Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O a Amogelwa mo Tseleng e e Molemolemo ya Botshelo!

O a Amogelwa mo Tseleng e e Molemolemo ya Botshelo!

O a Amogelwa mo Tseleng e e Molemolemo ya Botshelo!

“Fa re tshela le fa re swa, re ba ga Jehofa.”—BAR. 14:8.

1. Jesu o ne a ruta eng ka tsela e e molemolemo ya botshelo?

JEHOFA o batla gore re tshele ka tsela e e molemolemo. Batho ba ka tshela ka ditsela tse di farologaneng, mme go na le tsela e le nngwe fela fela ya botshelo e e molemolemo. Tsela eo ke ya go tshela go dumalana le Lefoko la Modimo le go ithuta mo go Morwawe, Jesu Keresete. Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go obamela Modimo ka moya le ka boammaaruri, e bile o ne a ba laela go dira barutwa. (Math. 28:19, 20; Joh. 4:24) Re itumedisa Jehofa e bile o a re segofatsa fa re tshela go dumalana le ditaelo tsa ga Jesu.

2. Batho ba bantsi ba ne ba arabela jang fa ba utlwa molaetsa wa Bogosi mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme go nna wa “Tsela” go ne go kaya eng?

2 Fa batho ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng” ba nna badumedi ba bo ba kolobediwa, re na le mabaka a a utlwalang a go ba raya re re, “Re a lo amogela mo tseleng e e molemolemo ya botshelo!” (Dit. 13:48) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga mo Motlheng wa Rona, batho ba le diketekete ba ba tswang mo ditšhabeng tse di farologaneng ba ne ba amogela boammaaruri mme ba naya bosupi phatlalatsa jwa gore ba ineetse mo Modimong ka go kolobediwa. (Dit. 2:41) Barutwa bao ba bogologolo e ne e le ba “Tsela.” (Dit. 9:2; 19:23) Leina leo le ne le tshwanela ka gore batho ba ba neng ba nna balatedi ba ga Keresete ba ne ba tshela ka tsela e e bontshang gore ba dumela mo go Jesu Keresete e bile ba etsa sekao sa gagwe.—1 Pet. 2:21.

3. Ke ka ntlha yang fa batho ba ga Jehofa ba kolobediwa, mme go kolobeditswe ba le kae mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng?

3 Tiro ya go dira barutwa e akofile mo metlheng eno ya bofelo mme jaanong e dirwa mo dinageng di feta 230. Mo dingwageng di feta lesome tse di fetileng, batho ba feta 2 700 000 ba ne ba dira tshwetso ya go direla Jehofa mme ba bontsha boineelo jwa bone mo go ene ka go kolobediwa. Eo ke palogare ya batho ba feta 5 000 beke le beke! Motho o dira tshwetso ya go kolobediwa ka gonne a rata Modimo, a na le kitso ya Dikwalo e bile a dumela se di se rutang. Go kolobediwa ke tiragalo ya botlhokwa mo botshelong jwa rona, ka gonne ke nako e motho a simololang ka yone go nna le kamano e e gaufi le Jehofa. Gape go bontsha gore re dumela gore o tla re thusa go mo direla ka boikanyego, fela jaaka a ile a thusa batlhanka ba gagwe ba bogologolo go tsamaya mo tseleng ya gagwe.—Isa. 30:21.

Ke Eng fa o Tshwanetse go Kolobediwa?

4, 5. Umaka mangwe a masego le melemo ya go kolobediwa.

4 Gongwe o setse o na le kitso ka Modimo, o dirile diphetogo mo botshelong jwa gago, mme jaanong o mmoledi yo o sa kolobediwang. O akgolelwa kgatelopele e o e dirileng. A mme o ineetse mo Modimong ka thapelo, mme o batla go kolobediwa? Ka gonne o ithutile Baebele, jaanong o tshwanetse wa bo o itse gore botshelo jwa gago bo tshwanetse go remelela mo go bakeng Jehofa, e seng go iitumedisa kana go kgobokanya dithoto. (Bala Pesalema 148:11-13; Luke 12:15) Ka jalo, mangwe a masego le melemo ya go kolobediwa ke efe?

