Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna Badiredi ba Modimo ba ba Maitseo

Go Nna Badiredi ba Modimo ba ba Maitseo

Go Nna Badiredi ba Modimo ba ba Maitseo

“Nnang baetsi ba Modimo.”—BAEF. 5:1.

1, 2. (a) Ke eng fa go le botlhokwa go nna maitseo? (b) Go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong seno?

MOKWADI Sue Fox o kwadile jaana malebana le go dirisana le batho ka tlotlo: “Ga go na nako epe e motho a sa tlhokeng go bontsha maitseo ka yone. Maitseo a tlhokega gongwe le gongwe, ka dinako tsotlhe.” Fa batho ba na le mokgwa wa go nna maitseo, ga ba nne le dikgotlhang tse dintsi le ba bangwe, e bile gantsi di a fela. Mme fa maitseo a seyo go nna le mathata. Go tshwara ba bangwe ka go tlhoka maitseo go felela ka dikgotlhang, go kgopisega le kutlobotlhoko.

2 Ka kakaretso batho mo phuthegong ya Bokeresete ya boammaaruri ba tshwarana ka maitseo. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go itisa gore re se ka ra etsa mekgwa ya go tlhoka maitseo e e tlwaelegileng mo lefatsheng gompieno. A re boneng gore go dirisa melaometheo ya Baebele mo kgannyeng ya go nna maitseo go ka re sireletsa jang mo ntlheng eno mme ga gogela batho mo kobamelong ya boammaaruri. Fa o batla go tlhaloganya gore go nna maitseo go akaretsa eng, akanya ka sekai sa ga Jehofa Modimo le sa ga Morwawe.

Jehofa le Morwawe—Dikai Tse di Molemo Tsa go Bontsha Tlotlo

3. Jehofa Modimo o re tlhometse sekao sefe sa go bontsha tlotlo?

3 Jehofa Modimo o re tlhomela sekao se se molemo sa go bontsha tlotlo. Le fa a na le maemo a a kwa godimo a go nna Molaodimogolo wa lobopo, o dirisana le batho ka bopelonomi jo bogolo le tlotlo. Fa Jehofa a ne a bua le Aborahame, le fa a ne a bua le Moshe, o ne a dirisa lefoko la Sehebera le gantsi le ranolwang go twe “tsweetswee.” (Gen. 13:14; Ekes. 4:6) Fa batlhanka ba ga Jehofa ba dira diphoso, ‘o bontsha kutlwelobotlhoko le bopelontle, gape o bonya go galefa e bile o tletse bopelonomi jwa lorato le boammaaruri.’ (Pes. 86:15) O farologane thata le batho bangwe ba ba phatlogang ka bogale fa ba bangwe ba sa dire dilo tse ba lebeletseng gore ba di dire.

4. Re ka etsa Jehofa jang fa ba bangwe ba bua le rona?

4 Gape re ka ithuta go nna maitseo fa re ela tlhoko tsela e Modimo a reetsang batho ka yone. Fa Aborahame a ne a botsa dipotso malebana le batho ba kwa Sodoma, Jehofa o ne a araba potso nngwe le nngwe ka bopelotelele. (Gen. 18:23-32) O ne a sa tseye gore Aborahame o mo senyetsa nako ka go amega ka batho bao. Jehofa o a reetsa fa batlhanka ba gagwe ba mo rapela le fa baleofi ba ba ikwatlhayang ba ikuela kwa go ene. (Bala Pesalema 51:11, 17.) A ga re a tshwanela go etsa Jehofa ka go reetsa fa ba bangwe ba bua le rona?

