Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itshupe o le Molatedi wa Mmatota wa ga Keresete

Itshupe o le Molatedi wa Mmatota wa ga Keresete

Itshupe o le Molatedi wa Mmatota wa ga Keresete

“Setlhare sengwe le sengwe se se molemo se ungwa leungo le le molemo, mme setlhare sengwe le sengwe se se bodileng se ungwa leungo le le se nang mosola.”—MATH. 7:17.

1, 2. Balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete ba farologane jang le ba maaka, segolobogolo mo motlheng ono wa bofelo?

JESU o ne a re batho ba ba ipolelang gore ba a mo direla mme go sa nna jalo ba ne ba tla farologana le balatedi ba gagwe ba boammaaruri ka maungo a bone—dithuto tsa bone le boitshwaro jwa bone. (Math. 7:15-17, 20) Eleruri, batho ba tlhotlhelediwa thata ke dilo tse ba di tsenyang mo megopolong le mo dipelong tsa bone. (Math. 15:18, 19) Botlhe ba ba rutiwang dithuto tsa maaka ba ungwa “leungo le le se nang mosola,” mme ba ba rutiwang boammaaruri bone ba ungwa “leungo le le molemo.”

2 Mefuta eno e mebedi ya maungo e ile ya bonala sentle mo motlheng ono wa bofelo. (Bala Daniele 12:3, 10.) Bakeresete ba maaka ba leba Modimo ka tsela e e seng yone mme gantsi ba bontsha boineelo jwa bomodimo jwa boitimokanyi, fa ba ba nang le temogo ya semoya bone ba obamela Modimo “ka moya le ka boammaaruri.” (Joh. 4:24; 2 Tim. 3:1-5) Ba leka ka natla go bontsha dinonofo tse di tshwanang le tsa ga Keresete. Mme go tweng ka mongwe le mongwe wa rona? Fa o ntse o sekaseka matshwao a matlhano a a latelang a a tlhaolang Bokeresete jwa boammaaruri, ipotse jaana: ‘A tsela e ke itshwarang ka yone le dilo tse ke di rutang di dumalana sentle le Lefoko la Modimo? A ke dira gore batho ba ba batlang go ithuta boammaaruri ba bo kgatlhegele?’

Tshela go Dumalana le Lefoko la Modimo

3. Ke eng se se itumedisang Jehofa, mme seno se ama Bakeresete ba boammaaruri jang?

3 Jesu o ne a re: “Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re, ‘Morena, Morena,’ yo o tla tsenang mo bogosing jwa magodimo, mme yo o dirang thato ya ga Rre yo o kwa magodimong o tla tsena.” (Math. 7:21) Ee, go ipolela gore o Mokeresete ga se gone go itumedisang Jehofa mme go dira se Bakeresete ba tshwanetseng go se dira ke gone go mo itumedisang. Mo balateding ba boammaaruri ba ga Keresete, seno se akaretsa dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa bone, tsela e ba lebang madi ka yone, tiro ya boitshediso, boitlosobodutu, dingwao le mekete ya lefatshe, lenyalo le ditsela tse dingwe tse ba dirisanang le batho ba bangwe ka tsone. Mme Bakeresete ba maaka bone ba etsa tsela e lefatshe le akanyang ka yone le e le dirang dilo ka yone, e e ntseng e nnela bosula go ya pele mo metlheng eno ya bofelo.—Pes. 92:7.

4, 5. Re ka dirisa jang mafoko a ga Jehofa a a mo go Malaki 3:18 mo botshelong jwa rona?

4 Ka jalo, moporofeti Malaki o ne a kwala jaana: “Lona ruri lo tla bona gape pharologanyo fa gare ga yo o siameng le yo o boikepo, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa mo direlang.” (Mal. 3:18) Fa o ntse o akanya ka mafoko ano, ipotse jaana: ‘A ke tshwana le batho ba lefatshe kgotsa ke farologane le bone? A ka metlha ke leka ka natla gore ke tshwane le batho ba lefatshe ba ke dirisanang le bone, e ka tswa e le kwa sekolong kgotsa kwa tirong, kgotsa ke nna ke nitame mo melaometheong ya Baebele, e bile ke ntsha maikutlo a me fa go tshwanela?’ (Bala 1 Petere 3:16.) Ke boammaaruri gore ga re batle go lebega re le batho ba ba iponang ba siame, mme gone re tshwanetse go nna re farologane le batho ba ba sa rateng Jehofa e bile ba sa mo direle.

