Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Dumele Maaka a ga Satane

Se Dumele Maaka a ga Satane

Se Dumele Maaka a ga Satane

‘O SE ka wa tsietsega. Modimo wa gago a ka se go thuse. Ineele, e seng jalo o tla wela dingalo!’ Ono ke molaetsa o Rabeshake, morongwa wa ga Kgosi Senakaribe wa Asiria, a neng a o isa kwa banning ba Jerusalema. Masole a kgosi a ne a tlhasetse naga ya Juda. Boikaelelo jwa mafoko a morongwa yono e ne e le go kgoba batho ba Jerusalema marapo le go ba tshosetsa gore ba ineele.—2 Dikg. 18:28-35.

Baasiria ba ne ba itsege e le batho ba ba setlhogo. Ba ne ba tsenya baba ba bone letshogo ka go tlhalosa ka tsela e e maswe thata kafa ba neng ba sotla batshwarwa ba bone setlhogo ka gone. Go ya ka rahisitori mongwe e bong Philip Taylor, ba ne ba na le “mokgwa wa go tsenya batho letshogo le go anamisa maaka mme ka go dira jalo ba ne ba kgona go laola batho ba ba neng ba ba fentse le go tshosa batho ba e neng e ka nna baba ba bone ka go tlhalosa tsela e e setlhogo e ba neng ba bogisa batho ka yone le kafa ba neng ba laola megopolo ya bone ka teng.” Go anamisa maaka ke sebetsa se se maatla tota. Taylor a re “go tlhasela megopolo ya batho.”

Bakeresete ba boammaaruri ba “lwa, e seng le madi le nama, mme le . . . mephato ya meya e e boikepo,” e leng dibopiwa tsa semoya tse di neng tsa tsuologela Modimo. (Baef. 6:12) Satane Diabolo ke ene mmaba yo mogolo wa Modimo. Le ene o tsenya batho letshogo e bile o anamisa maaka.

Satane o bolela gore a ka kgona go dira gore mongwe le mongwe wa rona a se ka a ikanyega. Mo metlheng ya tlhogo ya lotso e bong Jobe, Satane o ne a raya Jehofa Modimo a re: “Sengwe le sengwe se monna a nang le sone o tla se ntsha mo boemong jwa moya wa gagwe.” Ka mafoko a mangwe, fa o ka gatelela motho ka selekanyo se se tshwanetseng, kgabagare a ka se tlhole a ikanyega mo Modimong. (Jobe 2:4) A Satane o ne a bua boammaaruri? A rotlhe re ka itshoka ka selekanyo se se rileng fela mme morago re bo re tlogela melaometheo e re ntseng re tshela ka yone e le fela gore re se ka ra swa? Satane o batla gore re akanye jalo. Ka jalo, o dirisa maaka a a tletseng boferefere go jala kgopolo eo mo ditlhaloganyong tsa rona. A re tlhatlhobeng mengwe ya mekgwa e a dirang seo ka yone mme re sekaseke kafa re ka ganang tlhotlheletso ya gagwe ka teng.

‘Motheo wa Bone o mo Loroleng’

Satane o ne a dirisa mongwe wa ditsala tse tharo tsa ga Jobe tse di neng di mo etetse e bong Elifase gore a gatelele kgang ya gore batho ba ka se kgone go nna ba ikanyega mo Modimong. O ne a bitsa batho a re ke “ba ba nnang mo matlong a letsopa,” mme a raya Jobe a re: “Motheo wa bone o . . . mo loroleng! Motho o ba thubaganya ka bonako go feta motoutwane. Ba a thubaganngwa go tloga mo mosong go fitlha maitseboa; ba nyelela ka bosaengkae go se na ope yo o go tsenyang mo pelong.”—Jobe 4:19, 20.

Gape Dikwalo di re tshwantsha le ‘dijana tsa letsopa’—dipitsa tse di thubegang motlhofo fela tse di dirilweng ka letsopa. (2 Bakor. 4:7) Re bokoa ka ntlha ya boleo le bosaitekanelang jo re bo ruileng. (Bar. 5:12) Fa re le rosi fela, Satane a ka re tlhasela motlhofo. Mme e re ka re le Bakeresete, Jehofa a ka re thusa. Le fa re na le makoa, re tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe. (Isa. 43:4) Mo godimo ga moo, Jehofa o naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang. (Luke 11:13) Moya wa gagwe o ka re naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng,” go re thusa go lebana le masetlapelo ape fela a Satane a re bakelang one. (2 Bakor. 4:7; Bafil. 4:13) Fa re ganetsa Diabolo, re “nonofile mo tumelong,” Modimo o tla re nitamisa a bo a re nonotsha. (1 Pet. 5:8-10) Ka jalo, ga re a tshwanela go boifa Satane Diabolo.