5. Go etsa tsela e Jesu a neng a bontsha tlotlo ka yone go ka tokafatsa jang tsela e re dirisanang le ba bangwe ka yone?

5 Sengwe sa dilo tse dintsi tse Jesu Keresete a neng a di ithuta mo go Rraagwe e ne e le go bontsha tlotlo. Le fa ka dinako tse dingwe bodiredi jwa ga Jesu bo ne bo mo tseela nako e ntsi le maatla, o ne a le pelotelele e bile a le pelonomi ka dinako tsotlhe. Balepero, bakopi ba e neng e le difofu le ba bangwe ba ba neng ba tlhoka thuso ba ne ba bona gore Jesu o ne a iketleeditse go ba thusa. O ne a sa ba tlhokomologe, le fa ba ne ba tla kwa go ene ba sa mmolelela. Gantsi o ne a tlogela se a neng a se dira gore a thuse motho yo o tshwenyegileng. Jesu o ne a amega fela thata ka batho ba ba neng ba dumela mo go ene. (Mar. 5:30-34; Luke 18:35-41) Rona Bakeresete, re latela sekao sa ga Jesu ka go nna pelonomi le go thusa ba bangwe. Ba losika, baagelani le ba bangwe ba lemoga boitshwaro jo bo ntseng jalo. Mo godimo ga moo, boitshwaro jo bo ntseng jalo bo galaletsa Jehofa e bile bo re tlisetsa boitumelo.

6. Jesu o re tlhometse sekao sefe sa lorato le go nna botsalano?

6 Gape Jesu o ne a bontsha batho tlotlo ka go ba bitsa ka maina a bone. A baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba tlotla ba bangwe ka tsela eo? Nnyaa. Ba ne ba tsaya batho ba ba sa itseng Molao e le “batho ba ba hutsegileng” e bile ba ne ba ba tshwara fela jalo. (Joh. 7:49) Morwa Modimo ene o ne a sa dire jalo. Maratha, Marea, Sakaio le ba bangwe ba bantsi ba ne ba mo utlwa a ba bitsa ka maina a bone. (Luke 10:41, 42; 19:5) Le fa setso le maemo a re mo go one e ka tswa e le tsone tse di laolang gore re bitsa batho jang gompieno, batlhanka ba ga Jehofa ba leka go nna botsalano mo bathong ba bangwe. * Ga ba letle gore go tlhaola batho ka maemo go fokotse tlotlo e ba tshwanetseng go e naya badumedi ka bone le ba bangwe.—Bala Jakobe 2:1-4.

7. Melaometheo ya Baebele e re thusa jang go nna maitseo mo bathong ba bangwe gongwe le gongwe kwa re kopanang le bone teng?

7 Tsela ya bopelontle e Modimo le Morwawe ba tshwarang batho ba ditšhaba le ba ditso tsotlhe ka yone e naya batho bao seriti e bile e gogela batho ba ba tshwanelang mo boammaaruring. Gone ke boammaaruri gore se se tsewang e le maitseo se tla farologana go ya ka mafelo. Ka jalo, ga re latele melao e e gagametseng ya go nna maitseo. Go na le moo, re letla gore melaometheo ya Baebele e re kaele fa go tliwa mo go bontsheng batho ba bangwe tlotlo gongwe le gongwe kwa re kopanang le bone teng. A re sekasekeng kafa go tshwara batho ka maitseo go ka re thusang ka teng gore re atlege mo bodireding jwa Bokeresete.

Go Dumedisa Batho le go Tlotla le Bone

8, 9. (a) Ke mokgwa ofe o o ka tsewang e le go tlhoka maitseo? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go letla gore mafoko a a kwadilweng mo go Mathaio 5:47 a ame tsela e re tshwarang batho ba bangwe ka yone?

8 E re ka mo mafelong a le mantsi gompieno batho ba tshelela mo lobelong, gantsi batho ba babedi ba ka fapaana fela ba sa re “dumela” kgotsa “o tsogile jang?” Gone ga go a lebelelwa gore motho a ka tsamaya a buisana le mongwe le mongwe yo o fetang mo tseleng e e tlhanaselang. Le fa go ntse jalo, mo maemong a mangwe a mantsi, go a tshwanela e bile go molemo go dumedisa ba bangwe. A o na le mokgwa wa go dumedisa batho? Kgotsa gantsi o ba feta fela o sa nyenye le fa e le go bua sengwe le bone? Motho a ka iphitlhela a na le mokgwa o tota e leng go tlhoka maitseo a sa ikaelela.

9 Jesu o ne a re gakolola a re: “Fa lo dumedisa bakaulengwe ba lona fela, ke eng se se sa tlwaelegang se lo se dirang? A batho ba ditšhaba le bone ga ba dire sone seo?” (Math. 5:47) Mo ntlheng eno, mogakolodi mongwe e bong Donald Weiss o ne a kwala jaana: “Batho ga ba rate fa ba bangwe ba ba tlhokomologa kgotsa ba ba feta fela. Tota ga go na lebaka lepe le le utlwalang la go tlhokomologa motho yo mongwe. Tharabololo e nngwe fela: Dumedisa batho. Tlotla le bone.” Fa re sa letle go nna mabifi kgotsa go tlhoka botsalano go re kgaoganya le batho, re tla nna le matswela a a molemo.

