Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tsaya Jehofa e le Rrago?

A o Tsaya Jehofa e le Rrago?

A o Tsaya Jehofa e le Rrago?

“MORENA, re rute kafa re ka rapelang ka gone.” Fa mongwe wa barutwa ba ga Jesu a ne a dira kopo eno, o ne a mo araba a re: “Le fa e le leng fela fa lo rapela, lo re, ‘Rara, a leina la gago le itshepisiwe.’” (Luke 11:1, 2) Jesu o ka bo a ile a bitsa Jehofa ka maina a a kgatlhang a a jaaka “Mothatayotlhe,” “Motlhatlheledi . . . yo Mogolo,” “Mmopi,” “Mogologolo wa Malatsi,” le “Kgosi ya bosakhutleng.” (Gen. 49:25; Isa. 30:20; 40:28; Dan. 7:9; 1 Tim. 1:17) Go na le moo, Jesu o ne a tlhopha go mmitsa “Rara.” Ka ntlha yang? Gongwe ka gonne o batla gore re atamalane le Motho yono yo o tlotlegang thata go gaisa botlhe mo lobopong fela jaaka ngwana yo o ikokobeditseng a atamalana le rraagwe yo o lorato.

Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe ba fitlhela go le thata go tsaya Jehofa e le Rraabone. Mokeresete mongwe yo o bidiwang Atsuko * a re: “Fa ke sena go kolobediwa go ne ga feta dingwaga tse dintsi ke sa kgone go atamalana le Jehofa le go mo rapela e le Rre.” Fa kgaitsadi yono a ntsha lebaka la go bo a ne a sa kgone go dira jalo, a re: “Ga ke gopole ntate a mpontsha lorato ka nako epe.”

Mo metlheng eno ya bofelo ya mathata, “lorato lwa tlholego” lo motho a lebeletseng go lo bontshiwa ke rraagwe lo tlhaela fela thata. (2 Tim. 3:1, 3) Ka jalo, go tlwaelegile gore motho a ikutlwe ka tsela e Atsuko a neng a ikutlwa ka yone. Le fa go ntse jalo, go a kgothatsa go itse gore re na le lebaka le le utlwalang la go leba Jehofa e le Rraarona yo o lorato.

Jehofa—Motlamedi yo o Lorato

E le gore re tseye Jehofa e le Rraarona, re tshwanetse go mo itse ka botlalo. Jesu o ne a re: “Ga go ope yo o itseng Morwa ka botlalo fa e se Rara, le gone ga go ope yo o itseng Rara ka botlalo fa e se Morwa le ope yo Morwa a ratang go mo mo senolela.” (Math. 11:27) Tsela e e di gaisang tsotlhe ya go itse gore Jehofa ke Rre yo o ntseng jang ke go akanya ka se Jesu a neng a se senola ka ga Modimo wa boammaaruri. Ka jalo, ke eng se Jesu a neng a se itsise batho ka Rara?

Jesu o ne a bolela jaana a dumela gore Jehofa ke ene a mo neileng botshelo: “Ke tshela ka ntlha ya ga Rara.” (Joh. 6:57) Le rona re fano ka ntlha ya ga Rara. (Pes. 36:9; Dit. 17:28) Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Jehofa go naya ba bangwe botshelo? A ga se lorato? Ruri le rona re tshwanetse go rata Rraarona yo o kwa legodimong ka ntlha ya mpho eno.

Tsela e kgolo go gaisa tsotlhe e Jehofa a neng a bontsha gore o rata batho ka yone ke ka go ntsha Jesu e le setlhabelo sa thekololo. Thekololo e dira gore batho ba ba nang le boleo ba kgone go nna le kamano e e gaufi le Jehofa ka Morwawe yo o rategang. (Bar. 5:12; 1 Joh. 4:9, 10) Mme ka gonne Rraarona yo o kwa legodimong o diragatsa dilo tse a di solofeditseng, re ka tlhomamisega gore botlhe ba ba mo ratang le ba ba mo ikobelang, kgabagare ba tla itumelela “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”—Bar. 8:21.

