Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Moya le Monyadiwa ba Nna ba re: ‘Tla!’”

“Moya le Monyadiwa ba Nna ba re: ‘Tla!’”

“Moya le Monyadiwa ba Nna ba re: ‘Tla!’”

“Moya le monyadiwa ba nna ba re: ‘Tla!‘ . . . Le fa e le mang yo o nyorilweng a a tle; le fa e le mang yo o eletsang, a a tseye metsi a botshelo mahala.”—TSHEN. 22:17.

1, 2. Re tshwanetse go tsaya dilo tse di direlwang Bogosi di le botlhokwa go le kana kang mo matshelong a rona, mme ka ntlha yang?

RE TSHWANETSE go tsaya dilo tse di direlwang Bogosi di le botlhokwa go le kana kang mo matshelong a rona? Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba ‘nne ba batle pele bogosi,’ a ba tlhomamisetsa gore fa ba dira jalo, Modimo o ne a tla ba naya se ba se tlhokang. (Math. 6:25-33) O ne a tshwantsha Bogosi jwa Modimo le perela ya tlhwatlhwa e e kwa godimo thata mo e leng gore fa mogwebi yo o tsamayang a ne a e bona, o ne a “rekisa dilo tsotlhe tse a neng a na le tsone kwantle ga go diega mme a e reka.” (Math. 13:45, 46) A ga re a tshwanela go tsaya tiro ya go rera ka Bogosi le ya go dira barutwa e le botlhokwa thata jalo?

2 Jaaka re bone mo ditlhogong tse pedi tse di fetileng, fa re bua ka bopelokgale e bile re dirisa Lefoko la Modimo ka botswerere mo bodireding, re bontsha gore re kaelwa ke moya wa Modimo. Gape moya oo o re thusa thata gore re nne le seabe ka metlha mo tirong ya go rera ka Bogosi. A re boneng gore o re thusa jang.

Go Lalediwa Batho Botlhe!

3. Batho botlhe ba lalediwa gore ba “tle” kwa metsing a mofuta ofe?

3 Moya o o boitshepo o ile wa dirisiwa go laletsa batho botlhe. (Bala Tshenolo 22:17.) Ba lalediwa gore ba “tle” go itimola lenyora ka mofuta o o kgethegileng thata wa metsi. Ga se metsi fela a a tlwaelegileng. Le fa metsi a mmatota a thusa thata gore go tswelele go na le botshelo mo lefatsheng, Jesu o ne a bua ka mofuta o sele wa metsi fa a ne a raya mosadi wa Mosamarea kwa sedibeng a re: “Le fa e le mang yo o nwang metsi a ke tla a mo nayang ga a kitla a nyorwa ka gope, mme metsi a ke tla a mo nayang a tla nna mo go ene motswedi wa metsi a a pomponyegang go naya botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 4:14) Metsi a a tlhomologileng a batho ba lalediwang gore ba a nwe a naya botshelo jo bo sa khutleng.

4. Ke eng se se neng sa dira gore metsi a botshelo a tlhokege, mme metsi ao a tshwantshetsa eng?

4 Metsi ao a botshelo a ne a simolola go tlhokega fa motho wa ntlha, Adame, a ne a kopanela le mosadi wa gagwe, Efa, mo go tsuologeleng Jehofa Modimo yo o neng a ba bopile. (Gen. 2:16, 17; 3:1-6) Banyalani bano ba ntlha ba ne ba lelekwa kwa tshingwaneng e e neng e le legae la bone “gore [Adame] a tle a se ka a ntsha seatla mme a tsaya leungo le mo setlhareng sa botshelo a ja mme a tshela ka bosakhutleng.” (Gen. 3:22) E re ka Adame e le rremogologolwane wa batho, o ne a tlisetsa batho botlhe loso. (Bar. 5:12) Metsi a botshelo a tshwantshetsa dithulaganyo tsotlhe tse Modimo a di dirileng go rekolola batho ba ba kutlo mo boleong le mo losong le go ba naya botshelo jo bo sa khutleng ba itekanetse mo Paradaiseng mo lefatsheng. Sengwe sa konokono se se thusitseng gore dithulaganyo tseno di nne teng ke setlhabelo sa ga Jesu Keresete sa thekololo.—Math. 20:28; Joh. 3:16; 1 Joh. 4:9, 10.

