Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thusa Bana ba Gago go Lepalepana le Dikgwetlho Tsa Bone Tse Dintsi

Thusa Bana ba Gago go Lepalepana le Dikgwetlho Tsa Bone Tse Dintsi

Thusa Bana ba Gago go Lepalepana le Dikgwetlho Tsa Bone Tse Dintsi

BANA ba rona ba lebane le kgatelelo e e seng kana ka sepe. Ba lebane le moya wa lefatshe le le boikepo la ga Satane, mme gape ba tshwanetse go lepalepana le “dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone.” (2 Tim. 2:22; 1 Joh. 5:19) Mo godimo ga moo, e re ka ba leka ka natla go ‘gakologelwa Mmopi wa bone yo Mogolo,’ ba a sotlwa—le e leng go tshwenngwa—ke batho ba ba ganetsang dilo tse ba di dumelang. (Mor. 12:1) Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Vincent o bua jaana fa a gopola nako ya fa a sa ntse a gola: “Go ne go nna go na le mongwe yo o neng a ntshwenya, a nkgerisa kgotsa a batla go lwa le nna fela ka gonne ke le Mosupi. Gantsi go ne go nna maswe thata mo ke neng ke sa batle le go ya sekolong.” *

Mo godimo ga kgatelelo ya lefatshe e bana ba rona ba basimane kgotsa ba basetsana ba lebaneng le yone, gape ba ka nna ba tshwanelwa ke go lwantsha keletso e ba nang le yone ya go batla go tshwana le balekane ba bone. Kgaitsadi mongwe yo o tlogang a wetsa dingwaga tsa bolesome e bong Cathleen a re: “Go utlwisa botlhoko fa batho ba tsaya gore ga o tshwane le bone.” Mokaulengwe mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Alan a re: “Bana ba ke neng ke tsena sekolo le bone ba ne ba ntaletsa gangwe le gape ka mafelobeke gore ke tsamaye le bone, mme tota ke ne ke eletsa go tsamaya le bone.” Gape basha ba ka eletsa thata go tsaya karolo mo metshamekong ya kwa sekolong, mo go ka felelang ka gore ba tsalane le batho ba ba bosula. Kgaitsadi mongwe yo mosha yo o bidiwang Tanya a re: “Nna ke ithatela metshameko. Ka metlha bakatisi ba kwa sekolong ba ne ba leka go ntsenya mo setlhopheng sengwe sa metshameko. Go ne go le thata gore ke gane.”

O ka thusa bana ba gago jang go lepalepana le dikgwetlho tse dintsi tse ba kopanang le tsone? Jehofa o laetse batsadi gore ba kaele bana ba bone. (Dia. 22:6; Baef. 6:4) Batsadi ba ba boifang Modimo ba batla go ruta bana ba bone go ikobela Jehofa go tswa pelong. (Dia. 6:20-23) Fa batsadi ba dira jalo, bana ba tla tlhotlheletsega go lebana le kgatelelo ya lefatshe, tota le fa batsadi ba bone ba sa ba bone.

Go thata gore batsadi ba dire tiro ya boitshediso, ba tlhokomele lelapa le go dira ditiro tsa phuthego, mme ba dira dilo tseno tsotlhe ka nako e le nngwe. Batsadi ba bangwe ba tshwanelwa ke go dira dilo tseno tsotlhe ba se na balekane ba lenyalo kgotsa ba ganediwa ke balekane ba ba sa dumeleng. Le fa go ntse jalo, Jehofa o lebeletse gore batsadi ba iphe nako ya go ruta le go thusa bana ba bone. Ka jalo, ke eng se o ka se dirang go thusa bana ba gago gore ba itshireletse mo kgatelelong ya balekane, mo dithaelong le mo letshwenyong le ba lebanang le lone letsatsi le letsatsi?

