Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tokafatsa Dithapelo Tsa Gago ka go Ithuta Baebele

Tokafatsa Dithapelo Tsa Gago ka go Ithuta Baebele

Tokafatsa Dithapelo Tsa Gago ka go Ithuta Baebele

“Ao, Jehofa, tsweetswee a tsebe ya gago e reetse thapelo ya motlhanka wa gago.”—NEH. 1:11.

1, 2. Ke eng fa go tla bo go le molemo go sekaseka dithapelo dingwe tse di kwadilweng mo Baebeleng?

THAPELO le go ithuta Baebele di botlhokwa thata mo kobamelong ya boammaaruri. (1 Bathes. 5:17; 2 Tim. 3:16, 17) Mme gone Baebele ga se buka ya dithapelo. Le fa go ntse jalo, e na le dithapelo tse dintsi, go akaretsa tse dintsi tse di mo bukeng ya Dipesalema.

2 Fa o ntse o bala le go ithuta Baebele, o tla bona dithapelo tse di tsamaisanang le maemo a o lebanang le one. Tota e bile, fa o umaka mafoko mangwe a thapelo e e kwadilweng mo Baebeleng fa o rapela, dithapelo tsa gago di a tokafala. O ka ithuta eng mo bathong ba dithapelo tsa bone di neng tsa arabiwa fa ba ne ba rapela ba kopa thuso le mo mafokong a ba neng ba a dirisa fa ba rapela?

Batla Kaelo ya Modimo Mme o e Latele

3, 4. Aborahame o ne a roma motlhanka wa gagwe gore a dire eng, mme re ka ithuta eng mo go se Jehofa a neng a se dira?

3 Fa o ithuta Baebele o lemoga gore o tshwanetse go rapelela kaelo ya Modimo ka metlha. Akanya ka se se neng sa direga fa tlhogo ya lotso Aborahame a ne a romela motlhanka wa gagwe yo mogolo—yo e ka tswang e ne e le Eliesere—go ya Mesopotamia go ya go batlela Isake mosadi yo o boifang Modimo. Fa basadi ba ne ba ntse ba a ga metsi fa sedibeng, motlhanka yoo o ne a rapela jaana: “Jehofa . . . , se se tla diragalang ke gore morweetsana yo ke tla mo rayang ke re, ‘Tsweetswee, isa nkgo ya gago ya metsi kwa tlase gore ke tle ke nwe,’ mme yo o tla reng, ‘Nwa, e bile ke tla nosa le dikamela tsa gago,’ yono ke ene yo o tla mo abelang motlhanka wa gago, e bong Isake; mme mma ke itse ka seno gore o diretse mong wa me lorato lo lo ikanyegang.”—Gen. 24:12-14.

4 Thapelo ya motlhanka wa ga Aborahame e ne ya arabiwa fa Rebeka a ne a nosa dikamela tsa gagwe. Go ise go ye kae o ne a tsamaya le ene go ya Kanana mme a nna mosadi yo o rategang wa ga Isake. Gone o ka se lebelele gore Modimo a go neye letshwao le le kgethegileng. Le fa go ntse jalo, o tla go kaela mo botshelong fa o rapela e bile o ikemiseditse go gogwa ke moya wa gagwe.—Bagal. 5:18.

Thapelo e Thusa go Fokotsa Tlhobaelo

5, 6. Ke eng se se tshwanetseng go elwa tlhoko mo thapelong ya ga Jakobe fa a ne a tloga a kopana le Esau?

5 Thapelo e ka fokotsa tlhobaelo. Jakobe o ne a rapela jaana fa a ne a tshaba go tlhaselwa ke morwarraagwe wa lefatlha e bong Esau: “Oo Jehofa, . . . ga ke tshwanelwe ke mapelonomi otlhe a lorato le boikanyegi jotlhe jo o bo supileng mo motlhankeng wa gago . . . Ke a go rapela, nkgolola mo seatleng sa ga morwarre, mo seatleng sa ga Esau, ka gonne ke a mmoifa gore a ka nna a tla mme ruri a tlhasela nna, mmè mmogo le bana. Mme wena, o rile, ‘Kwantle ga pelaelo ke tla dirisana sentle le wena mme ke tla dira gore losika lwa gago lo nne jaaka moshawa wa lewatle, o o ka se kang wa balwa ka ntlha ya bontsintsi jwa one.’”—Gen. 32:9-12.