Gape Rraarona yo o kwa legodimong o re ‘tlhabisetsa letsatsi’ malatsi otlhe. (Math. 5:45) Re ka nna ra se ka ra tsaya go tlhokega gore re rapelele tlhabo ya letsatsi. Le fa go ntse jalo, re tlhoka marang a lone a a bothitho e bile re a a itumelela! Mo godimo ga moo, Rraarona ke Motlamedi yo o sa tshwaneng le ope, yo o itseng dilo tse re di tlhokang mo mmeleng le pele re mo kopa tsone. Ka gone, a ga re a tshwanela go ipha nako ya go lebelela kafa Rraarona yo o kwa legodimong a tlhokometseng dibopiwa tsa gagwe ka teng le go akanya ka gone ka kanaanelo?—Math. 6:8, 26.

Rraarona—‘Mosireletsi yo o Bonolo’

Boporofeti jwa ga Isaia bo ne jwa tlhomamisetsa batho ba Modimo ba bogologolo jaana: “Dithaba di tla suta le dithota di tla kgokgweetsega, mme botsala jwa me ga bo kitla bo tlosiwa mo go wena, le fa e le kgolagano ya me ya kagiso ga e kitla e kgokgweetsega, go bua Jehofa, mosireletsi wa gago yo o bonolo.” (Isa. 54:10, The Bible in Living English) Thapelo ya ga Jesu mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa gagwe a le mo lefatsheng e gatelela ntlha eno ka go bontsha gore eleruri Jehofa ke “mosireletsi yo o bonolo.” Jesu o ne a rapela jaana ka barutwa ba gagwe: “Ba mo lefatsheng mme nna ke tla kwa go wena. Rara yo o Boitshepo, ba tlhokomele ka ntlha ya leina la gago.” (Joh. 17:11, 14) Jehofa o ntse a tlhokometse balatedi ba ga Jesu le go ba sireletsa.

Tsela nngwe e Modimo a re sireletsang ka yone mo maanong a ga Satane gompieno ke ka go re naya dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng a dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45) Go ja dijo tseno tse di nonotshang go botlhokwa fa re batla go ‘apara diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong.’ Ka sekai, akanya ka “thebe e kgolo ya tumelo,” e re ka “kgonang go tima dibetsa tsotlhe tse di konopiwang tse di fisang tsa yo o boikepo ka yone.” (Baef. 6:11, 16) Tumelo ya rona e re sireletsa gore re se ka ra gobala semoyeng e bile e bontsha gore re ikaegile ka maatla a ga Rraarona a a sireletsang.

Gape re ka ithuta go le gontsi ka bonolo jwa ga Rraarona yo o kwa legodimong ka go sekaseka ka kelotlhoko kafa Morwa Modimo a neng a itshwara ka teng fa a ne a le mo lefatsheng. Ela tlhoko pego e e mo go Mareko 10:13-16. Mo pegong eo Jesu o nopotswe a raya barutwa ba gagwe a re: “Lesang bana ba babotlana ba tle kwa go nna.” Fa bana bao ba babotlana ba ntse ba tla fa go Jesu, o ne a ba tlamparela ka bonolo mme a ba segofatsa. A bo difatlhego tsa bone di tshwanetse tsa bo di ne tsa phatsima ka boitumelo jang ne! Mme e re ka Jesu a ne a re: “Yo o mponeng o bone le Rara,” re a itse gore Modimo wa boammaaruri o batla gore re tle kwa go ene.—Joh. 14:9.

Jehofa Modimo ke Motswedi o o sa felelweng wa lorato. Ke Motlamedi yo o sa tshwaneng le ope e bile ke Mosireletsi yo o ka se kang a bapisiwa le ope, yo o batlang gore re atamalane le ene. (Jak. 4:8) Ka jalo, kwantle ga pelaelo ga go na Rre yo o molemo go feta Jehofa!

Ruri re Solegelwa Molemo!

