Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mosetsanyana yo o Pelotshweu

Mosetsanyana yo o Pelotshweu

Mosetsanyana yo o Pelotshweu

BOSHENG jaana, mosetsana wa dingwaga di le robongwe wa kwa Brazil o ne a kgaoganya madi a a neng a a bolokile—diranta di le 150 le di le 210—a dira jalo a sa laelwa ke ope. O ne a tsenya diranta di le 150 mo lebokoseng la Holo ya bone ya Bogosi go thusa go duelela ditshenyegelo tsa phuthego. Mme morago ga moo, a romela diranta di le 210 kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa, mmogo le lekwalo le le khutshwane. Lekwalo la gagwe le ne le re: “Ke rata go ntsha moneelo ono gore o thuse mo tirong ya lefatshe lotlhe. Ke batla go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi mo lefatsheng lotlhe go rera dikgang tse di molemo. Ke o ntsha ka gonne ke rata Jehofa ka lorato lo logolo.”

Batsadi ba mosetsanyana yono ba ile ba mo ruta botlhokwa jwa go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi. Gape ba mmontshitse botlhokwa jwa go ‘tlotla Jehofa ka dilo tsa gagwe tse di tlhwatlhwakgolo.’ (Dia. 3:9) Fela jaaka mosetsanyana yono, e kete rotlhe re ka dira ka tlhoafalo go ema nokeng dilo tse di direlwang Bogosi, mo lefelong la rona le mo lefatsheng lotlhe!