Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sedirisiwa Se se Ka Thusang Basha go Gopola Mmopi wa Bone

Sedirisiwa Se se Ka Thusang Basha go Gopola Mmopi wa Bone

Sedirisiwa Se se Ka Thusang Basha go Gopola Mmopi wa Bone

MONNA yo o botlhale e bong Solomone o ne a kwala jaana dingwaga di ka nna 3 000 tse di fetileng: “Gopola Mmopi wa gago o sa le mošwa.” (Mor. 12:1, Baebele ya Tswana Central) Jaanong basha ba Bakeresete ba na le sedirisiwa se sengwe se se ka ba thusang go dira jalo. Buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2, e ne ya gololwa kwa kopanong ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa ya setlhogo se se reng “Go Kaelwa ke Moya wa Modimo,” e e neng e tshwerwe mo lefatsheng lotlhe go simolola ka May 2008 go ya go January 2009.

Mo teng ga khabara e e kwa tshimologong ya buka eno go na le lekwalo le Setlhopha se se Laolang se le kwaletseng basha. Karolo nngwe ya lone ya re: “Re rapela ka tlhoafalo gore tshedimosetso e e mo bukeng eno e go thuse go fenya dikgatelelo le dithaelo tse basha gompieno ba lebanang le tsone le gore e go thuse go dira ditshwetso tse di dumalanang le thato ya Modimo.”

Batsadi ba dira sentle go godisetsa bana ba bone “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baef. 6:4) Le fa go ntse jalo, fa bana ba bantsi ba tshwara dingwaga tsa bosha, ga ba itshepe mme ba tlhoka go kaelwa. Fa e le gore o motsadi wa ngwana yo o mo dingwageng tsa bosha, o ka thusa ngwana wa gago jang gore a solegelwe molemo ke kgatiso eno? Dikakantsho dingwe ke tseno.

Nna le khopi ya gago ya buka eno mme o e itse sentle. Seo se tlhoka gore o dire se se fetang go e bala fela. Gape leka go ela tlhoko kafa dilo di tlhalositsweng ka teng mo bukeng eno. Buka eno ga e leke fela go bolelela basha gore se se siameng le se se phoso ke sefe, mme e leka go thapisa “bokgoni jwa bone jwa go lemoga.” (Baheb. 5:14) Gape e naya dikakantsho tse di mosola tsa gore ba ka dira jang go emela se se siameng. Ka sekai, Kgaolo 15 (“Nka Dirang go Fenya Kgatelelo ya Balekane?”) ga e bolelele basha fela gore ba gane go dira dilo dingwe. E tlhalosa kafa ba ka dirisang melaometheo ya Baebele ka teng go rarabolola mathata le kafa ba ka arabang ka teng mo maemong a ba kopanang le one mo botshelong gore ba itse kafa ba ka ‘nayang mongwe le mongwe karabo ka gone.’—Bakol. 4:6.

Dirisa dikarolo tsa buka eno tse di dirang gore mmadi a ntshe maikutlo a gagwe. Le fa dikarolo tseno di diretswe basha, ke eng o sa kwale mo go tshwanetseng teng mo bukeng ya gago? * Ka sekai, fa o sekaseka dipotso tse pedi tse di dirang gore motho a ntshe maikutlo tse di mo tsebe 16 tse di malebana le go intsha le batho ba bong bo sele, leka go gopola kafa o neng o ikutlwa ka teng fa o ne o le mo dingwageng tse ngwana wa gago a leng mo go tsone. Gongwe o ka rata go kwala dikarabo tsa gago mo go sa kwalwang sepe gone fela jaaka o ne o ka araba dipotso tseo ka nako eo. Mme morago ga moo o ka ipotsa jaana: ‘Tsela e ke neng ke leba kgang eno ka yone e fetogile jang fa dingwaga di ntse di tsamaya? Ke ithutileng go tloga ke sa le mosha go fitlha jaanong, mme nka se ruta ngwanake jang ka tsela e e ka mo solegelang molemo?’

O se ka wa bala se ngwana wa gago a se kwadileng mo bukeng ya gagwe. Dikarolo tsa buka eno tse di dirang gore mmadi a ntshe maikutlo a gagwe di diretswe gore ngwana wa gago a kwale kgotsa a akanye ka kgang e e rileng. Mokgele wa gago ke go bona se se mo pelong ya gagwe, e seng se se mo bukeng ya gagwe. Buka eno e akantsha jaana mo tsebe 3 ya setlhogo se se reng “Molaetsa o o Kwaletsweng Batsadi”: “Gore ngwana wa gago a gololesege go kwala a sa fitlhe sepe, o se ka wa bala buka ya gagwe. Gongwe moragonyana a ka nna a bua le wena ka se a se kwadileng.”

