Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Aba ka Boitumelo go Tswa Pelong

Go Aba ka Boitumelo go Tswa Pelong

Go Aba ka Boitumelo go Tswa Pelong

MOAPOSETOLOI Paulo o ne a kwala jaana malebana le kgang ya go aba: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe,” mme a boa a re: “E seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” (2 Bakor. 9:7) Jehofa ga a pateletse ope go ema kobamelo e e itshekileng nokeng. O letlelela batlhanka ba gagwe go bontsha boineelo jwa bone ka go aba ka go rata le ka boitumelo. Batho ba gagwe ba ile ba arabela ka matlhagatlhaga fa dingwaga di ntse di feta. A re sekasekeng dikai di le tharo.

Fa Jehofa a sena go ntsha Baiseraele kwa Egepeto, o ne a ba laela gore ba age motlaagana. Go ne go tlhokega dilwana tsa kago, ka jalo batho ba Iseraele ba ne ba kopiwa gore ba ntshe meneelo. Go tswa foo, “mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e neng e mo tlhotlheletsa” o ne a tlisa gouta, selefera, dibenyane le dilwana tse dingwe. Batho ba ne ba aba thata mo e leng gore go ne ga dirwa kitsiso ya gore ba emise go aba.—Ekes. 35:5, 21; 36:6, 7.

Fa go ne go agiwa tempele makgolo a dingwaga moragonyana, batho ba Modimo ba ne boa gape ba bulegelwa ke sebaka sa go bontsha gore ba ema kobamelo e e itshekileng nokeng. Kgosi Dafide o ne a ntsha moneelo o mogolo go thusa mo tirong eno mme a laletsa ba bangwe gore le bone ba ntshe moneelo. Ba ne ba dira jalo ka tlhoafalo. Aitsane moneelo wa gouta le selefera fela o ne o feta diranta di le dibilione di le 840 ka madi a gompieno! Batho ba ne ba itumelela go isetsa Jehofa meneelo ka go rata.—1 Ditir. 29:3-9; 2 Ditir. 5:1.

Balatedi ba bogologolo ba ga Jesu Keresete le bone ba ne ba bontsha moya wa go aba ka boitumelo. Mo letsatsing la Pentekosete ya 33 C.E., go ne ga kolobediwa batho ba ka nna 3 000, ba bontsi jwa bone e neng e se banni ba Jerusalema. E le gore ba ba tlhokang ba kgone go nna mo motseng le go ithuta ka tumelo ya bone e ntšha, go ne ga dirwa thulaganyo ya go kokoanya madi ka nakwana. Bakaulengwe ba ne ba rekisa dithoto tsa bone mme ba tlisa madi kwa baaposetoloing gore ba thuse ba ba neng ba tlhoka. Ruri Jehofa o tshwanetse a bo a ile a itumela thata fa a bona batho ba bontsha tumelo le lorato ka tsela eno!—Dit. 2:41-47.

Gompieno, Bakeresete ba tswelela go ema kobamelo e e itshekileng nokeng ka go dirisa nako ya bone, maatla a bone le madi a bone ka bopelotshweu le ka boitumelo. Lebokose le le tsamayang le setlhogo seno le na le ditsela tsa kafa o ka dirang seo ka teng.

[Lebokoso mo go tsebe 18, 19]

DITSELA TSE BANGWE BA TLHOPHANG GO ABA KA TSONE

MENEELO YA TIRO YA LEFATSHE LOTLHE

Batho ba le bantsi ba beela madi mangwe kwa thoko gore ba tle ba a tsenye mo mabokosong a moneelo a a kwadilweng “Tiro ya Lefatshe Lotlhe.”

Kgwedi le kgwedi, diphuthego di romela madi ano kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e tlhokometseng naga ya tsone. Meneelo ya madi e e ntshiwang ka go rata gape e ka romelwa ka tlhamalalo kwa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa, Attention: Accounting Office, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya naga ya gaeno. (Meneelo e e ntshiwang ka go rata e e tlhalositsweng fa tlase fano le yone e ka romelwa kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya naga ya gaeno.) Ditšheke tse di romelwang mo atereseng e e fa godimo di tshwanetse go kwalwa ka leina la “Watch Tower Society.” Dibenyane kana dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo le tsone di ka ntshiwa e le moneelo. Go tla tlhokega gore meneelo eno e romelwe le lekwalo le le khutshwane le le tlhalosang gore moneelo oo ke mpho.

GO RULAGANYETSA GO ABA

Mo godimo ga go ntsha dimpho tsa madi ka tlhamalalo, go na le mekgwa e mengwe gape ya go aba e e ka solegelang tiro ya Bogosi ya lefatshe lotlhe molemo. E akaretsa:

Inshorense: Mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa o ka kwalwa gore ke one o tla amogelang madi a inshorense kana madi a go tlogela tiro/phenshene morago ga loso lwa gago.

Ditoko le Dibonto: Ditoko le dibonto di ka abelwa Mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa e le mpho kgotsa Mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa o ka kwalwa gore ke one o tla amogelang madi a gago fa o sena go swa.

Ditsha le Dikago: Ditsha le dikago di ka abiwa e le mpho, kana fa e le ntlo ya bonno, go kwalwe gore mong wa yone o tla tswelela a nna mo go yone fa a sa ntse a tshela. Ikgolaganye le ofisi ya lekala ya naga ya gaeno pele ga o kwadisa ditsha le dikago ka Mokgatlho.

Diwili: Ditsha le dikago kana madi a ka tlogelelwa Mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa ka wili e e kwadilweng semolao.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng o ka ikgolaganya le Accounting Office, ka go e kwalela kana ka mogala, mo atereseng e e kwadilweng fano kana o ka ikgolaganya le ofisi ya lekala e e tlhokometseng naga ya gaeno.

Accounting Office

Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa

Private Bag X2067

Krugersdorp

1740

South Africa

Nomoro ya Mogala: 011 761 1000