5. Taletso ya gore batho ba tle mme ba “tseye metsi a botshelo mahala” e tswa kwa go mang? Tlhalosa.

5 Ke mang yo o ntshang taletso ya gore batho ba tle mme ba “tseye metsi a botshelo mahala”? Fa go buiwa ka nako ya fa batho ba tla bo ba solegelwa molemo ka botlalo ke dithulaganyo tsotlhe tse di dirilweng tsa gore ba bone botshelo ka Jesu ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete, go tlhalosiwa gore dithulaganyo tseno ke “noka ya metsi a botshelo, e galalela jaaka legweka.” Noka eo e bonwa e “elela e tswa kwa setulong sa bogosi sa Modimo le sa Kwana.” (Tshen. 22:1) Ka jalo, Jehofa, Moneibotshelo, ke ene Motswedi wa metsi a a nayang botshelo. (Pes. 36:9) Ke Ene a dirang gore re bone metsi ao, a dirisa “Kwana,” Jesu Keresete. (Joh. 1:29) Noka eno ya tshwantshetso ke tsela e Jehofa a tlileng go dirolola ka yone masetlapelo otlhe a a wetseng batho ka ntlha ya go tlhoka kutlo ga ga Adame. Ee, taletso e e reng “tla,” e tswa kwa go Jehofa Modimo.

6. “Noka ya metsi a botshelo” e simolola go elela leng?

6 Le fa “noka ya metsi a botshelo” e tla elela ka botlalo ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete, e simolola go elela mo “letsatsing la Morena,” le le simogileng ka go tlhongwa ga ga “Kwana” mo setulong sa Bogosi kwa legodimong ka 1914. (Tshen. 1:10) Ka jalo, morago ga moo go ne ga dirwa dithulaganyo dingwe tse di neng di tla thusa batho go bona botshelo go akaretsa molaetsa o o tswang mo Lefokong la Modimo, Baebele, ka gonne molaetsa wa yone o tlhalosiwa e le “metsi.” (Baef. 5:26) Batho botlhe ba lalediwa go tsaya “metsi a botshelo” ka go utlwa le go amogela dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Mme ke mang yo tota a laletsang batho mo letsatsing la Morena?

“Monyadiwa” a re, “Tla!”

7. Mo “letsatsing la Morena,” ke bomang ba e neng ya nna bone ba ntlha go laletsa batho gore ba ‘tle’ mme ba laletsa bomang?

7 Maloko a setlhopha sa monyadiwa—Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya—ke bone ba ntlha go laletsa batho gore ba “tle.” Ba laletsa bomang? Fa monyadiwa a re “Tla!” ga a italetse. O laletsa batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng morago ga ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.’—Bala Tshenolo 16:14, 16.

8. Ke eng se se bontshang gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba ntse ba naya batho taletso e e tswang kwa go Jehofa fa e sa le go simolola ka 1918?

8 Balatedi ba ba tloditsweng ba ga Keresete ba ntse ba laletsa batho fa e sa le go simolola ka 1918. Mo ngwageng oo, puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng “Dimilione Tse di Tshelang Jaanong di ka Nna Tsa se ka Tsa Tlhola di Swa” e ne ya naya tsholofelo ya gore batho ba bantsi ba tla tshela mo paradaiseng mo lefatsheng morago ga ntwa ya Haramagedona. Puo e e neng ya bewa kwa kopanong ya Baithuti ba Baebele kwa Cedar Point, Ohio, U.S.A., ka 1922 e ne ya kgothaletsa bareetsi go ‘itsise Kgosi le bogosi jwa gagwe.’ Kgothatso eno e ne ya thusa masalela a setlhopha sa monyadiwa gore a kgone go laletsa batho ba bantsi. Ka 1929, mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 15 go ne go na le setlhogo se se reng “Taletso ya Bopelonomi,” mme temana ya setlhogo e ne e le Tshenolo 22:17. Mafoko mangwe mo setlhogong seo a ne a re: “Setlhopha se se ikanyegang sa masalela se kopanela le [Mogodimodimo] mo go ntsheng taletso ya bopelonomi mme sa re, ‘Tla.’ Molaetsa ono o tshwanetse go bolelelwa batho ba ba ratang tshiamo le go itse boammaaruri. O tshwanetse go bolelwa gone jaanong.” Setlhopha sa monyadiwa se ntse se laletsa batho jalo le gompieno.