10. Go nna maitseo go ka re thusa jang gore re atlege mo bodireding? (Bona lebokose le le reng  “Simolola ka go Nyenya ka Lorato.”)

10 Akanya ka banyalani bangwe ba Bakeresete e bong Tom le Carol, ba ba nnang mo toropong nngwe e kgolo kwa Amerika Bokone. Ba tlwaetse gore fa ba le mo bodireding ba tshware metlotlo e e monate le baagelani ba bone. Ba dira seo jang? Tom o bolela jaana a lebisitse mo go Jakobe 3:18: “Re leka go nna botsalano le go sa nne le dikgotlhang le batho ba bangwe. Re ya kwa bathong ba re bonang ba le kafa ntle ga magae a bone le ba ba berekang mo tikologong eo. Re a nyenya re bo re ba dumedisa. Re tlotla ka dilo tse ba di kgatlhegelang—bana ba bone, dintša tsa bone, magae a bone le ditiro tsa bone. Fa nako e ntse e ya, ba re tsaya re le ditsala.” Carol o oketsa jaana: “Fa re ba etela moragonyana, re ba bolelela maina a rona re bo re ba botsa a bone. Re ba itsise gore re dira eng mo tikologong eo, mme re sa bue lobaka lo loleele. Fa nako e ntse e ya, re kgona go ba rerela.” Baagelani ba le bantsi ba ga Tom le Carol ba setse ba ba tshepa. Ba le bantsi ba amogetse dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng mme ba le mmalwa ba bontshitse gore jaanong ba kgatlhegela go ithuta boammaaruri.

Go Nna Maitseo fa Maemo a le Thata

11, 12. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go lebelela gore re ka se tshwarwe sentle fa re rera dikgang tse di molemo, mme re tshwanetse go itshwara jang fa go nna jalo?

11 Ka dinako tse dingwe, batho ga ba re tshware sentle fa re ntse re rera dikgang tse di molemo. Seo ga se re gakgamatse ka gonne Keresete Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe jaana: “Fa ba mpogisitse, ba tla lo bogisa le lona.” (Joh. 15:20) Mme go ipusolosetsa fa batho ba re buisa ka lonyatso ga go nne le matswela a a molemo. Re tshwanetse go itshwara jang? Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Itshepiseng Keresete e le Morena mo dipelong tsa lona, ka metlha lo iketleeleditse go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o lo batlang lebaka la tsholofelo e e mo go lona, mme lo dira jalo ka bonolo le tlotlo e e boteng.” (1 Pet. 3:15) Fa re le maitseo—re araba ka bopelonomi le ka tlotlo—seo se ka nna sa fetola maikutlo a batho ba ba re tlhapatsang.—Tito 2:7, 8.

12 A re ka ipaakanyetsa gore fa batho ba sa re buise sentle re ba arabe ka tsela e Modimo a e amogelang? Ee. Paulo o ne a re: “A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai, gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.” (Bakol. 4:6) Fa re na le mokgwa wa go nna maitseo mo go ba malapa a rona, mo bathong ba re tsenang sekolo le bone, ba re berekang le bone, mo malokong a phuthego le mo baagelaning ba rona, re tla kgona go lebana le lesotlo le tlhapatso ka tsela e e tshwanelang Mokeresete.—Bala Baroma 12:17-21.

13. Naya sekai se se bontshang kafa go nna maitseo go ka nolofatsang baganetsi ka teng.

13 Go nna maitseo fa maemo a le thata go na le matswela a a molemo. Ka sekai, mokaulengwe mongwe kwa Japane o ne a sotliwa ke mong wa ntlo le moeng wa motho yoo. Mokaulengwe yono o ne a tswa fa ntlong eo ka maitseo. Fa a ntse a tsweletse a rera mo tshimong eo, o ne a lemoga gore moeng yole o ne a mo lebeletse a emetse kgakajana. Fa mokaulengwe a tla fa go ene, monna yono o ne a re: “Ke maswabi ka se se diragetseng. Le fa re ne re sa go buise sentle, ke lemogile gore o ne o ntse o nyenya fela. Nka dirang gore ke nne jaaka wena?” E re ka monna yoo a ne a feletswe ke tiro e bile a sa tswa go swelwa ke mmaagwe, o ne a se na tsholofelo epe ya gore a ka tsamaya a itumela gape. Mosupi yono o ne a ithaopa go ithuta Baebele le ene mme a dumela. Go ise go ye kae o ne a ithuta gabedi ka beke.

