Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Bua Lefoko La Modimo Ka Bopelokgale”

“Bua Lefoko La Modimo Ka Bopelokgale”

“Bua Lefoko La Modimo Ka Bopelokgale”

“Ba [ne ba] tladiwa moya o o boitshepo e bile ba bua lefoko la Modimo ka bopelokgale.”—DIT. 4:31.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leka go nna le matswela mo bodireding jwa rona?

JESU o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana malatsi a le mararo pele a swa: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” Pele Jesu a tlhatlogela kwa legodimong a sena go tsosiwa, o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba ‘dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, ba ba rute go boloka dilo tsotlhe tse a di ba laetseng.’ O ne a ba solofetsa gore o ne a tla nna le bone “malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.”—Math. 24:14; 26:1, 2; 28:19, 20.

2 Rona Basupi ba ga Jehofa, re dira ka natla mo tirong e e simologileng mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Ga go na tiro epe e nngwe e e botlhokwa jaaka tiro e e bolokang matshelo ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. Ka jalo go botlhokwa thata gore re nne le matswela mo bodireding jwa rona! Mo setlhogong seno, re tla bona gore go kaelwa ke moya o o boitshepo go re thusa jang gore re bue ka bopelokgale fa re le mo bodireding. Ditlhogo tse pedi tse di latelang di tla bontsha kafa moya wa ga Jehofa o ka re kaelang ka teng gore re rute ka botswerere le gore re rere ka metlha.

Re Tshwanetse go Nna Pelokgale

3. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna pelokgale gore re rere ka Bogosi?

3 Tiro e re e neilweng ke Modimo ya go rera ka Bogosi ke tshiamelo e kgolo thata. Le fa go ntse jalo, e a tle e nne thata. Batho ba bangwe ba amogela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ntle le go senya nako, mme ba bantsi ba tshwana le ba ba neng ba tshela mo metlheng ya ga Noa. Jesu o ne a re, ba ne “ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o bo o ba gogola botlhe.” (Math. 24:38, 39) Gape go na le ba ba re sotlang kgotsa ba ba re ganetsang. (2 Pet. 3:3) Re ka ganediwa ke batho ba e leng balaodi ba puso, ba re tsenang sekolo le bone, ba re berekang le bone, kgotsa le e leng ba malapa a rona. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go lwantsha makoa a rona, a a jaaka go nna ditlhong le go tshaba go ganediwa. Go na le dilo tse dintsi tse di ka re thatafaletsang go dirisa “kgololesego ya go bua” le go bua lefoko la Modimo ka “bopelokgale.” (Baef. 6:19, 20) Re tshwanetse go nna pelokgale gore re kgone go tswelela re bua lefoko la Modimo. Ke eng se se ka re thusang gore re nne pelokgale?

4. (a) Bopelokgale ke eng? (b) Moaposetoloi Paulo o ne a kgona jang go nna le bopelokgale jwa go bua le Bathesalonika?

4 Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “bopelokgale” le kaya “go bua ka kgololesego, go ntsha se se mo mafatlheng a gago o sa fitlhe sepe, go bua o sa potapote.” Lefoko leo le naya kgopolo ya go nna “sebete, go itshepa, . . . le go tlhoka poifo.” Bopelokgale ga bo kaye go phatloga fela kgotsa go tlhoka maitseo. (Bakol. 4:6) Le fa re le pelokgale, gape re batla go agisana le batho botlhe. (Bar. 12:18) Mo godimo ga moo, fa re ntse re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, re tshwanetse go ela tlhoko gore le fa re le pelokgale, re akanyetse maikutlo a ba bangwe gore re se ka ra kgopisa ope re sa ikaelela. Ee ruri, gore re nne pelokgale re tshwanetse go bontsha dinonofo tse re tshwanetseng go tsaya matsapa gore re nne le tsone. Ga re nne le bopelokgale jono ka borona fela kgotsa ka ntlha ya bokgoni jo re nang le jone. Fa moaposetoloi Paulo le batho ba a neng a tsamaya le bone ba sena ‘go tshwarwa ka go tlhoka maitseo kwa Filipi,’ ba ne ba kgona jang go ‘nna pelokgale’ gore ba bue le batho ba kwa Thesalonika? Paulo o ne a re: “Ka Modimo wa rona.” (Bala 1 Bathesalonika 2:2.) Jehofa Modimo a ka fedisa poifo e re nang le yone mme a re naya bopelokgale jo bo ntseng jalo.