Motho o ‘Nwa Tshiamololo’

Elifase o ne a botsa jaana: “Motho yo o nang le go swa ke eng gore a nne phepa, kgotsa gore ope fela yo o tsetsweng ke mosadi a tlhoke molato?” Go tswa foo o ne a re: “Bona! [Modimo] ga a na tumelo mo baitsheping ba gagwe, le magodimo tota ga a phepa mo matlhong a gagwe. Go tweng he fa motho a le makgapha e bile a le boikepo, motho yo o nwang tshiamololo fela jaaka metsi!” (Jobe 15:14-16) Elifase o ne a raya Jobe a re ga go na ope yo Jehofa a mo tsayang a siame. Diabolo le ene o dirisa dikakanyo tse di sa siamang. O batla gore re tshwenyege ka diphoso tse re kileng ra di dira, re itshwayatshwaye diphoso mo go feteletseng le go akanya gore re ka se itshwarelwe. Gape o batla gore re akanye gore Jehofa o lebeletse dilo tse dintsi thata mo go rona le gore diphoso tsa rona di dikgolo thata gore a ka re utlwela botlhoko, a re itshwarela le go re ema nokeng.

Gone ke boammaaruri gore rotlhe re ‘leofile e bile re tlhaela kgalalelo ya Modimo.’ Ga go na motho ope yo o sa itekanelang yo o ka kgonang go tshela ka melao e e siameng ya ga Jehofa ka tsela e e feletseng. (Bar. 3:23; 7:21-23) Le fa go ntse jalo, seo ga se reye gore ga a re tseye re le botlhokwa. Jehofa o a itse gore “noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane” ke yone e e dirisang bosaitekanelang jwa rona ka tsela e e sa siamang. (Tshen. 12:9, 10) E re ka Modimo a itse gore “re lorole,” o akanyetsa boemo jwa rona mme a ka se ‘nne a re latofatsa.’—Pes. 103:8, 9, 14.

Fa re tlogela tsela e e bosula mme re atamela Jehofa ka tsela e e bontshang gore re ikwatlhaile go tswa pelong, “o tla itshwarela ka tsela e kgolo.” (Isa. 55:7; Pes. 51:17) Baebele ya re le fa maleo a rona “a ka nna jaaka bohibidu jo bo letlhololo, a tla dirwa masweu fela jaaka kapoko.” (Isa. 1:18) Ka jalo, a re ititeyeng sehuba gore le ka motlha re se ka ra tlogela go leka go dira thato ya Modimo.

E re ka re le baleofi, re ka se nne le tshwanelo ya gore Modimo a re tseye re le batho ba ba siameng. Adame le Efa ba ne ba latlhegelwa ke botshelo jwa go nna batho ba ba itekanetseng le tsholofelo ya go tshelela ruri mme le rona rotlhe dilo tseno di ne tsa re latlhegela. (Bar. 6:23) Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya lorato lo logolo lo Jehofa a ratang batho ka lone, o ne a dira gore go nne le thulaganyo ya gore re itshwarelwe maleo fa re dumela mo setlhabelong sa thekololo sa ga Morwawe, Jesu Keresete. (Math. 20:28; Joh. 3:16) A bo e le tsela e e molemo jang ne e Modimo a re bontshang “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang” ka yone! (Tito 2:11) Re ka itshwarelwa maleo! Ka jalo, ga re a tshwanela go letla Satane a re tlhotlheletsa go akanya gore re ka se itshwarelwe.

“Mo Ame go Fitlha Kwa Lerapong la Gagwe le Nama ya Gagwe”

Satane o ne a re Jobe a ka latlha tumelo ya gagwe fa botsogo jwa gagwe bo ne bo ka koafala. Diabolo o ne a gwetlha Jehofa a re: “Mo ame go fitlha kwa lerapong la gagwe le nama ya gagwe mme o bone gore a ga a na go go tlhapatsa fa pele ga gago.” (Jobe 2:5) Ga go na pelaelo gore Moganetsi wa Modimo o ne a ka itumela fa a ne a ka kgona go dira gore re ikutlwe re se batho ba sepe ka ntlha ya makoa a rona.

