Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela ya ga Jehofa ya go Busa e Tlotlomaditswe!

Tsela ya ga Jehofa ya go Busa e Tlotlomaditswe!

Tsela ya ga Jehofa ya go Busa e Tlotlomaditswe!

“Mogodimodimo ke Mmusi mo bogosing jwa batho.”—DAN. 4:17.

1, 2. Mangwe a mabaka a a dirileng gore puso ya batho e palelwe ke afe?

PUSO ya batho e paletswe! Ga go na pelaelo ka seo. Sengwe se segolo se se bakileng gore e palelwe jalo ke gore batho ga ba na botlhale jo bo ka ba thusang gore ba kgone go busa ka katlego. Go bonala sentle bogolo jang gompieno gore puso ya batho e paletswe ka gonne babusi ba le bantsi ba itshupile e le ‘baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, ba ba sa ikanyegeng, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, le ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso.’—2 Tim. 3:2-4.

2 Bogologolo batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba tlhanogela tsela ya Modimo ya go busa. Fa ba dira jalo, ba ka tswa ba ne ba akanya gore ba tlhopha kgololesego. Mme gone, tota ba ne ba ineela mo pusong ya ga Satane. Dikete di le thataro tsa dingwaga tsa go busa ga batho ka tsela e e sa tshwanelang—ba tlhotlhelediwa thata ke “mmusi wa lefatshe leno,” Satane—di dirile gore batho ba nne mo seemong se ba leng mo go sone gone jaanong, se se maswe go feta le fa e le leng pele. (Joh. 12:31) Fa buka ya The Oxford History of the Twentieth Century e akgela ka seemo sa batho gompieno ya re ga go thuse sepe “go batla lefatshe le le se nang mathata.” E tlhalosa jaana: “Ga se fela gore ga le yo, mme le go leka go le dira go felela ka masetlapelo, dipuso tse di gatelelang, le dintwa tse di matlhomahibidu.” Ruri buka eno e dumela ka tlhamalalo gore puso ya batho e paletswe!

3. Re ka reng ka tsela e Modimo a ka bong a busitse ka yone fa Adame le Efa ba ka bo ba sa leofa?

3 A bo go utlwisa botlhoko jang ne go bo batsadi ba rona ba ntlha ba sa amogela puso e le yosi e e ka atlegang—puso ya Modimo! Gone ke boammaaruri gore ga re itse gore tota Jehofa o ka bo a rulagantse jang tsela ya gagwe ya go busa lefatshe fa Adame le Efa ba ka bo ba ile ba tswelela ba ikanyega mo go ene. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore fa Modimo a ka bo a ile a busa mme batho botlhe ba amogela puso ya gagwe, puso eo e ne e tla busa ka lorato e bile e ne e ka se nne le tlhaolele. (Dit. 10:34; 1 Joh. 4:8) Ka ntlha ya botlhale jwa Modimo jo bo ka se lekanngweng le jwa motho ope, gape re ka tlhomamisega gore fa batho ba ka bo ba ile ba tswelela ba busiwa ke Jehofa, diphoso tsotlhe tse di dirilweng ke batho ba ba buelelang puso ya batho di ka bo di ile tsa tilwa. Puso ya Modimo e ka bo e ile ya kgona go ‘kgotsofatsa keletso ya setshedi sengwe le sengwe.’ (Pes. 145:16) Ka bokhutshwane, e ka bo e nnile puso e e se nang mathata. (Dute. 32:4) A bo go utlwisa botlhoko jang ne go bo batho ba ile ba se ka ba e amogela!

