Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna Batho ba ga Jehofa ke Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang

Go Nna Batho ba ga Jehofa ke Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang

Go Nna Batho ba ga Jehofa ke Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang

“Re ba ga Jehofa.”—BAR. 14:8.

1, 2. (a) Ke tshiamelo efe e re nang le yone? (b) Re tlile go sekaseka dipotso dife?

SETŠHABA sa Iseraele se ne sa newa tshiamelo e e tlhwatlhwakgolo fa Jehofa a ne a se raya a re: “Ruri lo tla nna thuo ya me e e kgethegileng mo ditšhabeng tse dingwe tsotlhe.” (Ekes. 19:5) Gompieno, maloko a phuthego ya Bokeresete le one a na le tshiamelo ya go nna batho ba ga Jehofa. (1 Pet. 2:9; Tshen. 7:9, 14, 15) Ke tshiamelo e e ka re solegelang molemo ka bosakhutleng.

2 Go nna motho wa ga Jehofa ga se tshiamelo fela mme gape ke boikarabelo. Bangwe ba ka nna ba ipotsa jaana: ‘A ke tla kgona go dira se Jehofa a batlang gore ke se dire? Fa nka dira boleo, a o tla ntatlha? A go nna motho wa ga Jehofa go tla nkamoga kgololesego?’ Dipotso tse di ntseng jalo di tshwanetse go sekasekiwa. Le fa go ntse jalo, sa ntlha, go na le potso e nngwe e e tlhokang go akanyediwa ka kelotlhoko: Go nna motho wa ga Jehofa go solegela molemo jang?

Go Nna Batho ba ga Jehofa go a Itumedisa

3. Tshwetso ya ga Rahabe ya go direla Jehofa e ne ya mo solegela molemo jang?

3 A batho ba ga Jehofa ba solegelwa molemo ke go nna batho ba gagwe? Akanya ka Rahabe, seaka se se neng se nna kwa Jeriko wa bogologolo. Kwantle ga pelaelo o ne a godile a rutiwa go obamela medimo e e makgapha ya Kanana. Le fa go ntse jalo, fa a ne a utlwa kafa Jehofa a neng a thusitse Baiseraele ka teng gore ba fenye, o ne a lemoga gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri. Ka jalo o ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing gore a sireletse batho ba Modimo ba ba tlhophilweng mme ka go dira jalo o ne a baya isagwe ya gagwe mo diatleng tsa bone. Baebele ya re: “A Rahabe wa seaka le ene ga a a bolelwa a siame ka ditiro, fa a sena go amogela barongwa ka tsholo e ntle le go ba ntshetsa kwa ntle ka tsela e nngwe?” (Jak. 2:25) Akanya kafa a neng a solegelwa molemo ka teng fa a ne a nna karolo ya setšhaba sa Modimo se se phepa, batho ba Molao wa Modimo o neng o ba rutile lorato le tshiamiso. O tshwanetse a bo a ne a itumetse tota gore o tlogetse tsela e a neng a tshela ka yone pele! O ne a nyalwa ke monna wa Moiseraele mme a godisa morwawe, Boase, gore a nne monna yo o tlhomologileng wa Modimo.—Josh. 6:25; Ruthe 2:4-12; Math. 1:5, 6.