Re solegelwa molemo tota ke go ikanya Jehofa e le Rraarona yo o kwa legodimong yo o lorato le yo o bonolo. (Dia. 3:5, 6) Jesu o ne a solegelwa molemo ke go ikanya Rraagwe ka botlalo. Keresete o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ga ke esi mme Rara yo o nthomileng o na le nna.” (Joh. 8:16) Ka metlha Jesu o ne a tlhomamisegile gore Jehofa o tla mo ema nokeng. Ka sekai, fa a ne a kolobediwa, Rraagwe o ne a mo tlhomamisetsa ka lorato a re: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.” (Math. 3:15-17) Mme nakwana fela pele Jesu a swa, o ne a goa a re: “Rara, ke neela moya wa me mo diatleng tsa gago.” (Luke 23:46) Jesu o ne a sa ntse a ikanya Rraagwe thata fela jaaka pele.

Go ka nna fela jalo le ka rona. Fa Jehofa a le kafa letlhakoreng la rona, re tla bo re boifa eng? (Pes. 118:6) Atsuko, yo o umakilweng kwa tshimologong, o ne a tlwaetse go ikaega ka maatla a gagwe fa a lebane le mathata. Mme morago o ne a ithuta ka botshelo jwa ga Jesu le bodiredi jwa gagwe, a tlhomile mogopolo segolobogolo mo tseleng e a atamalaneng ka yone le Rraagwe yo o kwa legodimong. Matswela e ne ya nna afe? Atsuko a re: “Ke ne ka ithuta gore go kayang go nna le Rre le go ikaega ka ene.” O tswelela jaana: “Ke bone kagiso ya mmatota le boitumelo. Tota ga re tlhoke go tshwenyega ka sepe.”

Go tsaya Jehofa e le Rraarona go re solegela molemo ka tsela efe e nngwe? Ka tlholego fela bana ba rata batsadi ba bone e bile ba batla go ba itumedisa. Ka lorato, Morwa Modimo ‘ka metlha o ne a dira dilo tse di itumedisang Rraagwe.’ (Joh. 8:29) Ka tsela e e tshwanang, lorato lo re ratang Rraarona yo o kwa legodimong ka lone lo ka re tlhotlheletsa go dira ka botlhale le go ‘mmaka phatlalatsa.’—Math. 11:25; Joh. 5:19.

Rraarona ‘O Tshwere Seatla sa Rona sa Moja’

Gape Rraarona yo o kwa legodimong o re neile “mothusi”—moya wa gagwe o o boitshepo. Jesu o ne a re moya ono “o tla lo kaela go ya mo boammaaruring jotlhe.” (Joh. 14:15-17; 16:12, 13) Moya o o boitshepo wa Modimo o ka re thusa go tlhaloganya Rraarona botoka. O ka re thusa go pitikolola “dilo tse di nweleletseng kwa teng thata” e leng, dilo tse re neng re di dumela pele, dikgopolo tse di phoso kgotsa go leba dilo ka tsela e e sa siamang, ka go dira jalo re “tsenya kakanyo nngwe le nngwe mo botshwarong go e dira gore e utlwe Keresete.” (2 Bakor. 10:4, 5) Ka jalo, a re kopeng Jehofa gore a re neye “mothusi” yo o solofeditsweng, re tlhomamisegile gore “Rara yo o kwa legodimong [o] tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang.” (Luke 11:13) Gape go a tshwanela gore re rapele gore moya o o boitshepo o re thuse go atamalana thata le Jehofa.

Ngwana yo monnye o ikutlwa a sireletsegile e bile a sa boife sepe fa a tsamaya le rraagwe a mo tshwere ka seatla. Fa e le gore eleruri o tsaya Jehofa e le Rrago, o tla dumela mafoko ano a a gomotsang: “Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tshwere seatla sa gago sa moja, Nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.’” (Isa. 41:13) O ka nna le tshiamelo e e molemo ya go “tsamaya” le Modimo ka bosakhutleng. (Mik. 6:8) Tswelela o dira thato ya gagwe, mme o tla bona lorato le boitumelo o bo o ikutlwe o sireletsegile ka ntlha ya go tsaya Jehofa e le Rrago.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Leina le fetotswe.