4. Satane o ile a letlelelwa go busa ka selekanyo se se kana kang?

4 Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gopola gore le fa Jehofa a ile a letla batho gore ba ipuse, le ka motlha ga a ise a ke a latlhe tshwanelo ya gagwe ya go busa dibopiwa tsa gagwe. Tota le kgosi e e maatla ya Babelona e ne ya tshwanelwa ke go lemoga gore se se salang ke gore “Mogodimodimo ke Mmusi mo bogosing jwa batho.” (Dan. 4:17) Kwa bofelong, Bogosi jwa Modimo bo tla dira gore thato ya gagwe e dirwe. (Math. 6:10) Ke boammaaruri gore Jehofa o letleletse Satane ka nakwana gore a nne “modimo wa tsamaiso eno ya dilo” gore a arabe dikgang tse di neng tsa tsosiwa ke moganetsi yoo ka tsela e e tlhatswang pelo. (2 Bakor. 4:4; 1 Joh. 5:19) Le fa go ntse jalo, Satane ga a ise a ke a kgone go dira se Jehofa a sa se letleng. (2 Ditir. 20:6; bapisa le Jobe 1:11, 12; 2:3-6.) Mme ga go bolo go nna go ntse go na le batho bangwe ba ba ileng ba tlhopha go ikobela Modimo, le fa ba tshela mo lefatsheng le le busiwang ke Mmaba yo mogolo wa Modimo.

Fa Modimo A ne A Busa Baiseraele

5. Baiseraele ba ne ba ikanela Modimo ba reng?

5 Go tloga ka motlha wa ga Abele go fitlha ka nako ya ditlhogo tsa lotso, batho ba ba ikanyegang ba le mmalwa ba ne ba obamela Jehofa e bile ba ikobela ditaelo tsa gagwe. (Baheb. 11:4-22) Mo motlheng wa ga Moshe, Jehofa o ne a dira kgolagano le bana ba ga Jakobe yo e neng e le tlhogo ya lotso, mme ba ne ba nna setšhaba sa Iseraele. Ka 1513 B.C.E., Baiseraele ba ne ba ikana gore bone le bana ba bone ba ne ba tla amogela Jehofa e le Mmusi, ba re: “Re iketleeleditse go dira sotlhe se Jehofa a se buileng.”—Ekes. 19:8.

6, 7. Go ne go ntse jang ka nako ya fa Modimo a ne a busa Baiseraele?

6 Jehofa o ne a na le boikaelelo fa a ne a tlhopha Baiseraele gore e nne batho ba gagwe. (Bala Duteronome 7:7, 8.) O ne a sa tlhophela Baiseraele fela gore a ba tlhokomele. Go ne go ama le leina la gagwe le bolaodi jwa gagwe, mme dilo tseno di ne di le botlhokwa le go feta. Baiseraele ba ne ba tla nna basupi ba gore Jehofa ke Modimo yo o esi wa boammaaruri. (Isa. 43:10; 44:6-8) Ka jalo, Jehofa o ne a raya setšhaba seo a re: “O setšhaba se se boitshepo mo go Jehofa Modimo wa gago, mme Jehofa o tlhophile wena gore o nne setšhaba sa gagwe, thuo e e kgethegileng, mo ditšhabeng tsotlhe tse di mo godimo ga lefatshe.”—Dute. 14:2.

7 Fa Modimo a ne a busa Baiseraele o ne a akanyetsa ntlha ya gore ba ne ba sa itekanela. Mme melao ya gagwe yone e ne e itekanetse e bile e bontsha dinonofo tsa Monei wa yone. Melao e Jehofa a neng a e neile Baiseraele a dirisa Moshe e ne e bontsha sentle gore Modimo o boitshepo, o rata tshiamiso, o iketleeleditse go itshwarela e bile o pelotelele. Moragonyana, mo motlheng wa ga Joshua le kokomana ya gagwe, setšhaba seo se ne sa ikobela melao ya ga Jehofa mme sa nna le kagiso le masego a semoya. (Josh. 24:21, 22, 31) Se se neng sa direga ka nako eo kwa Iseraele se ne sa bontsha gore tsela ya ga Jehofa ya go busa e a atlega.

Puso ya Batho E na Le Ditlamorago Tse di Botlhoko

8, 9. Baiseraele ba ne ba kopa eng se go neng go se botlhale go se kopa, mme go ne ga nna le diphelelo dife?

