Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lenaane la Diteng

Lenaane la Diteng

Lenaane la Diteng

November 15, 2009

Makasine o o Ithutiwang

DITLHOGO TSA THUTO TSA DIBEKE TSA:

December 28, 2009–January 3, 2010

Dithapelo Tsa Gago di Senola Eng ka Wena?

TSEBE 3

DIPINA TSE DI TLA DIRISIWANG: 161, 45

January 4-10, 2010

Tokafatsa Dithapelo Tsa Gago ka go Ithuta Baebele

TSEBE 7

DIPINA TSE DI TLA DIRISIWANG: 190, 175

January 11-17, 2010

Anaanela Seabe sa Gago mo Phuthegong

TSEBE 13

DIPINA TSE DI TLA DIRISIWANG: 213, 55

January 18-24, 2010

Nnang lo Gole mo Loratong Lwa Bokaulengwe

TSEBE 20

DIPINA TSE DI TLA DIRISIWANG: 200, 115

January 25-31, 2010

Go Nna Badiredi ba Modimo ba ba Maitseo

TSEBE 24

DIPINA TSE DI TLA DIRISIWANG: 34, 86

Boikaelelo Jwa Ditlhogo Tsa Thuto

Ditlhogo Tsa Thuto 1, 2 TSEBE 3-11

Setlhogo sa ntlha mo ditlhogong tseno tse pedi se tla go thusa gore o sekaseke tsela e o rapelang ka yone fa o rapela Jehofa. Sa bobedi se tla go thusa go bona ditsela tse o ka tokafatsang dithapelo tsa gago ka tsone ka gonne se kgothaletsa gore o sekaseke ka kelotlhoko dikopo le dithapelo tse di kwadilweng mo Baebeleng tsa pako le ditebogo.

Setlhogo sa Thuto 3 TSEBE 13-17

Mokeresete mongwe le mongwe o na le seabe mo thulaganyong ya ga Jehofa ya kobamelo ya boammaaruri. Setlhogo seno se tlotla ka ditsela tse di farologaneng tse re ka bontshang ka tsone gore re anaanela seabe sa rona mo phuthegong ya Bokeresete.

Ditlhogo Tsa Thuto 4, 5 TSEBE 20-29

Go bontsha lorato lwa bokaulengwe go thusa thata gore phuthego e nne seoposengwe. Mme go nna maitseo go botlhokwa thata mo bodireding jwa Bokeresete. Ditlhogo tseno di bontsha kafa re ka tokafatsang ka teng mo dikarolong tseno tse pedi tsa botshelo jwa rona.

GAPE MO MAKASINENG ONO:

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

TSEBE 12

Go Aba ka Boitumelo go Tswa Pelong

TSEBE 18

Mosetsanyana yo o Pelotshweu

TSEBE 29

Anaanela Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba Gago Ba ba Sa Utlweng mo Ditsebeng!

TSEBE 30