5 O tla tshela botshelo jo bo nang le bokao tota ka gonne o le Mokeresete yo o ineetseng. O tla itumela ka gonne o dira thato ya Modimo. (Bar. 12:1, 2) Moya wa ga Jehofa o o boitshepo o tla go thusa gore o nne le dinonofo tse di molemo tse di jaaka kagiso le tumelo. (Bagal. 5:22, 23) Modimo o tla araba dithapelo tsa gago mme o tla go thusa go tshela ka tsela e e tsamaisanang le Lefoko la gagwe. O tla itumelela bodiredi jwa gago, mme go tshela ka tsela e Modimo a e amogelang go tla dira gore tsholofelo ya gago ya go tshelela ruri e nne ya mmatota mo go wena. Gape, go ineela le go kolobediwa go tla bontsha gore ruri o batla go nna Mosupi wa ga Jehofa.—Isa. 43:10-12.

6. Kolobetso ya rona e bontsha eng?

6 Fa re ineela mo Modimong re bo re kolobediwa, re itsise phatlalatsa gore re batho ba ga Jehofa. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “E bile tota, ga go na ope wa rona, yo o itshelelang fela, e bile ga go na ope yo o itshwelang fela; gonne fa re tshela, re tshelela Jehofa, mme fa re swa, re swela Jehofa. Jalo fa re tshela le fa re swa, re ba ga Jehofa.” (Bar. 14:7, 8) Modimo o re neile seriti ka go re naya kgololesego ya go itirela ditshwetso. Fa re dira tshwetso e e tlhomameng ya go tshela ka tsela eno ka gonne re rata Modimo, re ipedisa pelo ya gagwe. (Dia. 27:11) Kolobetso ya rona e tshwantshetsa gore re ineetse mo Modimong e bile e bontsha phatlalatsa gore Jehofa ke Mmusi wa rona. E bontsha gore re mo letlhakoreng la gagwe mo kgannyeng ya bolaodi jwa lobopo lotlhe. (Dit. 5:29, 32) Mme Jehofa le ene o mo letlhakoreng la rona. (Bala Pesalema 118:6.) Gape kolobetso e re bulela tsela ya go bona masego a mangwe a mantsi a semoya gone jaanong le mo isagweng.

Re Segofaditswe ka Bakaulengwe ba ba Lorato

7-9. (a) Jesu o ne a tlhomamisetsa batho ba ba tlogetseng dilo tsotlhe mme ba mo sala morago gore ba tla bona eng? (b) Tsholofetso ya ga Jesu e e mo go Mareko 10:29, 30 e diragadiwa jang?

7 Moaposetoloi Petere o ne a raya Jesu a re: “Bona! Re tlogetse dilo tsotlhe ra go sala morago; tota re tla bona eng?” (Math. 19:27) Petere o ne a batla go itse gore ene le barutwa ba bangwe ba ga Jesu ba ne ba tla bona eng mo isagweng. Ba ne ba itimile dilo tse dintsi gore ba kgone go dira tiro ya go rera ka Bogosi ka botlalo. (Math. 4:18-22) Jesu o ne a ba tlhomamisetsa gore ba tla bona eng?

8 Go ya ka pego ya ga Mareko e e tsamaisanang le eo, Jesu o ne a bontsha gore barutwa ba gagwe ba ne ba tla nna bangwe ba bakaulengwe ba semoya. O ne a re: “Ga go ope yo o tlogetseng ntlo kgotsa bomorwarraagwe kgotsa bomorwadiarraagwe kgotsa mmaagwe kgotsa rraagwe kgotsa bana kgotsa masimo ka ntlha ya me le ka ntlha ya dikgang tse di molemo yo o se kitlang a bona go menagane ga lekgolo jaanong mo lobakeng lono lwa nako, matlo le bomorwarraagwe le bomorwadiarraagwe le bommaagwe le bana le masimo, di na le dipogiso, mme mo tsamaisong e e tlang ya dilo, botshelo jo bo sa khutleng.” (Mar. 10:29, 30) Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba jaaka Lidia, Akhwila, Perisila le Gaio, e ne e le bangwe ba ba neng ba butse “matlo” mme ba nna “bomorwarraagwe le bomorwadiarraagwe le bommaagwe” badumedi ka bone, jaaka Jesu a ne a solofeditse.—Dit. 16:14, 15; 18:2-4; 3 Joh. 1, 5-8.

