo rapelela, re ka se tswelele re sa mo rate. (1 Joh. 4:20, 21) Dithapelo tsa mofuta ono di a kgothatsa e bile di dira gore re utlwane le bakaulengwe ba rona. Gape dithapelo tse di ntseng jalo di bontsha gore re na le lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete. (Joh. 13:34, 35) Lorato ke karolo ya leungo la moya wa Modimo. Fa re ithapelela, a re rapelela moya o o boitshepo, re kopa Jehofa gore a re thuse go bontsha dikarolo tsa leungo la one e leng lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo le boikgapo? (Luke 11:13; Bagal. 5:22, 23) Fa re dira jalo, se re se buang le se re se dirang se tla bontsha gore re tsamaya ka moya e bile re tshela ka one.—Bala Bagalatia 5:16, 25.

11. Ke eng fa o ka re go tshwanetse gore re kope ba bangwe gore ba re rapelele?

11 Fa re utlwa gore bana ba rona ba raelesega go tsietsa fa ba kwala ditlhatlhobo kwa sekolong, re tshwanetse go ba rapelela le go ba thusa ka Dikwalo gore ba ikanyege mme ba se ka ba dira sepe se se phoso. Paulo o ne a raya Bakeresete ba kwa Korintha a re: “Re rapela Modimo gore lo se ka lwa dira sepe se se phoso.” (2 Bakor. 13:7) Go rapela jalo ka boikokobetso go itumedisa Jehofa e bile go mmontsha gore re batho ba ba siameng. (Bala Diane 15:8.) Re ka kopa gore ba bangwe ba re rapelele, fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a dira. O ne a re: “Tswelelang lo re rapelela, gonne re tshepa gore re na le segakolodi se se ikanyegang, ka re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.”—Baheb. 13:18.

Dilo Tse Dingwe Tse Dithapelo Tsa Rona di di Senolang ka Rona

12. Dithapelo tsa rona di tshwanetse go remelela thata mo go eng?

12 A dithapelo tsa rona di senola gore re Basupi ba ba itumetseng le ba ba tlhagafetseng ba ga Jehofa? A di remeletse thata mo go dirweng ga thato ya Modimo, mo go rerweng ga molaetsa wa Bogosi, mo go tlotlomadiweng ga bolaodi jwa ga Jehofa, le mo go itshepisiweng ga leina la gagwe? Re tshwanetse go umaka dilo tseo ka metlha mo dithapelong tsa rona, jaaka Jesu a ne a bontsha mo thapelong ya gagwe ya sekao, e e simololang ka mafoko ano: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Math. 6:9, 10.

13, 14. Dithapelo tsa rona di senola eng ka rona?

13 Fa re rapela Modimo, dithapelo tsa rona di senola maitlhomo a rona, dilo tse re di ratang le tse re di eletsang. Jehofa o itse se re leng sone mo teng. Diane 17:3 ya re: “Pitsa e e itshekisang ke ya selefera e bile leubelo ke la gouta, mme Jehofa ke ene motlhatlhobi wa dipelo.” Modimo o bona se se mo dipelong tsa rona. (1 Sam. 16:7) O itse kafa re ikutlwang ka teng ka dipokano tsa rona, ka bodiredi jwa rona le ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Jehofa o itse kafa re lebang ‘bomorwarraagwe’ Keresete ka teng. (Math. 25:40) O a itse gore a tota re batla se re se rapelelang kana re boaboeletsa mafoko fela. Jesu o ne a re: “Fa o rapela, o se ka wa boaboeletsa dilo di le dingwe, fela jaaka batho ba ditšhaba ba dira, gonne [ka phoso] ba ithaya ba re ba tla utlwiwa ka ntlha ya go dirisa ga bone mafoko a le mantsi.”—Math. 6:7.

