Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna o Ipela mo Metlheng ya Mathata

Nna o Ipela mo Metlheng ya Mathata

Nna o Ipela mo Metlheng ya Mathata

“Botlhe ba ba tshabelang mo go [Jehofa] ba tla ipela; ba tla goa ka boipelo ka bosakhutleng.”—PES 5:11.

1, 2. (a) Dingwe tsa dilo tse di bakang bohutsana jo bo seng kana ka sepe gompieno ke dife? (b) Mo godimo ga mathata a a welang batho botlhe, Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanelwa ke go itshokela eng?

BASUPI BA GA JEHOFA le bone ba welwa ke masetlapelo a a welang batho ka kakaretso. Batho ba Modimo ba le bantsi ba ile ba amiwa ke bokebekwa, dintwa le ditiro tse dingwe tsa go tlhoka tshiamiso. Masetlapelo a tlholego, lehuma, bolwetse le loso di baka bohutsana bo se kana ka sepe. Moaposetoloi Paulo o ne a bua boammaaruri fa a ne a re: “Re a itse gore popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong.” (Bar. 8:22) Gape re amiwa ke bosaitekanelang jwa rona. Re ka nna ra bua jaana jaaka Kgosi Dafide wa bogologolo: “Ditlolo tsa me di fetile mo godimo ga tlhogo ya me; di boima thata mo go nna jaaka morwalo o o boima.”—Pes. 38:4.

2 Mo godimo ga mathata a a welang batho botlhe, Bakeresete ba boammaaruri ba sikere kota ya tlhokofatso ka tsela ya tshwantshetso. (Luke 14:27) Ee, barutwa ba ga Jesu ba tlhoilwe e bile ba bogisiwa fela jaaka ene. (Math. 10:22, 23; Joh. 15:20; 16:2) Ka jalo, go sala Keresete morago go tlhoka gore re iteke thata mme re itshoke fa re ntse re emetse masego a lefatshe le lesha.—Math. 7:13, 14; Luke 13:24.

3. Re itse jang gore ga go tlhokege gore Bakeresete ba boge mo botshelong gore ba itumedise Modimo?

3 A seno se kaya gore Bakeresete ba boammaaruri ba tshela botshelo jo bo seng monate jo bo sa itumediseng? A re tshwanetse go nna re hutsafetse e bile re utlwile botlhoko go fitlha bokhutlo bo tla? Ruri Jehofa o batla gore re itumele fa re ntse re emetse go diragadiwa ga ditsholofetso tsa gagwe. Gangwe le gape Baebele e tlhalosa baobamedi ba boammaaruri e le batho ba ba itumetseng. (Bala Isaia 65:13, 14.) Pesalema 5:11 ya re: “Botlhe ba ba tshabelang mo go [Jehofa] ba tla ipela; ba tla goa ka boipelo ka bosakhutleng.” Ee, re ka kgona go ipela, go nna le kagiso ya mogopolo le kgotsofalo ka selekanyo se se rileng le fa re na le mathata. A re sekasekeng kafa Baebele e ka re thusang ka teng go lebana le diteko le go nna re itumetse.

Jehofa—“Modimo yo o Itumetseng”

4. Modimo o ikutlwa jang fa batho ba sa dire thato ya gagwe?

4 Ka sekai, akanya ka Jehofa. Ka gonne e le Modimo Mothatayotlhe, lobopo lotlhe lo mo taolong ya gagwe. Ga a tlhaele sepe e bile ga a tlhoke ope. Mme le fa Jehofa a na le maatla a a boitshegang, o tshwanetse a bo a ile a utlwa botlhoko fa mongwe wa bomorwawe ba semoya a ne a tsuologa mme a nna Satane. Modimo o tshwanetse a bo a ile a utlwa botlhoko moragonyana fa baengele ba bangwe le bone ba ne ba tsuologa. Gape, akanya ka botlhoko jo Modimo a neng a bo utlwa fa Adame le Efa, batho ba a neng a ba bopile ka matsetseleko a magolo, ba ne ba mo tlhanogela. Fa e sale go tloga ka nako eo, dibilione tsa ditlogolwana tsa bone ga di a ikobela bolaodi jwa ga Jehofa.—Bar. 3:23.