“Le fa E le Mang yo o Utlwang A a Re: ‘Tla!’”

9, 10. Batho ba ba utlwang taletso ba laleditswe jang gore le bone ba re “Tla!”?

9 Go tweng ka ba ba utlwang taletso ya gore ba “tle”? Ba lalediwa gore le bone ba re, “Tla!” Ka sekai, makasine wa Tora ya Tebelo wa August 1, 1932, o ne wa bua jaana mo tsebe 232: “A batlodiwa ba kgothatse botlhe ba ba ka ratang, ba ba kgothaletse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi. Ga go tlhokege gore ba bo ba tloditswe ke Morena gore ba bolele molaetsa wa Morena. Basupi ba ga Jehofa jaanong ba itumedisiwa thata ke go itse gore ba letleletswe go isa metsi a botshelo kwa bathong ba go ka diregang gore ba falole Haramagedona ba bo ba newa botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.”

10 Makasine wa Tora ya Tebelo wa August 15, 1934 o ne wa bua jaana mo tsebe 249 fa o bontsha gore motho yo o utlwang le ene o tshwanetse go re, “Tla!”: “Ba setlhopha sa Jonadabe ba tshwanetse go tsamaya le ba setlhopha sa Jehu sa tshwantshetso, ke gore batlodiwa, mme ba bolele molaetsa wa bogosi, le fa bone e se basupi ba ba tloditsweng ba ga Jehofa.” Ka 1935, go ne ga tlhalosiwa sentle gore “boidiidi jo bogolo” jo bo umakiwang mo go Tshenolo 7:9-17 ke bomang. Seo se ne sa dira gore tiro ya go naya batho taletso e e tswang kwa Modimong e tsamaye ka lobelo lo logolo. Fa e sa le ka nako eo, palo e e ntseng e oketsega ya boidiidi jo bogolo jwa baobamedi ba boammaaruri—ba jaanong ba fetang dimilione di le supa—ba amogetse taletso eo. Fa ba sena go amogela molaetsa, ba ne ba ineela mo Modimong, ba kolobediwa mo metsing mme ba kopanela le setlhopha sa monyadiwa go laletsa ba bangwe go ‘tla go nwa metsi a botshelo mahala.’

“Moya” wa re, “Tla!”

11. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., moya o o boitshepo o ne o thusa jang mo tirong ya go rera?

11 Fa Jesu a ne a rera kwa sinagogeng kwa Nasaretha, o ne a bula momeno wa ga moporofeti Isaia mme a bala jaana: “Moya wa ga Jehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go bolelela bahumanegi dikgang tse di molemo, o ne a nthomela go rerela batshwarwa kgololo le difofu go kgona go bona gape, go tsamaisa ba ba gateletsweng thata ba golotswe, go rera ngwaga o o amogelesegang wa ga Jehofa.” Go tswa foo Jesu o ne a itebisa mafoko ao, mme a re: “Gompieno lokwalo lono lo lo sa tswang go lo utlwa lo diragaditswe.” (Luke 4:17-21) Pele ga Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o goroga mo go lona, mme lo tla nna basupi ba me . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Dit. 1:8) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moya o o boitshepo o ne o thusa thata mo tirong ya go rera.