5. Jehofa o ne a naya Petere, Johane le barutwa ba bangwe bopelokgale jang?

5 Fa moaposetoloi Petere le moaposetoloi Johane ba ne ba tshosediwa ke “babusi ba [batho] le banna ba bagolwane le bakwadi,” ba ne ba re: “Gore a go siame mo ponong ya Modimo go reetsa lona go na le go reetsa Modimo, ikatlholeleng. Mme rona, ga re ka ke ra tlogela go bua ka dilo tse re di boneng le tse re di utlwileng.” Mo boemong jwa go rapela Modimo gore a emise pogiso, bone le badumedi ka bone ba ne ba rapela jaana: “Jehofa, tlhokomela matshosetsi a bone, mme o dire gore batlhanka ba gago ba nne ba bue lefoko la gago ka bopelokgale jotlhe.” (Dit. 4:5, 19, 20, 29) Jehofa o ne a ba araba jang? (Bala Ditiro 4:31.) O ne a ba thusa ka moya wa gagwe gore ba nne pelokgale. Moya wa Modimo o ka re thusa fela jalo. Mme re ka dira jang gore re amogele moya wa Modimo le gore o re kaele mo bodireding jwa rona?

Kafa o ka Nnang Pelokgale ka Teng

6, 7. Tsela e e motlhofo thata ya go amogela moya o o boitshepo wa Modimo ke efe? Naya dikai.

6 Tsela e e motlhofo thata ya gore motho a nne le moya o o boitshepo wa Modimo ke gore a o kope. Jesu o ne a raya batho ba ba neng ba mo reeditse a re: “Fa lona, le mororo lo le boikepo, lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rara yo o kwa legodimong bogolo jang a tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!” (Luke 11:13) Ee ruri, re tshwanetse go rapelela moya o o boitshepo ka metlha. Fa re tshaba go dira dikarolo dingwe tsa bodiredi—go neela bosupi mo mmileng, go rera re se mo bodireding, kgotsa go rera mo mafelong a kgwebo—re ka rapela Jehofa gore a re fe moya wa gagwe mme re mo kope gore a re thuse go nna pelokgale.—1 Bathes. 5:17.

7 Mosadi mongwe wa Mokeresete e bong Rosa o ne a dira fela jalo. * Letsatsi lengwe fa Rosa a le kwa tirong, morutabana yo a berekang le ene o ne a bala pego ya kwa sekolong se sengwe e e buang ka tsela e bana ba tshwarwang makgwakgwa ka yone. Morutabana yono o ne a utlwisiwa botlhoko thata ke se a neng a se bala mo a neng a buela kwa godimo a re, “Ruri lefatshe le senyegile!” Rosa o ne a ka se tlogele tshono eno ya go rera e mo feta fela. O ne a dirang gore a nne le bopelokgale jwa go bua? Rosa a re: “Ke ne ka rapela Jehofa mme ka mo kopa gore a nthuse ka moya wa gagwe.” O ne a kgona go mo rerela a bo a rulaganya gore ba tsweletse motlotlo mo nakong e e tlang. Akanya le ka kgang ya mosetsana mongwe wa dingwaga tse tlhano yo o bidiwang Milane, yo o nnang kwa New York City. Milane a re: “Nako le nako pele ke ya sekolong, nna le Mama re rapela Jehofa.” Ba rapelela eng? Ba rapelela gore Milane a nne le bopelokgale jwa go ikemela mme a bue ka Modimo wa gagwe! Mmaagwe a re: “Seno se thusitse Milane gore a tlhalose se a se dumelang ka malatsi a botsalo le malatsi a boikhutso le gore a se ka a nna le seabe fa malatsi ano a ketekwa.” A dikai tseno ga di bontshe gore thapelo e thusa motho gore a nne pelokgale?