Go Nna le Kamano le Jehofa

Sa ntlha fela, bana ba rona ba tshwanetse go itse Jehofa e le Motho wa mmatota. Ba tshwanetse go thusiwa go “bona Ene yo o sa bonaleng.” (Baheb. 11:27) Vincent, yo o umakilweng fa godimo, o gopola kafa batsadi ba gagwe ba neng ba mo thusa ka gone gore a nne le kamano le Jehofa. A re: “Ba ne ba nthuta botlhokwa jwa go rapela. Ke gakologelwa gore go tloga fela fa ke sa le monnye ke ne ke rapela Jehofa bosigo bongwe le bongwe pele ke ya go robala. Jehofa e ne e le motho wa mmatota mo go nna.” A o rapela le bana ba gago? Ke eng o sa reetse se ba se buang fa ba rapela Jehofa? A ba boaboeletsa mafoko a ba a tshwereng ka tlhogo fela? Kgotsa a dithapelo tsa bone di bontsha kafa tota ba ikutlwang ka gone ka Jehofa? Fa o reetsa dithapelo tsa bone, o ka kgona go lemoga gore a ba na le kamano e e gaufi le Modimo.

Tsela e nngwe e e ka thusang basha thata go atamalana le Jehofa ke go ipalela Lefoko la Modimo. Cathleen, yo o umakilweng fa godimo, a re: “Ke thusitswe ke go bala Baebele yotlhe ke sa le monnye. Go ne ga ntlhomamisetsa gore le fa batho ba le kgatlhanong le nna, Jehofa ene o tla nkema nokeng.” A bana ba gago ba na le thulaganyo ya bone ya go bala Baebele?—Pes. 1:1-3; 77:12.

Ke boammaaruri gore bana ga ba amogele kaelo ya batsadi ka tsela e e tshwanang. Gape tsela e ba gatelang pele ka yone semoyeng e ka tswa e ikaegile ka dingwaga tsa bone. Le fa go ntse jalo, fa bana ba sa kaelwe, go tla nna thata gore ba itse Jehofa e le Motho wa mmatota. Batsadi ba tshwanetse go jalela mafoko a Modimo kwa teng mo baneng ba bone gore ba kgone go itse tsela e Jehofa a batlang dilo di dirwa ka yone, gongwe le gongwe fela kwa ba ka tswang ba le gone. (Dute. 6:6-9) Bana ba gago ba tshwanetse go dumela gore Jehofa o amega ka bone.

Puisano—Kafa o ka Dirang ka Gone Gore e Nne Molemo

Puisano ke tsela e nngwe gape ya botlhokwa ya go thusa bana ba gago. Ke boammaaruri gore puisano e e molemo ga e akaretse fela go bua le bana ba gago. E akaretsa go botsa dipotso le go reetsa ka bopelotelele fa ba araba—tota le fa dikarabo tsa bone di farologane le se o neng o batla go se utlwa. Mmè mongwe wa basimane ba babedi e bong Anne a re: “Ke botsa dipotso go fitlhela ke tlhaloganya se ba se akanyang le se ba lebaneng le sone mo botshelong.” A bana ba gago ba dumela gore o a ba reetsa fa ba bua? Tanya, yo o nopotsweng fa godimo, a re: “Batsadi ba me ba ne ba ntheetsa tota e bile ba ne ba gakologelwa dipuisano tse re kileng ra nna le tsone. Ba ne ba itse maina a bana ba ke neng ke tsena le bone mo tlelaseng. Ba ne ba tle ba botse ka bone le ka dilo tse dingwe tse re kileng ra tlotla ka tsone mo nakong e e fetileng.” Gore batho ba nne le puisano e e molemo, ba tshwanetse go reetsa le go gakologelwa metlotlo e e fetileng.

Malapa a le mantsi a fitlhetse gore nako ya dijo e ba naya sebaka sa go nna le puisano e e molemo. Vincent a re: “Go ja mmogo go ne go le botlhokwa mo lelapeng la gaetsho. Go ne go lebeletswe gore nako le nako fa go kgonega re je mmogo mo tafoleng re le lelapa. Go leba thelebishene, go reetsa radio kgotsa go bala ka nako ya dijo go ne go sa letlelelwa. E re ka gantsi re ne re sa tlotle ka dikgang tse di masisi, seo se ne se nthusa gore letsatsi le letsatsi ke nne le nako ya go ritibala gore ke kgone go lebana le tlhakatlhakano le kgatelelo ya kwa sekolong.” O oketsa ka gore: “Gape go itlwaetsa go bua le batsadi ba me ka nako ya dijo go ne go nthusa gore ke se ka ka tshaba go bua le bone fa ke tlhoka gore ba nthuse ka dikgang tse di masisi.”

