Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e Fitlha Kwa Setlhaketlhakeng se Segolo se Sehibidu

Baebele e Fitlha Kwa Setlhaketlhakeng se Segolo se Sehibidu

Baebele e Fitlha Kwa Setlhaketlhakeng se Segolo se Sehibidu

MADAGASCAR ke setlhaketlhake sa bonè mo ditlhaketlhakeng tse dikgolo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng mme se fitlhelwa dikilometara di ka nna 400 go tswa kwa lotshitshing lwa Afrika lo lo kwa borwabotlhaba. Batho ba Madagascar ga ba bolo go itse leina Jehofa, ka gonne dithanolo tsa Baebele tsa Se-Madagascar tse di nang le leina la Modimo di na le dingwaga di feta 170 di ntse di le teng. Se se diragetseng fa go ne go ranolwa thanolo eno ya Se-Madagascar se bontsha boitshoko le boikemisetso.

Batho ba ntlha ba ba ileng ba ranolela Baebele mo puong ya Se-Madagascar ba simolotse tiro eno mo setlhaketlhakeng se se fa gaufi sa Mauritius. Go tloga fela ka 1813, mmusi wa Moboritane kwa Mauritius e bong Sir Robert Farquhar, o ne a simolola go ranolela Diefangele mo puong ya Se-Madagascar. Moragonyana o ne a kopa kgosi ya kwa Madagascar e bong Radama I, gore a laletse barutisi ba London Missionary Society (LMS) go tla mo Setlhaketlhakeng se Segolo se Sehibidu, e leng leina le gantsi Madagascar e bidiwang ka lone.

Ka August 18, 1818, barongwa ba babedi go tswa kwa Wales e bong David Jones le Thomas Bevan, ba ne ba goroga kwa toropong ya Toamasina e e fa boemakepeng, ba tswa Mauritius. Fa ba tsena koo, ba ne ba fitlhela setšhaba sa batho ba ba ratang bodumedi thata, ba botshelo jwa bone jwa letsatsi le letsatsi bo neng bo remeletse mo kobamelong ya bagologolwane le mo medirong ya setso. Batho ba Madagascar ba ne ba bua puo e e kgatlhang e e tletseng ka mafoko a a farologaneng a bontsi jwa one a neng a tswa mo puong ya Se-Malay le Se-Polynesia.

Nakwana fela fa Jones le Bevan ba sena go bula sekolo se sennye, ba ne ba tlisa basadi ba bone le bana mo Toamasina go tswa kwa Mauritius. Mme ka maswabi, setlhopha seno sotlhe se ne sa tlhaselwa ke bolwetse jwa malaria, mme Jones o ne a swelwa ke mosadi le ngwana ka December 1818. Dikgwedi tse pedi moragonyana bolwetse joo bo ne jwa gaila botlhe ba lelapa la ga Bevan. David Jones ke ene fela a neng a falola mo setlhopheng seo.

Jones ga a ka a itetla go kgobiwa marapo ke masetlapelo ao. O ne a ikemiseditse go dira gore batho ba Madagascar ba nne le Lefoko la Modimo. Morago ga gore Jones a boele Mauritius go ya go ikoka, o ne a simolola tiro e e thata ya go ithuta Se-Madagascar. Moragonyana fela ga moo, o ne a simolola go ipaakanyetsa tiro ya go ranola Efangele ya ga Johane.

Ka October 1820, Jones o ne a boela kwa Madagascar. O ne a goroga kwa motsemogolong wa Antananarivo, mme go ise go ye kae o ne a simolola sekolo se sesha se se tsamaisiwang ke barongwa. E ne e le sa maemo a a kwa tlase thata. Go ne go se na dibuka tsa go ithuta, lomati lwa go kwalela le fa e le ditafole. Mme go ne go na le thulaganyo e e molemo tota ya dithuto e bile bana ba ne ba tlhoafaletse go ithuta.

Morago ga gore Jones a bereke a le esi dikgwedi di ka nna supa, morongwa yo mongwe e bong David Griffiths o ne a tla go mo thusa mo boemong jwa ga Bevan. Banna bano ka bobedi ba ne ba dira ka natla go ranolela Baebele mo puong ya Se-Madagascar.

Thanolo e a Simololwa

Mo masimologong a bo1820, go ne go na le tsela e le nngwe fela ya go kwala Se-Madagascar e e neng e bidiwa sorabe—mafoko a Se-Madagascar a kwadilwe ka ditlhaka tsa Searabia. Ke batho ba se kae fela ba ba neng ba kgona go bala mokwalo oo. Ka jalo, morago ga gore barongwa ba kopane le Kgosi Radama I, kgosi e ne ya ba naya tetla ya go dirisa alefabete ya Se-Roma mo boemong jwa mokwalo wa sorabe.