4. Ruthe o ne a solegelwa molemo jang ke tshwetso ya gagwe ya go direla Jehofa?

4 Ruthe wa kwa Moabe le ene o ne a dira tshwetso ya go direla Jehofa. Fa a ne a sa le ngwana, o ka tswa a ne a obamela Kemoshe le medimo e mengwe ya Moabe, mme o ne a simolola go itse Modimo wa boammaaruri, Jehofa, a bo a nyalwa ke Moiseraele yo o neng a tshabetse mo nageng ya gagabo. (Bala Ruthe 1:1-6.) Moragonyana, fa Ruthe le Orepa, yo le ene e neng e le ngwetsi ya ga Naomi ba ne ba tsamaya le matsalaabone, Naomi, ba ya Bethelehema, Naomi o ne a kopa dingwetsi tseno tsa gagwe go boela gae. Go ne go se kitla go nna motlhofo gore ba nne mo Iseraele. Orepa ene o ne a ‘boela kwa bathong ba gagabo le kwa medimong ya gagwe,’ mme Ruthe ene ga a ka a dira jalo. O ne a dira go dumalana le se a neng a se dumela mme o ne a itse gore o batla go nna wa ga mang. O ne a raya Naomi a re: “O se ka wa nthapela gore ke go tlogele, ke boe ke lese go tsamaya le wena; ka gonne kwa o yang gone ke tla ya gone, le kwa o lalang gone bosigo ke tla lala gone. Batho ba gaeno e tla nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me.” (Ruthe 1:15, 16) Ka gonne Ruthe a ne a tlhopha go direla Jehofa, o ne a solegelwa molemo ke Molao wa Modimo, o o neng o akanyetsa batlholagadi le bahumanegi le batho ba ba se nang ditsha. O ne a bona boitumelo, tshireletso le pabalesego kafa tlase ga diphuka tsa ga Jehofa.

5. Ke eng se o se etseng tlhoko ka batho ba ba direlang Jehofa ka boikanyego?

5 O ka tswa o itse batho bangwe ba ba neng ba ineela mo go Jehofa mme morago ga moo ba mo direla ka boikanyego ka dingwagangwaga. Ba botse gore go mo direla go ba solegetse molemo jang. Le fa go se na motho ope yo o se nang mathata, go na le bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore mafoko ano a mopesalema a boammaaruri: “Go itumela setšhaba se Modimo wa sone e leng Jehofa!”—Pes. 144:15.

Jehofa o Tekatekano Mo go Se a Lebeletseng Gore re se Dire

6. Ke eng fa re sa tshwanela go boifa gore re tla palelwa ke go dira se Jehofa a lebeletseng gore re se dire?

6 O ka tswa o kile wa ipotsa gore a o tla kgona go dira se Jehofa a lebeletseng gore o se dire. Go motlhofo fela go ikutlwa o fekeediwa ke go akanya ka kgang ya go nna motlhanka wa Modimo, go tshela go dumalana le molao wa gagwe le go bua ka leina la gagwe. Ka sekai, Moshe o ne a ikutlwa a sa tshwanelege fa a ne a romelwa go ya go bua le Baiseraele le kgosi ya Egepeto. Mme Modimo o ne a le tekatekano mo go se a neng a lebeletse gore Moshe a se dire. Jehofa o ne a ‘mo ruta se a tshwanetseng go se dira.’ (Bala Ekesodo 3:11; 4:1, 10, 13-15.) E re ka Moshe a ne a amogela thuso e a neng a e newa, o ne a itumelela go dira thato ya Modimo. Jehofa o tekatekano fela jalo mo go se a lebeletseng gore re se dire. O tlhaloganya gore ga re a itekanela mme o batla go re thusa. (Pes. 103:14) Go direla Modimo o le molatedi wa ga Jesu go a lapolosa mme ga go imele, ka gonne mokgwa oo wa botshelo o solegela ba bangwe molemo mme o itumedisa pelo ya ga Jehofa. Jesu o ne a re: “Tlang mo go nna, . . . mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong.”—Math. 11:28, 29.

7. Ke eng fa o ka tlhomamisega gore Jehofa o tla go thusa go dira se a lebeletseng gore o se dire?

7 Ka metlha Jehofa o tla re naya kgothatso e re e tlhokang, fa fela re ikaega ka ene gore a re nonotshe. Ka sekai, go lebega Jeremia ka tlholego e ne e se motho yo o pelokgale mo go bueng. Ka jalo, fa Jehofa a ne a mo naya kabelo ya gore a nne moporofeti wa gagwe, o ne a re: “Ijoo, Morena Molaodimogolo Jehofa! Bona, ga ke itse go bua, gonne ke mosimanyana fela.” Moragonyana, o ne a re: “Ga ke na go tlhola ke bua mo leineng la gagwe.” (Jer. 1:6; 20:9) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a kgothatsa Jeremia mme o ne a kgona go rera molaetsa o batho ba neng ba sa o rate ka dingwaga di le 40. Gangwe le gape Jehofa o ne a mo kgothatsa ka mafoko ano: “Ke na le wena, go go boloka le go go golola.”—Jer. 1:8, 19; 15:20.