Tsela e e Molemolemo ya go Ithuta go Nna Maitseo

14, 15. Batlhanka ba ga Jehofa ba metlha ya ditiragalo tsa Baebele ba ne ba thapisa bana ba bone jang?

14 Batsadi ba ba ratang Modimo ba metlha ya ditiragalo tsa Baebele ba ne ba tlhomamisa gore bana ba bone ba ithuta maitseo mo lapeng. Akanya ka tsela e e maitseo e Aborahame le morwawe e bong Isake ba neng ba buisana ka yone mo go Genesise 22:7. Josefa le ene o ne a bontsha gore batsadi ba gagwe ba ne ba mo rutile sentle. Fa a ne a le mo kgolegelong, o ne a le maitseo le mo magolegweng a mangwe tota. (Gen. 40:8, 14) Mafoko a a neng a a raya Faro a bontsha gore o ne a ithutile tsela e e tshwanetseng ya go buisana le motho wa maemo a a kwa godimo.—Gen. 41:16, 33, 34.

15 Melao e e Lesome e e neng e neilwe bomorwa Iseraele e ne e akaretsa taelo eno: “Tlotla rrago le mmago gore malatsi a gago a tle a nne maleele mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang.” (Ekes. 20:12) Tsela nngwe e bana ba neng ba ka tlotla batsadi ba bone ka yone e ne e le ka go nna maitseo kwa lapeng. Morwadia Jefetha o ne a bontsha rraagwe tlotlo ka tsela e e tlhomologileng ka go diragatsa maikano a ga rraagwe mo maemong a a thata tota.—Baatlh. 11:35-40.

16-18. (a) Ke eng se se ka dirwang go ruta bana go nna maitseo? (b) Melemo mengwe ya go ruta bana go nna maitseo ke efe?

16 Ruri go thapisa bana ba rona gore ba nne maitseo go botlhokwa thata. E le gore batho ba kgone go dirisana sentle le ba bangwe fa e setse e le bagolo, ba tshwanetse go rutiwa e sa le bana tsela e e tshwanetseng ya go dumedisa baeng, go araba mogala, le go ja le ba bangwe. Ba tshwanetse go thusiwa go tlhaloganya gore ke eng fa ba tshwanetse go tshwarela ba bangwe ditswalo gore ba tsene, go nna pelonomi mo bathong ba ba godileng le ba ba lwalang, le go ithaopa go thusa batho fa ba rwele merwalo e e bokete. Ba tshwanetse go tlhaloganya gore go botlhokwa go bua go tswa pelong o re “tsweetswee,” “ke a leboga,” “a nka go thusa?,” le “intshwarele.”

17 Go thapisa bana gore ba nne maitseo ga go a tshwanela go nna thata. Tsela e e molemolemo ya go dira seo ke go tlhoma sekao. Kurt wa dingwaga tse 25 o tlhalosa jaana kafa ene le barwarraagwe ba bararo ba neng ba ithuta go nna maitseo ka teng: “Re ne re leba e bile re reetsa fa Mmè le Rre ba buisana ka bopelonomi mme ba le pelotelele le batho ba bangwe e bile ba ba akanyetsa. Fa re le kwa Holong ya Bogosi Rre o ne a tsamaya le nna fa a ya go dumedisa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng, pele ga dipokano le morago ga tsone. Ke ne ke utlwa kafa a ba dumedisang ka teng e bile ke bona kafa a ba tlotlang ka teng.” Gape Kurt a re: “Fa nako e ntse e ya, ke ne ka nna maitseo jaaka ene. Go itlela fela gore ke nne maitseo fa ke dirisana le batho. Ga se tsela e o tshwanetseng go itshwara ka yone, mme ke tsela e o batlang go itshwara ka yone.”

18 Ke eng se se ka diragalang fa batsadi ba ruta bana ba bone go nna maitseo? Bana ba tla kgona go dira ditsala mme ba tla nna ka kagiso le ba bangwe. Ba tla kgona go dirisana sentle le bathapi le badirimmogo le bone. Mo godimo ga moo, bana ba ba maitseo ba ba siameng ba tla itumedisa batsadi ba bone le go ba kgotsofatsa.—Bala Diane 23:24, 25.