Tiro ya go ranola e ne ya simolola ka September 10, 1823. Jones o ne a ranola Genesise le Mathaio, fa Griffiths ene a ne a ranola Ekesodo le Luke. Banna bano ka bobedi ba ne ba dira ka natla. Le fa ba ne ba dira tiro e ntsi ya go ranola ka bobone, gape ba ne ba ruta kwa sekolong mo mosong le mo tshokologong. Mo godimo ga moo ba ne ba rulaganya le go tshwara ditirelo tsa kereke ka dipuo di le tharo. Le fa go ntse jalo, tiro ya go ranola e ne e tla pele mo ditirong tseno tsotlhe.

Barongwa bano ba babedi ba ne ba thusiwa ke baithuti ba le 12 go ranola Dikwalo tsotlhe tsa Segerika le dibuka di le dintsi tsa Dikwalo Tsa Sehebera mo dikgweding di le 18 fela. Mo ngwageng o o latelang, tiro ya kwa tshimologong ya go ranola Baebele yotlhe e ne ya wediwa. Gone ke boammaaruri gore e ne e tlhoka go baakanngwa le go tokafadiwa. Ka jalo baitse ba babedi ba dipuo e bong David Johns le Joseph Freeman, ba ne ba romelwa go tswa kwa Engelane go tla go thusa.

Go Itshokela Dikgoreletsi

Fa thanolo ya Se-Madagascar e sena go wediwa, mokgatlho wa LMS o ne wa romela Charles Hovenden go ya go lomaganya motšhine wa ntlha wa go gatisa kwa Madagascar. Hovenden o ne a goroga ka November 21, 1826. Le fa go ntse jalo, o ne a tshwarwa ke bolwetse jwa malaria mme a tlhokafala mo lobakeng lwa kgwedi fela a sena go goroga, mme go ne ga sala go se na ope yo o ka kgonang go dirisa motšhine oo. Mo ngwageng o o latelang, rakgwebo mongwe yo o nang le bokgoni go tswa kwa Scotland e bong James Cameron, o ne a kgona go lomaganya motšhine oo a dirisa buka ya ditaelo e a neng a e fitlhela e beilwe mo ditshiping tsa motšhine oo. Morago ga gore Cameron a ithute ka go dira diphoso makgetlho a le mantsi, o ne a kgona go gatisa karolo nngwe ya Genesise kgaolo 1 ka December 4, 1827. *

Go ne ga tlhaga mathata a mangwe morago ga loso lwa ga Radama I ka July 27, 1828. Kgosi Radama o ne a eme tiro ya go ranola nokeng tota. David Jones o ne a bua jaana ka nako eo: “Kgosi Radama ke motho yo o pelonomi le yo o ratang batho thata. O buelela botlhokwa jwa thuto e bile o tsaya gore go ruta batho ba gagwe gore ba tlhabologe go botlhokwa thata go feta Gouta le Selefera.” Le fa go ntse jalo, kgosi o ne a tlhatlhangwa ke mosadi wa gagwe e bong Ranavalona I, mme go ise go ye kae go ne ga bonala sentle gore o ne a se kitla a ema tiro eno nokeng jaaka monna wa gagwe.

Moragonyana fela ga gore kgosigadi e tlhomiwe mo setulong sa bogosi, moeng mongwe go tswa kwa Engelane o ne a kopa go buisana le kgosigadi ka tiro ya go ranola. Mme ga a ka a letlwa. Ka nako nngwe fa barongwa ba ne ba bolelela kgosigadi gore ba sa ntse ba na le tiro e ntsi ya go ruta batho, go akaretsa go ba ruta Segerika le Sehebera, o ne a re: “Ga ke na sepe le Segerika le Sehebera, mme gone ke batla go itse gore a lo ka kgona go ruta batho ba me sengwe se se mosola jaaka go dira molora.” Fa Cameron a lemoga gore ba ka nna ba lelekwa pele ga ba wetsa Baebele ya Se-Madagascar, o ne a kopa gore a newe beke gore a akanye ka se kgosigadi e se buileng.

Mo bekeng e e latelang, Cameron o ne a naya barongwa ba kgosigadi ditena tse dinnye di le pedi tsa molora o o dirilweng ka didirisiwa tsa lefelo leo. Seno le ditiro tse dingwe tse di neng di direlwa setšhaba tse di dirilweng ke barongwa ba ba nang le bokgoni jwa go bereka ka diatla, di ile tsa reba bogale jwa kgosigadi go fitlha ba fetsa go gatisa mo e batlang e nna dibuka tsotlhe tsa Dikwalo Tsa Sehebera.