E ka Thusa mo Thutong ya Baebele ya Lelapa

Buka ya Basha ba Botsa Jaana, Bolumo 2, ke sedirisiwa se se molemo tota se se ka thusang mo Kobamelong ya lona ya Lelapa. E re ka buka eno e se na dipotso tse di tsamaisanang le serapa sengwe le sengwe, o ka e dirisa jang? Ke eng o sa rulaganye tsela ya go ithuta o dirisa mokgwa o o ka solegelang bana ba gago molemo?

Ka sekai, malapa mangwe a ka nna a itumelela go nna le nako ya go ikatisa fa ba sekaseka “Thulaganyo ya go Fenya Kgatelelo ya Balekane” e e mo go tsebe 132 le 133. Potso ya ntlha moo e ka thusa morwao kgotsa morwadio go lemoga kgang e a fitlhelang go le thata go lebana le yone. Potso ya bobedi e bontsha seemo se mo go sone go ka nnang ga nna le kgatelelo eo ya balekane. Morago ga go sekaseka ditlamorago tse di ka nnang teng fa motho a ineela kgotsa a sa ineele mo kgatelelong ya balekane, ngwana wa gago o kopiwa gore a baakanyetse dikarabo tse a ka di nayang go dumalana le bone, go faposa kgatelelo, kgotsa go baya bone mo kgatelelong. Thusa morwao kgotsa morwadio go itlhamela le go baakanyetsa dikarabo tse ene a tla utlwang a phuthologile go di naya e bile a tla kgonang go di dirisa a tlhomamisegile gape a tlhatswegile pelo.—Pes. 119:46.

E Rotloetsa Puisano

Buka ya Basha ba Botsa Jaana, Bolumo 2, e kgothaletsa basha go tlotla le batsadi ba bone. Ka sekai, lebokose la setlhogo se se reng “Nka Bua Jang le Rre Kgotsa le Mmè ka Tlhakanelodikobo?” (tsebe 63-64) le la setlhogo se se reng “Bua le Batsadi ba Gago!” (tsebe 189) a na le dikakantsho tse di mosola tsa kafa o ka simololang ka teng go bua ka dikgang tse di masisi. Mosetsana mongwe wa dingwaga tse 13 o ne a kwala jaana: “Buka eno e ne ya dira gore ke nne pelokgale go bua le batsadi ba me ka dilo tse ke neng ke akanya ka tsone—tota le dilo tse ke neng ke di dirile.”

Buka eno e rotloetsa gore batho ba buisane le ka ditsela tse dingwe gape. Kwa bokhutlong jwa kgaolo nngwe le nngwe go na le lebokose la setlhogo se se reng “O Akanyang?” Ga se poeletso fela, mme gape lebokose leo le ka dirisiwa go tshwara motlotlo wa lelapa. Gape go na le lebokose la setlhogo se se reng “Se ke Se Ikaeletseng!” go ela kwa bokhutlong jwa kgaolo nngwe le nngwe. Lebokose leno le naya basha sebaka sa go kwala ditsela tsa kafa ba ka dirisang se ba se ithutileng mo kgaolong eo ka teng. Karolo nngwe le nngwe ya bofelo e e mo lebokoseng la “Se ke Se Ikaeletseng!” ya re: “Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno, ke gore . . . ” Seno se ka thusa basha go batla kgakololo e e tlhwatlhwakgolo mo batsading ba bone.

Fitlhelela Pelo!

E re ka o le motsadi, mokgele wa gago ke go fitlhelela pelo ya ngwana wa gago. Buka ya Basha ba Botsa Jaana, Bolumo 2, e ka go thusa go dira jalo. Akanya kafa rre mongwe a kgonneng ka teng go dirisa buka eno go rotloetsa morwadie gore a tlotle le ene a mo tshololela mafatlha.

“Nna le Rebekah re na le mafelo a mantle a re ratang go ya kwa go one, re tsamaya ka dinao, ka baesekele kgotsa ka koloi. Go iphokisa phefo jalo go dira gore Rebekah a kgone go tlotla le nna a phuthologile.

“Karolo ya ntlha e re neng ra e sekaseka mo bukeng eno ke lekwalo le le tswang kwa Setlhopheng se se Laolang le ‘Molaetsa o o Kwaletsweng Batsadi.’ Ke ne ke batla gore morwadiake a itse gore a ka kwala sengwe le sengwe fela se a se batlang mo bukeng ya gagwe, jaaka go bontshitswe mo go tsebe 3. Ke ne nka se lebe gore o kwadile eng.