Go Nna Maitseo Go a Re Tlhaola

19, 20. Ke eng fa re tshwanetse go ititaya sehuba gore re etse Modimo wa rona yo o pelontle le Morwawe?

19 Paulo o ne a re: “Nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang.” (Baef. 5:1) Go etsa Jehofa Modimo le Morwawe go akaretsa go dirisa melaometheo ya Baebele, jaaka e e tlhalositsweng mo setlhogong seno. Fa re dira jalo, re tla tila boitimokanyi jwa go nna maitseo e le fela gore re amogelwe ke mongwe wa maemo a a kwa godimo kgotsa gore re bone dithoto kgotsa madi.—Jude 16.

20 Mo malatsing a bofelo a puso ya ga Satane e e bosula, o ikaeletse go fedisa melao e Jehofa a e beileng ya go bontsha tlotlo. Mme Diabolo a ka se kgone go fedisa maitseo a mantle a Bakeresete ba boammaaruri. E kete mongwe le mongwe wa rona a ka ititaya sehuba gore a latele sekao sa Modimo wa rona yo o pelontle le sa ga Morwawe. Fa re dira jalo puo ya rona le boitshwaro jwa rona bo tla nna bo ntse bo farologane le jwa batho ba ba tlhophang go tlhoka maitseo. Re tla tlisa pako mo go Jehofa, Modimo yo o re tlhomelang sekao sa go bontsha tlotlo, mme re tla gogela batho ba ba peloephepa mo kobamelong ya gagwe ya boammaaruri.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Mo ditsong dingwe, go tsewa e le go tlhoka maitseo go bitsa motho yo mogolo mo go wena ka leina fa e se ene a go letleletseng go dira jalo. Bakeresete ba tshwanetse go tlotla dingwao tse di ntseng jalo.

A o A Gakologelwa?

• Jehofa le Morwawe ba re ruta eng ka go nna maitseo?

• Ke ka ntlha yang fa rona Bakeresete re tshwanetse go dumedisa batho ka lorato?

• Go nna maitseo go re thusa jang gore re atlege mo bodireding?

• Batsadi ba na le seabe sefe mo go ruteng bana ba bone go nna maitseo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 27]

 Simolola ka go Nyenya ka Lorato

Batho ba le bantsi ba tshaba go simolola motlotlo le motho yo ba sa mo itseng. Le fa go ntse jalo, ka gonne Basupi ba ga Jehofa ba rata Modimo le baagelani ba bone, ba leka ka natla go ithuta go tshwara metlotlo le batho ba bangwe gore ba ba rute dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele. Ke eng se se ka go thusang go tokafatsa mo ntlheng eno?

Molaomotheo wa botlhokwa o kwadilwe mo go Bafilipi 2:4, e e reng: “Lo [tlhokomele], e seng go kgatlhegela dilo tse di amang lona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.” Akanyetsa mafoko ano ka tsela eno: Fa e le la ntlha o kopana le mongwe, o a go tshaba. O ka dira jang gore a phuthologe? Go nyenya ka lorato le go mo dumedisa ka botsalano go ka thusa. Mme go na le dilo tse dingwe tse o ka di akanyetsang.

Fa o leka go simolola motlotlo le mongwe, o ka tswa o mo itaya tsebe a sa ntse a akanya. Fa o leka go dira gore a tlotle ka se o se akantseng, o se na sepe le se ene a se akantseng, a ka nna a se ka a arabela sentle. Ka jalo, fa go ka direga gore o kgone go lemoga gore motho yoo o ka tswa a akantse ka eng, ke eng fa o sa dirise sone seo go simolola motlotlo le ene? Ke sone se Jesu a neng a se dira fa a kopana le mosadi mongwe fa sedibeng kwa Samarea. (Joh. 4:6-26) Mosadi yono o ne a akantse ka go ga metsi. Jesu o ne a simolola motlotlo le ene ka sone seo, mme go ise go ye kae ba ne ba tshwara motlotlo o o monate wa dilo tsa semoya.

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Go nna botsalano mo bathong go ka felela ka gore o ba rerele

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Re tshwanetse go nna maitseo ka dinako tsotlhe