9 Se Jesu a se buileng se diragala ka selekanyo se segolo gompieno. “Masimo” a balatedi ba gagwe ba a tlogelang ke tsela ya bone ya go itshedisa, e ba bantsi ba bone go akaretsa barongwa, maloko a lelapa la Bethele, batlhanka ba boditšhabatšhaba, le ba bangwe ba e tlogelang ka go rata gore ba kgone go tsweledisa pele dilo tse di direlwang Bogosi mo dinageng tse di farologaneng. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba tlogetse magae a bone gore ba kgone go tshela botshelo jo bo sa raraanang, mme re itumelela go utlwa maitemogelo a bone a a bontshang kafa Jehofa a ba tlhokomelang ka teng le kafa tirelo e ba e mo direlang e ba itumedisang ka teng. (Dit. 20:35) Gape, batlhanka botlhe ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa ba ka itumelela masego a go ‘batla pele bogosi le tshiamo ya Modimo’ e le karolo ya bakaulengwe ba Bakeresete mo lefatsheng lotlhe.—Math. 6:33.

Go Sireletsega mo “Lefelong la Sephiri”

10, 11. ‘Lefelo la sephiri la Mogodimodimo’ ke eng, mme re ka tsena jang mo go lone?

10 Boineelo le kolobetso di tlisa masego a mangwe a magolo—tshiamelo ya go nna mo “lefelong la sephiri la Mogodimodimo.” (Bala Pesalema 91:1.) Leno ke lefelo la tshwantshetso la tshireletsego le la polokesego, ke go sireletsega ka tsela ya semoya. Ke ‘lefelo la sephiri’ ka gonne batho ba ba sa lebeng dilo ka tsela ya Modimo le ba ba sa mo ikanyeng ga ba le itse. Fa re tshela go dumalana le boineelo jwa rona e bile re ikanya Jehofa ka botlalo, go tshwana le fa re mo raya re re: “O botshabelo jwa me le kago ya me e e thata, Modimo wa me, yo ke tla mo ikanyang.” (Pes. 91:2) Jehofa Modimo o nna lefelo la rona la bonno le le sireletsegileng. (Pes. 91:9) Ga go na lefelo lepe le le gaisang leo!

11 Gape go tsena mo “lefelong la sephiri” la ga Jehofa go kaya gore re neilwe tshiamelo ya go nna le kamano e e gaufi le ene. Re simolola go tsena mo lefelong leo ka go ineela le go kolobediwa. Morago ga foo re nonotsha kamano ya rona le Modimo ka go atamalana le ene ka go ithuta Baebele, ka go rapela go tswa pelong le ka go mo ikobela ka botlalo. (Jak. 4:8) Ga go na ope yo o kileng a atamalana le Jehofa go feta Jesu, yo tsela e a neng a ikanya Mmopi ka yone e iseng e tsamaye e reketle. (Joh. 8:29) Ka jalo, a le ka motlha re se ka ra belaela gore Jehofa ga a batle kana a ka se kgone go re thusa go diragatsa maikano a re a dirileng fa re ineela. (Mor. 5:4) Dithulaganyo tsa semoya tse Modimo a di diretseng batho ba gagwe ke bosupi jo bogolo jwa gore ruri o a re rata e bile o batla gore re kgone go mo direla.

Go Tseela Paradaise ya Rona ya Semoya Kwa Godimo

12, 13. (a) Paradaise ya semoya ke eng? (b) Re ka kgona jang go thusa ba basha mo phuthegong?

12 Gape boineelo le kolobetso di dira gore re kgone go nna mo paradaiseng e e itumedisang ya semoya. Ke lefelo le le kgethegileng la semoya le re nnang mo go lone mmogo le badumedi ka rona ba ba leng mo kagisong le Jehofa Modimo e bile ba le mo kagisong le badumedi ka bone. (Pes. 29:11; Isa. 54:13) Lefatshe ga le na sepe se se ka bapisiwang le paradaise ya rona ya semoya. Paradaise eno e bonala sentle kwa dikopanong tsa ditšhabatšhaba kwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tswang mo ditšhabeng tse dintsi, dipuo le ditso ba kopanang mmogo ka kagiso, kutlwano le lorato lwa bokaulengwe.