“Ke ne ka letla Rebekah go tlhopha dikgaolo tse a ka ratang re tlotla ka tsone ka tatelano e a batlang re di tlotla ka yone. Nngwe ya dikgaolo tsa ntlha tse a neng a di tlhopha ke e e reng ‘A ke Tshwanetse go Tshameka Metshameko ya Ileketeroniki?’ Ke ne ke sa lebelela gore a ka tlhopha kgaolo eo! Le fa go ntse jalo, o ne a na le lebaka. Bangwe ba ditsala tsa gagwe ba ne ba tshameka motshameko o o tshosang tota. Ke ne ke sa itse gore motshameko ono o na le thubakanyo e e tsitsibanyang mmele jaana le puo ya matlhapa! Mme ke ne ka utlwa seo sotlhe fa re tlotla ka setlhogo se se reng “Se ke Se Ikaeletseng!” se se mo go tsebe 251. Gape lebokose leno le thusitse Rebekah go ipaakanyetsa go araba ope fela yo o ka lekang go mo gatelela go tshameka motshameko oo.

“Gone jaanong Rebekah ga a okaoke go mpolelela se a se kwadileng mo bukeng ya gagwe. Fa re ithuta re fetsa nako e ntsi re tlotla. Re refosana go bala, mme go tswa foo o batla go tlotla ka sengwe le sengwe, go akaretsa le ditshwantsho le mabokoso. Seno se nnaya sebaka sa go mo tlotlela gore go ne go ntse jang fa ke ne ke lekana le ene, mme a bo a mpolelela gore dilo di ntse jang gompieno. O batla go ntlotlela sengwe le sengwe!”

Fa e le gore o motsadi, ga go na pelaelo gore o ne o itumetse tota fa buka eno e gololwa. Jaanong o na le sebaka sa go e dirisa sentle. Setlhopha se se Laolang se solofela gore buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2, e tla solegela lelapa la gago molemo. E kete e ka thusa botlhe—segolobogolo basha ba rona ba ba rategang—gore ba ‘nne ba tsamaye ka moya o o boitshepo.’—Bagal. 5:16.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Dingwe tsa dikarolo tsa buka eno tse di dirang gore motho a ntshe maikutlo a gagwe di ka solegela batho ba dingwaga tsotlhe molemo. Ka sekai, lebokose la setlhogo se se reng “Laola Kgalefo ya Gago” (tsebe 221) le ka go thusa fela jaaka le ka thusa morwao kgotsa morwadio. Go ka nna fela jalo le ka “Thulaganyo ya go Fenya Kgatelelo ya Balekane” (tsebe 132-133), “Thulaganyo ya Madi a ke Tla a Dirisang Kgwedi le Kgwedi” (tsebe 163), le “Mekgele ya Me” (tsebe 314).

[Lebokoso mo go tsebe 30]

Se Basha Bangwe ba se Buang

“Eno ke nngwe ya dibuka tse o tshwanetseng go nna fa fatshe o e bala o tshwere pensele e bile o tlhatlhanya. Lebaka la go bo e na le fa motho a ka kwalang maikutlo a gagwe gone le dira gore a kgone go itlhatlhoba ka boikaelelo jwa go ipetlela tsela e e molemolemo ya botshelo.”—Nicola

“Batho ba le bantsi ba leka go ntlhotlheletsa gore ke intshe le batho ba bong bo sele, tota le batho ba ba nthatelang dilo tse di molemo. Karolo ya ntlha ya buka eno e ne ya ntlhomamisetsa gore le fa batho ba ka reng, ga ke ise ke siamele go intsha.”—Katrina

“Lebokose la setlhogo se se reng ‘A o Akanyetsa go Kolobediwa?’ le nthusitse gore ke tseye kolobetso ya me e le masisi go feta pele. Le ile la ntlhotlheletsa go sekaseka gape tsela e ke ithutang ka yone le e ke rapelang ka yone.”—Ashley

“Le fa batsadi ba me ba Bakeresete ba ile ba nthuta ke sa le monnye, buka eno e dirile gore ke kgone go akanya ka dikgato tse ke tshwanetseng go di tsaya mo botshelong. Gape e nthusitse gore ke kgone go bulela batsadi ba me mafatlha go feta pele.”—Zamira

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Batsadi, balang buka eno gore lo e itse sentle

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Ipeele mokgele wa go fitlhelela pelo ya ngwana wa gago