14 Gape se re se buang fa re rapela se bontsha gore re ikaegile ka Modimo go le kana kang. Dafide o ne a re: “[Wena Jehofa] o itshupile o le botshabelo jwa me, tora e e nonofileng fa pele ga mmaba. Ke tla nna moeng mo mogopeng wa gago ka bosakhutleng; ke tla tshabela mo diphukeng tsa gago gore di mphitlhe.” (Pes. 61:3, 4) Fa Modimo a ‘tsharolola mogope wa gagwe mo godimo ga rona’ ka tsela ya tshwantshetso, re ikutlwa re babalesegile e bile re sireletsegile. (Tshen. 7:15) A bo go gomotsa jang ne go rapela Jehofa re tlhatswegile pelo gore ‘o kafa letlhakoreng la rona’ fa re lebane le teko le fa e le efe ya tumelo!—Bala Pesalema 118:5-9.

15, 16. Thapelo e ka re thusa go lemoga eng malebana le keletso ya rona ya go gagamalela ditshiamelo mo phuthegong?

15 Fa re rapela Jehofa ka boikanyego malebana le maitlhomo a rona seo se ka re thusa go itse gore tota re na le maitlhomo a a ntseng jang. Ka sekai, fa re gagamalela go nna balebedi ba batho ba Modimo a re a bo re eletsa ka boikokobetso go thusa le go dira sotlhe se re ka se kgonang go ema nokeng dilo tse di direlwang Bogosi? Kana e ka tswa e le gore re batla “go nna le maemo a ntlha” kana re batla go “rena” mo go ba bangwe? Ga go a tshwanela ga nna jalo mo bathong ba ga Jehofa. (Bala 3 Johane 9, 10; Luke 22:24-27.) Fa re na le dikeletso tse di phoso, go bua boammaaruri fa re rapela Jehofa Modimo go tla re thusa gore re di lemoge e bile go tla re thusa go fetoga pele ga dikeletso tseo di nwelelela mo go rona.

16 Basadi ba Bakeresete ba ka tswa ba na le keletso ya gore banna ba bone ba direle e le batlhanka ba bodiredi mme kgabagare ba direle e le balebedi, kana bagolwane. Bokgaitsadi bano ba ka dira go dumalana le se ba se rapelelang ka go leka go itshwara ka tsela e e tlhomang sekao. Seno se botlhokwa ka gonne tsela e lelapa la motho le buang ka yone le e le itshwarang ka yone di ama tsela e a lebiwang ka yone mo phuthegong.

Go Rapelela ba Bangwe Phatlalatsa

17. Ke eng fa go le molemo go rapelela kwa thoko re le rosi?

17 Gantsi Jesu o ne a tswa mo boidiiding jwa batho gore a ye go rapela Rraagwe kwa thoko. (Math. 14:13; Luke 5:16; 6:12) Le rona re tlhoka go dira jalo. Fa re rapela re ritibetse mo lefelong le le didimetseng, re ka kgona go dira ditshwetso tse di itumedisang Jehofa le tse di ka re thusang go nonofa semoyeng. Le fa go ntse jalo, gape Jesu o ne a tle a rapele phatlalatsa, mme go molemo go sekaseka kafa seno se ka dirwang ka teng ka tsela e e tshwanetseng.

18. Ke dintlha dife tse bakaulengwe ba tshwanetseng go di gakologelwa fa ba rapelela phuthego phatlalatsa?

18 Kwa dipokanong tsa rona, banna ba ba ikanyegang ba emela phuthego ka go e rapelela phatlalatsa. (1 Tim. 2:8) Badumedimmogo ba tshwanetse gore ba kgone go re “amen,” e e rayang “a go nne jalo,” kwa bokhutlong jwa thapelo eo. Le fa go ntse jalo, ba tshwanetse go dumalana le se se builweng gore ba kgone go dira jalo. Jesu ga a bua sepe se se tshosang kana se se sa bontsheng go akanyetsa maikutlo a ba bangwe mo thapelong ya sekao. (Luke 11:2-4) Gape, ga a ka a umaka lenaane la mathata otlhe a mongwe le mongwe wa bareetsi a nang le one kana dilo tsotlhe tse ba di tlhokang. Dikgang tsa botho di tshwanetse go rapelelwa kwa thoko, e seng phatlalatsa. Mme fa re rapelela setlhopha sa batho, ga re a tshwanela go umaka dikgang tsa sephiri.