8. Re ka ithuta eng mo go moporofeti Jeremia malebana le go nna pelokgale?

8 Akanya gape le ka se se neng sa thusa moporofeti Jeremia gore a nne pelokgale. Fa Jehofa a ne a tlhoma Jeremia gore a nne moporofeti mo ditšhabeng, Jeremia o ne a re: “Bona, ga ke itse go bua, gonne ke mosimanyana fela.” (Jer. 1:4-6) Mme fa nako e ntse e ya, Jeremia o ne a rera ka metlha le ka tlhoafalo mo batho ba le bantsi ba neng ba mo tsaya e le motho yo o bolelang masetlapelo fela. (Jer. 38:4) O ne a bolela dikatlholo tsa ga Jehofa ka bopelokgale ka dingwaga di feta 65. O ne a itsege thata mo Iseraele ka go rera ga gagwe ka bopelokgale mo e leng gore dingwaga di ka nna 600 moragonyana fa Jesu a ne a bua ka bopelokgale, bangwe ba ne ba dumela gore e ne e le ene Jeremia a tsogile mo baswing. (Math. 16:13, 14) Moporofeti Jeremia, yo pele a neng a okaoka go bolela molaetsa, o ne a fenya go nna ditlhong jang? A re: “Mo pelong ya me [lefoko la Modimo le ne la] nna jaaka molelo o o tukang o tswaletswe mo marapong a me; ke ne ka lapa go o tshola.” (Jer. 20:9) Ee, lefoko la ga Jehofa le ne la nonotsha Jeremia mme la mo tlhotlheletsa go bua.

9. Lefoko la Modimo le ka re ama jang ka tsela e le neng la ama Jeremia ka yone?

9 Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bahebera, o ne a re: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e magalemabedi e bile le tlhaba gore le bo le kgaoganye moya le maikutlo, le malokololo le moko wa one, mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Baheb. 4:12) Molaetsa kgotsa lefoko la Modimo le ka re ama ka tsela e le neng la ama Jeremia ka yone. Gakologelwa gore le fa go dirisitswe batho go kwala Baebele, Baebele ga se buka e e nang le botlhale jwa batho, ka gonne e tlhotlheleditswe ke Modimo. Re bala jaana mo go 2 Petere 1:21: “Ga go ka nako epe boporofeti bo neng jwa tlisiwa ka thato ya motho, mme batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.” Fa re ipha nako ya go ithuta Baebele ka tlhoafalo re le rosi, ditlhaloganyo tsa rona di tlala ka molaetsa o o tlhotlheleditsweng ka moya o o boitshepo. (Bala 1 Bakorintha 2:10.) Molaetsa oo o ka nna “jaaka molelo o o tukang” mo teng ga rona, mo re tla palelwang ke go nna fela re sa o bolele.

10, 11. (a) Re tshwanetse go ithuta Baebele jang gore re bue ka bopelokgale? (b) Umaka ntlha le fa e ka nna nngwe fela e o ikaeletseng go e dirisa gore o tokafatse tsela e o ithutang ka yone o le esi.

10 E le gore thuto ya rona ya Baebele e re tlhotlheletse go tsaya kgato, re tshwanetse ra ithuta ka tsela e e leng gore molaetsa wa yone o tla fitlhelela dipelo tsa rona o bo o ame se tota re leng sone. Ka sekai, moporofeti Esekiele o ne a bontshiwa ponatshegelo e mo go yone a neng a laelwa gore a je momeno wa buka e e nang le molaetsa o o bogale o a neng a tshwanetse go o fetisetsa mo bathong ba ba sa o amogeleng. Esekiele o ne a tshwanetse go amogela molaetsa oo ka botlalo gore o nwelelele mo go ene. Go dira jalo go ne go tla dira gore go bolela molaetsa ono go nne monate—fela jaaka tswina ya dinotshe.—Bala Esekiele 2:8–3:4, 7-9.