6 Fa Jakobe a sena go rapela, o ne a tsaya dikgato tsa go sireletsa lelapa la gagwe mme thapelo ya gagwe e ne ya arabiwa fa ene le Esau ba ne ba agisana. (Gen. 33:1-4) Bala thapelo eo ka kelotlhoko, mme o tla bona gore Jakobe o ne a sa kope thuso fela. O ne a bontsha tumelo mo Losikeng lo lo solofeditsweng a ba a lebogela bopelonomi jwa lorato jwa Modimo. A o na le “dipoifo mo teng”? (2 Bakor. 7:5) Fa go ntse jalo, kopo ya ga Jakobe e ka go gakolola gore dithapelo di ka fokotsa tlhobaelo. Mme gone, fa motho a rapela ga a tshwanela go kopa fela mme gape o tshwanetse go bua mafoko a a bontshang gore o na le tumelo.

Rapelela Botlhale

7. Ke ka ntlha yang fa Moshe a ne a rapelela go itse ditsela tsa ga Jehofa?

7 Go batla go itumedisa Jehofa go tshwanetse ga go tlhotlheletsa go rapelela botlhale. Moshe o ne a rapelela go itse ditsela tsa Modimo. O ne a re: “Bona, [wena Jehofa] o nthaya o re, ‘Etelela batho bano pele [go tswa mo Egepeto]‘ . . . Mme jaanong, tsweetswee, fa ke bone kamogelo mo matlhong a gago, tsweetswee, ntira gore ke itse ditsela tsa gago, . . . gore ke tle ke bone kamogelo mo matlhong a gago.” (Ekes. 33:12, 13) Fa Modimo a araba thapelo eo, o ne a naya Moshe kitso e e oketsegileng ka ditsela tsa Gagwe. O ne a tlhoka kitso eo gore a tle a kgone go etelela batho ba ga Jehofa pele.

8. O ka solegelwa molemo jang ke go tlhatlhanya ka 1 Dikgosi 3:7-14?

8 Dafide le ene o ne a rapela a re: “Nkitsise ditsela tsa gago, wena Jehofa.” (Pes. 25:4) Morwa Dafide e bong Solomone o ne a rapela Modimo a mo kopa botlhale gore a tle a kgone go diragatsa maikarabelo a gagwe jaaka kgosi kwa Iseraele. Thapelo ya ga Solomone e ne ya itumedisa Jehofa mme mo godimo ga se a neng a se kopile o ne a mo naya dikhumo le kgalalelo. (Bala 1 Dikgosi 3:7-14.) Fa o newa maikarabelo a go lebegang a le bokete mo phuthegong, rapelela botlhale mme o bontshe moya wa boikokobetso. Mme Modimo o tla go thusa go nna le kitso le botlhale gore o kgone go diragatsa maikarabelo a gago ka tsela e e tshwanetseng le e e lorato.

Rapela go Tswa Pelong

9, 10. Ke eng se o bonang se tlhomologile ka makgetlho a Solomone a umakang pelo ka one mo thapelong ya gagwe ya fa go ne go kgakolwa tempele?

9 Gore thapelo e utlwiwe, e tshwanetse go tswa pelong. Solomone o ne a rapela thapelo e e tswang pelong, e e kwadilweng mo go 1 Dikgosi kgaolo 8, a rapela fa pele ga boidiidi jo bo neng bo phuthegile kwa Jerusalema fa go ne go kgakolwa tempele ya ga Jehofa ka 1026 B.C.E. Fa letlole la kgolagano le sena go tsenngwa mo Boitshepong jwa Maitshepo mme leru la ga Jehofa le sena go tlala mo tempeleng, Solomone o ne a baka Modimo.

10 Sekaseka thapelo ya ga Solomone mme o ele tlhoko makgetlho a e umakang pelo ka one. Solomone o ne a dumela gore Jehofa ke ene fela a itseng pelo ya motho. (1 Dikg. 8:38, 39) Thapelo eo gape e bontsha gore moleofi yo o ‘boelang kwa Modimong ka pelo ya gagwe yotlhe’ o tla itshwarelwa. Fa mmaba a ne a gapa batho ba Modimo, dikopo tsa bone di ne di tla utlwiwa fa dipelo tsa bone di feletse mo go Jehofa. (1 Dikg. 8:48, 58, 61) Ka jalo, dithapelo tsa gago di tshwanetse go tswa pelong.

Kafa Dipesalema di ka Tokafatsang Dithapelo Tsa Gago ka Teng

11, 12. O ithutile eng mo mafokong a Molefi yo o neng a ka se kgone go ya kwa lefelong la Modimo le le boitshepo ka lobaka lo lo rileng?