5 Fa o bona go tlhokega gore o dire diphetogo, ke eng o sa rapele ka kgang eno mme o inonotshe semoyeng ka go ithuta Baebele, go rapela le go ya dipokanong ka metlha? Fa o nna o dirisa Lefoko la Modimo mo botshelong jwa gago o tla tswelela o ungwa “leungo le le molemo,” go akaretsa le “leungo la dipounama tse di bolelang leina la [Modimo] phatlalatsa.”—Baheb. 13:15.

Rera ka Bogosi Jwa Modimo

6, 7. Bakeresete ba boammaaruri ba farologana jang le ba maaka fa go tliwa mo kgannyeng ya go rera ka molaetsa wa Bogosi?

6 Jesu o ne a re: “Kwa metseng e mengwe ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.” (Luke 4:43) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a bua thata ka Bogosi jwa Modimo fa a ne a le mo bodireding? O ne a itse gore ene jaaka Kgosi ya Bogosi joo, mmogo le bomorwarraagwe ba ba tsositsweng ba ba tsetsweng ka moya, ba tlile go fedisa dilo tse di bakelang batho khutsafalo—boleo le Diabolo. (Bar. 5:12; Tshen. 20:10) Ka jalo, o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba rere ka Bogosi joo go fitlha kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo. (Math. 24:14) Batho ba ba ipolelang fela gore ke balatedi ba ga Keresete ga ba dire tiro eno—tota e bile ba ka se kgone go e dira. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya mabaka a ka nna mararo: Sa ntlha, ga ba ka ke ba rera ka se ba sa se tlhaloganyeng. Sa bobedi, bontsi jwa bone ga ba na boikokobetso le bopelokgale jo bo tlhokegang gore ba kgone go itshokela go kgobiwa le go ganediwa fa ba ntse ba bolelela baagelani ba bone molaetsa wa Bogosi. (Math. 24:9; 1 Pet. 2:23) Mme sa boraro, Bakeresete ba maaka ga ba na moya wa Modimo.—Joh. 14:16, 17.

7 Mme balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete bone ba itse gore Bogosi jwa Modimo ke eng le gore bo tla dira eng. Mo godimo ga moo, ba baya dilo tse di direlwang Bogosi joo kwa pele mo botshelong mme ba rera ka jone mo lefatsheng lotlhe, ba thusiwa ke moya wa ga Jehofa. (Seka. 4:6) A o nna le seabe ka metlha mo tirong eno? A o leka go tokafatsa bodiredi jwa gago jaaka mmoledi wa Bogosi, gongwe ka go fetsa nako e ntsi mo bodireding kgotsa ka go nna le matswela a a oketsegileng mo go jone? Ba bangwe ba ile ba leka go tokafatsa boleng jwa bodiredi jwa bone ka go tokafatsa tsela e ba dirisang Baebele ka yone. Moaposetoloi Paulo yo o neng a tlwaetse go ntsha mabaka go tswa mo Dikwalong o ne a re: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.”—Baheb. 4:12; Dit. 17:2, 3.

8, 9. (a) Ke maitemogelo afe a a gatelelang botlhokwa jwa go dirisa Baebele mo bodireding jwa rona? (b) Re ka dira jang gore re oketse bokgoni jwa rona jwa go dirisa Lefoko la Modimo?

8 Fa mokaulengwe mongwe a ne a le mo bodireding jwa ka ntlo le ntlo, o ne a balela monna mongwe wa Mokatoliki Daniele 2:44 a bo a mo tlhalosetsa kafa Bogosi jwa Modimo bo tla tlisang kagiso ya mmatota le tshireletsego ka teng. Monna yoo o ne a re: “Ke itumela tota go bo o ile wa bula Baebele mme wa mpontsha gore temana eno ya reng go na le go bua fela.” Fa mokaulengwe mongwe a ne a balela mosadi mongwe wa kereke ya Greek Orthodox temana nngwe, mosadi yoo o ne a botsa dipotso tse dintsi tse di bontshang gore o na le kgatlhego. Le mo lekgetlhong leno, mokaulengwe yono le mosadi wa gagwe ba ne ba dirisa Baebele go mo araba. Moragonyana mosadi yono o ne a re: “A lo itse lebaka la go bo ke ile ka dumela go bua le lona? Lo tlile mo go nna lo tshwere Baebele, mme lo ne lwa e bala.”