Ipotse jaana: ‘Re ja mmogo ga kae mo bekeng re le lelapa?’ A go tokafatsa mo ntlheng eno go ka go thusa gore o nne le nako e e oketsegileng ya go nna le puisano e e molemo le bana ba gago?

Lebaka La go Bo Nako ya go Ikatisa e le Botlhokwa

Kobamelo ya Lelapa ya beke le beke le yone e thusa botlhe mo lelapeng go nna le puisano e e molemo e bile e thusa basha go lebana le dikgwetlho dingwe tse di rileng. Alan, yo o umakilweng fa godimo, a re: “Batsadi ba me ba ne ba dirisa nako ya thuto ya lelapa go re fata maikutlo. Ba ne ba dira gore re ithute ditlhogo tse di neng di tsamaisana le dikgwetlho tse re neng re lebane le tsone.” Mmaagwe Alan a re: “Ka nako ya thuto ya lelapa re ne re beela nako nngwe kwa thoko go ikatisa. Go ikatisa jalo go ne go thusa bana ba rona go ithuta kafa ba ka femelang tumelo ya bone ka gone le kafa ba ka bontshang ka teng gore se ba se dumelang se boammaaruri. Seno se ne se dira gore ba nne pelokgale mme ba kgone go lepalepana le dikgwetlho dipe fela tse ba ka lebanang le tsone.”

Tota fa bana ba lebane le kgatelelo ya balekane, gantsi ga go a lekana gore ba gane fela go dira sengwe ba bo ba tsamaya. Ba tshwanetse go kgona go araba dipotso tse di jaaka ke ka ntlha yang o dira jalo le ke ka ntlha yang o sa dire jalo. Gape ba tshwanetse go ikutlwa ba tlhomamisegile ka se ba tshwanetseng go se dira fa ba kgobiwa ka ntlha ya dilo tse ba di dumelang. Fa ba sa kgone go femela se ba se dumelang, go tla nna thata gore ba emele kobamelo ya boammaaruri ka bopelokgale. Nako ya go ikatisa e ka ba thusa go dira jalo.

 Lebokose le le mo go tsebe 18 le na le maemo mangwe a lo ka a dirisang go ikatisa ka nako ya maitseboa a Kobamelo ya Lelapa. Dira gore nako eo ya go ikatisa e bontshe maemo a tota a ka diragalang ka go botsa bana ba gago dipotso fa ba sena go ntsha dikarabo tsa bone. Mo godimo ga moo, sekasekang dithuto dingwe tse lo ka ithutang tsone mo dikaing tse di mo Baebeleng. Ga go pelaelo gore go ithapisa jalo kwa lapeng go tla thusa bana ba gago gore ba lepalepane le dikgwetlho tse ba lebanang le tsone kwa sekolong le kwa mafelong a mangwe.

A Legae la Gago ke Lefelo le le Lapolosang le le Sireletsegileng?

A legae la gago ke lefelo le bana ba gago ba itumelelang go boela kwa go lone letsatsi le letsatsi fa ba tswa sekolong? Fa e le gore go ntse jalo, seno se tla thusa bana ba gago gore ba lepalepane le dikgwetlho tse ba lebanang le tsone letsatsi le letsatsi. Kgaitsadi mongwe yo gone jaanong e leng leloko la lelapa la Bethele a re: “Fa ke ne ke gola, sengwe se se neng se nthusa thata ke gore legae la rona e ne e le lefelo le le lapolosang le le sireletsegileng. Le fa maemo a ne a le bosula jang kwa sekolong, ke ne ke itse gore fa ke fitlha kwa gae, dilo tsotlhe di ne di tla apara tshiamo.” Boemo bo ntse jang mo legaeng la gago? A ke lefelo le mo go lone batho ba tlwaetseng go “phatloga ka bogale, [e bile go na le] dikgaogano,” kgotsa ke lefelo le le nang le “lorato, boipelo [le] kagiso”? (Bagal. 5:19-23) Fa e le gore gantsi ga go na kagiso mo legaeng la gago, a o leka ka natla go bona gore o ka dira diphetogo dife gore legae la gago e nne lefelo le le lapolosang le le sireletsegileng le bana ba gago ba ka itumelelang go nna mo go lone?