11 Go ithuta Dipesalema go ka tokafatsa dithapelo tsa gago e bile go ka go thusa go leta Modimo gore a di arabe. Akanya kafa Molefi mongwe yo o neng a isitswe botshwarwa a neng a le pelotelele ka teng. Le fa a ne a ka se kgone go ya kwa lefelong la ga Jehofa le le boitshepo ka lobaka lo lo rileng, o ne a opela a re: “Ke ka ntlha yang fa o itlhobogile, wena moya wa me, le gone ke ka ntlha yang fa o fuduega mo teng ga me? Leta Modimo, gonne ke sa ntse ke tla mmaka jaaka poloko e kgolo ya me le jaaka Modimo wa me.”—Pes. 42:5, 11; 43:5.

12 O ka ithuta eng mo Molefing yoo? Fa o ka tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya tshiamo mme seo sa go thibela go kopanela le badumedi mmogo le wena kwa lefelong la bone la kobamelo ka lobaka lo lo rileng, leta Modimo ka bopelotelele gore a tseye kgato mme a go golole. (Pes. 37:5) Tlhatlhanya ka dinako tse di monate tse o nnileng le tsone mo tirelong ya Modimo mo nakong e e fetileng, mme o rapelele boitshoko fa o ntse o ‘letile Modimo’ gore a dire gore o boe o kopanele le batho ba gagwe gape.

Rapela ka Tumelo

13. Go dumalana le Jakobe 1:5-8, ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go rapela ka tumelo?

13 Le fa o ka tswa o le mo maemong a a ntseng jang, ka metlha o rapele ka tumelo. Fa bothokgami jwa gago bo lekwa, dirisa kgakololo ya ga morutwa Jakobe. Rapela Jehofa, mme o se ka wa belaela gore a ka go naya botlhale jo bo tla go thusang go itshokela teko e o lebaneng le yone. (Bala Jakobe 1:5-8.) Modimo o itse ditlhobaelo dipe tse o ka tswang o na le tsone mme a ka go kaela e bile a ka go gomotsa ka moya wa gagwe. Mmulele mafatlha o na le tumelo e e feletseng, o “sa belaele ka gope,” mme o amogele kaelo ya moya wa gagwe le kgakololo ya Lefoko la gagwe.

14, 15. Ke eng fa re ka re Hana o ne a rapela mme a dira ka tsela e e bontshang gore o na le tumelo?

14 Hana, mongwe wa basadi ba babedi ba ga Elekana wa Molefi, o ne a rapela mme a dira ka tsela e e bontshang gore o na le tumelo. Hana yo o neng a se na bana, o ne a kgobiwa ke mosadi yo mongwe, Penina, yo o neng a na le bana ba le mmalwa. Kwa motlaaganeng, Hana o ne a ikana gore fa a ka tshola ngwana wa mosimane, o ne a tla mo naya Jehofa. Ka gonne dipounama tsa gagwe di ne di roroma fa a rapela, Moperesiti yo Mogolo Eli o ne a tsaya gore o tagilwe. Fa a utlwa gore ga go a nna jalo, o ne a re: “E kete Modimo wa Iseraele a ka go naya kopo e o e kopileng mo go ene.” Le fa Hana a ne a sa itse gore matswela e tla nna afe, o ne a na le tumelo ya gore thapelo ya gagwe e tla arabiwa. Ka jalo, “sefatlhego sa gagwe sa se ka sa tlhola se tshwenyega.” O ne a sa tlhole a utlwile botlhoko kana a tlhoname.—1 Sam. 1:9-18.

15 Fa Samuele a sena go tsholwa le go kgwisiwa, Hana o ne a mo isa kwa go Jehofa gore a ye go dira tirelo e e boitshepo kwa motlaaganeng. (1 Sam. 1:19-28) Go ipha nako ya go tlhatlhanya ka thapelo e a e rapetseng ka nako eo go ka tokafatsa dithapelo tsa gago mme ga go thusa go bona gore tota le bohutsana jo bo bakwang ke bothata jo bo ngomolang pelo bo ka fela fa o rapela o na le tumelo ya gore Jehofa o tla go araba.—1 Sam. 2:1-10.

16, 17. Ke eng se se neng sa direga ka gonne Nehemia a ne a rapela mme a bo a dira ka tsela e e bontshang gore o na le tumelo?