9 Gone ke boammaaruri, dikgatiso tsa rona di botlhokwa mme di tshwanetse go tsamaisiwa mo tshimong. Le fa go ntse jalo, Baebele ke sedirisiwa sa rona sa konokono. Ka jalo, fa e le gore o ntse o sa e dirise ka metlha mo bodireding jwa gago, ke eng o sa ipeele mokgele wa go dira jalo? Gongwe o ka tlhopha ditemana di se kae tsa konokono tse di tlhalosang gore Bogosi jwa Modimo ke eng le kafa bo tlileng go rarabolola ka teng mathata a baagelani ba gago ba tshwenyegileng ka one. Go tswa foo o nne o ipaakanyeditse go di bala fa o ntse o rera ka ntlo le ntlo.

Nna Motlotlo go Bidiwa ka Leina la Modimo

10, 11. Fa go tliwa mo kgannyeng ya go dirisiwa ga leina la Modimo, Jesu o farologana jang le batho ba bantsi ba ba ipolelang gore ke balatedi ba gagwe?

10 “‘Lo basupi ba me,’ go bua Jehofa, ‘mme ke nna Modimo.’” (Isa. 43:12) Mosupi yo mogolo wa ga Jehofa e bong Jesu Keresete, o ne a go tsaya e le tshiamelo go bidiwa ka leina la Modimo le go le itsise batho. (Bala Ekesodo 3:15; Johane 17:6; Bahebera 2:12.) Tota e bile, e re ka Jesu a ne a itsise leina la ga Rraagwe, o ne a bidiwa “Mosupi yo o Ikanyegang.”—Tshen. 1:5; Math. 6:9.

11 Go farologana le Jesu, batho ba le bantsi ba ba ipolelang gore ba emela Modimo le Morwawe ba ne ba tlontlolola leina la Modimo mo ba ileng ba le ntsha le mo dithanolong tsa bone tsa Baebele. Taelo ya bosheng e e neng ya newa bobishopo ba Katoliki e ne e bontsha moya o o tshwanang le oo fa e ne e re “leina la Modimo le le kwadilweng ka ditlhaka tsa thaterakeramatone YHWH ga le a tshwanela go dirisiwa le fa e le go bidiwa” ka nako ya kobamelo. * Eleruri eno ke tsela e e sa siamang ya go akanya!

12. Batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba amanngwa thata jang le ene ka ngwaga wa 1931?

12 Bakeresete ba boammaaruri ba motlotlo go dirisa leina la Modimo fela jaaka Keresete mmogo le ‘leru le legolo la basupi’ ba ba ileng ba tla pele ga gagwe. (Baheb. 12:1) Tota e bile ka ngwaga wa 1931, batlhanka ba Modimo ba ne ba amanngwa thata le Jehofa ka go simolola go dirisa leina Basupi ba ga Jehofa. (Bala Isaia 43:10-12.) Ka jalo, ka tsela e e kgethegileng tota, balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete ba ne ba nna “batho ba ba bidiwang ka leina la [Modimo].”—Dit. 15:14, 17.

13. Re ka tshela jang go dumalana le leina le re le neilweng ke Modimo wa rona?

13 Mongwe le mongwe wa rona a ka tlhomamisa jang gore o tshela ka tsela e e dumalanang le leina la rona le le kgethegileng? Sa botlhokwa ke gore re tshwanetse go rera ka Modimo re sa kgaotse. Paulo o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa. Le fa go ntse jalo, ba tla bitsa jang yo ba sa dumelang mo go ene? Gape, ba tla dumela jang mo go yo ba sa utlwang ka ene? Gape, ba tla utlwa jang fa go se na ope yo o rerang? Gape, ba tla rera jang fa ba sa rongwa?” (Bar. 10:13-15) Mo godimo ga moo, re tshwanetse go senola ka botlhale dithuto tsa maaka tsa bodumedi tse di senyang Mmopi wa rona leina, tse di jaaka thuto ya molelo wa dihele, e e dirang gore go nne jaaka e kete Modimo yo o lorato o na le mekgwa e e setlhogo ya ga Diabolo.—Jer. 7:31; 1 Joh. 4:8; bapisa le Mareko 9:17-27.