8. Re bontsha jang gore re ikanya Jehofa?

8 Fela jaaka Jehofa a ne a nonotsha Moshe le Jeremia, o ka re thusa go dira se a lebeletseng gore Bakeresete ba se dire gompieno. Selo sa botlhokwa ke go ikaega ka Modimo. Baebele ya re: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” (Dia. 3:5, 6) Re bontsha gore re ikanya Jehofa fa re amogela thuso e a e re nayang ka Lefoko la gagwe le ka phuthego. Fa re letla Jehofa gore a re kaele mo botshelong, ga go na sepe se se ka re thibelang go ikanyega mo go ene.

Jehofa o Amega ka Mongwe le Mongwe wa Batho ba Gagwe

9, 10. Pesalema 91 e solofetsa tshireletso ya mofuta mang?

9 Fa bangwe ba akanya ka go dira tshwetso ya gore ba ineele mo go Jehofa, ba ka tswa ba ile ba ipotsa gore a ba ka se wele mo boleong, ba se ka ba tshwanelega, mme Jehofa a ba latlha. Go a itumedisa gore Jehofa o re naya tshireletso e re e tlhokang gore re sireletse kamano ya rona e e botlhokwa le ene. A re boneng kafa seo se tlhalosiwang ka teng mo go Pesalema 91.

10 Pesalema eo e simolola ka mafoko ano: “Ope fela yo o nnang mo lefelong la sephiri la Mogodimodimo o tla iponela bonno kafa tlase ga moriti wa Mothatayotlhe. Ke tla raya Jehofa ke re: ‘O botshabelo jwa me le kago ya me e e thata, Modimo wa me, yo ke tla mo ikanyang.’ Gonne o tla go golola mo seraing sa motshwaradinonyane.” (Pes. 91:1-3) Ela tlhoko gore Modimo o solofetsa gore o tla sireletsa batho ba ba mo ratang e bile ba mo ikanya. (Bala Pesalema 91:9, 14.) O ne a bua ka tshireletso ya mofuta mang? Jehofa o ne a sireletsa bangwe ba batlhanka ba gagwe ba bogologolo ka tsela ya mmatota—ka dinako tse dingwe e le ka gonne a batla go dibela losika lo Mesia yo o solofeditsweng a neng a tla tsholelwa mo go lone. Le fa go ntse jalo, banna ba bangwe ba bantsi ba ba ikanyegang ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong, ba tlhokofadiwa ba bo ba bolawa ka ditsela tse di setlhogo e le go leka go dira gore ba se ka ba tlhola ba ikanyega mo Modimong. (Baheb. 11:34-39) Ba ne ba nna le bopelokgale jo ba neng ba bo tlhoka gore ba itshoke ka gonne Jehofa o ne a ba sireletsa semoyeng mo kotsing ya gore ba se ka ba ikanyega. Ka jalo, Pesalema 91 e ka tlhaloganngwa e le tsholofetso ya go sirelediwa semoyeng.

11. ‘Lefelo la sephiri la Mogodimodimo’ ke eng, mme Modimo o sireletsa bomang mo go lone?

11 Ka jalo, ‘lefelo la sephiri la Mogodimodimo,’ le le umakiwang ke mopesalema, ke lefelo la tshwantshetso le mo go lone batho ba sirelediwang semoyeng. Mo lefelong leno, batho ba ba nnang le Modimo e le balalediwa ba gagwe ba sireletsegile mo go sengwe le sengwe le mo go ope fela yo o batlang go fedisa tumelo ya bone le lorato lo ba ratang Modimo ka lone. (Pes. 15:1, 2; 121:5) Ke lefelo la sephiri ka gonne batho ba ba sa dumeleng ga ba kgone go le bona. Fano, Jehofa o sireletsa batho ba go ntseng jaaka e kete ba re: ‘O Modimo wa me yo ke tla mo ikanyang.’ Fa re nna re le mo lefelong leno la botshabelo, ga re tlhoke go tshwenyega ka tsela e e feteletseng ka gore Modimo a ka nna a se ka a re amogela fa re wetse mo serung sa ga Satane, “motshwaradinonyane.”