16 Nehemia yo o thokgameng wa lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E. o ne a rapela mme a dira ka tsela e e bontshang gore o na le tumelo. O ne a kopa jaana: “Ao, Jehofa, tsweetswee a tsebe ya gago e reetse thapelo ya motlhanka wa gago le thapelo ya batlhanka ba gago ba ba natefelelwang ke go boifa leina la gago; mme tsweetswee, a ko o neye motlhanka wa gago katlego gompieno mme o mo dire gore a nne yo o tlhomogelwang pelo fa pele ga monna yono.” “Monna yono” e ne e le mang? E ne e le Kgosi Aretaserese wa Peresia, yo Nehemia e neng e le motsholasenwelo wa gagwe.—Neh. 1:11.

17 Nehemia o ne a rapela ka tumelo ka malatsi a mantsi fa a sena go utlwa gore Bajuda ba ba neng ba golotswe kwa botshwarwa kwa Babelona ba ne ba le “mo seemong se se maswe thata le mo kgobong; mme lobota lwa Jerusalema lo [ne lo] thubilwe.” (Neh. 1:3, 4) Dithapelo tsa ga Nehemia di ne tsa arabiwa ka tsela e a neng a sa e lebelela fa Kgosi Aretaserese a ne a mo letla go ya kwa Jerusalema go ya go aga lobota sesha. (Neh. 2:1-8) Go ise go ye kae lobota lo ne lo baakantswe. Dithapelo tsa ga Nehemia di ne tsa arabiwa ka gonne di ne di remeletse mo kobamelong ya boammaaruri e bile o ne a rapela ka tumelo. A dithapelo tsa gago di ntse jalo?

Gakologelwa go Naya Pako le go Ntsha Ditebogo

18, 19. Motlhanka wa ga Jehofa o tshwanetse go mmaka le go mo leboga ka mabaka afe?

18 Fa o rapela, o gakologelwe go baka le go leboga Jehofa. Re na le mabaka a mantsi a go dira jalo! Ka sekai, Dafide o ne a tlhagafaletse go baka bogosi jwa ga Jehofa. (Bala Pesalema 145:10-13.) A dithapelo tsa gago di bontsha gore o anaanela tshiamelo ya go itsise Bogosi jwa ga Jehofa? Gape mafoko a bakwadi ba Dipesalema a ka go thusa go bolelela Modimo mo thapelong e e tswang pelong gore o lebogela dipokano tsa Bokeresete le dikopano tse dinnye le tse dikgolo.—Pes. 27:4; 122:1.

19 Go lebogela kamano e e molemo e o nang le yone le Modimo go ka go tlhotlheletsa gore o rapele go tswa pelong ka tsela e e tshwanang le eno: “Ke tla go baka mo gare ga ditšhaba, wena Jehofa; ke tla go leletsa pina mo gare ga ditlhopha tsa ditšhaba. Gonne bopelonomi jwa gago jwa lorato bo bogolo go fitlha kwa magodimong, le boammaaruri jwa gago go fitlha kwa loaping. A ko o godisediwe kwa godimo ga magodimo, wena Modimo; a kgalalelo ya gago e nne kwa godimo ga lefatshe lotlhe.” (Pes. 57:9-11) A bo ao e le mafoko a a kgothatsang jang ne! A ga o dumele gore mafoko a a ntseng jalo a Dipesalema a ka ama le go tokafatsa dithapelo tsa gago?

Rapela Modimo ka Tlotlo

20. Marea o ne a bontsha jang gore o tlotla Modimo?

20 Dithapelo tsa gago di tshwanetse go bontsha gore o tlotla Modimo. Mafoko a a bontshang tlotlo a a neng a buiwa ke Marea fela fa a sena go utlwa gore o tlile go nna mmaagwe Mesia a ne a tshwana le a a neng a buiwa ke Hana fa a ne a isitse Samuele yo mmotlana go ya go direla kwa motlaaganeng. Tsela e Marea a neng a tlotla Modimo ka yone e bonala mo mafokong ano a gagwe: “Moya wa me o godisa Jehofa, le pelo ya me ga e kgone go ithiba mo go ipeleng mo gogolo e ipelela Modimo Mmoloki wa me.” (Luke 1:46, 47) A o ka tokafatsa dithapelo tsa gago ka go bua mafoko a a ntseng jalo? Ga go gakgamatse go bo Marea yo o ratang Modimo a ile a tlhophiwa go nna mmaagwe Jesu Mesia!