14. Batho ba bangwe ba ne ba itshwara jang fa ba utlwa gore leina la Modimo ke mang?

14 A o motlotlo go bidiwa ka leina la ga Rrago yo o kwa legodimong? A o thusa ba bangwe gore ba itse leina leo le le boitshepo? Mosadi mongwe wa kwa Paris, kwa Fora, o ne a utlwa gore Basupi ba ga Jehofa ba itse leina la Modimo, ka jalo o ne a kopa Mosupi mongwe yo a neng a kopana le ene gore a mmontshe leina leo mo Baebeleng ya gagwe. Fa a bala Pesalema 83:18, e ne ya mo ama tota. O ne a simolola go ithuta Baebele mme gone jaanong ke kgaitsadi yo o ikanyegang mme o direla kwa nageng e sele. Fa mosadi mongwe wa Mokatoliki yo o nnang kwa Australia a ne a bona leina la Modimo mo Baebeleng lekgetlho la ntlha, o ne a tsholola dikeledi tsa boitumelo. Gone jaanong o na le dingwaga di le dintsi e le mmulatsela wa ka metlha. Bosheng jaana, fa Basupi kwa Jamaica ba ne ba bontsha mosadi mongwe koo leina la Modimo mo Baebeleng ya gagwe, le ene o ne a kgapha dikeledi tsa boitumelo. Ka jalo, nna motlotlo go bidiwa ka leina la Modimo mme o etse Jesu ka go itsise botlhe leina leno le le tlhwatlhwakgolo.

“Lo se Ka Lwa bo lo Rata Lefatshe”

15, 16. Bakeresete ba boammaaruri ba leba lefatshe jang, mme ke dipotso dife tse re tshwanetseng go di ipotsa?

15 “Lo se ka lwa bo lo rata lefatshe le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa ga Rara ga lo yo mo go ene.” (1 Joh. 2:15) Lefatshe le tshekamelo ya lone ya boleo ga e tsamaisane le moya wa ga Jehofa o o boitshepo. Ka jalo, ga se fela gore balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete ga ba batle go nna karolo ya lefatshe. Gape ga ba rate lefatshe, e re ka ba itse se morutwa Jakobe a neng a se kwala a re, “botsalano le lefatshe ke bobaba le Modimo.”—Jak. 4:4.

16 E re ka lefatshe le na le dithaelo tse dintsi, go tlhwaela tsebe mafoko a ga Jakobe go ka nna ga se ka ga nna motlhofo. (2 Tim. 4:10) Ke gone ka moo Jesu a neng a rapelela balatedi ba gagwe jaana: “Ke a go kopa, e seng gore o ba ntshe mo lefatsheng, fa e se gore o ba tlhokomele ka ntlha ya yo o boikepo. Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Joh. 17:15, 16) Ipotse jaana: ‘A ke leka ka natla gore ke se ka ka nna karolo ya lefatshe? A ba bangwe ba itse gore ke leba jang meletlo le ditlwaelo tse di sa dumalaneng le Dikwalo le tse di ka tswang di sa simologa mo boheitaneng mme go bonala sentle gore di na le moya wa lefatshe?’—2 Bakor. 6:17; 1 Pet. 4:3, 4.

17. Ke eng se se ka tlhotlheletsang batho ba ba dipelo di ikanyegang go nna batho ba ga Jehofa?

17 Ke boammaaruri gore tsela ya rona ya botshelo e e theilweng mo Baebeleng ga e kitla e dira gore batho ba lefatshe ba re rate, mme e ka nna ya dira gore batho ba ba dipelo di ikanyegang ba batle go itse mo go oketsegileng. Eleruri, fa batho bao ba lemoga gore dilo tse re di dumelang di theilwe ka botlalo mo Dikwalong le gore re di dirisa mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa rona, ba ka nna ba arabela ka go raya batlodiwa ka tsela ya tshwantshetso ba re: “Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.”—Seka. 8:23.

Bontsha Lorato Lwa Mmatota Lwa Bokeresete

18. Go rata Jehofa le moagelani wa rona go akaretsa eng?

18 Jesu o ne a re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago” a ba a re: “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Math. 22:37, 39) Lorato loo (e leng a·gaʹpe ka Segerika) ke lorato lo lo theilweng mo go se se siameng lo lo sa itlhokomoloseng maikarabelo le melaometheo mme lo itshwara ka tsela e e siameng mme gantsi lo akaretsa maikutlo a a nonofileng. Lo ka tlhotlheletsa motho go nna botsalano le go nna le maikutlo a a boteng. (1 Pet. 1:22) Lo farologane kgakala le bopelotshetlha, ka gonne lone lo bontshiwa ka mafoko le ditiro tsa bopelotshweu.—Bala 1 Bakorintha 13:4-7.