12. Ke dilo dife tse di ka senyang kamano ya rona le Modimo?

12 Ke dilo dife tse di ka senyang kamano ya rona e e tlhwatlhwakgolo le Modimo? Mopesalema o umaka dikotsi di le mmalwa, mme nngwe ya tsone ke “bolwetse jwa leroborobo jo bo tsamayang mo letobong, . . . le tshenyego e e thopang go le sethoboloko.” (Pes. 91:5, 6) “Motshwaradinonyane” o tshwere batho ba le bantsi ka keletso ya bopelotshetlha ya go batla go itaola. (2 Bakor. 11:3) O tshwara ba bangwe ka go rotloetsa bogagaru, boikgogomoso, le go rata dikhumo. Mme o tsietsa ba bangwe ka difilosofi tse di tshwanang le bosetšhaba, go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe le bodumedi jwa maaka. (Bakol. 2:8) Mme batho ba bantsi ba wetse mo serung sa go tlhakanela dikobo ba sa nyalana. Dilo tse di ntseng jalo tse di kotsi semoyeng di dirile gore batho ba bantsi ba se ka ba tlhola ba rata Modimo.—Bala Pesalema 91:7-10; Math. 24:12.

Go Sireletsa Lorato lo o Ratang Modimo ka Lone

13. Jehofa o re sireletsa jang mo dilong tse di ka koafatsang bomoya jwa rona?

13 Jehofa o sireletsa batho ba gagwe jang mo dilong tseno tse di ka koafatsang bomoya jwa bone? Pesalema nngwe ya re: “O tla naya baengele ba gagwe taelo kaga gago, gore ba go dise mo ditseleng tsotlhe tsa gago.” (Pes. 91:11) Baengele ba ba kwa legodimong ba a re kaela le go re sireletsa gore re kgone go rera dikgang tse di molemo. (Tshen. 14:6) Kwantle ga baengele, bagolwane ba Bakeresete ba re sireletsa gore re se ka ra tsiediwa ke dikgopolo tsa maaka ka go thaya sotlhe se ba se rutang mo Dikwalong. Ba ka thusa mongwe le mongwe fela yo o lekang ka natla go fenya mekgwa ya lefatshe. (Tito 1:9; 1 Pet. 5:2) Gape “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o re naya dijo tsa semoya go re sireletsa mo thutong ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe, mo thaelong ya dikeletso tsa boitsholo jo bo sa siamang, mo go rateng dikhumo le maemo, le mo dikeletsong tse dingwe tse dintsi le ditlhotlheletso tse di kotsi. (Math. 24:45) O thusitswe ke eng go emelana le dingwe tsa dikotsi tseo?

14. Re ka solegelwa molemo jang ke tshireletso e Modimo a e re nayang?

14 Re tshwanetse go dira eng gore re nne re le mo “lefelong la sephiri” la Modimo la tshireletso? Fela jaaka re tshwanelwa ke gore re nne re itshireleditse mo dilong tse di ka re gobatsang ka tsela ya mmatota, jaaka dikotsi, dikebekwa, kana go tshwaediwa ke megare, re tshwanetse go nna re itshireleditse mo dilong tse di ka koafatsang bomoya jwa rona. Ka jalo, ka metlha re tshwanetse go latela kaelo e Jehofa a e re nayang mo dikgatisong tsa rona le kwa dipokanong tsa phuthego le kwa dikopanong. Re kopa kgakololo ya bagolwane. A mme gone ga re solegelwe molemo ke dinonofo tse di farologaneng tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba nang le tsone? Eleruri go kopanela le phuthego go re thusa go nna botlhale.—Dia. 13:20; bala 1 Petere 4:10.

15. Ke eng fa o ka tlhomamisega gore Jehofa a ka go sireletsa mo go sepe fela se se ka dirang gore a se ka a go amogela?

15 Ga go na lebaka la go belaela gore Jehofa a ka re sireletsa mo go sepe fela se se ka dirang gore a se ka a re amogela. (Bar. 8:38, 39) O sireleditse phuthego mo babeng ba ba maatla ba bodumedi le ba dipolotiki ba gantsi maikaelelo a bone e ntseng e se go re bolaya, mme e le go re kgaoganya le Modimo wa rona yo o boitshepo. Tsholofetso eno ya ga Jehofa e itshupile e le boammaaruri: “Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega.”—Isa. 54:17.

