Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke maemo afe a mo go one go ka akanyediwang gore motho a kolobediwe gape?

Mo maemong mangwe, motho yo o kolobeditsweng a ka nna a batla go akanyetsa gore a o ne a tshwanelega ka nako ya fa ne a kolobediwa mme a bo a akanyetsa go kolobediwa gape. Ka sekai, ka nako ya fa motho a ne a kolobediwa, a ka tswa a ne a dira dilo dingwe ka sephiri kgotsa a na le mokgwa mongwe o a ka bong a o kgaoletswe fa a kabo a ne a setse a kolobeditswe. A o ne a ka ineela mo Modimong a le mo maemong ao? Motho yono o ne a ka tshwanelega go ineela mo go Jehofa fela fa a ne a tlogetse mekgwa e e sa tsamaisaneng le Dikwalo. Ka jalo, motho yo o kolobeditsweng go ntse go na le dikgoreletsi tseo tse di masisi a ka nna a bona go tlhokega gore a kolobediwe gape.

Go tweng ka motho yo o neng a sa dire boleo ka nako ya fa a ne a kolobediwa, mme ya re morago a dira phoso e e neng e tlhoka gore go tlhomiwe komiti ya boatlhodi? A re re ka nako eo o bolela gore fa a ne a kolobediwa o ne a sa tlhaloganye ka botlalo kgato e a neng a e tsaya le gore tota o ne a sa tshwanelege go kolobediwa. Fa bagolwane ba kopana le mongwe yo o dirileng phoso ga ba a tshwanela go bontsha go belaela kolobetso ya gagwe le go mmotsa gore a o akanya gore o ne a tshwanelega ka nako ya fa a ne a kolobediwa. Re se lebale gore motho yono o ne a utlwa puo e e theilweng mo Dikwalong e e tlhalosang bokao jwa kolobetso. O ne a araba ka “Ee” fa a bodiwa dipotso tse di malebana le boineelo le kolobetso. Go tswa foo o ne a apara diaparo tsa go tsena mo metsing a bo a kolobediwa. Ka jalo go a utlwala go dumela gore o ne a tlhaloganya sentle kafa kgato e a neng a e tsaya e leng masisi ka teng. Ka ntlha ya seo bagolwane ba mo tsaya e le motho yo o kolobeditsweng.

Fa motho yono a tsosa kgang ya gore o ne a sa tshwanelege go kolobediwa ba ka mo kgothaletsa go bala makasine wa Tora ya Tebelo wa March 1, 1960, tsebe 159 le 160, le wa February 15, 1964, tsebe 123 go ya go 126 [ka Seesemane], kwa kgang ya go kolobediwa gape e tlhalosiwang ka botlalo teng. Kgang ya gore a motho o tla kolobediwa gape ka ntlha ya maemo mangwe (jaaka gore fa a ne a kolobediwa o ne a se na kitso e e lekaneng ya Dikwalo) ke tshwetso e motho a tshwanetseng go e itirela.

Bakeresete ba tshwanetse go akanyetsa dilo dife fa go tliwa mo kgannyeng ya go kopanela mafelo a bonno?

Rotlhe re tlhoka go nna le legae. Le fa go ntse jalo, gompieno batho ba le bantsi ga ba na magae a e leng a bone. Maemo a itsholelo, a botsogo kgotsa a mangwe a ka nna a dira gore ba masika ba tshwanelwe ke go nna mmogo ba le mokawana. Mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, ba losika ba ka pitlagana mo phaposing e le nngwe e e sa kgaoganngwang.

Ga se maikarabelo a phuthego ya ga Jehofa go dira lenaane le letelele la melao e e tlhalosang gore batho ba ba mo phuthegong ya lefatshe lotlhe ba tshwanetse go nna mo mafelong a a ntseng jang a bonno. Bakeresete ba kgothalediwa go akanyetsa melaometheo ya Dikwalo go bona gore a dithulaganyo tsa bone tsa bonno di a amogelesega mo Modimong kgotsa nnyaa. Mengwe ya melaometheo eno ke efe?