5. Ke eng se se ileng sa utlwisa Jehofa botlhoko thata?

5 Botsuolodi jwa ga Satane bo sa ntse bo tsweletse le gompieno. Jehofa o na le lobaka lo lo ka tshwarang dingwaga di le 6 000 a bona kobamelo ya medingwana, thubakanyo, polao le ditiro tse di makgapha tsa tlhakanelodikobo. (Gen. 6:5, 6, 11, 12) Mo godimo ga moo, o utlwile batho ba bua maaka a a lonyatso ka ene e bile ba tlhapatsa leina la gagwe. Tota le baobamedi ba Modimo ba boammaaruri ba tle ba mo utlwise botlhoko. Baebele e tlhalosa boemo bongwe jwa mofuta oo jaana: “A bo ba ne ba mo tsuologela gantsi jang kwa nageng, ba ne ba mo utlwisa botlhoko mo sekakeng! Mme gangwe le gape ba ne ba leka Modimo, ba ne ba utlwisa Moitshepi wa Iseraele botlhoko.” (Pes. 78:40, 41) Ruri Jehofa o utlwa botlhoko thata fa batho ba gagwe ba mo tlhanogela. (Jer. 3:1-10) Ke boammaaruri gore go direga dilo tse di bosula, mme Jehofa o utlwa botlhoko tota fa di direga.—Bala Isaia 63:9, 10.

6. Modimo o dira eng fa a lebane le maemo a a hutsafatsang?

6 Le fa go ntse jalo, fa Jehofa a utlwile botlhoko ga a palelwe ke go tsaya kgato. Fa go tsoga mathata, Jehofa o ile a tsaya dikgato ka bonako go dira gore ditlamorago tse di bosula tsa se se diragetseng di se ka tsa nna maswe go le kalo. Gape o ile a tsaya dikgato tse di nang le matswela a a tsayang lobaka lo loleele gore kwa bokhutlong boikaelelo jwa gagwe bo diragadiwe. Ka ntlha ya dikgato tseno tse di molemo, Jehofa o lebile pele ka boitumelo kwa nakong ya fa bolaodi jwa gagwe bo tla bong bo tlotlomadiwa mme baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba segofadiwa. (Pes. 104:31) Le fa Jehofa a kgobilwe thata jaana, e ntse e le “Modimo yo o itumetseng.”—1 Tim. 1:11; Pes. 16:11.

7, 8. Re ka etsa Jehofa jang fa go tsoga mathata?

7 Gone re ka se bapise bokgoni jwa rona le jwa ga Jehofa fa go tliwa mo kgannyeng ya go rarabolola mathata. Le fa go ntse jalo, re ka mo etsa fa re lebana le mathata. Ka tlholego fela re utlwa botlhoko fa dilo di sa re tsamaele sentle, mme ga re tlhoke go hutsafalela ruri. Ka gonne re bopilwe mo setshwanong sa ga Jehofa, re na le bokgoni jwa go akanya e bile re botlhale, mme seo se re thusa go sekaseka mathata a rona le go tsaya dikgato tse di tshwanetseng nako le nako fa go kgonega.

8 Sengwe sa botlhokwa se se ka re thusang go lebana le mathata a botshelo ke go lemoga gore go na le dilo dingwe tse re ka se kgoneng go dira sepe ka tsone. Go nnela go tshwenyega thata ka maemo a a ntseng jalo go ka re ngomola pelo mme ga dira gore re se ka ra itumelela dilo tse dintsi tse di amanang le kobamelo ya boammaaruri. Fa o sena go dira sotlhe se o ka se kgonang go rarabolola bothata, go ka nna botoka gore o se ka wa nnela go akanya thata ka jone mme o tlhome mogopolo mo dilong tse di ka go solegelang molemo. Dipego tse di latelang tsa Baebele di bontsha ntlha eno sentle.

Go Nna Tekatekano go Botlhokwa

9. Hana o ne a bontsha jang gore o tekatekano?

9 Akanya ka sekai sa ga Hana, yo kgabagare a neng a nna mmaagwe moporofeti Samuele. O ne a kgobiwa marapo ke gore o ne a sa kgone go tshola bana. O ne a sotlwa e bile a kgobiwa ka gonne a le moopa. Ka dinako tse dingwe, Hana o ne a kgobega marapo mo a neng a tlhola a lela mme a sa je. (1 Sam. 1:2-7) E ne ya re nako nngwe Hana a ile kwa lefelong la ga Jehofa le le boitshepo, a nna le “moya o [o] bogalaka, a ba a simolola go rapela Jehofa le go lela thata.” (1 Sam. 1:10) Fa Hana a sena go tshololela Jehofa mafatlha, Eli moperesiti yo mogolo o ne a tla kwa go ene mme a re: “Tsamaya ka kagiso, mme e kete Modimo wa Iseraele a ka go naya kopo e o e kopileng mo go ene.” (1 Sam. 1:17) Ka nako eo Hana o tshwanetse a bo a ne a lemoga gore o dirile sotlhe se a ka kgonang go se dira. Go ne go se na sepe se a neng a ka se dira ka boopa jwa gagwe. Hana o ne a bontsha gore o tekatekano. Go tswa foo o ne a “tsamaya a ba a ja, mme sefatlhego sa gagwe sa se ka sa tlhola se tshwenyega.”—1 Sam. 1:18.