11 Re mo seemong se se tshwanang le sa ga Esekiele. Gompieno batho ba le bantsi ga ba batle go utlwa se Baebele e se buang. Fa re batla go tswelela pele re bolela lefoko la Modimo, go botlhokwa gore re ithute Dikwalo ka tsela e e tla dirang gore re di tlhaloganye ka botlalo. Re tshwanetse go ithuta ka metlha—e seng ka sewelo. Re tshwanetse go nna le keletso e e tshwanang le ya mopesalema yo o neng a opela a re: “A mafoko a molomo wa me le go tlhatlhanya ga pelo ya me di nne monate fa pele ga gago, wena Jehofa Lefika la me le Mogolodi wa me.” (Pes. 19:14) A bo go le botlhokwa jang ne gore re iphe nako ya go tlhatlhanya ka se re se balang, gore dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele di nwelelele kwa teng mo dipelong tsa rona! Ruri re tshwanetse ra leka go tokafatsa tsela e re ithutang ka yone re le rosi. *

12. Dipokano tsa Bokeresete di re thusa jang gore re kaelwe ke moya o o boitshepo?

12 Se sengwe se se ka re thusang gore moya o o boitshepo wa ga Jehofa o re solegele molemo ke go ‘akanyetsana gore re tlhotlheletsane mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona.’ (Baheb. 10:24, 25) Go leka ka natla gore re nne gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete, go reetsa ka kelotlhoko le go dirisa se re se ithutang, ke ditsela tse di molemo tse moya o ka re kaelang ka tsone. E bile moya wa ga Jehofa o re kaela ka phuthego ya gagwe.—Bala Tshenolo 3:6.

Melemo ya go Nna Pelokgale

13. Re ka ithuta eng mo go se Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba kgona go se dira mo tirong ya go rera?

13 Moya o o boitshepo ke maatla a magolo go gaisa otlhe mo lobopong, mme o ka thusa batho go dira thato ya ga Jehofa. O ne wa tlhotlheletsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga gore ba kgone go dira tiro e kgolo ya go rera. Ba ne ba rera dikgang tse di molemo “mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.” (Bakol. 1:23) Fa re akanya gore bontsi jwa bone ba ne ba ‘sa rutega e bile e le batho fela,’ re kgona go bona gore ba ne ba tlhotlhelediwa ke maatla a magolo thata.—Dit. 4:13.

14. Ke eng se se ka re thusang go ‘tuka mo moyeng’?

14 Gape go tshela ka tsela e e letlang moya o o boitshepo gore o re kaele mo botshelong go ka re tlhotlheletsa go dira bodiredi jwa rona ka bopelokgale. Melemo e re e bonang fa re rapela ka metlha gore re newe moya o o boitshepo, fa re ithuta ka tlhoafalo re le rosi, fa re rapela le go tlhatlhanya ka se re se balang le fa re nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete e ka re thusa gore re ‘tuke mo moyeng.’ (Bar. 12:11) Baebele e bolela jaana ka “Mojuda mongwe yo o neng a bidiwa Apolose, motho wa kwa Alekesanderia, monna yo o setswerere mo puong, [yo o neng] a goroga kwa Efeso”: “Ka a ne a tuka mo moyeng, [o ne] a bua le go ruta sentle dilo tse di leng kaga Jesu.” (Dit. 18:24, 25) Fa re ‘tuka mo moyeng,’ re ka nna pelokgale go feta pele mo bodireding jwa rona jwa ntlo le ntlo le fa re rera re se mo bodireding.—Bar. 12:11.