12. Moya wa Modimo o thusa jang mo tirong ya go laletsa batho mo motlheng wa rona?

12 Moya o o boitshepo wa Modimo o thusa jang mo tirong ya go laletsa batho mo motlheng wa rona? Moya o o boitshepo o tswa kwa go Jehofa. O dirisa moya oo go bula dipelo le megopolo ya ba setlhopha sa monyadiwa gore ba tlhaloganye Lefoko la gagwe, Baebele. Moya oo o ba tlhotlheletsa go naya batho ba go ka diregang gore ba nne le tsholofelo ya go tshelela ruri mo Paradaiseng mo lefatsheng taletso eo le go ba tlhalosetsa dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele. Go tweng ka ba ba amogelang taletso eo, ba bo nna barutwa ba ga Jesu Keresete, mme le bone ba bo ba laletsa ba bangwe? Le bone ba thusiwa ke moya oo. Ka gonne ba kolobeditswe ‘mo leineng la moya o o boitshepo,’ ba dirisana le moya oo e bile ba ikaega ka one gore o ba thuse. (Math. 28:19) Gape akanya ka molaetsa o o rerwang ke batlodiwa le boidiidi jo bogolo jo bo ntseng bo oketsega. O tswa mo Baebeleng—buka e bakwadi ba yone ba neng ba tlhotlhelediwa ka tlhamalalo ke moya wa Modimo. Ka jalo, moya o o boitshepo ke one o dirisiwang go ntsha taletso eno. Tota, re kaelwa ke moya oo. Seo se tshwanetse sa ama jang nako e re e dirisang mo tirong ya go laletsa batho?

Ba “Nna ba re: ‘Tla!’”

13. Mafoko a a reng “moya le monyadiwa ba nna ba re: ‘Tla!’” a kaya eng?

13 “Moya le monyadiwa” ga ba re “Tla!” gangwe fela. Lediri la puo ya ntlhantlha le le dirisitsweng fano le kaya go nnela go dira sengwe. Thanolo ya Lefatshe le Lesha e bontsha seno fa e re: “Moya le monyadiwa ba nna ba re: ‘Tla!’” Seno se bontsha gore taletso e e tswang kwa Modimong e tshwanetse go newa batho ka metlha. Go tweng ka ba ba utlwang taletso eno ba bo ba e amogela? Le bone ba re, “Tla!” Go tlhalosiwa gore boidiidi jo bogolo jwa baobamedi ba boammaaruri bo ‘dira tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo mo tempeleng ya ga Jehofa.’ (Tshen. 7:9, 15) Ke ‘tirelo ya motshegare le bosigo’ ka tsela efe? (Bala Luke 2:36, 37; Ditiro 20:31; 2 Bathesalonika 3:8.) Sekao sa moporofeti yo o tsofetseng wa mosadi e bong Ana le sa ga moaposetoloi Paulo di bontsha gore ‘tirelo ya motshegare le bosigo’ e kaya go nna gone ka metlha mo bodireding le go dira ka tlhoafalo mo go jone.

14, 15. Daniele o ne a bontsha jang gore go obamela Modimo ka metlha go botlhokwa?

14 Moporofeti Daniele le ene o ne a bontsha gore go obamela Modimo ka metlha go botlhokwa. (Bala Daniele 6:4-10, 16.) Ga a ka a fetola thulaganyo ya gagwe ya go dira dilo tsa semoya—mokgwa wa gagwe wa go rapela Modimo “gararo mo letsatsing, . . . fela jaaka a ne a ntse a dira jalo ka metlha pele ga seno.” Ga a ka a fetola thulaganyo eo ya gagwe le fa e le ka kgwedi e le nngwe, le fa seo se ne se raya gore o tlile go latlhelwa mo mongobong wa ditau. Se a neng a se dira se ne sa bontsha batho ba ba neng ba lebile gore ga go na sepe se se botlhokwa mo go ene go feta go obamela Jehofa ka metlha!—Math. 5:16.

15 Fa Daniele a sena go robala bosigo bo le bongwe mo mongobong wa ditau, kgosi e ne ya ya kwa go ene mme ya goa ya re: “Daniele, wena motlhanka wa Modimo yo o tshelang, a Modimo wa gago yo o mo direlang ka tlhomamo o kgonne go go golola mo ditaung?” Ka yone nako eo Daniele o ne a araba a re: “Wena kgosi, tswelela o tshela le eleng ka bosakhutleng. Modimo wa me o ne a romela moengele wa gagwe mme a tswala molomo wa ditau, mme ga di a ntshenya, e re ka ke fitlhetswe ke se na molato fa pele ga gagwe; le fa pele ga gago, wena kgosi, ga ke a dira tiro epe e e utlwisang botlhoko.” Jehofa o ne a segofatsa Daniele ka ntlha ya go mo direla “ka tlhomamo.”—Dan. 6:19-22.