10. Paulo o ne a leba dilo sentle jang fa a ne a lebane le bothata jo a neng a ka se kgone go bo rarabolola?

10 Moaposetoloi Paulo le ene o ne a nna le boikutlo jo bo tshwanang fa a ne a lebane le mathata. O ne a na le bothata bongwe jo bo neng bo mo ngomola pelo thata. O ne a bo bitsa “mutlwa mo nameng.” (2 Bakor. 12:7) Le fa bothata jono e ka tswa e ne e le bofe, Paulo o ne a dira sotlhe se a neng a ka se kgona go bo fedisa, a rapela Jehofa gore a mo thuse. Paulo o ne a rapela Jehofa makgetlho a le kae ka bothata jono? A le mararo. Morago ga lekgetlho la boraro Modimo o ne a raya Paulo a re ‘mutlwa o o mo nameng’ o ne o ka se tlosiwe ka kgakgamatso. Paulo o ne a amogela seo mme a tlhoma mogopolo mo go direleng Jehofa ka botlalo.—Bala 2 Bakorintha 12:8-10.

11. Thapelo le mokokotlelo di re thusa jang go lebana le mathata?

11 Dikai tseno ga di reye gore re tshwanetse go kgaotsa go rapela Jehofa ka dilo tse di re tshwenyang. (Pes. 86:7) Go na le moo, Lefoko la Modimo le re kgothatsa jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo.” Jehofa o tla arabela jang fa re mo kokotlela e bile re mo kopa jalo? Gape Baebele ya re: “Mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafil. 4:6, 7) Ee, Jehofa a ka nna a se ka a fedisa bothata jwa rona, mme a ka araba dithapelo tsa rona ka go disa maatla a rona a mogopolo. Fa re sena go rapela ka kgang, re ka nna ra lemoga gore go nnela go tlhobaela go kotsi.

Itumelele go Dira Thato ya Modimo

12. Ke eng fa go nna o kgobegetse marapo ruri go ka nna kotsi?

12 Diane 24:10 ya re: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.” Seane se sengwe sa re: “Go na le moya o o hutsafetseng ka ntlha ya pelo e e botlhoko.” (Dia. 15:13) Bakeresete bangwe ba ile ba kgobega marapo mo ba ileng ba emisa go bala Baebele le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo. Ba setse ba rapela dithapelo tsa seomodiro fela, mme ba ka nna ba itlhaola mo badumeding mmogo le bone. Ruri go nna o kgobegetse marapo ruri go ka nna kotsi.—Dia. 18:1, 14.

13. Ditiro dingwe tse di ka re thusang go fenya go kgobega marapo mme tsa dira gore re itumele ka selekanyo se se rileng ke dife?

13 Kafa letlhakorengle lengwe, go leba dilo ka tsela e e siameng go tla re thusa go tlhoma mogopolo mo dilong tse di ka re tlisetsang boitumelo le boipelo. Dafide o ne a re: “Ke itumeletse go dira thato ya gago, wena Modimo wa me.” (Pes. 40:8) Fa dilo di sa re tsamaele sentle mo botshelong, ruri ga re a tshwanela go tlogela thulaganyo ya rona e e molemo ya kobamelo. Tota e bile tsela e e molemo ya go fenya bohutsana ke go dira ditiro tse di itumedisang. Jehofa a re re ka itumela fa re bala Lefoko la gagwe e bile re le tlhodumela ka metlha. (Pes. 1:1, 2; Jak. 1:25) Mo Dikwalong Tse di Boitshepo le kwa dipokanong tsa Bokeresete, re utlwa “mafoko a a itumedisang” a a ka re kgothatsang mme a ipedisa dipelo tsa rona.—Dia. 12:25; 16:24.

14. Ke tsholofetso efe ya ga Jehofa e e re ipedisang gone jaanong?

14 Modimo o re naya mabaka a mantsi a go ipela. Tsholofetso ya gagwe ya gore o tla re boloka ruri e a re itumedisa. (Pes. 13:5) Re itse gore le fa re ka tswa re diragalelwa ke eng gone jaanong, kgabagare Modimo o tla duela ba ba mmatlang ka tlhoafalo. (Bala Moreri 8:12.) Moporofeti Habakuke o ne a bontsha sentle gore o dumela seo fa a ne a re: “Le mororo setlhare sa mofeige ka bosone se ka nna sa se ka sa ntsha dithunya, mme go ka nna ga se ka ga nna le kungo mo mefineng; tiro ya setlhare sa motlhware e ka nna ya tlhoka maungo, le matlhagare ka boone a ka nna a se ka a ntsha dijo; letsomane tota le ka nna la kgaolwa mo lesakeng, mme go ka nna ga se ka ga nna le motlhape mo o tswalelwang gone; le fa go ntse jalo, fa e le nna, ke tla itumela mo go Jehofa ka boene; ke tla ipela mo Modimong wa poloko ya me.”—Hab. 3:17, 18.