Kitsiso E e Sa Lebelelwang e Latelwa Ke e E Swabisang

Le fa kwa tshimologong kgosigadi e ne e le kgatlhanong le barongwa, ka May 1831 o ne a ntsha molawana o o sa lebelelwang. O ne a tlile go letlelela batho ba gagwe gore ba kolobediwe go nna Bakeresete! Mme tshwetso eo e ne ya nna ya nakwana fela. Go ya ka buka ya A History of Madagascar, “palo ya batho ba ba neng ba kolobediwa e ne ya tshosa bangwe ba lelapa la segosi ba ba neng ba sa batle gore go dirwe diphetogo, ba ba neng ba tlhotlheletsa kgosigadi go dumela gore go kolobediwa jalo ga batho go ne go tshwana le go dira maikano a go ema puso ya Boritane nokeng.” Ka jalo, tetla ya gore batho ba kolobediwe go nna Bakeresete e ne ya busediwa morago kwa bokhutlong jwa 1831, dikgwedi di le thataro fela morago ga gore e ntshiwe.

E re ka kgosigadi e ne e sa eme mo lefokong la yone mme go na le tlhotlheletso e e neng e ntse e oketsega ya badiredi ba puso ba ba sa batleng diphetogo, barongwa ba ne ba tlhotlheletsega go wetsa kgatiso ya Baebele. Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di ne di setse di weditswe, mme go ne go anamisitswe dikhopi di le diketekete. Le fa go ntse jalo, go ne ga nna le sekgoreletsi se sengwe ka March 1, 1835, fa Kgosigadi Ranavalona I a itsise gore Bokeresete ga bo a letlelelwa kafa molaong a bo a laela gore dibuka tsotlhe tsa Bokeresete di isiwe kwa pusong.

Gape taolo ya ga kgosigadi e ne e bolela gore badiri ba kwa Madagascar ba ne ba ka se tlhole ba thusa mo tirong ya go gatisa. Ka jalo go ne go setse barongwa ba se kae fela ba ba neng ba ka fetsa tiro, mme tiro eno e ne ya tswelela pele bosigo le motshegare go fitlha kgabagare go gololwa Baebele yotlhe ka June 1835. Jaanong go ne go na le Baebele ya Se-Madagascar!

E re ka go ne go na le thibelo, Dibaebele di ne tsa anamisiwa ka bonako, mme dikhopi di le 70 tsa Dikwalo di ne tsa epelwa gore di se ka tsa senngwa. Eno e ne e le tshwetso e e molemo ka gore pele ga ngwaga o fela go ne go setse barongwa ba le babedi fela mo setlhaketlhakeng seo. Mme lefoko la Modimo le ne le anama mo Setlhaketlhakeng se Segolo se Sehibidu.

Tsela e Batho ba Madagascar ba Ratang Baebele ka Yone

Batho ba Madagascar ba ne ba itumelela go bala Lefoko la Modimo ka puo ya bone fela thata! Thanolo eno e na le diphoso, mme puo e e ranotsweng ka yone e fetilwe ke nako. Le fa go ntse jalo, ke ka sewelo o ka fitlhelang batho ba se na Baebele, mme batho ba bantsi ba Madagascar ba e bala ka metlha. Se se tlhomologileng ka thanolo eno ke gore e dirisa leina la Modimo thata, e leng Jehofa, mo Dikwalong Tsa Sehebera. Mo dikhoping tsa ntlhantlha, leina la Modimo le fitlhelwa le mo Dikwalong Tsa Segerika. Ka gone, batho ba le bantsi ba Madagascar ba itse leina la Modimo.

Fa dikhopi tsa ntlha tsa Dikwalo Tsa Segerika di ne di gatisiwa, motsamaisi wa motšhini o o gatisang e bong Rre Baker, o ne a bona boitumelo jwa batho ba Madagascar mme a re: “Ga se gore ke a porofeta, mme ga ke dumele gore lefoko la Modimo le tla tsamaya le fedisiwa mo nageng eno!” Mafoko a gagwe ga a wela fatshe. Bolwetse jwa malaria le fa e le kgwetlho ya go ithuta puo e e thata kgotsa melao e e gagametseng ya mmusi ga di a ka tsa kgona go thibela gore Lefoko la Modimo le nne teng kwa Madagascar.

Gone jaanong maemo a tokafetse thata. Jang? Ka 2008, Baebele e e feletseng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e ne ya gololwa ka Se-Madagascar. Thanolo eno e bontsha kgatelopele e kgolo tota ka gonne e ranotswe ka puo e e buiwang gompieno, e e motlhofo go tlhaloganngwa. Ka jalo gone jaanong Lefoko la Modimo le tlhomamisitswe ka thata go feta pele mo Setlhaketlhakeng se Segolo se Sehibidu.—Isa. 40:8.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Melao e e Lesome le Thapelo ya Morena, tse di gatisitsweng kwa Mauritius mo e ka nnang ka April/May 1826, e ne e le tsone dikarolo tsa ntlhantlha tsa Baebele tse di neng tsa gatisiwa ka Se-Madagascar. Le fa go ntse jalo, dikhopi tsa yone di ne tsa newa fela ba lelapa la ga Kgosi Radama le badiredibagolo bangwe ba puso.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

“Thanolo ya Lefatshe le Lesha” ka Se-Madagascar e tlotla leina la Modimo, Jehofa