8 Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, gangwe le gape Baiseraele ba ne ba sa ikobele puso ya Modimo mme o ne a se ka a tlhola a ba sireletsa. Mme kgabagare Baiseraele ba ne ba dirisa moporofeti Samuele go batla kgosi ya motho e ba ka e bonang ka matlho. Jehofa o ne a bolelela Samuele gore a ba neye se ba se kopang. Mme gape Jehofa o ne a re: “Ga ba a gana wena, mme ba ganne nna gore ke se ka ka nna kgosi ya bone.” (1 Sam. 8:7) Le fa Jehofa a ile a letla Baiseraele gore ba nne le kgosi e ba e bonang, o ne a ba tlhagisa gore go busiwa ke motho go ne go tla nna le ditlamorago tse di botlhoko.—Bala 1 Samuele 8:9-18.

9 Dilo tse di neng tsa diragala di ne tsa bontsha gore tlhagiso ya ga Jehofa e ne e le boammaaruri. Go busiwa ke motho go ne ga tlisetsa Baiseraele mathata a a masisi, bogolo jang fa kgosi eo e ne e sa ikanyege. Fa re akanya ka sekai seo sa Baiseraele, ga go gakgamatse gore fa dingwaga di ntse di feta, puso ya batho ba ba sa itseng Jehofa ga e a ka ya nna le matswela a a molemo a a nnelang ruri. Ke boammaaruri gore boradipolotiki bangwe ba kopa masego a Modimo fa ba ntse ba leka go tlisa kagiso le polokesego, mme Modimo a ka segofatsa jang batho ba ba sa ikobeleng tsela ya gagwe ya go busa?—Pes. 2:10-12.

Setšhaba se Sesha se se Busiwang ke Modimo

10. Ke ka ntlha yang fa Baiseraele ba ile ba emisediwa ke batho ba bangwe go nna setšhaba sa Modimo se se tlhophilweng?

10 Setšhaba sa Iseraele se ile sa bontsha gore ga se batle go direla Jehofa ka boikanyegi. Kgabagare ba ne ba se ka ba amogela Mesia yo o tlhophilweng ke Modimo mme Jehofa o ne a ba latlha a bo a ikaelela go ba emisetsa ka setlhopha sa batho ba ba neng ba bopa setšhaba se sesha. Ka ntlha ya seo, ka ngwaga wa 33 C.E. go ne ga tlhomiwa phuthego ya Bokeresete ya baobamedi ba ga Jehofa ba ba tloditsweng. Tota phuthego eo e ne e le setšhaba se sesha se se neng se busiwa ke Jehofa. Paulo o ne a se bitsa “Iseraele wa Modimo.”—Bagal. 6:16.

11, 12. Ke dilo dife tse “Iseraele wa Modimo” le Baiseraele ba tshwanang ka tsone malebana le go etelela pele?

11 Go na le dilo tse setšhaba sa kwa tshimologong sa Baiseraele le “Iseraele wa Modimo” di tshwanang ka tsone le tse di farologanang ka tsone. Phuthego ya Bokeresete ga e tshwane le Baiseraele ba bogologolo ka gonne yone ga e busiwe ke motho e bile ga e tlhoke go ntshetsa baleofi ditlhabelo tsa diphologolo. Sengwe se setšhaba sa Iseraele se tshwanang ka sone le phuthego ya Bokeresete ke thulaganyo ya bagolwane. (Ekes. 19:3-8) Bagolwane bano ba Bakeresete ga ba rene mo letsomaneng. Go na le moo, ba disa phuthego mme ba etelela pele ka pelo yotlhe fa go dirwa ditiro tsa Bokeresete. Ba tshwara mongwe le mongwe mo phuthegong ka lorato, ba naya botlhe tlotlo le seriti.—2 Bakor. 1:24; 1 Pet. 5:2, 3.