Ke Mang Yo o Re Nayang Kgololesego?

16. Ke eng fa lefatshe le ka se re neye kgololesego?

16 A go nna batho ba ga Jehofa go tla re amoga kgololesego? Nnyaa, go nna batho ba lefatshe ke gone go ka re amogang kgololesego. Lefatshe le tlhobogane le Jehofa mme le busiwa ke modimo yo o setlhogo yo o dirang batho makgoba. (Joh. 14:30) Ka sekai, tsamaiso ya ga Satane ya dilo e dirisa maemo a a thata a itsholelo go amoga batho kgololesego. (Bapisa le Tshenolo 13:16, 17.) Boleo le jone bo na le maatla a a tsietsang a a dirang batho batlhanka. (Joh. 8:34; Baheb. 3:13) Ka jalo, le fa batho ba ba sa dumeleng ba ka re solofetsa kgololesego fa ba buelela mokgwa mongwe wa botshelo o o sa tsamaisaneng le dithuto tsa ga Jehofa, go ise go ye kae ope fela yo o ba reetsang o tla iphitlhela a le mo bokgobeng jwa mokgwa wa botshelo wa boleo le wa matlhabisaditlhong.—Bar. 1:24-32.

17. Jehofa o re naya kgololesego efe?

17 Kafa letlhakoreng le lengwe, fa re ineela mo go Jehofa, o tla re golola mo go sengwe le sengwe se se ka re gobatsang. Ka ditsela dingwe, boemo jwa rona bo tshwana le jwa motho yo o tsenyang botshelo jwa gagwe mo diatleng tsa ngaka ya moari e e nang le bokgoni, e e ka mo gololang mo bolwetseng bongwe jo bo bolayang. Rotlhe re tshwerwe ke bolwetse jo bo bolayang—re ruile boleo. Re ka solofela go falola diphelelo tsa boleo mme re tshele ka bosakhutleng fela fa re ineela mo go Jehofa, mo motheong wa setlhabelo sa ga Keresete. (Joh. 3:36) Fela jaaka re ka ikanya ngaka ya moari thata fa re ntse re utlwa ka dikaro tse a di dirileng, re tla ikanya Jehofa le go feta fa re ntse re ithuta ka ene. Ka jalo, re tswelela re ithuta Lefoko la Modimo ka kelotlhoko ka gore go dira jalo go tla re thusa go mo rata ka tsela e e tla fedisang poifo epe e re ka nnang le yone ya go boifa go nna batho ba gagwe.—1 Joh. 4:18.

18. Go nna batho ba ga Jehofa go tla felela ka eng?

18 Jehofa o naya batho botlhe kgololesego ya go itlhophela. Lefoko la gagwe la re: “O tlhophe botshelo gore o nne o ntse o tshela, wena le bana ba gago, ka go rata Jehofa Modimo wa gago.” (Dute. 30:19, 20) O batla gore re mmontshe gore re a mo rata ka go itlhophela go mo direla. Go nna batho ba Modimo yo re mo ratang go ka se re amoge kgololesego, go na le moo ruri go tla re itumedisa e bile go tla dira gore re nne re itumetse.

19. Ke eng fa go nna batho ba ga Jehofa e le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang?

19 E re ka re le baleofi, ga re tshwanelwe ke go nna batho ba Modimo yo o itekanetseng. Seo se kgonega fela ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo. (2 Tim. 1:9) Ke sone se Paulo a neng a re: “Fa re tshela, re tshelela Jehofa, mme fa re swa, re swela Jehofa. Jalo fa re tshela le fa re swa, re ba ga Jehofa.” (Bar. 14:8) Ruri re ka se tsoge re ikwatlhaetse go tlhopha go nna batho ba ga Jehofa.

O ka Araba Jang?

• Go nna batho ba ga Jehofa go solegela molemo jang?

• Ke ka ntlha yang fa re ka kgona go dira se Modimo a lebeletseng gore re se dire?

• Jehofa o sireletsa batlhanka ba gagwe jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 8]

Botsa ba bangwe gore ba solegetswe molemo jang ke go nna batho ba ga Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Dingwe tsa ditsela tse Jehofa a re sireletsang ka tsone ke dife?