13 Paradaise ya semoya e re leng mo go yone e farologane thata le maemo a a maswe a a mo lefatsheng gompieno. (Bala Isaia 65:13, 14.) Fa re bolela molaetsa wa Bogosi, re nna le tshiamelo ya go laletsa ba bangwe gore ba tsene mo paradaiseng ya semoya. Gape ke tshiamelo go thusa batho ba ba sa tswang go kopanela le phuthego ba ba ka solegelwang molemo ke go thapisiwa mo bodireding. Fa bagolwane ba re laetse go dira jalo, re ka nna le tshiamelo ya go thusa bangwe ba basha mo phuthegong, jaaka Akhwila le Perisila ba ne ba “tlhalosetsa [Apolose] tsela ya Modimo sentle ka botlalo.”—Dit. 18:24-26.

Tswelela o Ithuta mo go Jesu

14, 15. Re na le mabaka afe a a utlwalang a go tswelela re ithuta mo go Jesu?

14 Re na le mabaka a a utlwalang a go tswelela re ithuta mo go Jesu. Pele ga Jesu e nna motho, o ne a nnile diketekete tsa dingwaga a dira le Rraagwe. (Dia. 8:22, 30) O ne a itse gore tsela e e molemolemo ya botshelo e amana thata le go direla Modimo le go neela bosupi ka boammaaruri. (Joh. 18:37) Jesu o ne a tlhaloganya sentle gore tsela e sele ya botshelo e ne e tla bo e le ya bopelotshetlha e bile e se botlhale. O ne a itse gore o ne a tlile go lekwa botlhoko a bo a bolawa. (Math. 20:18, 19; Baheb. 4:15) E re ka e le Motlhomasekao wa rona, o re rutile kafa re ka nnang re ikanyega ka teng.

15 Fela fa Jesu a sena go kolobediwa, Satane o ne a leka go mo raela gore a tlogele tsela e e molemolemo ya botshelo—mme o ile a itaya sefololetse. (Math. 4:1-11) Seno se re ruta gore le fa Satane a ka dira eng, re ka kgona go nna re ikanyega. A ka kwaya thata batho ba ba tlogang ba kolobediwa le ba ba sa tswang go kolobediwa. (1 Pet. 5:8) Re ka ganediwa ke ba lelapa ba ba akanyang gore ba na le maitlhomo a a molemo mme ba boleletswe dilo tse di seng boammaaruri ka Basupi. Diteko tse di ntseng jalo di re bulela sebaka sa go bontsha dinonofo tse di molemo tsa Bokeresete, tse di jaaka go tlotla le go akanyetsa maikutlo a ba bangwe, fa re araba dipotso le fa re rera. (1 Pet. 3:15) Ka jalo, go nna tlotlo jalo le go akanyetsa maikutlo a ba bangwe go ka nna le matswela a a molemo mo go ba ba re reetsang.—1 Tim. 4:16.

Ngaparela Tsela e e Molemolemo ya Botshelo!

16, 17. (a) Ke dilo dife tse tharo tsa konokono tse di umakiwang mo go Duteronome 30:19, 20 tse re tshwanetseng go di dira gore re bone botshelo? (b) Jesu, Johane le Paulo ba ne ba dumalana le se Moshe a neng a se kwadile jang?

16 Dingwaga di ka nna 1 500 pele ga Jesu a tla mo lefatsheng, Moshe o ne a kgothatsa Baiseraele go tlhopha tsela e e molemolemo ya botshelo ka nako eo. O ne a re: “Ke tsaya magodimo le lefatshe jaaka basupi kgatlhanong le lona gompieno, gore ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; mme o tlhophe botshelo gore o nne o ntse o tshela, wena le bana ba gago, ka go rata Jehofa Modimo wa gago, ka go reetsa lentswe la gagwe le ka go mo ngaparela.” (Dute. 30:19, 20) Baiseraele ga ba a ka ba ikanyega mo Modimong, mme dilo tse tharo tsa konokono tse Moshe a di umakileng tse re tshwanetseng go di dira gore re bone botshelo ga di a fetoga. Jesu le batho ba bangwe le bone ba ne ba di umaka.