Tsela e nngwe ya go thusa bana ba gago go lebana le dikgwetlho ke go tsaya matsapa a go ba batlela batho ba ba ka ba kgothatsang ba ba ka tsalanang le bone. Ka sekai, a o ka laletsa bangwe ba bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng semoyeng ba phuthego ya lona gore ba tle go itlosa bodutu le lelapa la gago? Kgotsa a o ka rulaganya gore molebedi yo o etang kgotsa bangwe ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng ba tle go ja dijonyana kwa legaeng la gago? A o itse barongwa kgotsa bangwe ba ba direlang kwa Bethele ba bana ba gago ba ka tsalanang le bone, gongwe ka go ba kwalela, go ba romelela melaetsa ka khomputara kgotsa go ba founela ka dinako tse dingwe? Batho ba ba ntseng jalo ba ka thusa bana ba gago gore ba tlhamalatse ditsela tsa bone le go ipeela mekgele ya semoya. Akanya kafa moaposetoloi Paulo a neng a nna le tlhotlheletso e e molemo ka gone mo go Timotheo yo mmotlana. (2 Tim. 1:13; 3:10) Go tsalana thata ga ga Paulo le Timotheo go ne ga thusa Timotheo gore a tlhome mogopolo wa gagwe mo mekgeleng ya semoya.—1 Bakor. 4:17.

Akgola Bana ba Gago

Jehofa o a itumela fa a bona basha ba emela se se siameng le fa ba lebane le kgatelelo ya lefatshe la ga Satane. (Pes. 147:11; Dia. 27:11) Ga go pelaelo gore le wena o a itumela fa o bona basha ba rona ba tlhopha tsela e e siameng. (Dia. 10:1) Bolelela bana ba gago gore o ikutlwa jang ka bone, mme ka metlha o ba akgole ka lorato. Jehofa o tlhometse batsadi sekao se se molemo. Fa Jesu a ne a kolobediwa, Jehofa o ne a re: “O Morwaake, moratwa; ke go amogetse.” (Mar. 1:11) Ruri Jesu o tshwanetse a bo a ne a nonotshiwa ke mafoko ao a a kgothatsang a ga Rraagwe gore a lepalepane le dikgwetlho tse dintsi tse a neng a tloga a lebana le tsone! Ka tsela e e tshwanang, bolelela bana ba gago gore o a ba rata, mme o ba akgolele se ba se dirang.

Gone ke boammaaruri gore o ka se sireletse bana ba gago ka botlalo gore ba se ka ba lebana le kgatelelo, ba tshwenngwa le go kgobiwa. Le fa go ntse jalo, go na le dilo di le dintsi tse o ka di dirang go ba thusa. Ke dife? Ba thuse go nna le kamano le Jehofa. Dira gore lo nne le metlotlo e e molemo. Tlhomamisa gore Kobamelo ya Lelapa e ba solegela molemo le gore legae la lona e nna lefelo le le lapolosang le le sireletsegileng. Ruri go dira jalo go tla thusa bana ba gago go lepalepana le dikgwetlho tse dintsi tse ba lebanang le tsone.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]

 GO IKATISA GO KA THUSA

Tseno ke dingwe tsa dikai tsa maemo a basha ba rona ba lebanang le one. Ke eng o sa dirise mangwe a maemo ano go ikatisa ka nako ya Kobamelo ya lona ya Lelapa?

▸ Mokatisi wa metshameko o kopa morwadio gore a tsene mo setlhopheng sa sekolo sa metshameko.

▸ Morwao o newa sekerete fa a le mo tseleng a tswa kwa sekolong.

▸ Basimane bangwe ba tshosetsa morwao ka gore ba tla mo itaya fa ba ka mmona a rera gape.

▸ Fa morwadio a ntse a tsamaya ka ntlo le ntlo mo tirelong ya tshimo, o kopana le ngwana yo a tsenang sekolo le ene.

▸ Mo tlelaseng, morwadio o bodiwa gore ke eng a sa dumedise folaga.

▸ Mosimane mongwe o tlhola a kgoba morwao ka gonne e le Mosupi.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

A bana ba gago ba na le thulaganyo ya bone ya go bala Baebele?

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

A o laletsa Bakeresete ba ba godileng semoyeng ka nako ya fa lo itlosa bodutu?