Sengwe sa botlhokwa se se tshwanetseng go akanyediwa ke gore, Go nna le batho ba bangwe go tla re ama jang le gone go tla ama bomoya jwa rona jang? Batho bao ke batho ba mofuta mang? A ke baobamedi ba ga Jehofa? A ba tshela go ya ka melao ya Baebele? Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Lo se ka lwa tsiediwa. Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.”—1 Bakor. 15:33.

Dikwalo di tlhalosa gore Jehofa o kgala kgokafalo le boaka. (Baheb. 13:4) Ka jalo, tota Modimo a ka se amogele dithulaganyo dipe tsa marobalo tse di letlang batho ba bong jo bo sa tshwaneng ba ba sa nyalanang gore ba nne mmogo jaaka e kete ba nyalane. Mokeresete a ka se batle go nna mo lefelong le go letlelelwang boitsholo jo bo sa siamang mo go lone.

Mo godimo ga moo, Baebele e rotloetsa botlhe ba ba batlang go amogelwa ke Modimo gore ba ‘tshabe kgokafalo.’ (1 Bakor. 6:18) Ka jalo go ka nna molemo gore Bakeresete ba tile dithulaganyo dipe tsa bonno tse di ka felelang ka gore ba raelesege go dira boitsholo jo bo sa siamang. Ka sekai, akanya ka kgang ya fa Bakeresete ba le mmalwa ba robala botlhe mo legaeng le le lengwe. A thulaganyo e e ntseng jalo e ka baka maemo a a ka dirang gore ba raelesege? Go tweng fa batho ba babedi ba ba sa nyalanang ba iphitlhela ba le bosi ka gonne ba bangwe ba ba nnang foo ba sa ntse ba dule? Ka tsela e e tshwanang, fa batho bape ba ba sa nyalanang mme ba kgatlhegelana ba nna mmogo mo legaeng le le lengwe go ka nna ga direga gore ba wele mo boitsholong jo bo sa siamang. Go molemo gore maemo a a ntseng jaana a tilwe.

Gape go tla bo go sa tshwanela gore batho ba ba tlhalaneng ba tswelele ba nna mmogo mo ntlong e le nngwe. E re ka ba ne ba setse ba tlwaetse go kopana ka tlhakanelodikobo, ba ka raelesega motlhofo go dira boitsholo jo bo sa siamang.—Dia. 22:3.

Kgang ya bofelo e e tshwanetseng go akanyediwa mme le yone e le botlhokwa ke gore batho mo motseng ba leba jang tsela e o dirang dilo ka yone. Go tla bo go sa siama gore Mokeresete a nne le dithulaganyo tsa bonno tse ene a di tsayang di itshiametse fela mme gone di tsosa dipuo mo motseng. Le ka motlha ga re batle gore boitshwaro jwa rona bo tlise kgobo mo leineng la ga Jehofa. Paulo o ne a re: “Ithibeng mo go nneng ba ba kgopisang Bajuda mmogo le Bagerika le phuthego ya Modimo, fela jaaka ke itumedisa batho botlhe mo dilong tsotlhe, ke sa ipatlele molemo mme ke o batlela ba bantsi, gore ba bolokwe.”—1 Bakor. 10:32, 33.

Go bona mafelo a a siameng a bonno le go nna le dithulaganyo tse di siameng tsa marobalo e ka nna kgwetlho tota mo bathong ba ba batlang go tshela ka melao ya ga Jehofa ya tshiamo. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba tshwanetse go ‘nna ba tlhomamisa se se amogelesegang mo Moreneng.’ Ba tshwanetse go tlhomamisa gore ga go direge sepe sa boitsholo jo bo sa siamang mo magaeng a bone. (Baef. 5:5, 10) Seno se tlhoka gore Bakeresete ba rapelele go kaelwa ke Modimo mme ba dire sotlhe se ba ka se kgonang go sireletsana ka tsela ya mmatota le mo boitsholong ba bo ba sireletse le leina le le molemo la ga Jehofa.