12 Fa maloko a setlhopha sa “Iseraele wa Modimo” le balekane ba bone ba “dinku tse dingwe” ba tlhatlhanya ka ditirisano tsa Modimo le Baiseraele, ba simolola go anaanela Jehofa thata le tsela e a busang ka yone. (Joh. 10:16) Ka sekai, dilo tse di neng tsa diragala di bontsha gore batho ba ba neng ba busa Baiseraele ba ne ba tlhotlheletsa babusiwa ba bone thata, ba ba tlhotlheletsa go dira molemo kgotsa go dira bosula. Ntlha eo e bontsha ba ba eteletseng pele mo phuthegong ya Bokeresete gore le fa bone e se babusi jaaka dikgosi tseo tsa bogologolo, ba tshwanetse go nna ba tlhoma sekao sa go nna le tumelo.—Baheb. 13:7.

Kafa Jehofa a Busang ka Teng Gompieno

13. Ke eng sa botlhokwa se se neng sa diragala ka 1914?

13 Gompieno Bakeresete ba itsise lefatshe gore puso ya batho e tloga e fela. Ka 1914, Jehofa o ne a tlhoma Bogosi jwa gagwe kwa magodimong bo eteletswe pele ke Kgosi e a e tlhomileng, Jesu Keresete. Ka nako eo, o ne a naya Jesu taolo ya gore a tsamaye “a fenya a ba a [digele] phenyo ya gagwe.” (Tshen. 6:2) Kgosi e e neng e sa tswa go tlhomiwa e ne ya tewa ga twe: “Tsamaya o fenye mo gare ga baba ba gago.” (Pes. 110:2) Ka maswabi, ditšhaba di ntse di gana go ikobela puso ya ga Jehofa. Di ntse di tswelela pele di dira jaaka e kete “ga go na Jehofa.”—Pes. 14:1.

14, 15. (a) Bogosi jwa Modimo bo re busa jang gompieno, mme ka ntlha ya seo, re tshwanetse go ipotsa dipotso dife? (b) Go bonala jang le gompieno gore puso ya Modimo e molemo go di gaisa tsotlhe?

14 Go sa ntse go setse maloko a se kae a a tloditsweng a “Iseraele wa Modimo” mme jaaka e le bomorwarraagwe Jesu, ba ntse ba tsweletse e le “baemedi ba ba emetseng Keresete.” (2 Bakor. 5:20) Ba tlhomilwe go nna setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale gore ba tlhokomele batlodiwa le go ba tlamela ka dijo tsa semoya mmogo le boidiidi jo bo ntseng bo oketsega jwa Bakeresete ba jaanong ba akaretsang dimilione tsa batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. (Math. 24:45-47; Tshen. 7:9-15) Tsela e Jehofa a segofatsang thulaganyo eno ka yone e bonala mo tseleng e baobamedi ba boammaaruri ba atlegang semoyeng ka yone gompieno.

15 Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ipotsa gore: ‘A ke lemoga ka botlalo maikarabelo a ke tshwanetseng go a sikara mo phuthegong ya Bokeresete? A ke eme tsela ya ga Jehofa ya go busa nokeng ka tsela e e tshwanetseng? A ke motlotlo go nna mmusiwa wa Bogosi jwa ga Jehofa jo bo busang? A ke ititeile sehuba gore ke tswelele ke bolelela ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo go ya kafa nka kgonang ka teng?’ Rona jaaka setlhopha, re iketleeditse go ikobela kaelo e re e newang ke Setlhopha se se Laolang e bile re dirisana sentle le bagolwane ba ba tlhomilweng mo diphuthegong. Fa re dira jalo, re bontsha gore re amogela tsela ya Modimo ya go busa. (Bala Bahebera 13:17.) Go ikoba ka go rata go felela ka kutlwano ya lefatshe lotlhe e e sa tlwaelegang mo lefatsheng leno le le sa utlwaneng. Gape go dira gore go nne le kagiso le tshiamo e bile go tlisetsa Jehofa kgalalelo, mme seo se bontsha gore tsela ya gagwe ya go busa ke yone e e molemo go di gaisa tsotlhe.