15. Go bua ka bopelokgale go feta pele go re solegela molemo jang?

15 Go rera ka bopelokgale go feta pele go re solegela molemo. Tsela e re lebang dilo ka yone e a tokafala ka gonne re simolola go tlhaloganya sentle kafa tiro ya rona e leng botlhokwa e bile e leng mosola ka teng. Re nna matlhagatlhaga go feta pele ka gonne re ipela thata fa re atlega mo bodireding. Gape re nna le tlhoafalo e kgolwane ka gonne re tlhaloganya sentle kafa tiro ya rona ya go rera e potlakileng ka teng.

16. Re tshwanetse go dirang fa tlhoafalo ya rona mo bodireding e fokotsegile?

16 Go tweng fa tlhoafalo ya rona mo bodireding e fedile gotlhelele kgotsa e fokotsegile? Fa go ntse jalo re tshwanetse go itshekatsheka ka bopeloephepa. Paulo o ne a kwala jaana: “Nnang lo leke gore a lo mo tumelong, nnang lo ipontshe se lona ka bolona lo leng sone.” (2 Bakor. 13:5) Ipotse jaana: ‘A ke sa ntse ke tuka mo moyeng? A ke rapela Jehofa gore a nneye moya wa gagwe? A dithapelo tsa me di bontsha gore ke ikaegile ka ene gore ke dire thato ya gagwe? A fa ke rapela ke bua mafoko a a bontshang gore ke anaanela bodiredi jo re bo neilweng? Ke na le thulaganyo e e ntseng jang ya go ithuta ke le esi? Ke ipha nako e kana kang gore ke tlhatlhanye ka se ke se balang le se ke se utlwang? Ke nna le seabe go le kana kang mo dipokanong tsa phuthego?’ Go akanya ka dipotso tse di tshwanang le tseno go ka go thusa go lemoga makoa a gago le go tokafatsa fa o tlhaelang teng.

Letla Moya wa Modimo Gore o go Dire Pelokgale

17, 18. (a) Tiro ya go rera e dirwa ka selekanyo se se kana kang gompieno? (b) Re ka nna jang le “kgololesego e kgolo thata ya go bua” fa re ntse re bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo?

17 Fa Jesu a sena go tsosiwa o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o goroga mo go lona, mme lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema mmogo le mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Dit. 1:8) Tiro e e simologileng ka nako eo e dirwa ka selekanyo se segolo thata gompieno. Basupi ba ga Jehofa ba ka nna dimilione di le supa ba bolela molaetsa wa Bogosi mo dinageng di feta 230, ba dirisa diura di ka nna dibilione di le 1,5 mo bodireding ngwaga le ngwaga. A bo go itumedisa jang ne go nna le seabe ka tlhoafalo mo tirong eno e e ka se kang ya tlhola e dirwa gape!

18 Fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, le gompieno moya wa Modimo o kaela tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe. Fa re ikobela kaelo ya moya, re tla bontsha “kgololesego e kgolo thata ya go bua” mo bodireding jwa rona. (Dit. 28:31) Ka jalo, a re itetleng go kaelwa ke moya fa re ntse re bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Maina a fetotswe.

^ ser. 11 Fa o batla go solegelwa molemo thata ke go bala Baebele le go ithuta o le esi, bala buka ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, kgaolo ya setlhogo se se reng “Ineele go Bala” le ya se se reng “Go Ithuta go a Duela,” tsebe 21-32.

O Ithutile Eng?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna pelokgale fa re rera lefoko la Modimo?

• Ke eng se se neng sa thusa barutwa ba bogologolo go bua ka bopelokgale?

• Re ka dira jang gore re nne pelokgale?

• Go nna pelokgale go re solegela molemo jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang gore ba nne pelokgale?

[Ditshwantsho mo go tsebe 8]

Go rapela thapelo e khutshwane go ka go thusa go nna pelokgale mo bodireding