21. Dithapelo tsa ga Jesu di ne di bontsha tlotlo le tumelo jang?

21 Jesu o ne a rapela ka tlotlo le ka tumelo e e feletseng. Ka sekai, pele ga Jesu a tsosa Lasaro, o ne “a tlhatlosetsa matlho a gagwe ntlheng ya legodimo mme a re: ‘Rara, ke a go leboga go bo o nkutlwile. Ke boammaaruri, ke ne ke itse gore ka metlha o a nkutlwa.’” (Joh. 11:41, 42) A dithapelo tsa gago di bontsha tlotlo e e ntseng jalo le tumelo? Sekaseka thapelo ya ga Jesu ya sekao e a e rapetseng ka tlotlo, mme o tla bona gore dilo tsa konokono tse a di umakileng mo go yone ke go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa, go tla ga Bogosi jwa gagwe le go diragadiwa ga thato ya gagwe. (Math. 6:9, 10) Akanya ka dithapelo tsa gago. A di bontsha gore o amegile thata ka Bogosi jwa ga Jehofa, go dirwa ga thato ya gagwe le go itshepisiwa ga leina la gagwe le le boitshepo? Di tshwanetse.

22. Ke eng fa o ka tlhomamisega gore Jehofa o tla go naya bopelokgale gore o rere dikgang tse di molemo?

22 Gantsi thapelo e akaretsa go dira dikopo tsa gore re kgone go direla Jehofa ka bopelokgale fa re lebane le pogiso kgotsa diteko tse dingwe. Fa lekgotla la Sanehederine le ne le laela Petere le Johane gore ba emise “go ruta ka leina la ga Jesu,” baaposetoloi bao ka bopelokgale ba ne ba gana. (Dit. 4:18-20) Fa ba sena go gololwa, ba ne ba bolelela badumedi mmogo le bone se se neng se diragetse. Go tswa foo botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba kopa Modimo gore a ba thuse go bolela lefoko la gagwe ka bopelokgale. Go tshwanetse ga bo go ne go itumedisa tota fa thapelo eo e ne e arabiwa ka gonne ba ne ba “tladiwa moya o o boitshepo e bile ba bua lefoko la Modimo ka bopelokgale”! (Bala Ditiro 4:24-31.) Ka ntlha ya seo, batho ba bantsi ba ne ba nna baobamedi ba ga Jehofa. Gape thapelo e ka go thusa gore o bolele dikgang tse di molemo ka bopelokgale.

Nna o Tokafatse Dithapelo Tsa Gago

23, 24. (a) Umaka dikai tse dingwe tse di bontshang kafa go ithuta Baebele go ka tokafatsang dithapelo tsa gago ka teng. (b) O tla dira eng gore o tokafatse dithapelo tsa gago?

23 Go ka umakiwa dikai tse dingwe tse dintsi go bontsha gore go bala le go ithuta Baebele go ka tokafatsa dithapelo tsa gago. Ka sekai, jaaka Jona, fa o rapela o ka umaka gore, “poloko ke ya ga Jehofa.” (Jona 2:1-10) Fa o tshwenngwa ke boleo bongwe jo bo masisi jo o bo dirileng mme o kopile thuso ya bagolwane, fa o ithapelela mafoko a Dafide a a dirisitseng mo dipesalemeng tsa gagwe a ka go thusa go bontsha kafa o ikwatlhayang ka teng. (Pes. 51:1-12) Ka dinako tse dingwe fa o rapela o ka baka Jehofa jaaka Jeremia. (Jer. 32:16-19) Fa o batla molekane wa lenyalo, go bala thapelo e e mo go Esera kgaolo 9, mmogo le go ithapelela ka bowena, go ka go thusa gore o ikemisetse go ikobela Modimo ka go ‘nyala mo Moreneng fela.’—1 Bakor. 7:39; Esera 9:6, 10-15.

24 Tswelela o bala, o ithuta le go tlhatlhoba Baebele. Batla dintlha tse o ka di umakang mo dithapelong tsa gago. O ka nna wa kgona go umaka dintlha dingwe tse di tswang mo Baebeleng mo mekokotlelong le mo dithapelong tsa gago tsa tebogo le tsa pako. O ka tlhomamisega gore o tla atamalana thata le Jehofa Modimo fa o ntse o tokafatsa dithapelo tsa gago ka go ithuta Baebele.

O ka Araba Jang?

• Ke eng fa re tshwanetse go batla le go latela kaelo ya Modimo?

• Ke eng se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go rapelela botlhale?

• Buka ya Dipesalema e ka tokafatsa jang dithapelo tsa rona?

• Ke eng fa re tshwanetse go rapela ka tumelo le ka tlotlo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Motlhanka wa ga Aborahame o ne a rapelela kaelo ya Modimo. A wena o dira jalo?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Thuto ya lelapa e ka tokafatsa dithapelo tsa gago