Puso ya ga Jehofa e Tlotlomaditswe

16. Gompieno mongwe le mongwe o tshwanelwa ke go dira tshwetso efe?

16 Nako ya gore dikgang tse di tsositsweng kwa Edene di rarabololwe e ntse e atamela ka bofefo. Ka jalo, jaanong ke nako ya gore batho ba dire tshwetso. Mongwe le mongwe o tshwanetse go dira tshwetso ya gore a o tla amogela tsela ya ga Jehofa ya go busa kgotsa o tla tswelela pele a eme puso ya batho nokeng. Re na le tshiamelo ya go thusa batho ba ba bonolo gore ba dire tshwetso e e siameng. Go ise go ye kae, ka Haramagedona, tsela ya ga Jehofa ya go busa e tla emisetsa ruri dipuso tsa batho tse di tlhotlhelediwang ke Satane. (Dan. 2:44; Tshen. 16:16) Puso ya batho e tla fela, mme Bogosi jwa Modimo bo tla busa lefatshe lotlhe. Tsela ya ga Jehofa ya go busa e tla bo e tlotlomaditswe ka tsela e e feletseng.—Bala Tshenolo 21:3-5.

17. Ke dintlha dife tse di thusang batho ba ba bonolo go tlhopha puso e e siameng?

17 Batho ba gone jaanong ba iseng ba dire tshwetso e e tlhomameng ya go direla Jehofa ba tshwanetse go akanyetsa ka thapelo melemo e puso ya Modimo e tla e tlisetsang batho. Puso ya batho ga e a kgona go fedisa bothata jwa bokebekwa, go akaretsa le borukhutlhi. Puso ya Modimo e tla fedisa baikepi botlhe mo lefatsheng. (Pes. 37:1, 2, 9) Puso ya batho e bakile dintwa tse di sa kgaotseng mme puso ya Modimo e tla dira gore “dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.” (Pes. 46:9) E bile puso ya Modimo e tla dira gore batho ba boe ba agisane le diphologolo gape! (Isa. 11:6-9) Mo dipusong tsa batho, batho ba bantsi ba humanegile e bile ba bolawa ke tlala, mme puso ya Modimo e tla di fedisa. (Isa. 65:21) Tota le babusi ba ba nang le maitlhomo a a siameng ba paletswe ke go fedisa bolwetse le loso, mme mo pusong ya Modimo, batsofe le balwetse ba tla itumelela go boa ba nna le matlhagatlhaga a bosha gape. (Jobe 33:25; Isa. 35:5, 6) Ee ruri, lefatshe le tla fetoga paradaise e mo go yone le baswi tota ba tla tsosiwang.—Luke 23:43; Dit. 24:15.

18. Re ka bontsha jang gore re dumela gore tsela ya Modimo ya go busa e di gaisa tsotlhe?

18 Ee, puso ya Modimo e tla fedisa mathata otlhe a Satane a a bakileng fa a ne a tlhotlheletsa batsadi ba rona ba ntlha gore ba se ka ba ikobela Mmopi wa bone. Gape akanya ka seno, Satane o ntse a baka mathata ka dingwaga di ka nna 6 000 mme Modimo o tla dirisa Keresete go fedisa mathata ao otlhe ka dingwaga di le 1 000 fela! A bo seo e le bosupi jo bogolo jang ne jwa gore tsela ya Modimo ya go busa e gaisa tse dingwe tsotlhe! E re ka re le Basupi ba Modimo wa rona, re mo tsaya e le Mmusi wa rona. Ka jalo, a re bontsheng letsatsi le letsatsi, ka dinako tsotlhe, gore re baobamedi ba ga Jehofa, babusiwa ba Bogosi jwa gagwe, e bile re motlotlo go nna Basupi ba gagwe. Mme a re diriseng sebaka sengwe le sengwe se re se bonang go rerela ope fela yo o batlang go reetsa re mo itsise gore tsela ya ga Jehofa ya go busa e gaisa tse dingwe tsotlhe.

Re Ithutile Eng ka Puso ya Modimo fa re Bala . . . 

Duteronome 7:7, 8?

1 Samuele 8:9-18?

Bahebera 13:17?

Tshenolo 21:3-5?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Jehofa ga a ise a ke a latlhe tshwanelo ya gagwe ya go busa

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go ikobela ka go rata tsela ya ga Jehofa ya go busa go tlisa kutlwano mo lefatsheng lotlhe