16. Sekao sa ga Daniele se tshwanetse go re tlhotlheletsa go ipotsa dipotso dife ka seabe se re nnang le sone mo bodireding?

16 Daniele o ne a ka mpa a swa go na le gore a se ka a obamela Modimo ka metlha. Rona re dira jang mo ntlheng eno? Re ithontsha dilo dife kana re iketleeditse go ithontsha dilo dife gore re kgone go bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ka metlha? Tota ga re a tshwanela go fetwa ke kgwedi re sa bua le ba bangwe ka Jehofa! Fa go kgonega, re tshwanetse go leka go nna le seabe mo bodireding beke le beke. Le fa re le bokoa mo mmeleng mme re ka kgona go rera metsotso e le 15 fela ka kgwedi, re tshwanetse go bega tiro e re e dirileng. Ka ntlha yang? Ka gonne re batla go nna re re, “Tla!” mmogo le moya le monyadiwa. Ee, re batla go dira sotlhe se re ka se kgonang go nna baboledi ba Bogosi ba ba rerang ka metlha.

17. Re tshwanetse go naya batho taletso e e tswang kwa go Jehofa le ka dinako dife tse dingwe?

17 Re tshwanetse go leka go naya batho taletso e e tswang kwa go Jehofa nako le nako fa re bulegelwa ke sebaka, e seng fela ka dinako tse re leng mo bodireding jwa tshimo ka tsone. Ke tshiamelo e kgolo go laletsa batho ba ba nyorilweng gore ba ‘tle mme ba tseye metsi a botshelo mahala’ le ka dinako tse dingwe fa re se mo bodireding, jaaka fa re le kwa mabenkeleng, re le mo mesepeleng, re le mo malatsing a boikhutso, re le kwa tirong, kana re ya sekolong! Le fa balaodi ba ka thibela tiro ya go rera, re tswelela re rera ka botlhale—gongwe ka go se etele magae otlhe ka go latelana mo lefelong le le lengwe kana ka go oketsa nako e re e dirisang go rera le fa re se mo bodireding.

Nna o re, “Tla!”

18, 19. O ka bontsha jang gore o anaanela tshiamelo ya go nna modirimmogo le Modimo?

18 Go setse go fetile dingwaga di le masome a le robongwe jaanong moya le monyadiwa ba ntse ba raya mongwe le mongwe yo o nyoretsweng metsi a botshelo ba re, “Tla!” A o utlwile taletso ya bone e e itumedisang? Fa o e utlwile, o kgothalediwa gore le wena o laletse ba bangwe.

19 Ga re itse gore taletso ya ga Jehofa e e lorato e tla tswelela e newa batho ka lobaka lo lo kae, mme fa le rona re raya ba bangwe re re, “Tla!” re nna badirimmogo le Modimo. (1 Bakor. 3:6, 9) Eno ke tshiamelo e e seng kana ka sepe! E kete re ka bontsha gore re anaanela tshiamelo eo mme ‘ka metlha re isetseng Modimo setlhabelo sa pako’ ka go rera ka metlha. (Baheb. 13:15) A rona ba re nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng re nne re re, “Tla!” mmogo le setlhopha sa monyadiwa. E bile e kete batho ba bangwe ba bantsi ba ka ‘tsaya metsi a botshelo mahala’!

O Ithutile Eng?

• Ke bomang ba ba lalediwang gore ba “tle”?

• Ke eng fa go ka twe taletso ya gore batho ba “tle” e tswa kwa go Jehofa?

• Moya o o boitshepo o thusa jang mo tirong ya go laletsa batho gore ba “tle”?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leka go nna le seabe ka metlha mo bodireding?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 16]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Nna o re, “Tla!”

1914

Baboledi ba le 5 100

1918

Batho ba bantsi ba tlile go tshela mo lefatsheng la Paradaise

1922

“Itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le bogosi jwa gagwe”

1929

Setlhopha sa masalela a a ikanyegang, sa re, “Tla!”

1932

Taletso ya go re “Tla!” ga e newe batlodiwa fela

1934

Setlhopha sa Jonadabe se lalediwa go rera

1935

Go tlhalosiwa gore ba “boidiidi jo bogolo” ke bomang

2009

Baboledi ba le 7 313 173