Le fa go ntse jalo, Jehofa a ka se re latlhe fela ka gonne re sa tlhole re kgona go dira dilo tsotlhe tse re kileng ra bo re di dira mo tirelong ya gagwe. Re ne re tla dirang fa tsala ya rona ya tlhogo ya kgomo e ne e ka tlhaselwa e bo e gobala? A re ne re tla mo tseela kwa tlase ka gonne a sa tlhole a kgona go re direla dilo tse a neng a tlhola a di dira? Le e seng! Re ne re tla tswelela re mo rata e bile re mo tlhokomela—segolobogolo fa e le gore o gobetse jalo a ne a leka go re direla sengwe. A re ka se lebelele seo le ka Jehofa? Baebele ya re: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.”—Baheb. 6:10.

Dikwalo di bua ka “motlholagadi mongwe wa motlhoki” yo a ka tswang a ile a ema kobamelo ya Modimo nokeng ka dingwaga tse dintsi. Fa Jesu a ne a mmona a latlhela “madinyana a tshipi a mabedi a tlhwatlhwa e nnye fela thata” mo letloleng la tempele, a o ne a mo tsaya e se motho wa sepe le moneelo wa gagwe o se na mosola? Nnyaa, go na le moo, o ne a mo akgolela go dira sotlhe se maemo a gagwe a neng a mo letla go se dira go ema kobamelo ya boammaaruri nokeng.—Luke 21:1-4.

Fa re boloka bothokgami jwa rona, re ka tlhomamisega gore re tla nna re na le kamano e e molemo le Jehofa, le fa re ka tsofala kgotsa ra lwala ka ntlha ya bosaitekanelang. Modimo a ka se tsoge a latlhile batho ba gagwe ba ba ikanyegang fela ka gonne mathata a dira gore ba se ka ba tlhola ba kgona go mo direla jaaka pele.—Pes. 71:9, 17, 18.

Amogela “Tlhoro ya Phemelo ya Poloko”

Re ka itshireletsa jang mo maakeng a ga Satane? Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Tswelelang lo bona maatla mo Moreneng le mo thateng ya nonofo ya gagwe. Aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong gore lo tle lo kgone go ema lo nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo.” Karolo nngwe ya diaparo tseo tsa tlhabano tsa semoya ke “tlhoro ya phemelo ya poloko.” (Baef. 6:10, 11, 17) Ka ntlha ya maaka a Satane a a anamisang, re tshwanetse go tlhomamisa gore re amogela tlhoro eo ya phemelo mme re nne re e rwele. Tlhoro ya phemelo e sireletsa lesole mo tlhogong. “Tsholofelo ya poloko” ya rona, e e leng go tlhomamisega ga rona gore Modimo o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe tse di malebana le lefatshe la gagwe le lesha, e tla sireletsa megopolo ya rona mo maakeng a ga Satane. (1 Bathes. 5:8) Re tshwanetse go nna re na le tsholofelo eo le go e boloka e nonofile ka go ithuta Dikwalo ka tlhoafalo re le rosi.

Jobe o ne a itshokela go tlhaselwa ka tsela e e setlhogo le e e tletseng letlhoo ke Satane. Tumelo ya ga Jobe mo tsogong e ne e nonofile thata mo e leng gore tota le matshosetsi a loso ga a ka a mo kgoba marapo. Go na le moo, o ne a raya Jehofa a re: “O tla bitsa, mme nna ka bonna ke tla go araba. O tla tlhologelelwa tiro ya diatla tsa gago.” (Jobe 14:15) Le fa Jobe a ne a ka swa ka gonne a bolokile bothokgami, o ne a dumela gore lorato lo Modimo a ratang batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ka lone lo ne lo tla mo tlhotlheletsa gore a ba tsose.

E kete rotlhe re ka ikanya Modimo wa boammaaruri ka tsela e e tshwanang. Jehofa a ka dirolola sengwe le sengwe fela se Satane le baemedi ba gagwe ba ka re leretseng sone. Gape, gakologelwa gore Paulo o re tlhomamisetsa jaana: “Modimo o a ikanyega, e bile ga a na go lo lesa lo raelwa go feta se lo ka se itshokelang, mme mmogo le thaelo gape o tla dira tsela ya go tswa gore lo kgone go e itshokela.”—1 Bakor. 10:13.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Jehofa o tsaya tirelo e o e dirang ka boikanyegi e le botlhokwa

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Amogela tlhoro ya phemelo ya poloko mme o nne o e rwele