19, 20. Bolela maitemogelo mangwe a a bontshang kafa lorato lwa Bokeresete lo leng maatla ka teng.

19 E re ka lorato e le nngwe ya dinonofo tsa moya o o boitshepo wa Modimo, lo thusa Bakeresete ba boammaaruri gore ba kgone go dira se ba bangwe ba sa kgoneng go se dira jaaka go fenya go sa utlwane ga batho ka ntlha ya bomorafe, setso le dipolotiki. (Bala Johane 13:34, 35; Bagal. 5:22) Batho ba sekadinku ba amega tota fa ba bona batho ba bontshana lorato lono. Ka sekai, fa lekawana lengwe la Mojuda kwa Iseraele le ne le ya dipokanong tsa Bokeresete lekgetlho la ntlha, le ne la gakgamala fa le bona bakaulengwe ba Bajuda le ba Baarabia ba obamela Jehofa mmogo. Ka ntlha ya seo, o ne a simolola go ya dipokanong ka metlha mme a amogela thuto ya Baebele. A o bontsha bakaulengwe ba gago lorato lo lo ntseng jalo lo lo tswang pelong? A o tsaya matsapa a go amogela ka lorato batho ba ba simololang go tla mo Holong ya lona ya Bogosi, go sa kgathalesege gore ke ba setšhaba sefe, ke ba mmala ofe kgotsa gore ba na le maemo afe mo setšhabeng?

20 E re ka re le Bakeresete ba boammaaruri, re leka ka natla go bontsha batho botlhe gore re a ba rata. Kwa El Salvador, mmoledi yo mmotlana o ne a ithuta Baebele le mosadi mongwe yo o nang le dingwaga di le 87 wa Mokatoliki yo o neng a rata kereke ya gagwe fela thata. Letsatsi lengwe mosadi yono o ne a gatelelwa ke bolwetse mme a robadiwa kwa bookelong. Fa a boela gae, Basupi ba ne ba mo etela mme ba mo tlisetsa dijo. Ba ne ba dira jalo ka lobaka lo e batlang e nna kgwedi yotlhe. Ga go na ope yo o neng a tla go tlhola mosadi yono mo bathong ba ba tsenang kereke le ene. Seno se ne sa mo ama jang? O ne a latlha ditshwantsho tsa gagwe tsa kobamelo, a tlogela kereke mme a tswelela gape ka thuto ya gagwe ya Baebele. Ee, lorato lwa Bokeresete lo maatla! Lo ka ama motho pelo go feta fa a rerelwa.

21. Re ka dira eng gore isagwe ya rona e nne e e tlhomameng?

21 Go ise go ye kae, Jesu o tla raya botlhe ba ba ipolelang gore ba a mo direla mme go sa nna jalo, a re: “Ga ke ise nke ke lo itse! Tlogang fa go nna, lona ba lo dirang ka go tlhoka molao.” (Math. 7:23) Ka jalo, a re nneng le maungo a a tlotlang Rara mmogo le Morwa. Jesu o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko ano a me a ba a a dira o tla tshwantshanngwa le monna yo o botlhale, yo o neng a aga ntlo ya gagwe mo lefikeng.” (Math. 7:24) Ee, fa re itshupa re le balatedi ba mmatota ba ga Keresete, re tla amogelwa ke Modimo mme re tla nna le isagwe e e tlhomameng, jaaka e kete e theilwe mo lefikeng!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Dikgatiso dingwe tsa bosheng tsa Katoliki tsa Seesemane, go akaretsa le The Jerusalem Bible, di ranola thaterakeramatone di re “Yahweh.”

A o A Gakologelwa?

• Balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete ba farologane jang le ba maaka?

• Umaka mangwe a “maungo” a a tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri.

• O ka ipeela mekgele efe malebana le go nna le maungo a Bokeresete?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

A o itlwaeditse go dirisa Baebele ka metlha mo bodireding jwa gago?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

A ba bangwe ba itse gore o leba jang meletlo e e sa dumalaneng le Dikwalo?