“Go Itumela Setšhaba se Modimo wa Sone e Leng Jehofa!”

15, 16. Umaka dingwe tsa dimpho tsa Modimo tse re ka di itumelelang fa re ntse re letetse masego a mo isagweng.

15 Fa re ntse re letetse isagwe e e itumedisang, Jehofa o batla gore re itumelele dilo tse di molemo tse a di re nayang. Baebele ya re: “Ke a itse gore ga go na sepe se se botoka mo [bathong] fa e se go ipela le go dira molemo mo nakong ya botshelo jwa motho; gape gore motho mongwe le mongwe a je a bo a nwe mme a bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla. Ke mpho ya Modimo.” (Mor. 3:12, 13) “Go dira molemo” go akaretsa go direla ba bangwe dilo tse di molemo. Jesu o ne a re go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng. Go direla balekane, bana, batsadi le ba masika a rona dilo tse di molemo go kgotsofatsa eleruri. (Dia. 3:27) Go nna bonolo, go bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona moya wa go tshola baeng le go ba itshwarela le gone go ipedisa tota, e bile go itumedisa Jehofa. (Bagal. 6:10; Bakol. 3:12-14; 1 Pet. 4:8, 9) Mme go nna le moya wa go intsha setlhabelo fa re dira bodiredi jwa rona go kgotsofatsa tota.

16 Mafoko a a nopotsweng fa godimo a a mo bukeng ya Moreri a umaka dilo tse di tlwaelegileng tse di monate tsa botshelo, jaaka go ja le go nwa. Le fa re lebane le diteko, re ka itumelela dimpho tse Jehofa a re neileng tsone. Mo godimo ga moo, ga re tlhoke go duelela go bona phirimo e ntle ya letsatsi, popego e ntle ya naga, dilo tse diphologolo tse dinnye di di dirang fa di itumetse, le dilo tse dingwe tse di gakgamatsang tsa popo, mme di re jesa kgakge e bile di a re itumedisa. Fa re akanya ka dilo tseno, lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo a oketsega ka gonne ke ene Monei wa dilo tsotlhe tse di molemo.

17. Ke eng se se tla re namolang gotlhelele mo mathateng, mme fa seo se ise se direge, re gomodiwa ke eng?

17 Kgabagare, go rata Modimo, go ikobela ditaelo tsa gagwe, le go dumela mo setlhabelong sa thekololo go tla felela ka gore re namolwe gotlhelele mo mathateng otlhe a botshelo jwa bosaitekanelang mme re ipele ka bosakhutleng. (1 Joh. 5:3) Fa seo se ise se direge, re gomodiwa ke go itse gore Jehofa o itse dilo tsotlhe tse di re tshwenyang. Dafide o ne a re: “Ke tla ipela ke bo ke itumela mo bopelonoming jwa gago jwa lorato, ka gore o bone pogisego ya me; o itsile matshwenyego a moya wa me.” (Pes. 31:7) Jehofa o tla re namola mo masetlapelong ka gonne o a re rata.—Pes. 34:19.

18. Ke eng fa batho ba Modimo ba tshwanetse go nna ba ipela?

18 E kete re ka etsa Jehofa, Modimo yo o itumetseng, fa re ntse re emetse go diragadiwa ga ditsholofetso tsa gagwe. E kete re ka tila go kgobega marapo semoyeng ka ntlha ya go akanya ka dilo tse di hutsafatsang. Fa re nna le mathata, e kete re ka kaelwa ke bokgoni jwa go akanya le botlhale. Jehofa o tla re thusa go laola maikutlo a rona le go dira sotlhe se re ka se kgonang go fokotsa diphelelo tse di maswe tsa ditiragalo tse di botlhoko. A re itumeleleng dilo tse di molemo tse di tswang kwa go ene, tsa senama mmogo le tsa semoya. Fa re nna re atamalane le Modimo, re tla kgona go ipela ka gonne “go itumela setšhaba se Modimo wa sone e leng Jehofa!”—Pes. 144:15.

O Ithutile Eng?

• Re ka etsa Jehofa jang fa re lebane le mathata?

• Go nna tekatekano go ka re thusa jang go itshokela mathata?

• Re ka kgona jang go itumelela go dira thato ya Modimo mo metlheng ya mathata?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Jehofa o utlwisiwa botlhoko ke dilo tse di maswe tse di diragalang

[Motswedi wa Setshwantsho]

© G.M.B. Akash/Panos Pictures

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Jehofa o re thusa go nna re ipela