17 Sa ntlha, ‘re tshwanetse go rata Jehofa Modimo wa rona.’ Re bontsha gore re rata Modimo ka go tshela go dumalana le ditsela tsa gagwe tse di siameng. (Math. 22:37) Sa bobedi, ‘re tshwanetse go reetsa lentswe la ga Jehofa’ ka go ithuta Lefoko la Modimo le ka go ikobela ditaelo tsa gagwe. (1 Joh. 5:3) Gore re kgone go dira jalo, re tshwanetse go ya dipokanong tsa Bokeresete ka metlha, kwa go tlotlwang ka Baebele teng. (Baheb. 10:23-25) Sa boraro, ‘re tshwanetse go ngaparela Jehofa.’ Le fa re ka tshwanelwa ke go itshokela eng, a ka metlha re nneng le tumelo mo Modimong mme re ikobele Morwawe.—2 Bakor. 4:16-18.

18. (a) Makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa tlhalosa boammaaruri jang bogologolo ka 1914? (b) Re tshwanetse go ikutlwa jang ka lesedi la boammaaruri gompieno?

18 A bo go itumedisa go tshela go dumalana le dithuto tsa boammaaruri tse di mo Baebeleng! Ka 1914, go ne ga kwalwa mafoko ano a botlhokwa mo makasineng wa Tora ya Tebelo: “A ga re batho ba ba sego le ba ba itumetseng? A Modimo wa rona ga a ikanyege? Fa mongwe a itse sengwe se se botoka, a a ye le sone. Fa go ka direga gore mongwe wa lona a bone sengwe se se botoka, re solofela gore o tla re bolelela. Ga re itse sepe se se botoka go gaisa se re se boneng mo Lefokong la Modimo. . . . Re ka se kgone go tlhalosa kagiso, boipelo le masego a go itse Modimo wa boammaaruri sentle go a tlisitseng mo dipelong le mo matshelong a rona. Kgang ya botlhale jwa Modimo, Tshiamiso, Maatla le Lorato di re naya se tota re se tlhokang mo tlhaloganyong le mo maikutlong. Ga re tlhole re senka sepe se sengwe. Ga go na sepe se se molemo go gaisa go tlhaloganya Kgang eno e e molemo.” (Tora ya Tebelo, December 15, 1914, tsebe 377-378 [ka Seesemane.]) Tsela e re anaanelang ka yone lesedi la semoya le boammaaruri ga e a fetoga. Eleruri, jaanong re na le lebaka le le utlwalang thata la go ipela ka gonne re ‘tsamaya mo leseding la ga Jehofa.’—Isa. 2:5; Pes. 43:3; Dia. 4:18.

19. Ke eng fa batho ba ba tshwanelegang go kolobediwa ba tshwanetse go dira jalo kwantle ga go senya nako?

19 Fa e le gore o batla go ‘tsamaya mo leseding la ga Jehofa’ mme ga o ise o nne Mokeresete yo o ineetseng, yo o kolobeditsweng, o se ka wa senya nako. Dira sengwe le sengwe se se tlhokegang gore o tshwanelege go ya ka se se kwadilweng mo Baebeleng gore o kolobediwe, e leng tsela e e tlhomologileng ya go bontsha gore re lebogela se Modimo le Keresete ba se re diretseng. Naya Jehofa selo se se tlhwatlhwakgolo go feta tsotlhe tse o nang le tsone—botshelo jwa gago. Bontsha gore o batla go dira thato ya Modimo ka go ikobela Morwawe. (2 Bakor. 5:14, 15) Ruri eo ke tsela e e molemolemo ya botshelo!

O ka Araba Jang?

• Kolobetso ya rona e tshwantshetsa eng?

• Go ineela mo Modimong le go kolobediwa go felela ka masego afe?

• Ke eng fa go ithuta mo go Jesu go le botlhokwa thata?

• Ke eng se se tla re thusang go ngaparela tsela e e molemolemo ya botshelo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Fa o kolobediwa o bontsha gore o tlhophile tsela e e molemolemo ya botshelo

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

A o sireletsegile mo “lefelong la sephiri”?