19. Re tshwanetse go itshwara jang fa go rapelwa phatlalatsa?

19 Fa go rapelwa phatlalatsa, re tshwanetse go bontsha gore re ‘boifa Modimo.’ (1 Pet. 2:17) Go ka tswa go na le dilo dingwe tse di ka direlwang kwa mafelong mangwe mme di sa tshwanela go direlwa kwa dipokanong tsa Bokeresete. (Mor. 3:1) Ka sekai, a re re mongwe o ne a batla gore botlhe ba ba mo setlhopheng ba gokagane ka matsogo kana ba tshwarane ka diatla fa go rapelwa phatlalatsa. Seno se ka kgopisa kana sa itaya bangwe tsebe, go akaretsa baeng ba e seng badumedimmogo le rona. Banyalani bangwe ba ka nna ba tshwarana ka diatla ka tsela e e tlotlegang, mme fa ba ka tlamparelana fa go rapelwa phatlalatsa, ba ba bonang seo ba ka nna ba kgopisega. Ba ka nna ba akanya kana ba ithaya ba re banyalani bao ba amegile thata ka lorato lo ba ratanang ka lone go na le go tshwenyega ka go tlotla Jehofa. A re tlotleng Jehofa ka tlotlo e e boteng mme ka go dira jalo re ‘dire dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo’ mme re tile boitshwaro jo bo ka itayang ba bangwe tsebe, jwa dira gore ba gamarege kana ba kgopisege.—1 Bakor. 10:31, 32; 2 Bakor. 6:3.

Re Tshwanetse go Rapelela Eng?

20. O ka tlhalosa jang Baroma 8:26, 27?

20 Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra se ka ra itse gore re reng fa re ithapelela re le rosi. Paulo o ne a re: “Bothata jwa se re tshwanetseng go se rapelela jaaka re tlhoka ga re bo itse, mme moya [o o boitshepo] ka boone o a re rapelela ka go fegelwa mo go sa buiweng. Le fa go ntse jalo [Modimo] yo o hukutsang dipelo o itse se se tewang ke moya.” (Bar. 8:26, 27) Jehofa o dirile gore go kwalwe dithapelo tse dintsi mo Baebeleng. O tsaya dithapelo tseno tse di tlhotlheleditsweng e le dithapelo tse di tswang mo go rona mme o a di araba. Modimo o a re itse e bile o itse bokao jwa dilo tse a tlhotlheleditseng bakwadi ba Baebele gore ba di kwale. Jehofa o araba dithapelo tsa rona fa moya o re “rapelela,” kana o re buelela. Mme fa re ntse re ithuta Lefoko la Modimo go ya pele, go ka direga gore se re tshwanetseng go se rapelela se itlele fela.

21. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

21 Jaaka re bone, dithapelo tsa rona di senola dilo tse dintsi ka rona. Ka sekai, di ka senola gore re atamalane go le kana kang le Jehofa le gore re itse Lefoko la gagwe go le kana kang. (Jak. 4:8) Mo setlhogong se se latelang, re tla tlotla ka dithapelo dingwe le mafoko mangwe a dithapelo a a kwadilweng mo Baebeleng. Go tlhatlhoba Baebele jalo go ka ama jang tsela e re rapelang Modimo ka yone?

O ka Araba Jang?

• Re tshwanetse go rapela Jehofa ka boikutlo bofe?

• Ke eng fa re tshwanetse go rapelela badumedi mmogo le rona?

• Dithapelo tsa rona di ka senola eng ka rona le ka maitlhomo a rona?

• Re tshwanetse go itshwara jang fa go rapelwa phatlalatsa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

A ka metlha o baka Jehofa le go mo leboga?

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Tsela e re itshwarang ka yone fa go rapelwa phatlalatsa e tshwanetse go tlotla Jehofa ka metlha